Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

‘Rraalona o Kutlwelobotlhoko’

‘Rraalona o Kutlwelobotlhoko’

‘Rraalona o Kutlwelobotlhoko’

“Tswelelang lo le kutlwelobotlhoko, fela jaaka Rraalona a le kutlwelobotlhoko.”—LUKE 6:36.

1, 2. Mafoko a Jesu a neng a a raya bakwadi le Bafarasai le balatedi ba gagwe a bontsha jang gore kutlwelobotlhoko ke nonofo e e rategang?

MOLAO o Modimo a neng a o naya Baiseraele a dirisa Moshe o ne o na le melao e e farologaneng e ka nna 600. Le fa go ne go tlhokega gore Baiseraele ba ikobele molao wa ga Moshe, go ne go le botlhokwa thata le gore ba bontshe kutlwelobotlhoko. Akanya ka se Jesu a neng a se raya Bafarasai, ba ba neng ba se kutlwelobotlhoko. O ne a ba kgalema ka makgetlho a mabedi, a bontsha gore Modimo o ne a laetse jaana: “Ke batla kutlwelobotlhoko, e seng setlhabelo.” (Mathaio 9:10-13; 12:1-7; Hosea 6:6) Go ela kwa bokhutlong jwa bodiredi jwa gagwe, Jesu o ne a re: “A bo go latlhega lona, bakwadi le Bafarasai, baitimokanyi! ka gonne lo ntsha nngwesomeng ya minte le dile le kumina, mme lo itlhokomolositse dilo tse di bokete segolo tsa Molao, e leng, tshiamiso le kutlwelobotlhoko le boikanyegi.”—Mathaio 23:23.

2 Kwantle ga pelaelo, Jesu o ne a tsaya kutlwelobotlhoko e le botlhokwa thata. O ne a raya balatedi ba gagwe a re: “Tswelelang lo le kutlwelobotlhoko, fela jaaka Rraalona a le kutlwelobotlhoko.” (Luke 6:36) Le fa go ntse jalo, fa re batla ‘go nna baetsi ba Modimo’ mo ntlheng eno, re tshwanetse ra itse gore tota kutlwelobotlhoko ke eng. (Baefeso 5:1) Mo godimo ga moo, go tlhaloganya melemo ya kutlwelobotlhoko go tla re tlhotlheletsa gore re bontshe nonofo eno ka botlalo mo matshelong a rona.

Go Utlwela ba ba Tlhokang Thuso Botlhoko

3. Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go leba kwa go Jehofa fa re batla go itse gore kutlwelobotlhoko ya mmatota ke eng?

3 Mopesalema o ne a opela a re: “Jehofa o pelontle e bile o kutlwelobotlhoko, o bonya go galefa gape o na le bopelonomi jo bogolo jwa lorato. Jehofa o molemo mo go botlhe, le mautlwelobotlhoko a gagwe a mo ditirong tsa gagwe tsotlhe.” (Pesalema 145:8, 9) Jehofa ke “Rara wa mautlwelobotlhoko a manana le Modimo wa kgomotso yotlhe.” (2 Bakorintha 1:3) Kutlwelobotlhoko e bontshiwa ka go dirisana le motho o mo tlhomogela pelo. Eno ke karolo ya botlhokwa ya botho jwa Modimo. Sekao sa gagwe le ditaelo tse a re neileng tsone di ka re ruta gore tota kutlwelobotlhoko ke eng.

4. Isaia 49:15 e re ruta eng ka kutlwelobotlhoko?

4 Jaaka go bontshitswe mo go Isaia 49:15, Jehofa a re: “A mosadi a ka lebala losea lwa gagwe lo lo anyang gore a bo a tlhoke go tlhomogela morwa wa sebopelo sa gagwe pelo?” Mafoko a mangwe a a tsamaisanang thata le lefoko la Sehebera le le ranotsweng fano e le ‘go tlhomogela pelo,’ a dirisitswe fa go buiwa ka kutlwelobotlhoko mo go Pesalema 145:8, 9, e e nopotsweng fa godimo. Maikutlo a a tlhotlheletsang Jehofa go nna kutlwelobotlhoko a bapisiwa le maikutlo a lorato a gantsi mmè yo o anyisang a nnang le one mo ngwaneng wa gagwe. Gongwe ngwana o tshwerwe ke tlala kgotsa o tlhoka sengwe se sele. Seno se dira gore mmè a tlhomoge pelo mme a neye ngwana se a se tlhokang. Jehofa o na le maikutlo a a lorato jalo ka batho ba a ba utlwelang botlhoko.

