Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Kafa o ka Dirang ka Teng Gore Ngwana wa Gago a Rate Modimo

Kafa o ka Dirang ka Teng Gore Ngwana wa Gago a Rate Modimo

Kafa o ka Dirang ka Teng Gore Ngwana wa Gago a Rate Modimo

GOMPIENO go thata tota gore motho a nne le kamano e e gaufi le Jehofa Modimo. (Pesalema 16:8) Jaaka go boletswe e sa le pele, re tshela mo ‘dinakong tsa mathata tse go leng boima go lebana le tsone.’ Batho ba bantsi ke “barati ba menate go na le go nna barati ba Modimo.” (2 Timotheo 3:1-5) Ee, go thata go bona batho ba ba ratang Modimo tota mo lefatsheng gompieno.

Go ka se itiragalele fela gore ngwana a rate Modimo. Bana ba tshwanetse go rutwa go rata Jehofa Modimo. Re ka dira seno jang?

Go Bulelana Mafatlha

Re ka ruta bana ba rona go rata Modimo fa e le gore dipelo tsa rona di phophoma ka lorato loo. (Luke 6:40) Baebele e bontsha seno fa e re: “O rate Jehofa Modimo wa gago ka pelo yotlhe ya gago le ka moya otlhe wa gago le ka maatla otlhe a gago. Mme mafoko ano a ke a go laolelang gompieno a nne mo pelong ya gago; o a jalele kwa teng mo go morwao.”—Duteronome 6:4-7.

Re ka ruta ngwana jang go rata Modimo? Sa ntlha, re tshwanetse go lemoga se se mo pelong ya ngwana. Sa bobedi, re tshwanetse go senola se se mo pelong ya rona.

Fa Jesu Keresete a ne a le mo tseleng a ya kwa Emao a na le barutwa ba gagwe ba babedi, o ne a ba kgothaletsa pele gore ba tlhalose dilo tse ba di solofetseng le tse ba tshwenyegileng ka tsone. Jesu o ne a ba reetsa pele mme go tswa foo a baakanya tsela e ba neng ba akanya ka yone ka go tlhalosa Dikwalo. Morago ga moo ba ne ba re: “A dipelo tsa rona di ne tsa se ka tsa tuka fa a ne a ntse a bua le rona?” Motlotlo oo e ne e le sekai sa puisano ya go bulelana mafatlha. (Luke 24:15-32) Re ka lemoga jang maikutlo a ngwana?

Bosheng, batsadi bangwe ba bana ba bone jaanong ba godileng kana ba leng gaufi le go nna bagolo e bile e le dikao tse di molemo mo phuthegong, ba ne ba bodiwa kafa go buisana le bana ba bone ba bulelana mafatlha go thusitseng ka teng. Ka sekai, Glen kwa Mexico, o na le bana ba le banè ba ba godileng. * A re: “Go tlhokega go tsaya matsapa gore go nne le puisano e e phuthologileng fa gare ga bana le batsadi. Nna le mosadi wa me re ne re beela kwa thoko dilo tse di seng mosola thata gore re iphe nako re na le bana ba rona. Fa ba ne ba le mo dingwageng tsa bosha, ka dinako tse dingwe re ne re nna le bone maitseboa otlhe re bua ka sengwe le sengwe fela. Gape ka dinako tsa dijo, ka go ba reetsa fa ba tlotla, re ne re kgona go lemoga mathata re bo re a baakanya ka bonolo, gantsi bone ba sa lemoge.”

Go bulelana mafatlha gape go raya gore le rona re ntshe se se mo pelong ya rona. Jesu o ne a re: “Motho yo o molemo o ntsha molemo mo letlotlong le le molemo la pelo ya gagwe, . . . gonne molomo wa gagwe o bua se se tletseng mo pelong.” (Luke 6:45) Toshiki, yo bana ba gagwe ba bararo e leng badiredi ba nako e e tletseng kwa Japane, a re: “Ke ne ke ba bolelela gantsi gore ke eng se se dirileng gore ke nne le tumelo mo go Jehofa—gore go tlile jang gore ke dumele ka pelo ya me yotlhe gore o teng le kafa dilo tse ke di boneng mo botshelong di ntlhatswitseng pelo ka gone gore Baebele e boammaaruri le gore ke yone kaelo e e molemo go gaisa mo botshelong.” Kwa Mexico, Cindy a re: “Ka metlha monna wa me o ne a rapela le bana. Fa ba ne ba utlwa tsela e a rapelang ka yone go tswa pelong, ba ne ba itse gore Jehofa ke motho wa mmatota.”

