Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

E re ka Bajuda ba ne ba laetswe gore ka nako ya Tlolaganyo ba se ka ba ja “sepe se se bedisitsweng,” ke ka ntlha yang fa Jesu a ne a dirisa beine—e e a bong e bedile—fa a tlhoma Segopotso sa loso lwa gagwe?—Ekesodo 12:20; Luke 22:7, 8, 14-20.

Moletlo wa Tlolaganyo, o o neng o direlwa go ikgopotsa Khuduga ya bomorwa Iseraele go tswa kwa Egepeto, o ne wa tlhomiwa ka 1513 B.C.E. Fa Jehofa a ne a naya ditaelo malebana le go gopolwa ga letsatsi leno, o ne a re: “Lo se ka lwa ja sepe se se bedisitsweng. Lo je dikuku tse di sa bedisiwang mo mannong otlhe a lona.” (Ekesodo 12:11, 20) Thibelo eno ya Modimo e ne e ama fela mofuta wa senkgwe o o neng o tla jewa ka nako ya Tlolaganyo. Ga go a umakwa beine gope.

Lebaka la konokono la go bo Baiseraele ba ne ba sa tshwanela go dirisa sebediso e ne e le ka gonne fa ba tswa kwa Egepeto, ba ne ba le makgabe a dipapetla. Ekesodo 12:34 e tlhalosa jaana: “Batho ba tsaya tlhama ya bone ya bupi e ise e bedisiwe, ka megopo ya bone ya go dubela e phuthetswe ka diaparo tsa bone mo magetleng a bone.” Lebaka la go bo go ne go sa dirisiwe sebediso mo meletlong ya Tlolaganyo morago ga moo le ne le tla gopotsa dikokomane tse di latelang ntlha eno ya botlhokwa.

Fa nako e ntse e ya, gantsi sebediso se ne sa tsewa e le letshwao la boleo kgotsa bosula. Ka sekai, fa moaposetoloi Paulo a ne a bua ka motho yo o dirang boitsholo jo bo sa siamang mo phuthegong ya Bokeresete, o ne a botsa jaana: “A ga lo itse gore sebediso se sennye se bedisa bupi jotlhe jo bo dubilweng?” Go tswa foo o ne a re: “Tlosang sebediso se segologolo, gore lo tle lo nne bupi jo bo dubilweng jo bosha, fela jaaka lo sa bela. Gonne, eleruri, Keresete tlolaganyo ya rona o ntshitswe setlhabelo. Ka gone a re bolokeng moletlo, e seng ka sebediso se segologolo, le fa e le ka sebediso sa bosula le boikepo, mme ka dikuku tse di sa bedisiwang tsa bopeloephepa le boammaaruri.” (1 Bakorintha 5:6-8) Senkgwe se se sa bedisiwang ke sone fela se neng se ka tshwantshetsa mmele wa ga Jesu wa motho yo o se nang boleo.—Bahebera 7:26.

Bajuda ba ile ba simolola go dirisa le beine mo moletlong wa Tlolaganyo moragonyana. Ba ka tswa ba simolotse go e dirisa fa ba sena go boa kwa botshwarwa kwa Babelona. Baebele ga e na pego epe ya gore go dirisiwa ga beine go ne ga thibelwa, mme ka jalo go ne go tshwanela gore Jesu a dirise beine mo sejong sa Tlolaganyo. Mme boammaaruri ke gore go bela ga tlholego ga beine mo metlheng ya bogologolo go ne go sa tshwane le go bedisiwa ga senkgwe. Go bedisiwa ga tlhama go ne go tlhoka gore e tsenngwe sebediso. Beine e e dirilweng ka morara e ne e sa tlhoke go tsenngwa sebediso. Morara ka boone o a bo o na le dilo tse di bedisang. Matute a a sa belang a morara a ne a ka se ka a bo a le teng ka nako ya Tlolaganyo ka gonne a ne a ka se nne a sa bela go tloga ka nako ya thobo ka letlhabula go fitlha ka dikgakologo ka nako ya Tlolaganyo.

Ka jalo, go dirisa beine ga ga Jesu e le tshwantshetso mo Segopotsong ga go thulane ka gope le ditaelo tsa Tlolaganyo malebana le sebediso. Beine epe e khibidu e e sa tsenngwang sepe se se e dirang botshe, e bile e sa tsenngwa tagi kgotsa ditswaiso e a tshwanela gore e ka dirisiwa go tshwantshetsa “madi a a tlhokegang” a ga Keresete.—1 Petere 1:19.