5. Jehofa o ne a bontsha jang gore o ‘humile kutlwelobotlhoko’ fa a dirisana le Baiseraele?

5 Motho a ka tlhomoga pelo, mme sa botlhokwa ke gore a tseye kgato ka gone ka go thusa ba ba tlhokang thuso. Akanya kafa Jehofa a ileng a itshwara ka teng fa baobamedi ba gagwe ba ne ba le kwa botshwarwa kwa Egepeto dingwaga di ka nna 3 500 tse di fetileng. O ne a raya Moshe a re: “Kwantle ga pelaelo ke bone pogisego ya batho ba me ba ba kwa Egepeto, e bile ke utlwile selelo sa bone ka ntlha ya bao ba ba gatelelang go dira; ka gonne ke itse sentle botlhoko jo ba bo utlwang. Mme ke a fologa go ya go ba golola mo seatleng sa Baegepeto le go ba ntsha mo lefatsheng leo ke ba isa kwa lefatsheng le le molemo le le le bulegileng, kwa lefatsheng le le elang mashi le tswina ya dinotshe.” (Ekesodo 3:7, 8) Dingwaga di ka nna 500 Baiseraele ba sena go gololwa kwa Egepeto, Jehofa o ne a ba gakolola jaana: “Ke nna ke neng ka ntsha Iseraele kwa Egepeto ka ba ka lo golola mo seatleng sa Egepeto le mo seatleng sa magosi otlhe a a neng a lo gatelela.” (1 Samuele 10:18) E re ka Baiseraele ba ile ba latlha melao ya Modimo e e siameng, ba ne ba tsena mo mathateng gantsi. Le fa go ntse jalo, Jehofa o ne a ba tlhomogela pelo mme a nna a ba namola. (Baatlhodi 2:11-16; 2 Ditiragalo 36:15) Seno se bontsha kafa Modimo yo o lorato a arabelang ka teng fa batho ba tlhoka thuso, ba le mo kotsing, kgotsa ba le mo mathateng. Jehofa o ‘humile kutlwelobotlhoko.’—Baefeso 2:4.

6. Jesu Keresete o ne a etsa Rraagwe jang ka go bontsha kutlwelobotlhoko?

6 Jesu Keresete o ne a etsa Rraagwe ka tsela e e feletseng fa a bontsha kutlwelobotlhoko. Jesu o ne a arabela jang fa banna ba babedi ba difofu ba ne ba mo rapela ba re: “Morena, re utlwele botlhoko, Morwa Dafide”? Ba ne ba rapela Jesu gore a ba foufolole ka kgakgamatso. Jesu o ne a dira jalo, mme ga a ka a dira kgakgamatso eo a se na maikutlo ape. Baebele ya re: “Jesu ka a tlhotlheletsega go tlhomoga pelo, a ama matlho a bone, mme ka yone nako eo ba kgona go bona.” (Mathaio 20:30-34) Bopelotlhomogi bo ne jwa tlhotlheletsa Jesu go dira dikgakgamatso tse dintsi tse di neng tsa thusa batho ba ba difofu, ba ba tshwenngwang ke madimona, ba ba tsenweng ke lepero le batsadi ba ba lwalelwang ke bana.—Mathaio 9:27; 15:22; 17:15; Mareko 5:18, 19; Luke 17:12, 13.

7. Dikao tsa ga Jehofa Modimo le Morwawe di re ruta eng ka kutlwelobotlhoko?

7 Dikao tsa ga Jehofa Modimo le Jesu Keresete di bontsha gore kutlwelobotlhoko e na le dikarolo tse pedi—maikutlo a go tlhomogela pelo batho ba ba tlhokang thuso le kgato e e tsewang go ba thusa. Go nna kutlwelobotlhoko go tlhoka dikarolo tseno ka bobedi. Mo Dikwalong, gantsi kutlwelobotlhoko e kaya go direla batho ba ba tlhokang thuso sengwe sa bopelonomi. Mme kutlwelobotlhoko e bontshiwa jang fa go na le kgang ya boatlhodi? A e akaretsa le go se dire dilo dingwe, jaaka go se otlhaye?

Go Utlwela Baleofi Botlhoko

8, 9. Kutlwelobotlhoko e Modimo a neng a e bontsha Dafide fa a sena go leofa le Bathesheba e ne e akaretsa eng?

