Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Diragatsa Boikaelelo Jwa Modimo Gompieno

Go Diragatsa Boikaelelo Jwa Modimo Gompieno

Go Diragatsa Boikaelelo Jwa Modimo Gompieno

“[Keresete] o ne a swela botlhe gore ba ba tshelang ba tle ba se ka ba tlhola ba itshelela.”—2 BAKORINTHA 5:15.

1. Anela se se diragaletseng morongwa mongwe kwa a neng a abetswe go direla teng.

MORONGWA mongwe yo o bidiwang Aaron o ne a gakologelwa jaana: “Koloi ya rona e ne e le yone ya ntlha e e seng ya sesole go tsena mo motseng mongwe o o kwa thoko mo Afrika fa ntwa ya selegae e sena go fela koo. * Re ne re sa tlhole re kgona go ikgolaganya le phuthego e nnye ya lefelo leo, mme jaanong re ne re batla go thusa bakaulengwe ba koo ka se ba se tlhokang. Kwantle ga dijo, diaparo le dikgatiso tse di theilweng mo Baebeleng, re ne re tshotse bidio ya Jehovah’s Witnesses—The Organization Behind the Name. * Re ne ra tshwanelwa ke go e tshameka gabedi ka gonne batho ba ba kgatlhegang ba ne ba tlile ka makatlanamane go tla go e bona mo lefelong le e neng e le bobogelo jwa motse ka nako eo, e leng ntlo e kgolo ya bojang e e neng e na le thelebishene le motšhine wa go tshameka dibidio. Nako le nako fa e sena go tshamekwa, go ne go nna le batho ba bantsi ba ba kgatlhegelang go ithuta Baebele. Ruri matsapa a rona e ne e se a bophiri.”

2. (a) Ke ka ntlha yang fa Bakeresete ba ititaya sehuba go tshela matshelo a bone ba direla Modimo? (b) Jaanong re tla sekaseka dipotso dife?

2 Ke ka ntlha yang fa Aaron le balekane ba gagwe ba ile ba simolola tiro e e bokete jaana? Ka gonne, ka ntlha ya go leboga setlhabelo sa thekololo sa ga Jesu Keresete, ba neetse Modimo botshelo jwa bone, mme ba batla go bo tshela go dumalana le boikaelelo jwa gagwe. Fela jaaka bone, Bakeresete botlhe ba ba ineetseng ba ititeile sehuba gore “ba se ka ba tlhola ba itshelela,” mme ba dire sotlhe se ba ka se kgonang “ka ntlha ya dikgang tse di molemo.” (2 Bakorintha 5:15; 1 Bakorintha 9:23) Ba itse gore fa tsamaiso eno ya dilo e felelwa ke nako, madi otlhe le maemo a lefatshe a tla bo a se na mosola. Ka jalo, fa ba na le botshelo le botsogo jo bo botoka, ba batla go di dirisa go dumalana le boikaelelo jwa Modimo. (Moreri 12:1) Re ka dira seno jang? Re ka bona kae bopelokgale le maatla a a tlhokegang go dira seo? Mme re ka nna le ditshiamelo dife tsa tirelo?

Go Tsaya Dikgato Tse di Mosola, Kgato ka Kgato

3. Ke dikgato dife tsa motheo tse di tlhokegang go dira thato ya Modimo?

3 Mo Bakereseteng ba boammaaruri, go dira thato ya Modimo ke tiro ya botshelo jotlhe. Gantsi go simolola ka dikgato tsa motheo tse di jaaka go ikwadisa mo Sekolong sa Bodiredi sa Puso ya Modimo, go bala Baebele letsatsi le letsatsi, go nna le seabe mo tirong ya go rera, le go gatela pele go fitlha re kolobediwa. Fa re ntse re gatela pele, re gopola mafoko ano a ga moaposetoloi Paulo: “Tlhatlhanya ka dilo tseno; nwelelela mo go tsone, gore botswelelopele jwa gago bo bonatshege mo bathong botlhe.” (1 Timotheo 4:15) Go gatela pele jalo ga se go itlotlomatsa mme go bontsha kafa re ititeileng sehuba ka teng gore re batla go dira thato ya Modimo ka moya otlhe. Go tsaya kgato e e ntseng jalo go bontsha gore re letla Modimo a kaela dikgato tsa rona mo dikgannyeng tsotlhe tsa botshelo jwa rona, mme o re kaela botoka fela thata go feta jaaka rona re ka dira.—Pesalema 32:8.

