Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A o Tshwanetse go Tshelela Gompieno Fela?

A o Tshwanetse go Tshelela Gompieno Fela?

A o Tshwanetse go Tshelela Gompieno Fela?

“GA NKE ke akanya ka isagwe. E itlela fela ka ponyo ya leitlho.” Mafoko ao a a nopolwang kgapetsakgapetsa a ne a buiwa ke rasaense mongwe yo o itsegeng, Albert Einstein. Batho ba le bantsi ba na le boikutlo joo. Ba ka nna ba re, “Ke ka ntlha yang fa ke tshwanetse go tshwenyega ka isagwe?” Kgotsa gongwe o kile wa utlwa batho ba bua dilo tse di jaaka: “Tswelela fela ka botshelo.” “Tshelela gompieno fela.” “Lebala ka letsatsi le le latelang.”

Gone ke boammaaruri gore boikutlo jono jo batho ba nang le jone ga bo simolole jaanong. “Ja, o nwe o itumele. Lebala ka dilo tse dingwe.” Ono e ne e le moono wa Baepikuria ba bogologolo. Batho bangwe ba motlha wa ga moaposetoloi Paulo le bone ba ne ba leba dilo ka tsela e e tshwanang. Ba ne ba na le boikutlo jwa gore, “a re jeng re nweng, gonne ka moso re tlile go swa.” (1 Bakorintha 15:32) Ba ne ba dumela gore re tshela gangwe fela ka jalo ba buelela gore re tshwanetse go itumelela botshelo joo ka botlalo.

Ga go pelaelo gore mo dimilionemilioneng tsa baagi ba ba mo lefatsheng, go itumelela botshelo jono ka botlalo ga go reye go tshela botshelo jwa go ijesa menate fela. Maemo a a botlhoko a batho ba le bantsi ba iphitlhelang ba le mo go one a dira gore ba tshelele fela go nna ba kgaratlhela botshelo jo bo botoka. Jaanong ke ka ntlha yang fa ba tshwanetse go akanya ka isagwe e gantsi e lebegang e le letobo e bile e se na tsholofelo?

A re Tshwanetse go Rulaganyetsa Isagwe?

Tota le batho ba ba sa aparelwang ke mathata a le mantsi gantsi ga ba bone lebaka la go rulaganyetsa isagwe. Ba ka nna ba re: “Goreng re itshwenya?” Bangwe ba ka nna ba re batho ba ba rulaganyetsang isagwe kgabagare ba a swaba. Tota le tlhogo ya lotso ya mo motlheng wa bogologolo, Jobe, o ne a tlalelwa thata fa a bona dithulaganyo tsa gagwe ‘di phatlakanngwa,’ mme seo sa senya isagwe e e itumetseng ya gagwe le ba lelapa la gagwe.—Jobe 17:11; Moreri 9:11.

Mmoki wa kwa Scotland, Robert Burns, o ne a tshwantsha maemo a rona a a thata le a peba e nnye e ka phoso Burns a neng a senya sentlhaga sa yone ka mogoma wa gagwe. Peba eo e ne ya tshaba e leka go falotsa botshelo jwa yone fa e sena go senyegelwa jalo. Mmoki o ne a akanya jaana, ‘Tota ke boammaaruri gore gantsi re iphitlhela re tlaletswe fa re lebane le maemo a go seng sepe se re ka se dirang ka one mo e leng gore tota le fa re rulagantse dilo sentle thata jang, matsapa a rona a fetoga a bophiri fela.’

Jaanong, a go rulaganyetsa isagwe ke tshenyo fela ya nako? Aitsane, boammaaruri ke gore go palelwa ke go dira dithulaganyo tse di tshwanetseng go ka baka ditlamorago tse di botlhoko fa go nna le dikgwanyape kana masetlapelo a mangwe a tlholego. Ka sekai, ga go ope yo o neng a ka kgona go thibela Kgwanyape e e bidiwang Katrina. Mme gone go akanyetsa dilo go sa le gale le go dira dithulaganyo tse di tlhokegang go ka bo go thusitse thata go fokotsa tshenyo e e neng ya nna teng mo motseng le mo baaging ba one.

Wena o akanyang? A tota go a utlwala go tshelela gompieno fela mme re itlhokomolose se se tla diregang mo letsatsing le le latelang? Ela tlhoko gore setlhogo se se latelang sa reng ka kgang eno.

[Ditshwantsho mo go tsebe 3]

“Ja, o nwe o itumele. Lebala ka dilo tse dingwe”

Setshwantsho mo go tsebe 4]

A go akanyetsa dilo go sa le gale le go dira dithulaganyo tse di tlhokegang go ka bo go thusitse go fokotsa tshenyo e e bakilweng ke Kgwanyape e e bidiwang Katrina?

[Motswedi wa Setshwantsho]

U.S. Coast Guard Digital