Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Se Lebale Botlhokwa Jwa go Akgola

Se Lebale Botlhokwa Jwa go Akgola

Se Lebale Botlhokwa Jwa go Akgola

A O KILE wa utlwa mongwe a ngongorega ka gore mothapi wa gagwe ga a ke a mo akgola? A wena ka bowena o kile wa ngongorega ka seo? Kana fa e le gore o mosha, a o kile wa bua se se tshwanang ka batsadi ba gago kana barutabana ba gago?

Go ka direga gore dingwe tsa dingongorego tseno di boammaaruri. Mme gone go ya ka mokatisi mongwe wa Mojeremane yo o rotloetsang batho, fa bathapiwa ba ngongorega ka gore ga ba akgolwe, totatota ba a bo ba sa tshwenngwe ke seo, ba a bo ba tshwenngwa ke gore mothapi wa bone ga a bontshe gore o a ba kgatlhegela. Go sa kgathalesege gore boemo e ka tswa e le bofe, gone go a bo go na le sengwe se se tlhaelang. Go akgola mmogo le go nna le boikutlo jwa go kgatlhegelwa go botlhokwa thata gore re nne le dikamano tse di kgotsofatsang le ba bangwe.

Seno se botlhokwa thata le mo kgannyeng ya kobamelo. Mo phuthegong ya Bokeresete go tshwanetse ga rena moya wa go akgola, lorato le boikutlo jwa go kgatlhegela ba bangwe. Go latela dikaelo tse di mo Baebeleng ke gone go ka thusang maloko a phuthego gore a fitlhelele le gore a nne le dinonofo tseno tse di molemo. Aitsane go sa kgathalesege gore phuthego e lorato go le kanakang, ka metlha go na le fa re ka tokafatsang teng. Re ntse re akantse ka seno, a re sekasekeng dikai tse tharo tse di molemo tsa go akgola ba bangwe: Motlhanka wa Modimo yo o tshetseng pele ga motlha wa Bokeresete e bong Elihu, moaposetoloi Paulo le Jesu Keresete ka boene.

Kgakololo e e Newang ka Bopelonomi le ka Tlotlo

Elihu, yo go ka diregang gore e ne e le losika lo lo kgakala lwa ga Aborahame, o ne a dira tiro e e botlhokwa ya go thusa Jobe gore a lebe kamano ya gagwe le Modimo ka tsela e e tshwanetseng. Elihu o ne a le pelonomi e bile a le tlotlo. O ne a leta ka bopelotelele gore e nne nako ya gagwe ya go bua. Le fa banna ba bangwe ba ba neng ba ipolela gore ke ditsala tsa ga Jobe ba ne ba nnetse go mo tshwayatshwaya diphoso, Elihu ene o ne a simolola fela ka go akgolela Jobe tshiamo ya gagwe pele a mo naya kgakololo. O ne a dira jalo ka lorato e bile a amegile ka ene jaaka tsala, a mmitsa ka leina la gagwe go farologana le bano ba bangwe ba ba neng ba sa le dirise. Elihu o ne a kopa jaana ka maitseo: “Tsweetswee utlwa mafoko a me wena Jobe, a ko o sekegele mafoko otlhe a me tsebe.” O ne a bua jaana ka tlotlo a bontsha go utlwela Jobe botlhoko: “Bona! Ke se o leng sone mo Modimong wa boammaaruri; le nna ke ne ka bopiwa ka letsopa.” Mme morago ga moo o ne a mo akgola a re: “Fa go na le mafoko mangwe a o ka a buang, mphetole; bua, gonne ke itumedisitswe ke tshiamo ya gago.”—Jobe 33:1, 6, 32.

Go nna maitseo mo bathong ba bangwe le go ba tlotla ke tsela nngwe ya go ba akgola. Totatota re a bo re raya motho yo o re reeditseng re re, ‘Ke bona o tshwanelwa ke gore ke go tseye tsiya mme ke dirisane le wena ka tlotlo.’ Ka go dira jalo re mmontsha gore re a mo rata e bile re a mo kgatlhegela.