4. Re ka dira jang gore re tlogele go boifa go sa tlhokege?

4 Le fa go ntse jalo, fa motho a etsaetsega kgotsa a tshwenyega thata ka ga gagwe ka nosi, seo se ka mo kgoreletsa gore a se ka a gatela pele mo tirong e a e direlang Modimo. (Moreri 11:4) Ka jalo, pele re ka ipela tota fa re ntse re direla Modimo le ba bangwe, re ka nna ra tshwanelwa ke go fenya poifo ya rona pele. Ka sekai, Erik o ne a akanyetsa go ya go direla kwa phuthegong ya puo e sele. Mme o ne a tshwenyega ka gore: ‘A ba tla nkamogela? A ke tla rata bakaulengwe ba koo? A bone ba tla nthata?’ O anela jaana: “Kgabagare ke ne ka lemoga gore ke ne ke tlhoka go amega thata ka bakaulengwe go na le go amega ka nna fela. Ke ne ka swetsa ka gore ke tlogele go tshwenyega mme ke abe fela ka bopelotshweu kafa nka kgonang ka teng. Ke ne ka rapelela thuso mme ka tswelela ka dithulaganyo tsa me. Jaanong ke ipelela tirelo ya me koo fela thata.” (Baroma 4:20) Ee, fa re leka ka natla go direla Modimo le ba bangwe ka bopelotshweu, re tla bona boipelo le kgotsofalo e kgolo.

5. Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go rulaganya dilo ka kelotlhoko fa re ntse re leka go diragatsa boikaelelo jwa Modimo? Tshwantsha.

5 Gape re tshwanetse go rulaganya dikgato tsa rona ka kelotlhoko gore re kgone go atlega fa re diragatsa boikaelelo jwa Modimo. Re tila ka botlhale go itirela dikoloto tse dintsi tse di ka re dirang makgoba a tsamaiso eno mme tsa dira gore re se ka ra kgona go dira tiro ya Modimo. Baebele e re gakolola jaana: “Moadingwa ke motlhanka wa motho yo o mo adimang.” (Diane 22:7) Go ikanya Jehofa le go dira gore dilo tsa kobamelo di tle pele go re thusa gore re nne re tlhomile mogopolo mo go se se tshwanetseng. Ka sekai, Guoming le bokgaitsadie ba babedi ba nna le mmaabone mo lefelong le bonno bo jang madi a mantsi thata mme go le thata go bona tiro e e siameng. E re ka ba dirisa madi ka kelotlhoko e bile ba thusana ditshenyegelo, ba kgona go nna le dilo tsa botlhokwa tse ba di tlhokang le ka dinako tse bangwe mo go bone ba sa berekeng. Guoming a re: “Ka dinako tse dingwe, bangwe ba rona ba a bo ba sa bereke. Mme re sa ntse re kgona go tswelela pele ka bobulatsela le go tlhokomela mmaarona sentle. Re lebogela go bo Mmè a sa batle re tlogela bobulatsela gore re mo fe botshelo jwa manobonobo.”—2 Bakorintha 12:14; Bahebera 13:5.

