Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Re ne Ra Kgona go Falola Dipuso Tsa Bobusaesi kKa Thuso ya ga Jehofa

Re ne Ra Kgona go Falola Dipuso Tsa Bobusaesi kKa Thuso ya ga Jehofa

Kgang ya Botshelo

Re ne Ra Kgona go Falola Dipuso Tsa Bobusaesi ka Thuso ya ga Jehofa

Jaaka go boletse Henryk Dornik

KE TSHOTSWE ka 1926 ke batsadi ba e neng e le Bakatoliki ba ba ineetseng. Ba ne ba nna kwa Ruda Slaska, toropo e e nang le meepo e e gaufi le Katowice, kafa borwa jwa Poland. Ba ne ba ruta bana ba bone—nkgonne e bong Bernard; bonnake ba babedi ba basetsana, Róża le Edyta; mmogo le nna—go rapela, go nna teng mo ditirelong tsa kereke le go boloka sakaramente ya go itshwarelwa maleo.

Boammaaruri Jwa Baebele bo Fitlha mo Lelapeng la Rona

Letsatsi lengwe ka January 1937, fa ke ne ke na le dingwaga di le lesome, Rre o ne a goroga mo lapeng a itumetse tota. O ne a tshotse buka e kgolo e a e neilweng ke Basupi ba ga Jehofa. O ne a re, “Banake, bonang gore ke tshotse eng—Dikwalo tse di Boitshepo!” Ke ne ke ise ke tsamaye ke bone Baebele.

Kereke ya Katoliki e ne e sa bolo go nna le tlhotlheletso e kgolo mo bathong ba Ruda Slaska le mafelo a a e dikologileng. Baruti ba ne ba tsalane thata le beng ba moepo mme ba pateletsa badiri ba moepo le ba malapa a bone gore ba ba ikobele mo dilong tsotlhe. Fa modiri wa mo moepong a ne a sa tla Mmiseng kana a gana go ya go ipolela maleo, o ne a tsewa e le moheitane mme a bolelelwa gore o tla kobiwa mo moepong. Go ise go ye kae, ba ne ba simolola go tshosetsa Rre ka gore ba tla mo leleka gonne a ne a setse a ikamanya le Basupi ba ga Jehofa. Le fa go ntse jalo, fa moruti a etetse lelapa la rona, Rre o ne a mmolelela fa pele ga mongwe le mongwe boitimokanyi jo bo leng mo bodumeding jwa moruti yono. Moruti yo o neng a tlhabilwe ke ditlhong, o ne a sa tlhole a batla mathata ka jalo ga a ka a tlhotlheletsa gore Rre a kobiwe mo tirong.

Go reetsa kganetsano e Rre a neng a nna le yone le moruti go ne ga nonotsha boikaelelo jwa me jwa go batla go itse Baebele. Ka bonya ka bonya ke ne ka simolola go rata Jehofa, mme ka nna le kamano le ene. Dikgwedi di le mmalwa morago ga puisano e Rre a neng a nna le yone le moruti, re ne ra nna gone mo Segopotsong sa Loso lwa ga Keresete, kwa Rre a neng a itsisiwe mo setlhopheng sa batho ba le 30 ka mafoko a a reng, “Yono ke Mojonadabe.” Go ise go ye kae ke ne ka ithuta gore “Bajonadabe” ke Bakeresete ba ba nang le tsholofelo ya go tshela mo lefatsheng le gore setlhopha seo se ne se tla oketsega. *2 Dikgosi 10:15-17.

“Mosimane, A o Itse Gore Kolobetso e Raya Goreng?”

Fa Rre a sena go amogela boammaaruri, o ne a tlogela go nwa bojalwa mme a nna monna yo o molemo le rre yo o molemo. Le fa go ntse jalo, Mmè ene ga a ka a amogela boammaaruri, mme o ne a rata go re ene a ka rata gore Rre a tshele ka tsela e a neng a tshela ka yone pele mme a nne a ntse a le Mokatoliki. Mme gone, fa Ntwa ya Lefatshe II e sena go runya, Mmè o ne a lemoga gore bone baruti ba ba neng ba rapelela gore Ba-Poland ba fenye Bajeremane ba ba neng ba ba tlhasela, jaanong ba ne ba rapela, ba lebogela go bo Hitler a atlegile! Moragonyana ka 1941, Mmè le ene o ne a simolola go direla Jehofa le lelapa lotlhe.