8 Akanya ka se se ileng sa diragala fa moporofeti Nathane a sena go buisana le Kgosi Dafide wa Iseraele wa bogologolo kaga boaka jwa ga Dafide le Bathesheba. Dafide yo o ikwatlhayang o ne a rapela a re: “Nkutlwele botlhoko, tlhe Modimo, go ya ka bopelonomi jwa gago jwa lorato. Phimola ditlolo tsa me go ya ka letlotlo la mautlwelobotlhoko a gago. Ntlhatswe tlolo ya me ka botlalo, mme o mphepafatse mo boleong jwa me. Gonne nna ke itse ditlolo tsa me, le boleo jwa me bo fa pele ga me ka metlha. Ke leofetse wena, wena fela, ke dirile se se bosula mo matlhong a gago.”—Pesalema 51:1-4.

9 Dafide o ne a ikwatlhaya tota. Jehofa o ne a itshwarela boleo jwa gagwe mme a se ka a gagamatsa letsogo thata fa a atlhola ene le Bathesheba. Go ya ka Molao wa ga Moshe, Dafide le Bathesheba boobedi ba ka bo ba bolailwe. (Duteronome 22:22) Le fa ba sa ka ba falola ditlamorago tsa boleo jwa bone, ga ba a ka ba bolawa. (2 Samuele 12:13) Kutlwelobotlhoko ya Modimo e akaretsa go itshwarela phoso. Le fa go ntse jalo, ga a tlogele go diragatsa kotlhao fa e tlhokega.

10. Le fa Jehofa a le kutlwelobotlhoko fa a diragatsa katlholo, ke ka ntlha yang fa re sa tshwanela go tsaya kutlwelobotlhoko ya gagwe motlhofo?

10 Batho botlhe ba tshwanelwa ke go swa ka gonne “boleo bo ne jwa tsena mo lefatsheng ka motho a le mongwe” e leng Adame mme “dituelo tse boleo bo di duelang ke loso.” (Baroma 5:12; 6:23) A bo re ka itumela jang go bo Jehofa a le kutlwelobotlhoko fa a diragatsa katlholo! Le fa go ntse jalo, re tshwanetse go nna kelotlhoko gore re se ka ra tsaya kutlwelobotlhoko ya Modimo motlhofo. Duteronome 32:4 ya re: “Ditsela tsotlhe tsa [ga Jehofa] di tshiamiso.” Fa Modimo a bontsha batho kutlwelobotlhoko, ga a tlhokomologe melao ya gagwe e e siameng ya tshiamiso.

11. Jehofa o ne a bontsha jang gore o amega ka tshiamiso ka tsela e e tshwanelang fa a ne a dirisana le Dafide fa a sena go leofa le Bathesheba?

11 Mo kgannyeng ya ga Dafide le Bathesheba, pele katlholo ya loso e ka repisiwa, ba ne ba tshwanetse go itshwarelwa boleo. Baatlhodi ba Baiseraele ba ne ba sa newa taolo ya go dira jalo. Fa ba ka bo ba ile ba letlelelwa go atlhola kgang eno, ba ka bo ba ile ba tshwanelwa fela ke go ba atlholela loso. Molao o ne o batla jalo. Mme ka ntlha ya kgolagano ya gagwe le Dafide, Jehofa o ne a batla go bona gore a go na le lebaka la go itshwarela Dafide boleo jwa gagwe. (2 Samuele 7:12-16) Ka jalo, Jehofa Modimo, “Moatlhodi wa lefatshe lotlhe,” yo e leng “motlhatlhobi wa pelo,” o ne a swetsa ka gore a sikare kgang ka boene. (Genesise 18:25; 1 Ditiragalo 29:17) Modimo o ne a kgona go keleka pelo ya ga Dafide sentle, a sekaseke gore a o ikwatlhaya eleruri, a ba a mo itshwarela.

12. Batho ba ba leofileng ba ka dira jang gore ba solegelwe molemo ke kutlwelobotlhoko ya Modimo?

12 Kutlwelobotlhoko e Jehofa a re e bontshang ka go dira gore re gololwe mo katlholong ya boleo jo re bo ruileng e tsamaisana le tshiamiso ya gagwe. E le gore Jehofa a itshwarele maleo mme a ntse a dirisa tshiamiso, o ne a re ntshetsa setlhabelo sa thekololo ka Morwawe, Jesu Keresete—tsela e kgolo go gaisa tsotlhe tse di kileng tsa dirwa go bontsha kutlwelobotlhoko. (Mathaio 20:28; Baroma 6:22, 23) Fa re batla go solegelwa molemo ke kutlwelobotlhoko ya Modimo, e e ka re namolang gore re se ka ra atlholelwa boleo jo re bo ruileng, re tshwanetse go ‘supa tumelo mo go Morwa.’—Johane 3:16, 36.

