Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

“Boammaaruri ke Eng?”

“Boammaaruri ke Eng?”

“Boammaaruri ke Eng?”

MMUSI wa Moroma Ponto Pilato o ne a botsa Jesu potso eo ka lenyatso. O ne a sa batle karabo, mme Jesu ga a ka a mo araba. Gongwe Pilato o ne a tsaya gore boammaaruri bo thata go tlhaloganngwa.—Johane 18:38.

Batho ba bantsi gompieno ga ba rate boammaaruri, go akaretsa baeteledipele ba bodumedi, barutisi, le ba dipolotiki. Ba dumela gore boammaaruri—segolobogolo boammaaruri jo bo amanang le boitsholo le dilo tsa bomodimo—ga bo akaretse maemo otlhe mme bo akaretsa maemo a a rileng fela e bile bo nna bo fetoga. Seno se raya gore batho ba ka itirela ditshwetso ka se se siameng le se se phoso. (Isaia 5:20, 21) Gape se raya gore batho ba ka gana go nna le mekgwa e mentle ya boitsholo e batho bogologolo ba neng ba na le yone.

Go botlhokwa gore re ele tlhoko se se dirileng gore Pilato a botse potso eno. Jesu o ne a rile: “Ke tsaletswe sone seo, e bile ke tletse sone seo mo lefatsheng, gore ke supe ka ga boammaaruri.” (Johane 18:37) Jesu o ne a sa dumele gore boammaaruri ke sengwe se se se nang tlhaloso, se se thata go tlhaloganngwa. O ne a solofetsa barutwa ba gagwe jaana: “Lo tla itse boammaaruri, mme boammaaruri bo tla lo golola.”—Johane 8:32.

Boammaaruri jono bo ka bonwa kae? Nako nngwe Jesu o ne a bua jaana fa a rapela Modimo: “Lefoko la gago ke boammaaruri.” (Johane 17:17) Baebele, e e tlhotlheleditsweng ke Modimo, e senola boammaaruri jo e leng kaelo e e ka ikanngwang le jo bo nayang tsholofelo e e tlhomameng ya isagwe—botshelo jo bo sa khutleng.—2 Timotheo 3:15-17.

Pilato o ne a sa batle go ithuta boammaaruri jono. Wena o tla dirang? O ka botsa Basupi ba ga Jehofa gore “boammaaruri” jo Jesu a neng a bua ka jone ke eng. Ba tla itumelela go bo go tlhalosetsa.