Pele ga foo, ke ne ke boleletse bagolwane ka keletso ya me ya go bontsha boineelo jwa me mo go Jehofa ka go kolobediwa, mme ba ne ba akanya gore ke sa ntse ke le monnye thata. Ba ne ba re ke letenyana. Mme gone kgabagare ka December 10, 1940, mokaulengwe Konrad Grabowy (yo a neng a tlhokafala a ntse a ikanyega moragonyana kwa dikampeng tsa pogisetso) o ne a mpiletsa kwa thoko mme a ya go mpotsolotsa mo phaposing nngwe e nnye. O ne a mpotsa dipotso di le tlhano mme fa a sena go kgotsofalela dikarabo tsa me a nkolobetsa. Nngwe ya dipotso tsa gagwe e ne e re, “Mosimane, a o itse gore kolobetso e raya goreng?” Mme e nngwe e ne e re, “A o itse gore e re ka jaanong go lowa, go ise go ye kae o tla tshwanelwa ke go dira tshwetso ya gore a o batla go ikanyega mo go Hitler kana mo go Jehofa, mme tshwetso e o e dirang e ka dira gore o bolawe?” Ke ne ka araba ke sa okaoke ka re, “Ke a itse.”

Pogiso e a Simolola

Ke ka ntlha yang fa Konrad Grabowy a ne a mpotsa dipotso tseo? Masole a Jeremane a ne a tlhasela Poland ka 1939, mme morago ga moo tumelo ya rona le boikanyegi jwa rona di ne tsa lekwa fela thata. Letsatsi le letsatsi tsela e re neng re tlhobaela ka yone e ne e oketsega fa re utlwa ka bakaulengwe le bokgaitsadi ba Bakeresete ba ba tshwerweng, ba hudusiwa mme ba romelwa kwa dikgolegelong kana kwa dikampeng tsa pogisetso. Go ise go ye kae e ne e tla nna rona re lebanang le diteko tseo.

Banasi ba ne ba batla go fetola basha—go akaretsa le rona bana ba le banè—gore re nne balatedi ba ba tlhagafetseng ba Puso ya ga Hitler. E re ka Rre le Mmè ba ne ba ganne gantsintsi go saena Volklist (lenaane la batho ba ba neng ba batla go nna le boagi jwa Jeremane), ba ne ba tseelwa tshwanelo ya go re godisa. Rre o ne a romelwa kwa kampeng ya pogisetso e e kwa Auschwitz. Ka February 1944, nna le nkgonne re ne ra isiwa kwa setheong sa bana ba ba tlotseng molao kwa Grodków (Grottkau), gaufi le Nysa, mme bonnake ba basetsana bone ba ne ba romelwa kwa lefelong la baitlami la Bakatoliki kwa Czarnowąsy (Klosterbrück), gaufi le Opole. Maitlhomo a bone e ne e le go dira gore re latlhe se balaodi ba neng ba se bitsa “tsela ya maaka ya batsadi ba rona.” Mmè o ne a sala kwa lapeng a le esi.

Moso mongwe le mongwe go ne go tsholediwa folaga ya swastika mo lebaleng la setheo sa bana ba ba tlotseng molao, mme re ne re laelwa gore re tsholetse diatla tsa moja mme re dumedise folaga re re, “Heil Hitler.” E ne e le teko e e thata ya tumelo, mme nna le Bernard re ne ra ema re nonofile mme ra gana go dira se se phoso. Ka ntlha ya seo, re ne ra itewa botlhoko, gotwe ke go tlhoka maitseo. Maiteko a a neng a dirwa morago ga moo ke balebedi ba Banasi a gore re robe melaometheo ya Baebele le one a ne a itaya sefololetse. Kgabagare balebedi bano ba ne ba re re tlhophe fa gare ga dilo tse pedi, “Lo tshwanetse go saena lekwalo le le bontshang gore lo tla ikanyega mo Pusong ya Jeremane mme lo nne maloko a Wehrmacht [sesole sa Jeremane] kana lo tla romelwa kwa kampeng ya pogisetso.”

