Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dintlhakgolo go Tswa mo Bukeng ya Joele le ya Amose

Dintlhakgolo go Tswa mo Bukeng ya Joele le ya Amose

Lefoko la ga Jehofa le a Tshela

Dintlhakgolo go Tswa mo Bukeng ya Joele le ya Amose

O RE bolelela fela gore ke ene “Joele morwa Pethuele.” (Joele 1:1) Mo bukeng e e bidiwang ka leina la gagwe, Joele ga a bue sepe se se kalo kwantle fela ga molaetsa wa gagwe, mo e leng gore le yone nako e a ka tswang a kwadile boporofeti jwa gagwe ka yone e fopholediwa fela—mo e ka nnang ka 820 B.C.E., dingwaga di le robongwe morago ga gore Usia a nne kgosi ya Juda. Ke ka ntlha yang fa Joele a sa bue sepe se se kalo ka ga gagwe? Gongwe lebaka la seo ke gore o batla go bua thata ka molaetsa o a o tshotseng e seng ka ga gagwe.

Gape mo metlheng ya ga Usia, ‘modisa le mopomi wa difeige tsa ditlhare tsa mosikamore’ yo o bidiwang Amose e bile e le moagi wa Juda, o laelwa gore a nne moporofeti. (Amose 7:14) Go farologana le Joele, yo o porofetang mo Juda, Amose ene o romelwa kwa bokone kwa ditsong di le lesome tsa bogosi jwa Iseraele. Buka ya Amose e e kwadilweng ka puo e e motlhofo go tlhaloganngwa mme gone e kgatlha, e ne ya konelwa mo e ka nnang ka 804 B.C.E. fa moporofeti yono a sena go boela kwa Juda.

“IJOO, MATLHOTLHAPELO MO LETSATSING LEO”—KA NTLHA YANG?

(Joele 1:1–3:21)

Mo ponatshegelong ya gagwe, Joele o bona mogokong, tsie le lefele di tlhasela. Batlhasedi bano ba go buiwang ka bone gatwe ke “setšhaba sa batho ba bantsi ba ba nonofileng” le “banna ba ba maatla.” (Joele 1:4; 2:2-7) Joele o bua jaana a fegelwa: “Ijoo, matlhotlhapelo mo letsatsing leo; ka gonne letsatsi la ga Jehofa le gaufi, mme le tla tla jaaka thopo e e tswang go Yo e leng Mothatayotlhe!” (Joele 1:15) Jehofa o gakolola banni ba mo Siona jaana: “Boelang mo go nna ka dipelo tsa lona tsotlhe.” Fa ba ka dira jalo, Jehofa “o tla bontsha batho ba gagwe bopelotlhomogi” mme o tla baya kgakala “motho wa bokone”—tlhaselo ya ditshenekegi. Le fa go ntse jalo, pele ga letsatsi la gagwe le legolo le tla, Jehofa o tla ‘tshololela moya wa gagwe mo nameng ya mofuta mongwe le mongwe’ mme o tla “dira dikgakgamatso mo magodimong le mo lefatsheng.”—Joele 2:12, 18-20, 28-31.

Ditšhaba di a gwetlhiwa: “Thulang magale a megoma ya lona go nna ditšhaka le dikere tsa lona tse di pomang go nna marumo” mme lo ipaakanyetse ntwa. Ba laelwa gore ba “tle kwa lebaleng le le kwa tlase la Jehoshafate,” kwa ba tla atlholwang le go nyelediwa teng. “Mme fa e le Juda, o tla nniwa ka bosakhutleng.”—Joele 3:10, 12, 20.

