Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Lebaka La go Bo Boikepo bo Tswelela

Lebaka La go Bo Boikepo bo Tswelela

Lebaka La go Bo Boikepo bo Tswelela

BAEBELE ya re “Jehofa [Modimo] o siame mo ditseleng tsa gagwe tsotlhe.” (Pesalema 145:17; Tshenolo 15:3) Moporofeti Moshe o ne a bua jaana ka ene: “Tiro ya gagwe e itekanetse, gonne ditsela tsotlhe tsa gagwe di tshiamiso. Modimo yo o ikanyegang, yo go se nang botlhoka tshiamiso mo go ene; o siame e bile o thokgame.” (Duteronome 32:4) Jakobe 5:11 ya re: “Jehofa o pelonomi tota mo go bontsheng loratong e bile o kutlwelobotlhoko.” Modimo ga se ene a bakang boikepo e bile tota a ka se ka a bo baka.

Morutwa Jakobe o ne a re: “Fa mongwe a le mo tekong, a a se ka a re: ‘Ke lekwa ke Modimo.’ Gonne Modimo ga a ka ke a lekwa ka dilo tse di bosula le gone ene ka boene ga a leke ope.” (Jakobe 1:13) Jehofa Modimo ga a leke batho ka boikepo e bile ga a ba raele go dira ditiro tse di bosula. Fa go ntse jalo, ke mang yo o bakang boikepo le pogo e bo e bakang?

Ke Mang yo o Bakang Boikepo?

Mokwadi wa Baebele e bong Jakobe a re batho ba baka boikepo ka selekanyo se se rileng. A re: “Mongwe le mongwe o lekwa ka go gogelwa a ba a hepisiwa ke keletso ya gagwe. Go tswa foo keletso, fa e sena go emera, e tshola boleo; boleo le jone, fa bo sena go diragadiwa, bo tsala loso.” (Jakobe 1:14, 15) Batho ba ka nna ba dira dilo go ya ka dikeletso tsa bone tse di sa siamang. Akanya gape kafa boleo jo batho ba bo ruileng bo ba amang ka teng. Tlhotlheletso ya boleo e ka gakatsa dikeletso tse di phoso mme ya tlisa diphelelo tse di maswe thata. (Baroma 7:21-23) Tota e bile, boleo jo batho ba bo ruileng bo “busa jaaka kgosi” mo bathong, bo dira batho makgoba a ditiro tse di boikepo tse di bakang pogo e se kana ka sepe. (Baroma 5:21) Gape batho ba ba boikepo ba ka tlhotlheletsa ba bangwe go nna bosula.—Diane 1:10-16.

Le fa go ntse jalo, Satane Diabolo ke ene a bakang boikepo. Ke ene a tlisitseng boikepo mo lefatsheng. Jesu Keresete o ne a bitsa Satane “yo o boikepo” le “mmusi wa lefatshe,” kana wa batho ba ba sa siamang. Batho ka kakaretso ba utlwa Satane ka go ikobela tlhotlheletso ya gagwe ya gore ba tlhokomologe ditsela tse di molemo tsa ga Jehofa Modimo. (Mathaio 6:13; Johane 14:30; 1 Johane 2:15-17) 1 Johane 5:19 ya re: “Lefatshe lotlhe le namaletse mo maatleng a yo o boikepo.” Tota e bile, Satane le baengele ba gagwe ba ‘tsietsa lefatshe lotlhe le le nang le banni,’ ba baka ‘tatlhego’ fela. (Tshenolo 12:9, 12) Ka jalo, Satane Diabolo ke ene a tshwanetseng go pegwa molato wa go baka boikepo.

Moreri 9:11 e bua jaana fa e senola selo se sengwe se se bakang pogo: “Botlhe ba diragalelwa ke motlha le tiragalo e e sa bonelwang pele.” Jesu Keresete o ne a bua ka masetlapelo mangwe a a neng a bolaya batho ba le 18 fa ba ne ba welwa ke tora. (Luke 13:4) Ba ne ba swa ka gonne ba ne ba le mo lefelong le le sa siamang ka nako e e sa siamang. Le gompieno dilo tse di ntseng jalo di a direga. Ka sekai, go ka direga gore setena se we kwa godimo ga kago mme se wele motho yo o fetang ka tsela. A Modimo ke ene a bakileng seo? Nnyaa. Ke tiragalo fela e e seng ya ka boomo e e sa bonelwang pele. Go ntse fela jalo le fa lelapa le tlhaselwa ke bolwetse kana go swa tlhogo ya lelapa mme a tlogela dikhutsana le motlholagadi.

