Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Rutang Bana ba Lona go Rata Jehofa

Rutang Bana ba Lona go Rata Jehofa

Rutang Bana ba Lona go Rata Jehofa

“Jaaka metswi mo seatleng sa monna yo o thata, bana ba bosha ba ntse fela jalo.”—PESALEMA 127:4.

1, 2. Bana ba tshwana jang le “metswi mo seatleng sa monna yo o thata”?

MOHULAMETSWI o ipaakanyetsa go hula sengwe ka motswi. O o baya sentle mo mogaleng wa bora a bo a dirisa maatla go laela bora jwa gagwe. Le fa a tshwanelwa ke go dirisa maatla, o ipha nako ya go lebaganya motswi le se a se hulang. Go tswa foo o a hula! A motswi o tla itaya se o se hulang? Go na le dilo di le mmalwa tse di tla laolang seo, go akaretsa bokgoni jwa mohulametswi yono, phefo, le seemo sa motswi.

2 Kgosi Solomone o ne a tshwantsha bana le “metswi mo seatleng sa monna yo o thata.” (Pesalema 127:4) Ela tlhoko kafa setshwantsho seno se ka dirisiwang ka teng. Mohulametswi o tshwara motswi ka bora jwa gagwe ka nako e khutshwane fela. Fa a batla go hula, o tshwanetse a o tlogela ka bonako gore o hule. Ka tsela e e tshwanang, batsadi ba na le nako e khutshwane fela ya gore ba dire gore bana ba bone ba rate Jehofa ka pelo yotlhe. Morago ga se se lebegang e le dingwaga di se kae fela tse dikhutshwane, bana ba a gola ba bo ba tswa mo gae. (Mathaio 19:5) A ba tla korola—ke gore a bana ba tla tswelela pele ba rata Modimo e bile ba mo direla le fa ba sena go tswa mo gae? Go na le dilo di le mmalwa tse di laolang karabo ya potso eno. Tse tharo tsa tsone ke bokgoni jwa motsadi, lefelo le bana ba golelang mo go lone le tsela e ‘motswi,’ ke gore, ngwana, a arabelang ka yone fa a thapisiwa. A re sekasekeng nngwe le nngwe ya dintlha tseno ka botlalo. Sa ntlha, re tla sekaseka mengwe ya mekgwa ya motsadi yo o nang le bokgoni.

Batsadi ba ba Nang le Bokgoni ba Tlhoma Sekao se se Molemo

3. Ke ka ntlha yang fa mafoko a motsadi a tshwanetse a tsamaisana le ditiro?

3 Jesu o ne a tlhomela batsadi sekao ka gonne o ne a diragatsa se a se rerang. (Johane 13:15) Kafa letlhakoreng le lengwe, o ne a kgala Bafarasai ba ba neng ba “bua” mme ba “sa dire.” (Mathaio 23:3) E le gore batsadi ba rotloetse bana ba bone gore ba rate Jehofa, mafoko a bone a tshwanetse a tsamaisana le se ba se dirang. Fa motsadi a bua fela mme ditiro tsa gagwe di sa tsamaisane le mafoko ao, ga go na mosola fela jaaka motho a hula motswi ka bora jo bo se nang mogala.—1 Johane 3:18.

4. Ke dipotso dife tse batsadi ba tshwanetseng go ipotsa tsone, mme ka ntlha yang?

4 Ke ka ntlha yang fa sekao sa batsadi se le botlhokwa jaana? Fela jaaka bagolo ba ka ithuta go rata Modimo ka go leba sekao sa ga Jesu, bana ba ka ithuta go rata Jehofa ka go latela sekao se se molemo sa batsadi ba bone. Batho ba ngwana a tsalanang le bone ba ka mo nonotsha kgotsa ba “senya mekgwa e e molemo.” (1 Bakorintha 15:33) Batsadi ke bone ba nang le tlhotlheletso e kgolo mo ngwaneng mo dingwageng tsa gagwe tse dintsi tsa fa e sa le ngwana, bogolo jang mo dingwageng tsa ntlha tsa botlhokwa fa botho jwa gagwe bo sa ntse bo bopega. Ka jalo, batsadi ba tshwanetse ba ipotsa jaana: ‘Nna ke tsala ya mofuta mang? A sekao sa me se kgothaletsa ngwanake gore a nne le mekgwa e e mosola? Ke tlhoma sekao se se ntseng jang mo dikgannyeng tsa botlhokwa tsa thapelo le go ithuta Baebele?’