Go Arabiwa Dipotso Tsa Dikwalo:

1:15; 2:1, 11, 31; 3:14—“Letsatsi la ga Jehofa” ke eng? Letsatsi la ga Jehofa ke nako e ka yone Jehofa a tla bong a diragatsa katlholo ya gagwe mo babeng ba gagwe, mme o tla ba nyeletsa a bo a boloka baobamedi ba boammaaruri. Ka sekai, letsatsi le le tshwanang le leo le ne la wela Babelona ka 539 B.C.E. fa e ne e fenngwa ke Bameda le Baperesia. (Isaia 13:1, 6) “Letsatsi [le lengwe] la ga Jehofa” le gaufi, fa a tla bo a diragatsa katlholo ya gagwe mo go “Babelona o Mogolo”—mmuso wa lefatshe lotlhe wa bodumedi jwa maaka.—Tshenolo 18:1-4, 21.

2:1-10, 28—Boporofeti jo bo kaga go tlhasela ga ditshenekegi bo diragaditswe jang? Ga go pego ya Baebele e e kaga ditshenekegi tse di tlhaselang naga ya Kanana ya bogolo jo bo tlhalositsweng mo bukeng ya Joele. Ka jalo, go lebega tlhaselo e Joele a e tlhalosang e le ya boporofeti jwa 33 C.E. fa Jehofa a ne a simolola go tshololela moya wa gagwe mo balateding ba ntlha ba ga Keresete mme ba simolola go rera molaetsa o o neng o tlhokofatsa baeteledipele ba maaka ba bodumedi. (Ditiro 2:1, 14-21; 5:27-33) Le rona gompieno re na le tshono ya go nna le seabe mo tirong e e tshwanang le eo.

2:32—Go kaya eng go ‘bitsa leina la ga Jehofa’? Go bitsa leina la Modimo go raya go itse leina leo, go le tlotla thata, go ikaega ka mong wa lone mmogo le go mo ikanya.—Baroma 10:13, 14.

3:14—‘Lebala le le kwa tlase la katlholo’ ke eng? Ke lefelo la tshwantshetso la go diragatsa katlholo ya Modimo. Mo metlheng ya Kgosi ya Juda, Jehoshafate, yo leina la gagwe le kayang “Jehofa ke Moatlhodi,” Modimo o ne a golola Juda mo ditšhabeng tse di neng di ba dikologile ka go tlhakatlhakanya masole a tsone. Ke gone ka moo gape lefelo leo le bidiwang ‘lebala le le kwa tlase la Jehoshafate.’ (Joele 3:2, 12) Mo motlheng wa rona le emela lefelo la tshwantshetso le ditšhaba di tla thubaganngwang kwa go lone jaaka morara mo segatisetsong sa beine.—Tshenolo 19:15.

Se re Ithutang Sone:

1:13, 14. Boikwatlhao jwa mmatota le go dumela gore Jehofa ke Modimo wa boammaaruri go botlhokwa gore motho a bolokege.

2:12, 13. Boikwatlhao jwa mmatota bo tshwanetse go tswa pelong. Bo akaretsa go ‘gagoganya dipelo tsa rona’ tsa kafa teng e seng go ‘gagoganya diaparo’ tsa rona tsa kafa ntle.

2:28-32. Ke fela ‘yo o bitsang leina la ga Jehofa yo o tla falolang’ mo ‘letsatsing le legolo le le le boitshegang la ga Jehofa.’ Ruri re ka leboga go bo Jehofa a tshololela moya wa gagwe mo nameng ya mofuta mongwe le mongwe mme a dira gore ba bannye le ba batona, banna le basadi, ba nne le seabe mo tirong ya go porofeta, ke gore, ba bue “dilo tse dikgolo tsa Modimo”! (Ditiro 2:11) Fa letsatsi la ga Jehofa le ntse le atamela, ruri re tshwanetse go tota mo “ditirong tse di boitshepo tsa boitshwaro le ditiro tsa boineelo jwa bomodimo.”—2 Petere 3:10-12.