Ka jalo, Modimo ga se ene a bakang boikepo; e bile ga a bake pogo. Go na le moo, maikaelelo a ga Jehofa ke go fedisa boikepo le ba ba bo bakang. (Diane 2:22) Tota e bile o tla dira go feta foo. Baebele ya re maikaelelo a Modimo ka Keresete ke “go senya ditiro tsa ga Diabolo.” (1 Johane 3:8) Tsamaiso ya gone jaanong ya dilo—e e theilweng mo bopelotshetlheng, letlhoo le ditiro tse di boikepo, ka nako eo e tla bo e fedisitswe. Modimo o tla “phimola dikeledi tsotlhe mo matlhong a [batho botlhe]” ka go dira jalo a fedisa pogo. (Tshenolo 21:4) Mme o ka nna wa re: ‘Ke eng fa Modimo a ise a dire seno? Ke eng fa a letlile boikepo le pogo gore di tswelele go tla go fitlha gompieno?’ Karabo ya potso eno e fitlhelwa mo pegong ya Baebele ya ga Adame le Efa.

Go Tsoga Kgang ya Botlhokwa Thata

Lebaka la go bo Modimo a letleletse boikepo gore bo tswele pele go fitlha mo motlheng wa rona le amana le ditiragalo tse di diragetseng fa batho ba ne ba simolola go nna teng. Tiragalo e e neng ya direga bogologolo e ne ya tsosa kgang ya botlhokwa e e amanang le Mmopi ka boene—kgang e e neng e se na go arabiwa ka bonako kana motlhofo. A re tlhatlhobeng ka kelotlhoko se se diragetseng.

Jehofa Modimo o bopile monna le mosadi ba ntlha ba itekanetse mme a ba baya mo Paradaiseng. Ba ne ba neilwe mpho e e neng e ba farologanya le diphologolo—mpho ya go nna le kgololesego ya go itlhophela se ba se batlang. (Genesise 1:28; 2:15, 19) Jaaka Adame le Efa ba ne ba na le kgololesego ya go itirela ditshwetso malebana le se se siameng le se se sa siamang, ba ne ba ka dirisa ditlhaloganyo tsa bone go tlhopha gore ba rate, ba direle, ba bo ba ikobele Mmopi wa bone. Kana ba ne ba ka tlhopha go ipusa ba sa laolwe ke Modimo mme ba se ka ba mo ikobela ka boomo.

Modimo wa boammaaruri o ne a beela Adame le Efa thibelo e le nngwe fela, gore a ba neye sebaka sa go bontsha gore ba mo rata go le kana kang. O ne a raya Adame a re: “O ka nna wa ja mo setlhareng sengwe le sengwe sa tshingwana gore o bo o kgotsofale. Mme fa e le setlhare sa kitso ya molemo le bosula sone o se ka wa ja mo go sone, gonne ka letsatsi le o jang mo go sone ruri o tla swa.” (Genesise 2:16, 17) Gore Adame le Efa ba tswelele ba amogelwa ke Modimo le gore bone le bana ba bone ba mo isagweng ba solegelwe molemo, ba ne ba tshwanetse gore ba se ka ba ja leungo la setlhare se se rileng. A ba ne ba tla nna kutlo?

Baebele e re bolelela se se neng sa direga. Satane Diabolo o ne a tla mo go Efa, a dirisa noga, mme a re: “A tota go ntse jalo gore Modimo o rile lo se ka lwa ja mo setlhareng sengwe le sengwe sa tshingwana?” Fa Efa a ne a boeletsa taelo ya Modimo, Satane o ne a mo raya a re: “Ruri ga lo kitla lo swa. Gonne Modimo o a itse gore mo go lone letsatsi le lo jang mo go sone ka lone ruri matlho a lona a tla bulega mme lo tla tshwana le Modimo, lo itse molemo le bosula.” Ka gone, setlhare se ne se lebega se eletsega thata mo go Efa mme “a tsaya leungo la sone mme a le ja.” Pego eo e tswelela e re: “Morago ga moo a le naya le monna wa gagwe fa a ne a na le ene mme a le ja.” (Genesise 3:1-6) Ka go dira jalo, Adame le Efa ba ne ba se ka ba dirisa kgololesego ya bone ya go itlhophela ka tsela e e siameng mme ba ne ba leofela Modimo ka go sa mo ikobele.