Ka August 1944 fa kgabagare balaodi ba swetsa ka gore re romelwe kwa kampeng ya pogisetso ba ne ba re: “Ga re kgone go ba tlhotlheletsa gore ba dire sepe fela se ba sa batleng go se dira. Ba itumedisiwa ke go swela tumelo ya bone. Ba tla dira gore botlhe mo setheong seno ba tsuologe.” Le fa gone ke ne ke sa eletse go nna moswelatumelo, go bogisiwa jalo ke le pelokgale e bile ke na le seriti ka ntlha ya go bo ke ikanyega mo go Jehofa go ne ga intumedisa. (Ditiro 5:41) Ga go kafa ke neng nka kgona go itshokela dipogiso tse ke neng ke le gaufi le go lebana le tsone ka nonofo ya me. Mme go rapela ka tlhoafalo go ne ga dira gore ke atamalane le Jehofa, mme o ne a nna Mothusi yo o ikanyegang.—Bahebera 13:6.

Kwa Kampeng ya Pogisetso

Go ise go ye kae ke ne ka isiwa kwa kampeng ya pogisetso ya Gross-Rosen kwa Silesia. Ke ne ka newa nomoro ya magolegwa le khutlotharo e phepole e e supang gore ke mongwe wa Basupi ba ga Jehofa. Balebedi ba Banasi ba ne ba re ke tlhophe. Nka gololwa mo kampeng mme ka bo ka nna modiredimogolo mo sesoleng sa Banasi fa fela nka dira selo se le sengwe. “O tshwanetse go latlha dikgopolo tsa Baithuti ba Baebele tse di ganetsanang le Puso ya ga Hitler.” Ga go magolegwa ape a mangwe a go neng ga twe a tlhophe jalo. Ke Basupi ba ga Jehofa fela ba ba neng ba newa tshono ya gore ba ka tswa mo dikampeng. Le fa go ntse jalo, nna—fela jaaka ba bangwe ba le diketekete ba ne ba dira—ke ne ka gana “tshiamelo” eo ke sa okaoke. Balebedi ba ne ba re: “Leba sentle sentshamosi seno sa lefelo le go fisediwang batho mo go lone. Mme o akanye sentle ka se re fetsang go go bolelela sone, go sa nneng jalo, o tla bona kgololesego ya gago o le mo teng ga sentshamosi sele.” Ke ne ka gana gape ke nitame, mme ka yone nako eo ke ne ka ikutlwa ke na le “kagiso ya Modimo e e gaisang kakanyo yotlhe.”—Bafilipi 4:6, 7.

Ke ne ka rapela Jehofa gore a nthuse ke kgone go bua le Basupi ba bangwe ba ba leng mo kampeng, mme o ne a nthusa. Mo Bakereseteng bao go ne go na le mokaulengwe mongwe yo o ikanyegang yo o bidiwang Gustaw Baumert yo o neng a ntlhokomela ka bopelonomi le ka lorato. Ruri ga ke belaele gore Jehofa o ne a nna “Rara wa mautlwelobotlhoko a manana le Modimo wa kgomotso yotlhe” mo go nna.—2 Bakorintha 1:3.

Morago ga dikgwedi di le mmalwa, masole a Russia a a neng a atamela a ne a pateletsa Banasi gore ba tswe mo dikampeng ka bonako. Fa re ntse re ipaakanyetsa go tswa foo, rona bakaulengwe—re tsenya matshelo a rona mo kotsing—re ne ra swetsa ka gore re ye kwa kgolegelong ya basadi go ya go lekola boemo jwa bokgaitsadi ba Bakeresete ba le 20 ba ba neng ba le koo—mo go bone go ne go na le Elsa Abt le Gertrud Ott. * Fa ba re bona, ba ne ba tla kwa go rona ba tabogile mme fela fa re sena go kgothatsana, ba ne ba opela mmogo pina ya Bogosi e e nang le mafoko a a reng: “Yo o ikanyegang ga a neele moya wa gagwe ka ntlha ya poifo.” * Rotlhe re ne re geletse dikeledi mo matlhong!