Go nna le botho go raya se se fetang fela go latela melao ya maitseo a mantle. Gore re kgone go fitlhelela dipelo tsa ba bangwe, go nna maitseo ga rona go tshwanetse ga dirwa ka bopeloephepa e bile go tswa pelong. E tshwanetse go nna tsela e re supang ka yone gore tota re kgatlhegela motho e bile re a mo rata.

Go Dirisa Botlhale fa o Akgola

Moaposetoloi Paulo o ne a bontsha kafa go leng botlhokwa ka gone gore motho a nne botlhale fa a akgola ba bangwe. Ka sekai, fa a ntse a rera kwa Athena mo loetong lwa gagwe lwa bobedi lwa borongwa, o ne a femela Bakeresete fa pele ga borafilosofi bangwe ba Bagerika. Ela tlhoko kafa a neng a dirisa botlhale ka teng fa a ne a dira kabelo eno e e thata. “Bangwe ba Baepikuria le borabotlhajana ba Basetoika ba simolola go tlotla le ene ba mo ganetsa, mme bangwe ba ne ba re: ‘Ke eng se mmalabadi yono a ratang go se bolela?’ Ba bangwe ba re: ‘O bonala a le yo o itsiseng phatlalatsa medimo e sele.’” (Ditiro 17:18) Go sa kgathalesege dilo tse ba neng ba di bua, Paulo o ne a nna a ritibetse fela mme a ba araba ka gore: “Banna ba Athena, ke a bona gore mo dilong tsotlhe lo bonala lo boifa medimo thata go feta ba bangwe.” Go na le go kgala kobamelo ya bone ya medingwana, Paulo o ne a ba akgolela tsela e ba ineetseng ka yone mo bodumeding.—Ditiro 17:22.

A Paulo o ne a nna moitimokanyi? Le e seng. O ne a itse gore e ne e se tiro ya gagwe go atlhola bareetsi ba gagwe; e bile o ne a itse sentle gore le ene o kile a bo a sa itse boammaaruri. Thomo e a neng a e neilwe e ne e le go bolelela batho molaetsa wa Modimo e seng go ba atlhola. O ne a itse go tswa mo go se se mo diragaletseng se Basupi ba le bantsi ba ga Jehofa gompieno ba se itseng gore: Batho bangwe ba ba neng ba femela bodumedi jwa maaka ka boikanyegi kgabagare ba ne ba nna bafemedi ba ba nonofileng ba bodumedi jwa boammaaruri.

Mokgwa o Paulo a neng a o dirisa o ne o tshwanela mme o ne wa nna le matswela a a molemo. “Banna bangwe ba ikopanya le ene mme ba nna badumedi, ba mo gare ga bone gape go neng go na le Dionisio, moatlhodi wa kgotlatshekelo ya Areopago, le mosadi yo o neng a bidiwa Damarise, le ba bangwe mo godimo ga bone.” (Ditiro 17:34) Ruri Paulo o ne a supa botlhale fa a ne a akgolela Baathena go bo ba dumela ka bopeloephepa—le fa gone e ne e le bodumedi jwa maaka—go na le go ba kgala ka gonne ba se na kitso ya boammaaruri! Aitsane gantsi batho ba ba latelang tsela e e sa siamang gonne ba neilwe tshedimosetso e e phoso go ka direga gore ba na le dipelo tse di siameng.

Fa Paulo a ne a biditswe go tla go iphemela fa pele ga ga Herode Ageripa II, le gone foo o ne a lebana le boemo joo ka botlhale. Go ne go itsege gore Herode o ne a robala le kgaitsadie e bong Berenise e leng sengwe se Lefoko la Modimo le se kgalang ka tlhamalalo. Le fa go ntse jalo, Paulo ga a ka a bua sepe se se neng se supa gore o kgala Herode. Go na le moo, o ne a batla sengwe se a neng a ka mo akgolela sone. “Ka ga dilo tsotlhe tse Bajuda ba ntatofatsang ka tsone, Kgosi Ageripa, ke ikaya ke itumetse go bo e le fa pele ga gago ke tshwanetseng go iphemela mo letsatsing leno, segolobogolo ka o le setswerere mo mekgweng yotlhe mmogo le mo dikganetsanong tsa Bajuda.”—Ditiro 26:1-3.