6. Ke sekai sefe se se bontshang kafa re ka dumalanyang botshelo jwa rona le boikaelelo jwa Modimo ka teng?

6 Fa e le gore o tsene ka tlhogo mo ditirong tse di sa amaneng le kobamelo—e ka tswa e le tsa boitshediso kgotsa di sele—o ka nna wa tlhoka go dira diphetogo tse dikgolo gore o kgone go dira gore boikaelelo jwa Modimo bo tle pele. Gantsi diphetogo tseno di ka se ka tsa dirwa ka ponyo ya leitlho, mme ga se gore fa o dira diphoso kwa tshimologong, seo se kaya gore o paletswe. Akanya ka Koichi, yo o neng a na le bothata jwa go dirisa nako e ntsi thata mo boitlosobodutung. Koichi o ne a ithutile Baebele a sale mosha, mme go ne ga feta dingwaga tse dintsi a tshelela metshameko ya bidio fela. Letsatsi lengwe Koichi o ne a ipotsa a re: ‘Tota ke dirang? Ke setse ke fetile dingwaga tse 30 mme ga ke dire sepe se se mosola mo botshelong!’ Koichi o ne a simolola go ithuta Baebele gape mme a amogela thuso ya phuthego. Le fa a ile a dira diphetogo ka iketlo, ga a ka a itlhoboga. Ka ntlha ya go rapela thata le go engwa nokeng ka lorato ke ba bangwe, kgabagare o ne a tlogela mokgwa wa gagwe wa go tshameka dibidio mo go feteletseng. (Luke 11:9) Jaanong Koichi o direla ka boitumelo e le motlhanka wa bodiredi.

Itlwaetse go Nna Tekatekano

7. Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go nna tekatekano fa re ntse re dira tiro ya Modimo?

7 Fa re batla go diragatsa boikaelelo jwa Modimo, re tshwanetse go dira ka moya otlhe. Le ka motlha ga re a tshwanela go goga maoto kgotsa go tshwakgafala fa re dira seo. (Bahebera 6:11, 12) Mme gone, Jehofa ga a batle gore re bereke re bo re sale re lapile mo go feteletseng—mo mmeleng, mo tlhaloganyong kgotsa mo maikutlong. Fa re amogela ka boingotlo gore ga re kgone go dira tiro ya Modimo ka maatla a rona fela, seo se a mo galaletsa e bile se bontsha gore re dira dilo ka tsela e e lekalekaneng. (1 Petere 4:11) Jehofa o solofetsa gore o tla re naya maatla a re a tlhokang go dira thato ya gagwe, mme ga re a tshwanela go dira se se fetang se re ka se kgonang, ka go leka go dira dilo tse a sa lebelelang gore re di dire. (2 Bakorintha 4:7) Fa re batla go tswelela re direla Modimo mme re sa lape mo re salang re akga loleme, re tshwanetse go rulaganya tiro ya rona sentle.

8. Go ne ga diregang fa Mokeresete mongwe yo mosha a ne a leka go direla lefatshe mmogo le Jehofa sotlhe se a ka se kgonang, mme o ne a dira phetogo efe?

8 Ka sekai, go ne ga tsaya Ji Hye, yo o nnang kwa Asia Botlhaba, dingwaga tse pedi a ntse a dira tiro e e mmerekisang thata mme e ntse e le mmulatsela. O tlhalosa jaana: “Ke ne ke leka go direla Jehofa mmogo le lefatshe sotlhe se nka se kgonang, mme ke ne ke robala diura tse tlhano fela bosigo. Kgabagare, ke ne ka sala ke lapile tlhaloganyo mo ke neng ke sa kgone go dira ditiro tse di amanang le kobamelo, e bile ke ne ke sa itumelele go di dira.” E le gore Ji Hye a kgone go direla Jehofa ‘ka pelo yotlhe ya gagwe, ka moya otlhe, ka tlhaloganyo yotlhe le ka maatla otlhe,’ o ne a senka tiro e e sa mmerekiseng mo go kalo. (Mareko 12:30) A re: “Le fa mo lapeng ba ne ba nkgothaletsa gore ke dire madi a mantsi, ke ne ka leka go dira gore boikaelelo jwa Modimo bo tle pele. Ke sa ntse ke amogela madi a a lekaneng dilo tsa botlhokwa, tse di jaaka diaparo tse di lebegang sentle. Mme go monate tota go robala boroko! Ke itumelela bodiredi, mme jaanong ke nonofile semoyeng go feta pele. Seo se diregile ka gonne ga ke tlhole ke na le nako e ntsi ya go bona dilo tse di gogelang le tse di itayang tsebe tsa lefatshe leno.”—Moreri 4:6; Mathaio 6:24, 28-30.