3:4-8, 19. Joele o ne a bolelela pele gore ditšhaba tse di dikologileng Juda di ne di tla atlholelwa go gobolola batho ba Modimo a ba itlhophetseng. Mafoko ao a boporofeti a ne a diragala, motse wa Ture o o mo nageng e e seng mo metsing o ne wa senngwa ke Kgosi ya Babelona, Nebukadenesare. Moragonyana fa motse wa setlhaketlhake o ne o fenngwa ke Alexander yo Mogolo, masole a koo a le diketekete mmogo le batho ba teng ba ba itsegeng ba ne ba bolawa mme baagi ba teng ba le 30 000 ba ne ba rekisiwa go nna makgoba. Bafilisitia le bone ba ne ba tshwarwa jalo ke Alexander le batlhatlhami ba gagwe. Mo e ka nnang ka lekgolo la bonè la dingwaga B.C.E., Edoma e ne e kgakgabetse. (Malaki 1:3) Dipolelelopele tseno tse di diragaditsweng di nonotsha tumelo ya rona ya gore Jehofa o diragatsa ditsholofetso tsa gagwe. Gape di bontsha gore Jehofa o tla dirang ka ditšhaba tse di bogisang baobamedi ba gagwe gompieno.

3:16-21. “Ruri legodimo le lefatshe di tla reketla,” mme ditšhaba di tla ikutlwela dikatlholo tse di bogale tsa ga Jehofa. “Mme Jehofa o tla nna botshabelo jwa batho ba gagwe,” a ba neye botshelo mo lefatsheng la paradaise. Tota re tshwanetse go ititaya sehuba gore re tla nna re atamalane le ene fa letsatsi la gagwe la go diragatsa katlholo mo lefatsheng leno le le boikepo le ntse le atamela.

“IPAAKANYETSE GO KOPANA LE MODIMO WA GAGO”

(Amose 1:1–9:15)

Amose o na le molaetsa o o yang kwa ditšhabeng tsa baba tse di dikologileng Iseraele le o o yang kwa go Juda le Iseraele. Siria, Filisitia, Ture, Edoma le Moabe di emetswe ke tshenyego ka ntlha ya go tshwara batho ba Modimo setlhogo. Mme batho ba Juda bone ba tlile go senngwa “ka ntlha ya go gana ga bone molao wa ga Jehofa.” (Amose 2:4) Go tweng ka bogosi jwa ditso di le lesome tsa Iseraele? Maleo a bone a akaretsa go gatelela bahumanegi, boitsholo jo bo sa siamang, le go tlontlolola baporofeti ba Modimo. Amose o ba tlhagisa gore Jehofa o tla “dira gore dibeso tsa Bethele le tsone di ikarabelele” mme ‘a iteye ntlo ya mariga gore a bo a e phutlhamise fa a sena go dira ntlo ya selemo jalo.’—Amose 3:14, 15.

Go sa kgathalesege dipetso tse di setseng di ntshitswe, Baiseraele ba ba obamelang medingwana ba sa ntse ba le tlhogoethata. Amose o ba raya a re: “Ipaakanyetse go kopana le Modimo wa gago.” (Amose 4:12) Mo Baiseraeleng, letsatsi la ga Jehofa le tla raya gore ba tla ya “botshwarwa ka kwa ga Damaseko” e leng kwa Asiria. (Amose 5:27) Amose o lebane le kganetso e e tswang kwa moperesiting yo o kwa Bethele mme seno ga se mo kgobe marapo. Jehofa o raya Amose a re: “Bokhutlo bo gorogile mo bathong ba me ba Iseraele. Ga nkitla ke tlhola ke ba itshwarela gape.” (Amose 8:2) Sheole le fa e le dithaba tse di goletseng kwa godimo ga di ka ke tsa ba sireletsa mo dikatlholong tsa Modimo. (Amose 9:2, 3) Le fa go ntse jalo, go na le tsholofelo ya gore ba tla tsosolosiwa. Jehofa a re: “Ke tla busa batshwarwa ba batho ba me Iseraele, ba tla aga metse e e kgakgabetseng ba bo ba nna mo go yone, ba jala masimo a mofine ba bo baa nwa beine ya one, ba dira ditshingwana ba bo baa ja maungo a tsone.”—Amose 9:14.