Kafa Sekao sa Rona se Leng Maatla ka Teng

Tsela e re tshelang ka yone e na le tlhotlheletso e kgolo go feta se re se buang, ka gonne e bontsha bana ba rona kafa re ratang Modimo ka teng. Batho ba ne ba kgona go bona kafa Jesu Keresete a ratang Modimo ka teng ka go ela tlhoko tsela e a neng a ikobela Jehofa ka yone. Jesu o ne a re: “Gore lefatshe le itse gore ke rata Rara, fela jaaka Rara a nneile taelo go dira, ke dira jalo.”—Johane 14:31.

Gareth, yo e leng Mosupi wa ga Jehofa kwa Wales, a re: “Bana ba rona ba tshwanetse go bona gore re rata Jehofa le gore re leka go dira dilo ka tsela ya gagwe. Ka sekai, bongwanake ba bona gore ke a dumela fa ke le phoso, ka gonne ke ikobela se Modimo a re bolelelang sone. Jaanong le bone ba leka go dira jalo.”

Greg, wa kwa Australia, a re: “Re ne re batla gore bana ba rona ba bone gore boammaaruri ke jone jwa botlhokwatlhokwa mo matshelong a rona. Fa re dira ditshwetso tse di amanang le tiro kana boitlosobodutu, re sekaseka pele kafa dilo tseo di tla amang maikarabelo a rona a Bokeresete ka teng. Re itumelela thata go bona morwadiarona wa dingwaga tse 19 a leba dilo jalo malebana le tirelo ya gagwe ya bobulatsela jo bo thusang.”

Go Thusa Bana ba Rona go Tlhaloganya Modimo

Re ka se rate kana ra ikanya mongwe yo re sa mo tlhaloganyeng. Fa moaposetoloi Paulo a ne a batla gore Bakeresete ba kwa Filipi ba oketse tsela e ba neng ba rata Jehofa ka yone, o ne a re: “Seno ke se ke tswelelang ke se rapelela, gore lorato lwa lona lo tote fela thata ka kitso ya boammaaruri le temogo e e tletseng.” (Bafilipi 1:9) Falconerio, yo o godisang bana ba le banè kwa Peru a re: “Go bala le go ithuta Baebele le bone ka metlha go nonotsha tumelo ya bone. Ka dinako tse dingwe ke ne ke sa ithute le bone, mme ke ne ke bona gore lorato lo ba ratang Modimo ka lone lo a koafala.” Gary, wa kwa Australia, a re: “Gantsi ke bontsha bongwanake bosupi jwa gore boporofeti jwa Baebele bo a diragadiwa. Gape ke ba bontsha melemo ya go dirisa melaometheo ya Baebele. Thuto ya Baebele ya lelapa e re e tshwarang ka metlha ke yone e agileng tumelo ya bone.”

Kitso e tla fitlhelela pelo ya ngwana thata fa a ithuta a le mo boemong jo bo phuthologileng mme gape e le jo bo tlotlegang. (Jakobe 3:18) Shawn le Pauline, ba kwa Boritane, ba ba nang le bana ba le banè, ba re: “Ka nako ya thuto ya Baebele ya lelapa, re ne re leka gore re se ka ra omanya bana ba rona, le fa ba ne ba na le go tsosa modumo. Re ne re tshwara thuto ka ditsela tse di farologaneng. Ka dinako tse dingwe re ne re kopa bana gore ba itlhophele kgang e ba batlang re ithuta ka yone. Re ne re dirisa dibidio tse di dirilweng ke phuthego ya ga Jehofa. Ka dinako tse dingwe re ne re tshameka karolo e e rileng gabedi, kana re emisa bidio gore re tlotle ka yone.” Mmè yo o bidiwang Kim, yo le ene e leng wa kwa Boritane a re: “Ke baakanyetsa thuto ya lelapa ka kelotlhoko gore ke kgone go botsa dipotso tse di tla dirang gore bongwanake ba akanye. Re itumelela thuto. Re tshega thata.”