Re ya Kwa Kampeng e Nngwe

Banasi ba ne ba pateletsa go re tsenya re le magolegwa a le 100 go ya go a le 150 mo letorokong la magala le le se nang sepe. Re ne re sena dijo kana metsi mme re tsamaya mo serameng se se maswe le mo puleng e e tsididi. Re ne re tlhorontshiwa ke lenyora le letshoroma. Fa magolegwa a a lwalang le a a lapileng a ntse a wela fa fatshe mme a swa, re ne re fokotsega fela thata mo letorokong. Maoto a me le malokololo a ne a rurugile jaana mo ke neng ke sa kgone go ema. Morago ga loeto lwa malatsi a le lesome, magolegwa a le mmalwanyana fela a a neng a tshela a ne a goroga kwa kampeng ya kotlhao ya Mittelbau-Dora kwa Nordhausen e e gaufi le Weimar mo Thuringia. Se se gakgamatsang ke gore ga go le a le mongwe wa bakaulengwe yo o neng a swa mo loetong loo lo lo tshosang.

Fela fa matsadi a loeto a sena go fola, go ne ga runya leroborobo la letshololo mo kampeng mme bangwe ba bakaulengwe go akaretsa le nna re ne ra lwala. Re ne ra bolelelwa gore re emise go se nene go ja sopo e e neng e jewa mo kampeng mme re je fela borotho jo bo besitsweng. Ke ne ka dira jalo mme go ise go ye kae ka fola. Ka March 1945 re ne ra utlwa gore temana ya Baebele ya ngwaga oo e ne e le Mathaio 28:19: “Jalo tsamayang mme lo dire batho ba ditšhaba tsotlhe barutwa.” Go ne go lebega gore go ise go ye kae dikgoro tsa dikampa di ne di tla bulega mme dikgang tse di molemo di tswelele go rerwa! Seno se ne sa re itumedisa mme sa re naya tsholofelo, e re ka re ne re akanya gore Ntwa ya Lefatshe II e ne e tla tswelela go fitlha ka Aramagedona. Ruri Jehofa o ne a re nonotsha ka tsela e e gakgamatsang mo dinakong tseo tse di thata!

Go Gololwa mo Dikampeng

Ka April 1, 1945, Mephato ya masole e ne ya latlhela dibomo mo dikgolegelong tsa Banasi le mo kampeng ya rona e e neng e le gaufi. Ba le bantsi ba ne ba swa mme ba bangwe ba gobala. Mo letsatsing le le latelang ditlhaselo tseno tsa dibomo di ne tsa oketsega fela thata, mme ka nako eo ya tlhaselo bomo e e bogale e ne ya ntatlhela mo moyeng.

Mokaulengwe mongwe yo o bidiwang Fritz Ulrich, o ne a nthusa. O ne a epa mo gare ga thotobolo ya matlhekge a na le tsholofelo ya gore ke sa ntse ke tshela. Kgabagare o ne a mpona mme a nketsha mo matlhekgeng ao. Fa ke thanya ke ne ka lemoga gore ke ne ke gobetse thata mo sefatlhegong le mo mmeleng mme ke sa kgone go utlwa sepe mo ditsebeng. Modumo wa go thunya ga bomo o ne o sentse meropa ya me ya ditsebe. Ke ne ka fetsa dingwagangwaga ke na le mathata a a masisi a ditsebe, mme kgabagare di ne tsa fola.