Batsadi ba ba Nang le Bokgoni ba Rapela le Bana ba Bone

5. Bana ba ka ithuta eng mo dithapelong tsa motsadi?

5 Bana ba gago ba ka ithuta go le gontsi kaga Jehofa ka go reetsa dithapelo tsa gago. Fa ba go utlwa o leboga Modimo ka nako ya dijo e bile o rapela fa go ithutiwa Baebele, ba ka dira ditshwetso dife? Gongwe ba tla ithuta gore Jehofa ke ene a re fang se re se tlhokang mo mmeleng—mme re tshwanetse go mo lebogela seo—le gore ke ene a re rutang dithuto tsa boammaaruri tsa Baebele. Tseno ke dilo tsa botlhokwa tse ba ka di ithutang.—Jakobe 1:17.

6. Batsadi ba ka thusa bana ba bone jang gore ba bone gore Jehofa o kgatlhegela mongwe le mongwe wa bone?

6 Le fa go ntse jalo, fa o rapela le lelapa la gago ka dinako tse dingwe kwantle ga nako ya go ja kgotsa ya thuto ya Baebele, e bile mo thapelong o bua ka dikgang tse di tlhomameng tse di amang wena le bana ba gago, o tla fitlhelela mo go oketsegileng. O tla thusa bana ba gago go bona gore Jehofa ke karolo ya lelapa la lona, gore ruri o amega ka mongwe le mongwe wa lona. (Baefeso 6:18; 1 Petere 5:6, 7) Rre mongwe a re: “Go tloga fela fa morwadiarona a ne a tsholwa, re ne re rapela le ene. Fa a nna mogolwanyane, re ne ra rapela ka kgang ya ditirisano tsa gagwe le batho ba bangwe, mmogo le dikgang tse dingwe tse di neng di mo ama. Re ne re rapela le ene letsatsi le letsatsi go fitlha a bo a tswa mo gae a nyalwa.” A le wena o ka rapela le bana ba gago letsatsi le letsatsi? A o ka ba thusa go leba Jehofa jaaka Tsala e e sa ba tlameleng fela ka se ba se tlhokang mo mmeleng le mo semoyeng mme gape e amega ka se ba se tlhokang mo maikutlong?—Bafilipi 4:6, 7.

7. Fa batsadi ba batla gore dithapelo tsa bone di bue ka sengwe se se tlhomameng, ba tlhoka go itse eng?

7 Gone ke boammaaruri, fa o batla go umaka dilo tse di rileng mo dithapelong tsa gago, o tshwanetse go itse gore go diragalang mo botshelong jwa ngwana wa gago. Utlwa dikakgelo tsa rre mongwe yo o godisitseng bana ba le babedi: “Beke nngwe le nngwe fa e wela, ke ipotsa dipotso tse pedi: ‘Bongwanake ba ntse ba tshwenyega ka eng mo bekeng eno? Mme ba diragaletswe ke dilo dife tse di molemo?’” Batsadi, a lo ka ipotsa dipotso tse di ntseng jalo lo bo lo tsenya dingwe tsa dikarabo tsa tsone mo dithapelong tse lo di rapelang le bana ba lona? Fa lo dira jalo, lo tla bo lo ba ruta e seng fela go rapela Jehofa—Moutlwi wa thapelo—mme le go mo rata.—Pesalema 65:2.

Batsadi ba ba Nang le Bokgoni ba Kgothaletsa Mekgwa e Mentle ya go Ithuta

8. Ke ka ntlha yang fa batsadi ba tshwanetse go thusa bana ba bone go nna le tlwaelo ya go ithuta Lefoko la Modimo?

8 Tsela e motsadi a ikutlwang ka yone ka thuto ya Baebele e ka tlhotlheletsa jang kamano e ngwana a nang le yone le Modimo? Gore kamano le fa e ka nna efe e gole e bo e tswelele pele e le teng, batho ba ba mo go yone ba tshwanetse go buisana le go reetsana. Nngwe ya ditsela tse re reetsang Jehofa ka tsone ke ka go ithuta Baebele ka thuso ya dikgatiso tse di gatisiwang ke “motlhanka yo o boikanyego.” (Mathaio 24:45-47; Diane 4:1, 2) Ka jalo, gore batsadi ba thuse bana ba bone go nna le kamano e e nnelang ruri le e e lorato le Jehofa, ba tshwanetse go kgothaletsa bana ba bone go nna le tlwaelo ya go ithuta Lefoko la Modimo.