Modimo wa Kutlwelobotlhoko le Tshiamiso

13, 14. A kutlwelobotlhoko ya Modimo e timola tshiamiso ya gagwe? Tlhalosa.

13 Le fa kutlwelobotlhoko ya ga Jehofa e sa tlole melao ya gagwe ya tshiamiso, a mme gone e ama tshiamiso ka tsela nngwe? A kutlwelobotlhoko e fokotsa tshiamiso ya Modimo? Nnyaa, ga go a nna jalo.

14 Jehofa o ne a dirisa moporofeti Hosea go raya Baiseraele a re: “Ke tla go beelela ka bosakhutleng, ke tla go beelela ka tshiamo le ka tshiamiso le ka bopelonomi jwa lorato le ka mautlwelobotlhoko.” (Hosea 2:19) Mafoko ano a bontsha sentle gore ka dinako tsotlhe fa Jehofa a dirisa kutlwelobotlhoko ya gagwe, o a bo a ntse a dirisa dinonofo tse dingwe tsa gagwe, go akaretsa tshiamiso. Jehofa ke “Modimo yo o kutlwelobotlhoko le yo o pelontle, . . . yo o itshwarelang phoso le tlolo le boleo, mme a se kitla a golola mo kotlhaong ka gope.” (Ekesodo 34:6, 7) Jehofa ke Modimo wa kutlwelobotlhoko le tshiamiso. Baebele e bolela jaana kaga gagwe: “Lefika, tiro ya gagwe e itekanetse, gonne ditsela tsotlhe tsa gagwe di tshiamiso.” (Duteronome 32:4) Tshiamiso ya Modimo e itekanetse, fela jaaka kutlwelobotlhoko ya gagwe. Ga go epe e e fetang e nngwe, e bile e nngwe ga e tlhoke go timolwa ka e nngwe. Go na le moo, dinonofo tseno ka bobedi di dira sentle mmogo ka kutlwano.

15, 16. (a) Ke eng se se bontshang gore tshiamiso ya Modimo ga e setlhogo? (b) Fa Jehofa a tlisa katlholo ya gagwe mo tsamaisong eno e e boikepo ya dilo, baobamedi ba gagwe ba ka tlhomamisega ka eng?

15 Tshiamiso ya ga Jehofa ga e setlhogo. Mo e ka nnang ka dinako tsotlhe, tshiamiso e amana le molao, mme gantsi katlholo e tlhoka gore badiraphoso ba newe katlholo e e tshwanetseng. Le fa go ntse jalo, tshiamiso ya Modimo gape e ka tlisetsa ba ba tshwanelang poloko. Ka sekai, fa baikepi ba metse ya Sodoma le Gomora ba ne ba fedisiwa, tlhogo ya lotso e bong Lote le barwadie ba babedi ba ne ba bolokwa.—Genesise 19:12-26.

16 Re ka tlhomamisega gore fa Jehofa a tlisa katlholo ya gagwe mo tsamaisong eno e e boikepo ya dilo, “boidiidi jo bogolo” jwa baobamedi ba boammaaruri, ba ba ‘tlhatswitseng diaparo tsa bone tse di telele ba bo ba di sweufatsa mo mading a Kwana,’ ba tla falola. Ka jalo, ba tla ‘tswa mo pitlaganong e kgolo.’—Tshenolo 7:9-14.

Ke ka Ntlha Yang fa re Tshwanetse go Nna Kutlwelobotlhoko?

17. Ke lebaka lefe la konokono le re nang le lone gore re nne kutlwelobotlhoko?

17 Eleruri dikai tsa ga Jehofa le Jesu Keresete di re ruta gore tota kutlwelobotlhoko ke eng. Diane 19:17 e re naya lebaka le le utlwalang la go nna kutlwelobotlhoko: “Yo o utlwelang motho wa maemo a a kwa tlase botlhoko o adima Jehofa, mme O tla duela tsela e a neng a mo tshwere ka yone.” Jehofa o a itumela fa re etsa ene le Morwawe ka go nna kutlwelobotlhoko fa re dirisana le ba bangwe. (1 Bakorintha 11:1) Mme ba bangwe le bone ba rotloetsega go nna kutlwelobotlhoko ka gonne kutlwelobotlhoko e tsala kutlwelobotlhoko.—Luke 6:38.

18. Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go leka go nna kutlwelobotlhoko?

18 Kutlwelobotlhoko e kopantse dinonofo tse dintsi tse di molemo. Di akaretsa bopelontle, lorato, bopelonomi le bomolemo. Ditiro tsa kutlwelobotlhoko di tlhotlhelediwa ke maikutlo a a lorato a bopelotlhomogi. Le fa kutlwelobotlhoko ya Modimo e sa fokotse tshiamiso ya gagwe, Jehofa o bonya go galefa mme ka bopelotelele o naya badiraphoso nako e e lekaneng ya go ikwatlhaya. (2 Petere 3:9, 10) Ka jalo, kutlwelobotlhoko e amana le bopelotelele. E re ka kutlwelobotlhoko e akaretsa dinonofo tse dintsi tse di rategang—go akaretsa dikarolo tse di farologaneng tsa leungo la moya wa Modimo—go nna kutlwelobotlhoko go re naya sebaka sa go dirisa dinonofo tseno. (Bagalatia 5:22, 23) A bo go le botlhokwa jang gore re leke go nna kutlwelobotlhoko!

“Go Itumela ba ba Kutlwelobotlhoko”

19, 20. Kutlwelobotlhoko e itumelela katlholo ka tsela efe?

19 Morutwa Jakobe o re bolelela gore ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go dira gore kutlwelobotlhoko e nne nonofo ya botlhokwa mo matshelong a rona. O kwadile jaana: “Kutlwelobotlhoko e itumela ka phenyo e itumelela katlholo.” (Jakobe 2:13b) Jakobe o ne a bua ka kutlwelobotlhoko e moobamedi wa ga Jehofa a e bontshang batho ba bangwe. E itumela ka phenyo ka gonne fa nako e tla ya gore motho a ‘ikarabelele mo Modimong,’ Jehofa o akanyetsa tsela e a ntseng a utlwela ba bangwe botlhoko ka yone a bo a mo itshwarela ka ntlha ya setlhabelo sa thekololo sa ga Morwawe. (Baroma 14:12) Kwa ntle ga pelaelo, lengwe la mabaka a go bo Dafide a ile a bontshiwa kutlwelobotlhoko fa a sena go leofa le Bathesheba ke gore le ene e ne e le motho yo o kutlwelobotlhoko. (1 Samuele 24:4-7) Kafa letlhakoreng le lengwe, “yo o sa bontsheng kutlwelobotlhoko o tla bona katlholo ya gagwe kwantle ga kutlwelobotlhoko.” (Jakobe 2:13a) Ke sone se “ba ba se nang kutlwelobotlhoko” ba balelwang mo gare ga batho ba Modimo a tsayang gore “ba tshwanetswe ke loso”!—Baroma 1:31, 32.

20 Jesu mo Therong ya gagwe ya mo thabeng o ne a re: “Go itumela ba ba kutlwelobotlhoko, e re ka ba tla bontshiwa kutlwelobotlhoko.” (Mathaio 5:7) A bo mafoko ao a bontsha sentle gore ba ba batlang go utlwelwa botlhoko ke Modimo ba tshwanetse go nna kutlwelobotlhoko ka bobone! Setlhogo se se latelang se tla bontsha kafa re ka dirisang kutlwelobotlhoko ka teng mo botshelong jwa rona jwa letsatsi le letsatsi.

O Ithutile Eng?

• Kutlwelobotlhoko ke eng?

• Kutlwelobotlhoko e bontshiwa jang?

• Jehofa ke Modimo wa kutlwelobotlhoko le tshiamiso ka tsela efe?

• Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go nna kutlwelobotlhoko?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 21]

Maikutlo a lorato a ga Jehofa ka batho ba ba tlhokang thuso a tshwana le a mmè yo o ratang ngwana wa gagwe

[Setshwantsho mo go tsebe 23]

Ke eng se re se ithutang kaga kutlwelobotlhoko mo dikgakgamatsong tsa ga Jesu?

[Setshwantsho mo go tsebe 24]

A Jehofa o ne a tlola melao ya gagwe ya tshiamiso ka go utlwela Dafide botlhoko?

[Setshwantsho mo go tsebe 25]

Kutlwelobotlhoko ya Modimo mo bathong ba ba leofang e tsamaisana le tshiamiso ya gagwe