Mo magolegweng a le diketekete ke ba le mmalwa fela ba ba neng ba falola ditlhaselo tseo tsa dibomo. Bangwe ba bakaulengwe ba rona ba ne ba swa mme mongwe wa bone e ne e le Gustaw Baumert yo o rategang. Dintho tse ke neng ke na le tsone di ne tsa tshwaediwa ke megare mme ka nna le letshoroma le legolo. Le fa go ntse jalo, go ise go ye kae, Mephato ya masole e ne ya re bona mme ya re golola. Mme pele ba tla, mebele e e neng e bola ya bagolegwa ba ba suleng kana ba ba bolailweng e ne ya dira gore go nne le bolwetse jwa leroborobo jwa lenta, mme le jone bo ne jwa ntshwara. Nna mmogo le ba bangwe ba ba neng ba lwala re ne ra isiwa bookelong. Go sa kgathalesege maiteko a dingaka di neng tsa a dira, ke ba le bararo fela ba rona ba ba neng ba tshela. Ruri ke ne ke leboga tota go bo Jehofa a ne a nnonotsha gore ke nne ke ikanyega mo dinakong tseo tse di thata! Gape ke ne ke leboga gore Jehofa o ne a mphalotsa mo “mokgatšheng wa moriti” wa loso.—Pesalema 23:4.

Kgabagare re Boela Gae!

Fa Bajeremane ba sena go ineela, ke ne ke solofetse gore ke tla boela gae ka bonako jo bo kgonegang, mme go ne ga nna thata go feta kafa ke neng ke akantse ka gone. Ke ne ka bonwa ke setlhopha sa maloko a Catholic Action a e kileng ya bo e le magolegwa. Ba ne ba goa ba re, “Mmolaeng!” mme ba ne ba ntatlhela fa fatshe mme ba nkgataka. Monna mongwe o ne a tla mme a mphalotsa mo tlhaselong eo e e setlhogo, mme gone go ne ga tsaya lobaka lo loleele gore ke fole gonne ke ne ke gobetse e bile ke le bokoa ka ntlha ya bolwetse jwa lenta. Le fa go ntse jalo, kgabagare ke ne ka kgona go boela gae. Ruri ke ne ka itumela tota go kopana gape le lelapa la gaetsho! Botlhe ba ne ba itumeletse go mpona gonne ba ne ba akanya gore ke sule.

Ka bonako fela re ne ra simolola gape ka tiro ya go rera mme ba le bantsi ba ba peloephepa ba ba batlang boammaaruri ba ne ba amogela molaetsa wa rona. Ke ne ka newa boikarabelo jwa go tlisa dibuka tsa Baebele mo diphuthegong. Nna mmogo le bakaulengwe ba bangwe re ne ra nna le tshiamelo ya go kopana kwa Weimar le baemedi ba ba tswang kwa ofising ya lekala ya Jeremane, mme go tswa foo re ne ra isa kwa Poland dimakasine tsa ntlhantlha tsa Tora ya Tebelo tse di gatisitsweng morago ya ntwa. Di ne tsa ranolwa kwantle ga tshenyo ya nako, ga baakanngwa disetensele, mme dimakasine tsa gatisiwa. Fa ofisi ya rona e e kwa Lodz e sena go newa boikarabelo jwa go tlhokomela tiro kwa Poland, dibuka tsa Baebele di ne tsa simolola go goroga mo diphuthegong ka metlha. Ke ne ka nna mmulatsela yo o kgethegileng, kana moreri wa nako e e tletseng, mme re ne re rera mo tshimong e kgolo ya Silesia e bogolo jwa yone ka nako eo e neng e le karolo ya Poland.

Le fa go ntse jalo, go ise go ye kae Basupi ba ga Jehofa ba ne ba simolola go bogisiwa gape, mo lekgetlong leno ba bogisiwa ke puso ya Poland e ntšha e e tlhomilweng ya Bakomonise. Mme ka ntlha ya boitlhaodi jwa me jwa Bokeresete, ka 1948 ke ne ka atlholelwa dingwaga di le pedi mo kgolegelong. Fa ke ntse ke le koo, ke ne ka kgona go thusa magolegwa a le mantsi gore a atamalane le Modimo. Mongwe wa bone o ne a amogela boammaaruri mme moragonyana a ineela mo go Jehofa mme a kolobediwa.