9. Bana ba ka thusiwa jang gore ba nne le mekgwa e mentle ya go ithuta?

9 Bana ba ka rutiwa jang gore ba nne le mekgwa e mentle ya go ithuta? Fano le gone, tsela e e botoka ya go ruta ke ka go tlhoma sekao. A bana ba gago ba go bona ka metlha o itumelela go bala kgotsa go ithuta Baebele o le esi? Ke boammaaruri gore o ka tswa o tshwaregile ka go tlhokomela bana ba gago, mme o ka tswa o ipotsa gore o ka bona leng nako ya go bala le go ithuta. Mme ipotse jaana, ‘A gantsi bongwanake ba bona ke lebeletse thelebishene?’ Fa go le jalo, a o ka dirisa bontlhanngwe jwa nako eo go ba tlhomela sekao ka go ithuta Baebele o le esi?

10, 11. Ke ka ntlha yang fa batsadi ba tshwanetse go tshwara metlotlo ya Baebele ka metlha le malapa a bone?

10 Tsela e nngwe e e mosola e batsadi ba ka e dirisang go ruta bana ba bone gore ba reetse Jehofa ke gore ka metlha ba nne le metlotlo ya Baebele e le lelapa. (Isaia 30:21) Le fa go ntse jalo, bangwe ba ka ipotsa gore, ‘Ke ka ntlha yang fa bana ba tlhoka thuto ya lelapa fa e le gore ka metlha batsadi ba tsamaya le bone kwa dipokanong tsa phuthego?’ Go na le mabaka a le mmalwa a a utlwalang. Jehofa o naya batsadi boikarabelo jwa konokono jwa go ruta bana ba bone. (Diane 1:8; Baefeso 6:4) Thuto ya Baebele ya lelapa e ruta bana gore kobamelo ga se moetlo o o dirwang phatlalatsa fela, mme ke karolo ya botshelo jwa lelapa ka bolone fela.—Duteronome 6:6-9.

11 Mo godimo ga moo, thuto e e tshwarwang sentle ya lelapa e ka naya batsadi lesedi malebana le se bana ba se akanyang mo dilong tsa semoya le tsa boitsholo. Ka sekai, fa bana ba sa le basha, batsadi ba ka dirisa dikgatiso tse di jaaka Ithute mo Morutising yo Mogolo. * Mo e batlileng e le mo serapeng sengwe le sengwe sa buka eno e e thusang go ithuta Baebele, bana ba kopiwa gore ba ntshe maikutlo a bone ka dikgang tse di tlhalosiwang. Fa batsadi ba bontsha bana ba bone mabaka ka ditemana tse di umakilweng mo bukeng eno, ba ka kgona go ba thusa gore ba atolose bokgoni jwa bone jwa go lemoga “gore bo farologanye se se siameng le se se sa siamang.”—Bahebera 5:14.

12. Batsadi ba ka dira jang gore thuto e tsamaisane le se ngwana a se tlhokang, mme o bone e le eng se se thusang mo kgannyeng eno?