9. Maiteko a rona a ka ama batho ba ba mo tshimong jang?

9 Ga se mongwe le mongwe yo o ka direlang Modimo e le moreri wa nako e e tletseng. Fa e le gore o tshwanelwa ke go itshokela botsofe, botsogo jo bo sa iketlang, kgotsa makoa a mangwe, itse gore Jehofa o anaanela boikanyegi jwa gago fela thata le tirelo epe e o e dirang ka pelo yotlhe. (Luke 21:2, 3) Re tshwanetse go itse gore ditiro tsa rona, le fa di ka nna dinnye go le kae, di ka nna le matswela mo bathong ba bangwe. Ka sekai, a re re, re ne ra tsena mo matlong a se kae mme ra fitlhela go se na ope yo o lebegang a kgatlhegela molaetsa wa rona. Fa re sena go tsamaya, beng ba matlo ba ka nna ba sala ba tlotla kaga loeto lwa rona nako e telele, kgotsa malatsi, tota le bone ba ba sa re bulelang gore re tsene! Ga re a lebelela gore mongwe le mongwe yo o utlwang dikgang tse di molemo a amogele molaetsa, mme bangwe ba tla o amogela. (Mathaio 13:19-23) Ba bangwe ba ka nna ba o amogela morago fa maemo mo lefatsheng kgotsa mo botshelong jwa bone a fetoga. Mme go sa kgathalesege gore seemo ke sefe, fa re dira se re ka se kgonang mo bodireding jwa phatlalatsa, re a bo re dira tiro ya Modimo. Re “badirimmogo le Modimo.”—1 Bakorintha 3:9.

10. Botlhe ba ba mo phuthegong ba ka nna le ditshiamelo dife?

10 Mo godimo ga moo, rotlhe re ka thusa ba malapa a rona le bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona mo phuthegong. (Bagalatia 6:10) Re ka nna le tlhotlheletso e kgolo le e e molemo mo go ba bangwe, e e ka ba amang lobaka lo loleele. (Moreri 11:1, 6) Fa bagolwane le batlhanka ba bodiredi ba dira ditiro tsa bone ka tlhoafalo, ba thusa ba ba mo phuthegong gore ba nne le kamano e ntle le e e nonofileng le Modimo, mme tiro ya Bokeresete e a gola. Re tlhomamisediwa gore fa re na le “mo gontsi go go dira mo tirong ya Morena,” tiro ya rona “ga se ya lefela.”—1 Bakorintha 15:58.

A go Diragatsa Boikaelelo Jwa Modimo e Nne Tiro ya Gago ya Botshelo Jotlhe

11. Kwantle ga go direla mo phuthegong ya rona, ke ditshiamelo dife tsa tirelo tse re ka nnang le tsone?

11 Rona Bakeresete, re rata botshelo, mme re eletsa go galaletsa Modimo mo go sengwe le sengwe se re se dirang. (1 Bakorintha 10:31) Fa re dira ka natla le ka boikanyegi mo tirong ya go rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi le go ruta ba bangwe go boloka dilo tsotlhe tse Jesu a di laetseng, re tla bulegelwa ke ditsela tse dintsi tse di itumedisang tsa go direla Modimo. (Mathaio 24:14; 28:19, 20) Kwantle ga go direla mo phuthegong ya garona, re ka nna le ditshiamelo tsa go direla kwa go tlhokegang bareri thata teng, e ka tswa e le mo tshimong e nngwe, mo bathong ba ba buang puo e nngwe kgotsa kwa nageng e nngwe. Bagolwane le batlhanka ba bodiredi ba ba tshwanelegang ba ba iseng ba nyale ba ka nna ba lalediwa go tsena Sekolo sa Thapiso sa Bodiredi, morago ba bo ba ya go direla kwa diphuthegong tse di tlhokang thuso ya Bakeresete ba ba godileng semoyeng, e ka tswa e le mo dinageng tsa bone kgotsa kwa dinageng di sele. Banyalani ba ba mo bodireding jwa nako e e tletseng ba ka nna ba tshwanelega go thapisediwa borongwa kwa Gileade le go direla kwa nageng e sele. Gape go nna go tlhokega baithaopi ba ba ka dirang ditiro tse di farologaneng kwa Bethele le ba ba ka agang le go tlhokomela mafelo a go kopanela le diofisi tsa makala.