Go Tlhopha Ditsala

Go ka nna motlhofo gore bana ba rona ba rate Jehofa le go anaanela kobamelo ya boammaaruri fa ba dikologilwe ke batho ba e leng ditsala tsa Modimo. Go ka tlhokega gore re tseye matsapa gore re rulaganyetse gore bana ba rona ba nne le ditsala tse ba ka buang le tsone le go tshameka le tsone. Mme go dira jalo go tla re solegela molemo tota! Gape, go botlhokwa gore re rulaganyetse gore bana ba rona ba kopane le Basupi ba ga Jehofa ba ba tsereng bodiredi jwa nako e e tletseng e le tiro ya botshelo jotlhe. Ba bantsi ba ba ileng ba tlhopha tirelo ya nako e e tletseng ba dirile jalo ka gonne ba ne ba tsalana le batlhanka ba ba tlhagafetseng ba Modimo. Kgaitsadi mongwe yo o neng a nna morongwa a re: “Gantsi batsadi ba me ba ne ba laletsa babulatsela gore ba tle go ja le rona. Ba ne ba bonala gore ba itumelela tirelo ya bone thata mo e leng gore ke ne ke batla go direla Modimo ka tsela e e tshwanang.”

Boammaaruri ke gore maikutlo a bana ba rona a ka tlhotlheletsega ka tsela e e siameng kana e e sa siamang. Batsadi ba tla bontsha gore ba na le bokgoni go le kana kang ka go thusa bana ba bone go tila dikotsi tsa go nna le ditsala tse di bosula. (1 Bakorintha 15:33) Go tlhokega bokgoni go ruta bana gore ba se ka ba ikopanya le batho ba ba sa rateng Jehofa le ba ba sa mo itseng. (Diane 13:20) Shawn yo o nopotsweng fa godimo, a re: “Re ne re ruta bana ba rona gore ba nne botsalano le bana ba ba tsenang sekolo le bone mme go felele fela teng kwa sekolong koo. Bana ba rona ba ne ba tlhaloganya gore ke ka ntlha yang fa ba sa tshwanela go tsaya karolo mo ditirong tse di dirwang morago ga sekolo kana mo metshamekong ya kwa sekolong.”

Molemo wa Thapiso

Fa re thapisa bana ba rona go tlhalosetsa ba bangwe se ba se dumelang, re ba thusa go itumelela go bontsha gore ba rata Modimo go le kana kang. Mark, yo o nnang kwa United States a re: “Re ne re batla gore bana ba rona ba basimane ba itse gore ba ka itumelela go bolelela ba bangwe se ba se dumelang nako nngwe le nngwe, e seng fela ka nako ya fa ba aparetse go ya tirelong ya tshimo. Ka jalo fa re ya golo gongwe re ya go itlosa bodutu, jaaka kwa parakeng kana kwa lewatleng kana kwa sekgweng, re tsaya Dibaebele tsa rona le dibuka tse di theilweng mo Baebeleng, mme re bo re bua le batho koo ka se re se dumelang. Bana ba rona ba itumelela go rera jalo le rona le fa ba se mo tirelong ya tshimo e e tlwaelegileng. Ba nna le seabe mo metlotlong mme ba bolela tumelo ya bone.”

Moaposetoloi Johane yo o tsofetseng o ne a thusa batho ba bantsi go oketsa lorato lo ba ratang Modimo ka lone. O ne a kwala jaana ka batho bao: “Ga go na lebaka le legolo la go leboga le ke nang le lone go feta dilo tseno, gore ke bo ke ntse ke utlwa gore bana ba me [ba semoya] ba tswelela ba tsamaya mo boammaaruring.” (3 Johane 4) Fa re ruta bana ba rona go rata Modimo, le rona re tla itumela jalo.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 8 Maina mangwe a fetotswe.

[Ditshwantsho mo go tsebe 9]

Go bulelana mafatlha mo dikgannyeng tse di amanang le tumelo ga go itiragalele fela

[Setshwantsho mo go tsebe 10]

Thapisa bana ba gago go bontsha lorato lwa bone mo Modimong

[Motswedi wa Setshwantsho]

Courtesy of Green Chimneys Farm