12 Fa bana ba gago ba ntse ba gola, dira gore thuto e tsamaisane le se ba se tlhokang. Bona kafa banyalani bangwe ba ileng ba thusa ka teng bana ba bone ba dingwaga tsa bolesome go akanyetsa kgang ya go ya maitisong a sekolo. Rre a re: “Re ne ra bolelela bana ba rona gore mo karolong ya thuto ya rona e e latelang ya lelapa, nna le mmaabone re ne re tla nna bana, mme bomorwadiarona bone e ne e tla nna batsadi. Yo mongwe e ne e tla nna Rre, yo mongwe e nne Mmè, mme ba ne ba tshwanetse go dira mmogo ba dira patlisiso ka kgang eno ba bo ba bolele gore ke eng se se tshwanetseng go dirwa malebana le maitiso a sekolo.” Go ne ga felela ka eng? Rre o tswelela pele jaana: “Re ne ra gakgamadiwa ke go bona kafa bomorwadiarona (fa ba dira seabe sa batsadi) ba neng ba kgona go farologanya molemo le bosula ka teng fa ba re tlhalosetsa (rona re le bana) mabaka a bone a a theilweng mo Baebeleng a go bo go ka se nne botlhale go ya maitisong ao. Se se neng sa re kgatlha le go feta ke dikakantsho tse ba neng ba tla ka tsone tsa ditiro tse di siameng tse di neng di ka dirwa mo boemong jwa go ya maitisong ao. Di ne tsa re thusa go lemoga sentle gore ba akanya eng e bile ba eletsa eng.” Ke boammaaruri, batsadi ba tlhoka boitshoko le go kgona go rulaganya dilo gore thuto ya lelapa e nne e le teng ka metlha e bile e tshwanela seemo, mme ka ntlha ya melemo ya yone, go molemo go e tseela matsapa.—Diane 23:15.

Dira Gore go Nne Kagiso mo Gae

13, 14. (a) Batsadi ba ka dira jang gore go nne kagiso mo gae? (b) Go ka nna le matswela afe a a molemo fa motsadi a dumela gore o dirile phoso?

13 Motswi o ka kgona go korola fa yo o hulang a lebaganya a bo a hula mo maemong a a ritibetseng a loapi. Ka tsela e e tshwanang, bana ba ka ithuta go rata Jehofa fa batsadi ba dira gore go nne le kagiso mo gae. Jakobe o ne a kwala a re: “Peo ya leungo la tshiamo e jalwa mo maemong a a kagiso e jalelwa ba ba dirang kagiso.” (Jakobe 3:18) Batsadi ba ka dira jang gore go nne kagiso mo gae? Banyalani ba tshwanetse go nna le kgolagano e e nonofileng ya lenyalo. Monna le mosadi ba ba ratanang e bile ba tlotlana ba ka kgona go ruta bana ba bone go rata ba bangwe le go ba tlotla, go akaretsa Jehofa. (Bagalatia 6:7; Baefeso 5:33) Lorato le tlotlo di dira gore go nne le kagiso. Mme banyalani ba ba mo kagisong ka bobone ba ka kgona go lebana botoka le dikgotlhang tse di ka nnang teng mo lelapeng.

14 Mme gone, fela jaaka go se na manyalo a a se nang mathata, ga go na malapa a a se nang mathata gompieno mo lefatsheng. Ka dinako tse dingwe batsadi ba ka nna ba se ka ba bontsha leungo la moya fa ba dirisana le bana ba bone. (Bagalatia 5:22, 23) Fa seo se direga, batsadi ba tshwanetse go dira eng? Fa ba dumela gore ba dirile phoso, a seo se tla dira gore bana ba se ka ba tlhola ba ba tlotla jaaka pele? Akanya ka sekai sa ga moaposetoloi Paulo. O ne a ntse jaaka rre wa semoya mo go ba le bantsi. (1 Bakorintha 4:15) Mme o ne a dumela phatlalatsa gore o dirile diphoso. (Baroma 7:21-25) Le fa go ntse jalo, boikokobetso jwa gagwe le boikanyegi jwa gagwe bo dira gore re mo tlotle le go feta, ga go fokotse tsela e re mo tlotlang ka yone. Le fa Paulo a ne a na le diphoso, o ne a ka kwala ka kgololesego a kwalela phuthego ya kwa Korintha a re: “Nnang baetsi ba me, fela jaaka nna ke le wa ga Keresete.” (1 Bakorintha 11:1) Fa le wena o dumela fa o dirile diphoso, bana ba gago ba ka nna ba di tlodisa matlho.

15, 16. Ke ka ntlha yang fa batsadi ba tshwanetse go thapisa bana ba bone gore ba rate bakaulengwe le bokgaitsadi ba bone ba Bakeresete, mme seo se ka dirwa jang?