Ka 1952, ke ne ka romelwa gape kwa kgolegelong, jaanong ke latofadiwa ka gore ke setlhola sa United States! Fa ke ntse ke emetse go sekisiwa, ke ne ke tsentswe mo seleng ke le nosi mme ke botsolodiwa bosigo le motshegare. Le fa go ntse jalo, Jehofa o ne a nkgolola gape mo diatleng tsa babogisi ba me mme mo dingwageng tse di neng tsa latela ga ke a ka ka tlhola ke sotliwa gape ka tsela eo.

Se se Neng sa Nthusa Gore ke Itshoke

Fa ke leba kwa morago mo dingwageng tsotlhe tsa diteko le mathata, ke kgona go bona dilo dingwe tsa botlhokwatlhokwa tse di neng tsa nkgothatsa. Sa ntlha, nonofo e ke neng ke na le yone ya go itshoka e ne e tswa kwa go Jehofa le mo Lefokong la gagwe Baebele. Go rapela “Modimo wa kgomotso yotlhe” ka metlha le ka tlhoafalo le go ithuta Lefoko la gagwe letsatsi le letsatsi go ne ga thusa nna le ba bangwe gore re nne re bolokile tumelo. Dikhopi tsa Tora ya Tebelo tse di neng di kwadilwe ka seatla le tsone di ne tsa nonotsha tumelo ya rona fela thata. Kwa dikampeng tsa pogisetso ke ne ka nonotshiwa thata ke badumedi mmogo ba ba neng ba ntlhokometse mme ba iketleeleditse go nthusa.

Sengwe gape se Jehofa a neng a ntshegofatsa ka sone ke mosadi wa me Maria. Re ne ra nyalana ka October 1950 mme moragonyana ra tshola morwadi e bong Halina yo le ene a neng a rata Jehofa a bo a mo direla. Nna le Maria re ne re nyalane dingwaga di le 35 pele a tlhokafala morago ga go lwala lobaka lo loleele. Loso lwa gagwe lo ne lwa nkhutsafatsa le go nkutlwisa botlhoko fela thata. Le fa ke ne ka fetsa nako e telele ke ikutlwa ke ‘latlhetswe fa fatshe’ ga ke a ka ka ‘senngwa.’ (2 Bakorintha 4:9) Mo nakong eo e e thata ke ne ka gomodiwa thata ke morwadiake yo o rategang, monna wa gagwe le bana ba gagwe—ditlogolo tsa me—ba ba direlang Jehofa botlhe ka boikanyegi.

Fa e sa le ka 1990, ke ntse ke direla kwa ofising ya lekala kwa Poland. Go nna le lelapa la Bethele letsatsi le letsatsi ke tshegofatso e kgolo. Ka dinako dingwe, botsogo jwa me jo bo ntseng bo koafala bo dira gore ke ikutlwe jaaka ntsu e e leleselang fela e sa kgone go phaphasetsa diphuka tsa yone. Le fa go ntse jalo, ke lebile isagwe ka tsholofelo mme ke “opelela Jehofa, gonne o ntiretse ka tsela e e duelang” go fitlha mo letsatsing leno. (Pesalema 13:6) Ke lebile pele nako e ka yone Jehofa, Mothusi wa me a tla dirololang tshenyo yotlhe e e bakilweng ke puso e e gatelelang ya ga Satane.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 8 Bona makasine wa Tora ya Tebelo wa January 1, 1998, tsebe 13, serapa 6.

^ ser. 20 Bona kgang ya botshelo ya ga Elsa Abt mo makasineng wa Tora ya Tebelo ya April 15, 1980, ditsebe 12-15 (ka Seesemane).

^ ser. 20 Pina 101 mo bukeng ya dipina ya 1928 e e bidiwang Songs of Praise to Jehovah, (Dipina Tsa go Baka Jehofa), e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa. Ke pina 56 mo bukeng ya jaanong ya dipina.

[Setshwantsho mo go tsebe 10]

Ke ne ka amogela nomoro eno le khutlotharo e phepole kwa kampeng ya pogisetso

[Setshwantsho mo go tsebe 12]

Ke na le mosadi wa me Maria, ka 1980