A o bona kafa se se neng sa direga se leng masisi ka teng? Diabolo o ne a ganetsa se Modimo a neng a se reile Adame. Mafoko a ga Satane a ne a kaya gore Adame le Efa ba ne ba sa tlhoke Jehofa gore a ba thuse go dira tshwetso ya gore ke eng se se ba siametseng le se se sa ba siamelang. Kgang e Satane a e tsositseng e ne ya dira gore go belaelwe tshwanelo ya ga Jehofa ya go busa batho. Ka jalo, kgang eno ya moruthutha e e tsositsweng ke Satane, e ne e le ya gore a Modimo o na le tshwanelo ya go busa batho. Modimo wa boammaaruri o ne a araba kgwetlho eno ya bolaodi jwa gagwe jang?

Lebaka La go Bo go Tlhokega Gore go Fete Nako e e Lekaneng

Jehofa o ne a na le maatla a go bolaya ditsuolodi tseno tse tharo—Satane, Adame le Efa. Modimo o ne a le maatla go ba feta. Mme Satane o ne a sa belaele maatla a Modimo. O ne a belaela tshwanelo ya ga Jehofa ya go busa. Kgang eno e ne e ama dibopiwa tsotlhe tse di nang le kgololesego ya go itlhophela se di se batlang. Di ne di tshwanetse go lemoga gore mpho ya kgololesego ya go itlhophela e ne e tshwanetse go dirisiwa sentle—go ya ka melao ya Modimo malebana le go tshela ga motho, boitsholo le kobamelo. Fa go sa nne jalo, go ne go tla nna le ditlamorago tse di botlhoko, fela jaaka motho yo o photshang kwa godimo ga kago e e kwa godimo a sa akanye ka maatlakgogedi a tla gobala. (Bagalatia 6:7, 8) Dibopiwa tsotlhe tse di botlhale di ka solegelwa molemo ke go iponela diphelelo tse di maswe tse di nnang teng ka ntlha ya go tlhopha go ipusa kwa ntle ga kaelo ya Modimo. Go ne go tlhokega gore go fete nako e telele gore dibopiwa tsotlhe tse di botlhale di lemoge seno.

Re ka dira papiso ka kgang ya gore go tsaya nako go rarabolola dikgang dingwe jaana: A re re rre wa lelapa lengwe o raya rre wa lelapa le lengwe a re ba tsene mo kgaisanong gore ba bone gore ke mang yo o nonofileng go feta yo mongwe. Fano go ka bonala ka bonako gore ke mang yo o nonofileng go feta yo mongwe. Nonofo e banna ba babedi bano ba nang le yone e ka bonala fa ba tsholetsa mafika. Monna yo o tsholeditseng lefika le le bokete thata ke ene a nonofileng go feta yo mongwe. Mme a re re kgang e ne e le go bona gore ke rre ofe yo tota a ratang bana ba gagwe le gore a le bone ba mo rata ka tsela e e tshwanang. Kana kgang ya gore ke rre ofe yo o tshwarang lelapa la gagwe sentle thata. Fano go ne go se na go bereka kgang ya maatla kana gore motho a bue fela ka molomo. Go ne go tla tshwanela gore go fete nako e e lekaneng gore batho ba ele dilo tlhoko mme go dirwe tshwetso e e tshwanetseng gore kgang ya gore ke rre ofe yo o tshwarang le lelapa la gagwe sentle e fele.

Se go Feta ga Nako go se Bontshitseng

Go fetile dingwaga di ka nna 6 000 fa e sa le Satane a belaela tshwanelo ya Modimo ya go busa. Se se diragetseng mo nakong eno yotlhe se bontsha eng? Sekaseka dilo tse pedi tse Satane a neng a latofatsa Modimo ka tsone. Satane o ne a raya Efa a re: “Ruri ga lo kitla lo swa.” (Genesise 3:4) Fa Satane a ne a re Adame le Efa ba ne ba se kitla ba swa fa ba ne ba ka ja leungo le le ileditsweng, sentlentle Satane o ne a re Jehofa o maaka. Eno ke tatofatso e e maswe fela thata! Fa Modimo a ne a sa bua boammaaruri mo kgannyeng eno, o ne a ka ikanngwa jang mo dikgannyeng tse dingwe? Le fa go ntse jalo, ke eng se go feta ga nako go se bontshitseng?