Ruri le rona re tla bo re le botlhale fa re ka dirisa tsela eo fa re dirisana le ba bangwe! Go akgola moagelani, moithuti mmogo kana mongwe yo re berekang le ene go ka mo rotloetsa gore a dirisane le rona ka kagiso mme seo sa dira gore a itshware sentle. Ka dinako tse dingwe go leka go fitlhelela pelo ya motho ka go mo naya kakgolo e e mo tshwanelang, go ka mo tlhotlheletsa gore a tlogele tsela e e sa siamang e a akanyang ka yone mmogo le ditiro tse di sa siamang mme a tshele ka tsela e e siameng e e dumalanang le kitso ya boammaaruri.

Sekao sa ga Jesu se se Itekanetseng sa go Akgola ba Bangwe

Jesu o ne a akgola ba bangwe. Ka sekai, fa Jesu a sena go tsosiwa mo baswing le go tlhatlogela legodimong, Modimo o ne a mo laela gore a bue le diphuthego tse supa tsa Asia Minor a dirisa moaposetoloi Johane. Ka metlha o ne a akgola diphuthego tse di neng di tshwanelwa ke go akgolwa. Fa a ne a kwalela diphuthego tse di kwa Efeso, Peregamo le Thiatira o ne a dirisa mafoko a a jaaka: “Ke itse ditiro tsa gago, le tiro ya gago ya bonatla le boitshoko, le gore ga o ka ke wa itshokela batho ba ba bosula”; “o nna o ngangatletse leina la me, e bile o ne wa se ka wa latola tumelo ya gago mo go nna”; le a a reng, “ke itse ditiro tsa gago, le lorato lwa gago le tumelo le bodiredi le boitshoko, le gore ditiro tsa gago tsa morago di feta tsa pele.” Tota le kwa Saredisa kwa phuthego ya teng e neng e tlhoka kgakololo e e gagametseng, Jesu o ne a lemoga bangwe mo go yone ba ba neng ba tshwanelwa ke go akgolwa, mme a re: “Le fa go ntse jalo, ruri o na le maina a le mmalwa mo Saredisa a a neng a se ka a leswafatsa diaparo tsa one tsa kafa ntle, mme a tla tsamaya le nna a le mo go tse ditshweu, ka gonne a a tshwanela.” (Tshenolo 2:2, 13, 19; 3:4) Ruri Jesu o ne a re tlhomela sekao se se molemo!

Re tshwanetse go etsa Jesu mme le ka motlha re se ka ra kgala setlhopha sotlhe sa batho ka ntlha ya go palelwa ga batho ba le mmalwa fela kana re neye motho kgakololo e e tlhokegang re sa mo akgola mo a dirang sentle teng. Le fa go ntse jalo, re tshwanetse go nna re gopola gore fa re akgola motho fela ka nako e re batlang go mo naya kgakololo ka yone, a ka nna a tlhokomologa kakgolo eo. Nna pelotshweu mme o akgole ba bangwe nako nngwe le nngwe fa tshono eo e bulega! Fa o dira jalo, motlhang go tlhokegang gore o neye motho kgakololo, o tla e amogela kwantle ga mathata.

Bagolwane ba ba Akgolang ka Tshwanelo

Mosadi mongwe wa Mokeresete yo o bidiwang Cornelia, yo jaanong a direlang kwa ofising ya lekala ya Basupi ba ga Jehofa kwa Yuropa, o gakologelwa gore mo tshimologong ya bo1970 molebedi yo o etang yo o neng a ba etetse o ne a mmotsa gore go ntse go tsamaya jang ka thuto ya gagwe ya botho le go bala dimakasine. A re: “Ke ne ka tlelwa ke maikutlo a go swaba tota.” Mme go tswa foo o ne a mmolelela gore o ne a sa kgone go bala ditlhogo tsotlhe mo makasineng. O gakologelwa jaana: “Go na le gore molebedi yo o tsamayang a ntshwaye phoso, o ne a nkakgolela bonnye jo ke kgonang go bo bala. Kakgolo ya gagwe e ne ya nkgothatsa tota, mme fa e sa le ka nako eo ke ne ka ikemisetsa go bala ditlhogo tsotlhe mo makasineng.”