12, 13. (a) O ka dira jang tshwetso ya gore o tla tsenela mefuta efe ya tirelo? (b) Bontsha kafa maitemogelo a o a bonang mo kabelong nngwe a ka go thusang ka teng mo dikabelong tse dingwe.

12 O tla tsenela mefuta efe ya tirelo? Jaaka motlhanka yo o ineetseng wa ga Jehofa, batla kaelo mo go ene le mo phuthegong ya gagwe ka metlha. ‘Moya wa gagwe o o molemo’ o tla go thusa go dira tshwetso e e siameng. (Nehemia 9:20) Gantsi fa o dira kabelo e e rileng, e go bulela ditsela tsa gore o kgone go dira e nngwe, mme gantsi maitemogelo le bokgoni jo o bo bonang mo kabelong nngwe di ka go solegela molemo fa o setse o dira e nngwe moragonyana.

13 Ka sekai, Dennis le mosadi wa gagwe Jenny, ka metlha ba bereka mo dikagong tsa Diholo Tsa Bogosi. Fa Setsuatsue sa Katrina se sena go tsubutla kwa borwa jwa United States, ba ne ba ithaopela tiro ya namolo. Dennis o bega jaana: “Re itumetse thata ka gonne re kgonne go dirisa bokgoni jo re bo ithutileng mo dikagong tsa Diholo Tsa Bogosi go thusa bakaulengwe ba rona. Go ama maikutlo tota go bona kafa bao re ba thusitseng ba anaanelang ka teng. Bontsi jwa ditlhopha tse dingwe tsa namolo ga di a atlega go le kalo mo tirong ya go aga matlo sesha. Basupi ba ga Jehofa ba setse ba baakantse kgotsa ba agile sesha matlo a feta 5 300 le Diholo Tsa Bogosi di le dintsi. Batho ba lemoga seo mme jaanong ba kgatlhegela molaetsa wa rona go feta pele.”

14. O ka dirang fa o batla go tsenela bodiredi jwa nako e e tletseng?

14 A o ka diragatsa boikaelelo jwa Modimo ka go dira gore bodiredi jwa nako e e tletseng e nne yone tiro ya gago ya botshelo jotlhe? Fa o dira jalo, ruri o tla amogela masego a mantsi. Fa maemo a gago a gone jaanong a sa go letle, gongwe o ka dira diphetogo dingwe. Rapela jaaka Nehemia a ne a rapela fa a ne a eletsa go simolola kabelo nngwe ya botlhokwa: “Ao, Jehofa, tsweetswee . . . a ko o neye motlhanka wa gago katlego.” (Nehemia 1:11) Go tswa foo, ikanye “Moutlwi wa thapelo,” mme o dire go dumalana le kopo ya gago. (Pesalema 65:2) E le gore Jehofa a segofatse maiteko a gago a go mo direla ka botlalo, sa ntlha o tshwanetse go dira maiteko ao. Fa o sena go dira tshwetso ya gore o batla go dira bodiredi jwa nako e e tletseng, ngaparela tshwetso e o e dirileng. Fa nako e ntse e feta, maitemogelo a gago a tla gola le boipelo jwa gago bo tla oketsega.