Adame le Efa ba ne ba lwala, ba utlwa botlhoko, ba tsofala, mme kgabagare ba swa. Baebele ya re: “Malatsi otlhe a ga Adame a a a tshetseng a ne a fitlha go dingwaga di le makgolo a le robongwe le masome a mararo mme a swa.” (Genesise 3:19; 5:5) Mme go tswa mo go Adame, boswa jono jo bo botlhoko bo fetetse mo bathong botlhe. (Baroma 5:12) Go feta ga nako go supile gore Satane ke “moaki le ramaaka.”—Johane 8:44; Pesalema 31:5.

Satane gape o ne a raya Efa a re: “Modimo o a itse gore mo go lone letsatsi le lo jang mo go sone [setlhare se se ileditsweng] ka lone ruri matlho a lona [Efa le Adame] a tla bulega mme lo tla tshwana le Modimo, lo itse molemo le bosula.” (Genesise 3:5) Ka go dirisa mafoko ao a a tsietsang, Satane o ne a bulela batho sebaka sa gore ba ipuse. Satane, ka go tsietsa, o ne a re dilo di ne di tla tsamaela batho sentle fa ba ipusa ba sa laolwe ke Modimo. A seno se boammaaruri?

Mo makgolokgolong a dingwaga a a fetileng, go ntse go tsoga mebuso e megolo e bo e nyelela gape. Go lekilwe mofuta mongwe le mongwe o o ka akanngwang wa go busa batho. Le fa go ntse jalo, nako le nako, batho ba diragaletswe ke dilo tse di maswe. Mokwadi mongwe wa Baebele o ne a bua jaana ka botlhale dingwaga di ka nna 3 000 tse di fetileng: ‘Motho o laotse motho yo mongwe go mo utlwisa botlhoko.’ (Moreri 8:9) Moporofeti Jeremia o ne a re: “Ga se ga motho yo o tsamayang ka dinao go kaela dikgato tsa gagwe.” (Jeremia 10:23) Le e leng kgatelopele ya saense le ya botegeniki mo dingwageng tsa bosheng ga e a ganetsa boammaaruri jwa mafoko ao. Go feta ga nako go supile fela gore mafoko ao a boammaaruri.

Ke Eng se o Tla se Dirang?

Nako e Modimo a letlileng gore e fete e supile gore Satane o phoso mo kgannyeng ya tshwanelo ya ga Jehofa ya go nna molaodi. Jehofa Modimo ke ene fela Molaodimogolo wa lobopo lotlhe. O na le tshwanelo ya go busa popo ya gagwe, mme tsela ya gagwe ya go busa e molemo go di gaisa tsotlhe. Dibopiwa tse di kwa legodimong tse di nang le dingwagangwaga di tshela mme di busiwa ke Modimo, di ne tsa bua jaana go dumalana le kgang eo: “O a tshwanela, Jehofa, wena Modimo wa rona, go amogela kgalalelo le tlotlo le maatla, ka gonne o bopile dilo tsotlhe, mme ka ntlha ya thato ya gago di ne tsa nna gone e bile di ne tsa bopiwa.”—Tshenolo 4:11.

Wena o eme kae mo kgannyeng ya go busa ga Modimo? A o dumela gore Modimo o tshwanelwa ke go go busa? Fa o dumela, o tshwanetse go amogela bolaodi jwa ga Jehofa. O ka dira seno ka go dirisa boammaaruri jo bo molemo le kgakololo e e fitlhelwang mo Lefokong la gagwe, Baebele, mo karolong nngwe le nngwe ya botshelo jwa gago. “Modimo ke lorato” mme melao ya gagwe le ditaelo tsa gagwe di theilwe mo tseleng e a ratang dibopiwa tsa gagwe ka yone. (1 Johane 4:8) Jehofa ga a time ope wa rona se se ka mo solegelang molemo. Ka jalo o ka sekegela kgakololo eno ya Baebele tsebe: “Ikanye Jehofa ka pelo ya gago yotlhe mme o se ka wa ikaega ka tlhaloganyo ya gago. Mo tseye tsia mo ditseleng tsotlhe tsa gago, mme o tla tlhamalatsa ditselana tsa gago.”—Diane 3:5, 6.

[Setshwantsho mo go tsebe 7]

O ka tlhopha go busiwa ke Modimo ka go ithuta Baebele le go dirisa se e se rutang mo botshelong jwa gago

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 4]

© Jeroen Oerlemans/Panos Pictures