Go Arabiwa Dipotso Tsa Dikwalo:

4:1—Ke bomang ba ba tshwantshediwang ke “dikgomo tsa Bashana”? Setlhaba se se kwa godimo sa Bashana, e leng lefelo le le kafa botlhaba jwa Lewatle la Galalea, se ne se itsege ka mefuta e mentle ya diphologolo, go akaretsa le dikgomo. Mafulo a a nonneng le one a ne a thusa fela thata ka seo. Amose o ne a tshwantsha basadi ba Samarea ba ba neng ba rata go tshelela mo letlepung le dikgomo tsa Bashana. Ga go pelaelo gore basadi bano ba ne ba gatelela “beng ba bone” kana banna ba bone gore ba tsietse bahumanegi e le gore ba kgone go ikhumisa bone.

4:6—Polelwana e e reng “bophepa jwa meno” e raya goreng? Fa e dirisiwa mmogo le e e reng “go tlhoka senkgwe,” e ka tswa e lebisitse go nako ya leuba fa meno a tla nna a le phepa gonne go se na dijo.

5:5—Ke ka tsela efe Iseraele e neng ‘e se kitla e batla Bethele’? Jeroboame o ne a tlhomile kobamelo ya namane kwa Bethele. Fa e sa le ka nako eo, motse oo o ne wa nna boremelelo jwa kobamelo ya maaka. Gilegala le Beere-sheba le tsone e tshwanetse ya bo e le mafelo a kobamelo ya batlhanogi. Gore Baiseraele ba kgone go falola masetlapelo a a neng a boleletswe pele, ba ne ba tshwanetse go emisa go dira maeto a sedumedi a a yang kwa mafelong ano mme ba simolole go batla Jehofa.

7:1—“Bojang jo bo segilweng jwa kgosi” ke eng? Go ka tswa go buiwa ka lekgetho le le ntshiwang ke kgosi gore bapalami ba gagwe ba dipitse mmogo le diruiwa tsa gagwe ba tswelele ba tshela sentle. Lekgetho leno le ne le tshwanetse go duelwa “kwa tshimologong ya go tlhoga ga se se jadilweng morago.” Morago ga moo batho ba ne ba ka simolola go roba dijalo tsa bone. Le fa go ntse jalo, pele ba ka dira jalo, lesogodi la tsie le ne la senya dijalo tsa bone mmogo le dimela tse dingwe.

8:1, 2—“Seroto sa maungo a letlhabula” se ne se tshwantshetsa eng? Se ne se tshwantshetsa gore letsatsi la ga Jehofa le ne le le gaufi. Maungo a selemo a kgetliwa fa paka ya thobo e ya kwa bokhutlong, mo e ka nnang kwa bofelong jwa ngwaga wa temothuo. Fa Jehofa a ne a dira gore Amose a bone “seroto sa maungo a letlhabula,” seno se ne se raya gore bokhutlo jwa Iseraele bo ne bo atametse. Ka jalo, Modimo o ne a raya Amose a re: “Bokhutlo bo gorogile mo bathong ba me ba Iseraele. Ga nkitla ke tlhola ke ba itshwarela gape.”

Se re Ithutang Sone:

1:3, 6, 9, 11, 13; 2:1, 4, 6Fa Jehofa a ne a re: “Ga nkitla ke se busetsa morago,” o ne a bua ka kgalefo ya gagwe e a neng a galefetse Iseraele, Juda mmogo le ditšhaba tse thataro tse di ba dikologileng ka yone. Ga go kgonege go tshabela dikatlholo tsa ga Jehofa.—Amose 9:2-5.

2:12. Ga re a tshwanela go kgoba marapo babulatsela ba ba berekang ka natla, balebedi ba ba etang, barongwa kana maloko a lelapa la Bethele ka go ba kgothaletsa gore ba tlogele tirelo ya bone ya nako e e tletseng e le fela gore ba tshele botshelo jo go tweng ke jo bo tlwaelegileng. Go na le moo, re tshwanetse go ba kgothatsa gore ba tswelele ka tiro ya bone e e molemo.