Ray yo o direlang kwa ofising ya lekala ya Yuropa o gakologelwa letsatsi la gagwe la ntlha mo bodireding jwa bobulatsela. Molebedi yo o okamelang wa phuthego ya bone, monna yo o neng a na le tiro ya boitshediso le boikarabelo jwa lelapa mmogo le maikarabelo a mangwe a le mantsi mo phuthegong o ne a tsena mo Holong ya Bogosi mo maitseboeng ao mme a tla kwa go ene ka tlhamalalo a mmotsa jaana, “Letsatsi la gago la ntlha mo bodireding jwa bobulatsela le ne le ntse jang?” Gone jaanong mo e ka nnang dingwaga di feta 60 morago ga foo, Ray o sa ntse a gakologelwa tsela e mogolwane yoo a neng a mo akanyetsa ka yone.

Fela jaaka maitemogelo ano a mabedi a bontsha, go amega go tswa pelong ka se ba bangwe ba se dirileng, go se kgatlhegela le go bontsha lorato—e seng fela go bua mafoko a go se akanyetse kana go ba fora—go ka nna le matswela a a molemo tota. Mo phuthegong ya Bokeresete re na le mabaka a le mantsi a go akgola badumedi mmogo le rona. Akanya fela ka keletso ya bone ya go direla Jehofa, dikakgelo tsa bone tse di baakanyeditsweng sentle, kgatelopele e ba e dirileng go fenya letshogo le ba neng ba nna le lone fa ba naya dipuo kana ba nna le seabe mo dikarolong dingwe tsa dipokano, tlhoafalo ya bone fa ba rera le fa ba ruta mmogo le maiteko a ba a dirang go baya dilo tse di direlwang Bogosi le mekgele ya semoya kwa pele. Fa re akgola ba bangwe, re segofadiwa fela thata. Go dira gore re itumele mme re lebe dilo ka tsela e e tshwanetseng.—Ditiro 20:35.

Bagolwane ba phuthego ba tshwanetse go akgolela phuthego ditiro tsa yone tse di molemo. Mme fa go tlhokega gore ba ntshe kgakololo, ba dira seo ka lorato. Kafa letlhakoreng le lengwe ga ba amege thata ka go batla go dira sengwe le sengwe ka tshwanelo mo e leng gore fa selo se sa dirwa ka tshwanelo se tsewa e le bokoa jo bo masisi.

Bagolwane ba Bakeresete ba ba etsang sekai sa tlotlo le bopelonomi jo bo neng jwa bontshiwa ke Elihu, tsela e e botlhale e e neng ya dirisiwa ke Paulo le go amega ka lorato ka ba bangwe mo go neng ga bontshiwa ke Jesu ba tla nna motswedi wa kgomotso ya mmatota mo bakaulengweng ba bone. Go akgola ba bangwe go tla ba kgothatsa gore ba nne ba leka go dira molemo mme seno se dire gore go nne le boitumelo le kutlwano. Jesu o tshwanetse a bo a ne a itumela tota fa ka nako ya fa a kolobediwa a ne a utlwa Rraagwe yo o kwa legodimong a mo akgola ka mafoko a a reng: “O Morwaake, moratwa; ke go amogetse!” (Mareko 1:11) A re direng gore bakaulengwe ba rona ba itumele ka go ba akgola ka mafoko a a nang le bokao le a a tswang pelong.

[Ditshwantsho mo go tsebe 15]

Go bua ka tsela e e botlhale go ne ga leretse Paulo matswela a a molemo, go ka nna jalo le ka rona

[Setshwantsho mo go tsebe 16]

Go akgola motho ka lorato le ka mafoko a a tswang mo pelong go nna le matswela a a molemo