Botshelo jo bo Molemo Tota

15. (a) Re solegelwa molemo jang fa re bua le batlhanka ba Modimo ba ba mo diretseng ka nako e telele le fa re bala kaga bone? (b) Anela maitemogelo a o fitlhetseng a kgothatsa thata.

15 O ka solofela matswela afe fa o ntse o diragatsa boikaelelo jwa Modimo? Buisana le batlhanka ba ga Jehofa ba ba nang le nako e telele ba mo direla, bogolo jang ba ba nang le dingwaga tse dintsi ba le mo bodireding jwa nako e e tletseng. A bo ba na le matshelo a a itumetseng jang, a a nang le bokao! (Diane 10:22) Ba tla go bolelela gore Jehofa ga a ise a ke a tlhoke go ba thusa gore ba bone se tota ba se tlhokang le se se fetang seo, tota le fa ba le mo maemong a a thata. (Bafilipi 4:11-13) Go tloga ka 1955 go ya go 1961, Tora ya Tebelo (ya Seesemane) e ne ya gatisa motseletsele wa dipolelo tsa botshelo tsa batho ba ba ikanyegang ka setlhogo se se reng “Pursuing My Purpose in Life [Go Diragatsa Boikaelelo Jwa me mo Botshelong.” Fa e sa le ka nako eo, go gatisitswe dipego tse dingwe tsa botshelo di le makgolokgolo. Pego nngwe le nngwe e bontsha moya wa tlhoafalo le boipelo o o tshwanang le o re o fitlhelang mo bukeng ya Baebele ya Ditiro. Go bala dipego tse di itumedisang jalo go tla go tlhotlheletsa gore o re, ‘Jo ke jone botshelo jo ke bo batlang!’

16. Ke eng se se dirang gore Mokeresete a nne le se a se tshelelang a bo a itumele?

16 Aaron, yo o umakilweng kwa tshimologong, o gakologelwa jaana: “Fa ke le kwa Afrika, gantsi ke ne ke kopana le basha ba ba neng ba kgarakgatshega le naga ba batla se ba ka se tshelelang. Bontsi ba ne ba sa se bone. Mme rona re ne re diragatsa boikaelelo jwa Modimo ka go rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi, mme re ne re nna re tshwaregile e bile re na le se re se tshelelang. Re iponetse ka borona gore “go na le boitumelo jo bogolo mo go abeng go na le jo bo leng gone mo go amogeleng.”—Ditiro 20:35.

17. Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go diragatsa boikaelelo jwa Modimo gone jaanong?

17 Go tweng ka wena? O leka go diragatsa boikaelelo bofe? Fa o se na mekgele e e tlhomameng ya semoya, ditiro tse dingwe di tla go tseela nako yotlhe le maatla. O tla bo o senyetsang botshelo jwa gago jwa botlhokwa mo dilong tse tsamaiso ya ga Satane e di tsayang e le tsone tsa botlhokwa? Go ise go ye kae, fa “pitlagano e kgolo” e tla, dikhumo le maemo a lefatshe a tla bo a se na mosola. Sa botlhokwa e tla bo e le kamano ya rona le Jehofa. A bo re tla itumela jang go bo re ile ra direla Modimo le ba bangwe mme re diragaditse boikaelelo jwa Modimo ka botlalo mo botshelong jwa rona!—Mathaio 24:21; Tshenolo 7:14, 15.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 1 Maina mangwe a fetotswe.

^ ser. 1 E gatisitswe ke Basupi ba ga Jehofa.

A o Ka Tlhalosa?

• Jehofa o ikutlwa jang ka tirelo e re mo direlang yone?

• Go nna tekatekano go re thusa jang go direla Modimo le ba bangwe?

• Re ka nna le ditshiamelo dife tsa go direla Modimo?

• Re ka dira jang gore re tshele botshelo jo bo nang le bokao tota gompieno?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Ditshwantsho mo go tsebe 23]

Re tshwanetse go nna tekatekano gore re nne re direla Jehofa ka moya otlhe

[Ditshwantsho mo go tsebe 24]

Ditsela tsa go direla Modimo di dintsi