Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Jesu o ne a bolelang fa a re motlhanka wa gagwe yo o boikanyego o “botlhale”?

Jesu o ne a botsa potso eno: “Tota motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale ke mang yo mong wa gagwe a neng a mo tlhoma gore a okamele ba ntlo ya gagwe, go ba naya dijo tsa bone ka nako e e tshwanetseng?” (Mathaio 24:45) “Motlhanka” yo o nayang “dijo” tsa semoya ke phuthego ya Bakeresete ba ba tloditsweng ka moya. Ke ka ntlha yang fa Jesu a ne a re ba botlhale? *

Fa re sekaseka dithuto tsa ga Jesu ka boene, re ka tlhaloganya botoka gore o ka tswa a ne a kayang ka lefoko “botlhale.” Ka sekai, fa Jesu a ne a bua ka “motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale,” o ne a bolela setshwantsho sa makgarebane a a lesome a a neng a emetse gore monyadi a tle. Makgarebane ao a re gopotsa Bakeresete ba ba tloditsweng ba pele ga 1914 ba ba neng ba emetse ka tlhoafalo go tla ga Monyadi yo mogolo, Jesu Keresete. Mo makgarebaneng ano a a lesome, a le matlhano a one a ne a sena leokwane le le lekaneng fa monyadi a goroga, mme ka jalo a fetwa ke mokete. A mangwe a matlhano one a ne a le botlhale. A ne a tshotse leokwane le le lekaneng mo a neng a ka tswelela a bonesitse fa monyadi a goroga mme a letlelelwa go tsena mo moketeng.—Mathaio 25:10-12.

Fa Jesu a simolola go busa mo Bogosing jwa gagwe ka 1914, Bakeresete ba ba tloditsweng ba le bantsi ba ne ba lebeletse gore ba tla kopana le ene ka yone nako eo kwa legodimong. Le fa go ntse jalo, go ne go na le tiro e ntsi e ba tshwanetseng go e dira mo lefatsheng, mme bangwe ba bone ba ne ba sa ipaakanyetsa seo. Fela jaaka makgarebane a a seng botlhale, ba ne ba sa inonotsha semoyeng go sa le gale, ka jalo ba ne ba sa iketleeletsa go tswelela pele ba bonesitse. Le fa go ntse jalo, bontsi jwa bone ba ne ba dirile ka botlhale le ponelopele mme ba ne ba nonofile semoyeng. Fa ba utlwa gore ba ne ba sa ntse ba na le tiro e ntsi, ba ne ba semelela mo go yone ka boipelo. Ka jalo, ba ne ba itshupa e le “motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale.”

Ela tlhoko gape tsela e Jesu a dirisitseng lefoko “botlhale” ka yone mo go Mathaio 7:24. Jesu o ne a re: “Mongwe le mongwe yo o utlwang mafoko ano a me a ba a a dira o tla tshwantshanngwa le monna yo o botlhale, yo o neng a aga ntlo ya gagwe mo lefikeng.” Monna yo o botlhale o aga kago e e nonofileng, ka gonne a itse gore go ka tla matsubutsubu. Monna wa seeleele ene o aga mo motlhabeng, ntlo ya gagwe e bo e phutlhama. Ka jalo, molatedi yo o botlhale wa ga Jesu ke yo o bonang go sa le pele gore go latela botlhale jwa batho go ka nna le ditlamorago tse di sa siamang. Temogo ya gagwe le go leba dilo sentle di dira gore a theye tumelo ya gagwe, ditiro tsa gagwe le dithuto tsa gagwe gotlhelele mo go se Jesu a neng a se ruta. “Motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale” le ene o dira fela jalo.

Ela tlhoko gape kafa lefoko “botlhale” le dirisiwang ka teng mo dithanolong di le dintsi tsa Dikwalo Tsa Sehebera. Ka sekai, Faro o ne a tlhoma Josefa gore a okamele dijo tsotlhe mo Egepeto. Eno e ne e le karolo ya thulaganyo ya ga Jehofa ya go naya batho ba gagwe dijo. Ke ka ntlha yang fa a ne a tlhopha Josefa? Faro o ne a mo raya a re: “Ga go na ope yo o nang le temogo le yo o botlhale jaaka wena.” (Genesise 41:33-39; 45:5) Ka tsela e e tshwanang, Baebele ya re Abigaile “o ne a le botlhale.” O ne a naya motlodiwa wa ga Jehofa e bong Dafide le banna ba gagwe dijo. (1 Samuele 25:3, 11, 18) Josefa le Abigaile ba ne ba ka tlhalosiwa go twe ba botlhale ka gonne ba ne ba lemoga se thato ya Modimo e leng sone mme ba dira ka temogo le go leba dilo sentle.

Ka gone, fa Jesu a ne a tlhalosa motlhanka yo o boikanyego a re o botlhale, o ne a bontsha gore ba ba emelwang ke motlhanka yoo ba ne ba tla bontsha temogo, ponelopele le go leba dilo sentle ka gonne ba theile tumelo ya bone, ditiro tsa bone le dithuto tsa bone mo Lefokong la Modimo la boammaaruri.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 3 Lefoko “botlhale” le ranotswe mo go la Segerika e leng phroʹni·mos. Buka ya Word Studies in the New Testament, ya ga M. R. Vincent, e bolela gore gantsi lefoko leno le kaya botlhale jo bo solegelang molemo le bonokopela.