3:8. Fela jaaka motho a aparelwa ke poifo fa a utlwa tau e rora, Amose o ne a ikutlwa a tlhotlheletsega go rera fa a utlwa Jehofa a re: “Tsamaya, o ye go porofeta mo bathong ba me.” (Amose 7:15) Go boifa Modimo go tshwanetse ga re tlhotlheletsa gore re nne bareri ba ba tlhagafetseng ba molaetsa wa Bogosi.

3:13-15; 5:11. Ka thuso ya ga Jehofa, modisa wa maemo a a kwa tlase Amose o ne a kgona go ‘naya bosupi’ mo bathong ba ba neng ba humile mme ba sa kgathale ka se se diregang. Le rona Jehofa a ka re tlhomelela gore re bolele molaetsa wa Bogosi go sa kgathalesege gore tshimo ya rona e thata go le kae.

4:6-11; 5:4, 6, 14. Go sa kgathalesege gore Baiseraele ba ne ba nna ba palelwa ke go “boela” kwa go Jehofa, ba ne ba ntse ba rotloediwa go ‘batla Jehofa, mme ba nne ba tshela.’ Fa fela Jehofa a ntse a letlile ka bopelotelele gore tsamaiso eno e e boikepo ya dilo e tswelele, re tshwanetse go kgothatsa ba ba mo go yone gore ba boele kwa Modimong.

5:18, 19. Ruri ke boeleele go ‘eletsa letsatsi la ga Jehofa’ re sa le ipaakanyetsa. Motho yo o dirang jalo o tshwana le mongwe yo o tshabelang tau a bo a kopana le bera mme fa a tshabela bera a bo a longwa ke noga. Re tla bo re le botlhale fa re ka ‘nna re tsogile’ semoyeng mme re nne re ipaakantse.—Luke 21:36.

7:12-17. Re tshwanetse go tlhoka poifo mme re nne pelokgale fa re bolela molaetsa wa Modimo.

9:7-10. Go bo Baiseraele ba ba sa ikanyegeng e ne e le ditlogolwana tsa ditlhogo tsa lotso tse di ikanyegang le ditlogolwana tsa ba ba neng ba gololwa kwa Egepeto e le batho ba Modimo a ba itlhophetseng, ga go a ka ga thibela gore ba se ka ba nna le kamano e e sa siamang le Modimo fela jaaka Bakushe. Go nna le kamano e e molemo le Modimo yo o sa tlhaoleng ga go a ikaega ka gore motho e nne wa losika lo lo rileng mme go ikaegile ka go ‘mmoifa le go dira tshiamo.’—Ditiro 10:34, 35.

Se re Tshwanetseng go se Dira

Letsatsi la gore Modimo a atlhole lefatshe la ga Satane le gaufi. Modimo o tshololetse moya wa gagwe mo baobameding ba gagwe, a bo a ba tlhomelela gore ba tlhagise batho ka letsatsi la gagwe le le tlang. Tota re tshwanetse go nna le seabe ka botlalo go thusa ba bangwe gore ba itse Jehofa le gore ba ‘bitse leina la gagwe.’—Joele 2:31, 32.

Amose o kgothatsa jaana: “Tlhoang se se bosula, mme lo rate se se molemo, mme lo tlogelele tshiamiso sebaka fa kgorong.” (Amose 5:15) Fa letsatsi la ga Jehofa le ntse le atamela, go molemo gore re atamele Modimo mme re nne re itlhaotse mo lefatsheng le le boikepo le mo bathong ba lone ba ba se nang boitsholo. Gore re kgone go fitlhelela seo, ruri re tshwanetse go tsaya tsia thuto e re ithutang yone mo bukeng ya Baebele ya Joele le ya Amose!—Bahebera 4:12.

[Setshwantsho mo go tsebe 12]

Joele o ne a bolelela pele jaana: “Letsatsi la ga Jehofa le gaufi!”

[Ditshwantsho mo go tsebe 15]

Fela jaaka Amose, re tshwanetse go nna baboledi ba ba sa boifeng sepe le ba ba pelokgale ba molaetsa wa Modimo