15 Ke eng gape se batsadi ba ka se dirang gore legae e nne lefelo le bana ba ka golang ba rata Jehofa mo go lone? Moaposetoloi Johane o ne a kwala jaana: “Fa mongwe a bua mafoko a a reng: ‘Ke rata Modimo,’ mme le fa go ntse jalo a tlhoile mokaulengwe wa gagwe, ke moaki. Ka gonne yo o sa rateng mokaulengwe wa gagwe, yo a mmonang, ga a ka ke a rata Modimo, yo a iseng a mmone.” (1 Johane 4:20, 21) Ka jalo, fa o thapisa bana ba gago gore ba rate bakaulengwe le bokgaitsadi ba bone ba Bakeresete, o ba ruta go rata Modimo. Batsadi ba tshwanetse ba ipotsa gore, ‘A gantsi fa ke tlotla ka ga phuthego, mafoko a me a a kgothatsa kgotsa ke tshwaya tshwaya diphoso?’ O ka itse seo jang? Reetsa sentle fa bana ba gago ba bua kaga dipokano le maloko a phuthego. Se ba se buang se ka tswa se bontsha se wena o se akanyang.

16 Batsadi ba ka dirang go thusa bana ba bone gore ba rate bakaulengwe ba bone mo phuthegong? Peter, rraagwe basimane ba babedi ba dingwaga tsa bolesome, a re: “Go tloga fela basimanyana ba rona ba sa le bannye, re ntse re dira gore batho ba ba godileng semoyeng ba je le rona ba bo ba itise le rona mo gae mme re ntse re go itumelela thata. Bomorwaarona ba godile ba dirisana le batho ba ba ratang Jehofa, mme jaanong ba bona gore go direla Modimo ke tsela e e monate ya botshelo.” Dennis, rraagwe basetsana ba batlhano, a re: “Re ne re kgothaletsa bomorwadiarona gore ba tsalane le bokgaitsadi ba bagolwane ba babulatsela mo phuthegong, mme nako le nako fa go kgonega re ne re amogela balebedi ba ba etang le basadi ba bone.” A le wena o ka tsaya kgato go thusa bana ba gago gore ba lebe phuthego e le karolo e nngwe ya lelapa la lona?—Mareko 10:29, 30.

Boikarabelo Jwa Ngwana

17. Kgabagare ke tshwetso efe e bana ba tshwanelwang ke go e itirela?

17 Ela tlhoko gape sekai sa mohulamotswi. Le fa a ka tswa a na le bokgoni, a ka nna a se ka a kgona go korola fa e le gore motswi o kobegile kgotsa o kgopame. Ee, gone batsadi ba tla leka thata go tlhamalatsa motswi o o obegileng, ka go leka go baakanya dikakanyo tse di phoso tsa ngwana wa bone. Mme kwa bofelong bana ke bone ba tshwanetseng go itirela tshwetso ya gore a ba tla letla lefatshe leno le ba oba kafa le ratang ka teng kgotsa ba tla letla Jehofa a “tlhamalatsa ditselana” tsa bone.—Diane 3:5, 6; Baroma 12:2.

18. Se ngwana a se tlhophang se ka ama ba bangwe jang?

18 Le fa batsadi ba na le boikarabelo jwa botlhokwa jwa go godisetsa bana ba bone “mo kotlhaong le mo taolong ya mogopolo ya ga Jehofa,” kgabagare tshwetso ya gore ngwana o tla gola e nne motho yo o ntseng jang, e ikaegile ka ngwana ka boene. (Baefeso 6:4) Ka jalo, bana, ipotseng jaana, ‘A ke tla amogela thapiso e e lorato e batsadi ba me ba e nnayang?’ Fa lo dira jalo, lo tla bo lo tlhopha tsela e e molemolemo ya botshelo. Lo tla itumedisa batsadi ba lona fela thata. Sa botlhokwa le go feta, lo tla ipedisa pelo ya ga Jehofa.—Diane 27:11.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 11 E gatisitswe ke Basupi ba ga Jehofa.

A o A Gakologelwa?

• Batsadi ba ka tlhoma sekao se se molemo jang malebana le thapelo le go ithuta Baebele?

• Batsadi ba ka dira jang gore go nne kagiso mo gae?

• Bana ba lebane le tshwetso efe, mme tshwetso e ba e dirang e tla ama ba bangwe jang?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 28]

A o tlhomela ngwana wa gago sekao se se molemo ka go ithuta Baebele o le esi?

[Setshwantsho mo go tsebe 29]

Fa go na le kagiso mo gae, seno se tlisa boitumelo