Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

“Dikepe Tsa Kitime” di Ralala Mawatle

“Dikepe Tsa Kitime” di Ralala Mawatle

“Dikepe Tsa Kitime” di Ralala Mawatle

GO LOLWE dintwa di le dintsi mo lewatleng le le kwa botlhaba jwa Mediterranean. A ko o bone ka leitlho la mogopolo ntwa e e ntseng jalo makgolo a matlhano a dingwaga pele ga Keresete. Sekepe sa ntwa se se laolegang motlhofo se se bidiwang trireme (sekepe se se tsamaisiwang ke ditlhopha di le tharo tsa batsamaisi mo matlhakoreng oomabedi) se lelesela mo lewatleng ka lobelo lo logolo. Setlhopha sa banna ba ka nna 170 ba ba tsamaisang sekepe ba dirisa mesifa ya bone e e nonofileng fa ba ntse ba fetlha metsi ka dikota, ba ntse ba ya kwa pele le kwa morago mo mesangwaneng ya letlalo e e bofeletsweng mo maragong a bone.

Sekepe seno se tsamaya ka lobelo lwa dikilometara di le 13-17 ka ura se ralala makhubu se lebagane le sekepe sa mmaba. Sekepe se se lelekilweng se leka go tshaba. Mo motsotsong ono wa dikgobalo, sekepe seno se a kgaratlha se ya kwa le kwa mme letlhakore la sone le lebagana le sekepe se se tlang. Nko e e boronse ya sekepe sa trireme e thubaganya letlhakore le le seng thata la sekepe seo. Modumo wa go robega ga mapolanka le metsi a a gosomelang mo teng ka phatlha e e bulegileng o tshosa setlhopha sa batsamaisi ba sekepe sa baba. Mo sekepeng sa trireme, masole a le mmalwa a a tshotseng dibetsa a taboga mo gare ga sekepe go ya go tlhasela sekepe se se thudilweng. Dikepe dingwe tsa bogologolo di ne di boitshega tota!

Baithuti ba Baebele ba ile ba kgatlhiwa ke go bona go umakiwa “Kitime” le “dikepe tsa Kitime” mo Baebeleng, mme ka dinako tse dingwe e le mo boporofeting. (Dipalo 24:24; Daniele 11:30; Isaia 23:1) Tota Kitime e ne e le kae? Ke eng se re se itseng ka dikepe tsa yone? Mme gone ke ka ntlha yang fa o tshwanetse go kgatlhegela dikarabo tsa dipotso tseno?

Rahisitori wa Mojuda, e bong Josephus o ne a bitsa Kitime a re “Chetimos,” a e amanya le setlhaketlhake sa Kupero. Motse wa Kition (kana, Citium) o o mo karolong e e kwa borwabotlhaba jwa setlhaketlhake seno le one o golaganya Kitime le Kupero. E re ka Kupero e ne e le mo makopanelong a ditsela tsa bogologolo tse di neng di dirisiwa ke bagwebi, e ne e le fa e ka solegelwang molemo teng ke go nna gaufi le maemakepe a a kwa botlhaba jwa Mediterranean. Ka ntlha ya lefelo le Kupero e neng e le mo go lone, gantsi e ne e tshwanelwa ke go tsaya letlhakore fa ditšhaba di lwa, ka jalo e ne e ka nna mothusi yo o maatla kana sekgoreletsi se se sa rategeng.

Batho ba Kwa Kupero le Lewatle

Bosupi jwa baithutamarope jo bo fitlhetsweng fa go ribololwa kafa tlase ga lewatle le mo mabitleng, mmogo le mekwalo ya bogologolo le ditshwantsho tse di neng di takilwe ka pente mo dinkgong tsa bone tsa letsopa di re thusa go bona ka leitlho la mogopolo gore dikepe tsa kwa Kupero di ne di ntse jang. Batho ba ba neng ba nna kwa Kupero bogologolo e ne e le badiri ba dikepe ba ba nang le bokgoni. Setlhaketlhake sa bone e ne e le sekgwa se se kitlaneng, mme dikgogometso tse di neng di le mo go sone e ne e kete ke maemakepe a tlholego. Ditlhare di ne di remelwa go dira dikepe mmogo le go nyerolosa kopore—e e neng e le setswammung sa tlholego se se neng se dira gore Kupero e itsege mo lefatsheng la bogologolo.

Batho ba kwa Fonikia ba ne ba lemoga kgwebo ya go rekisa e batho ba Kupero ba neng ba atlega mo go yone mme ba ne ba tlhoma dikolone mo mafelong mangwe mo ditseleng tsa bone tse di neng di dirisiwa ke bagwebi. Lengwe la mafelo ao e ne e le Kition, kwa Kupero.—Isaia 23:10-12.

Fa mmuso wa Ture o sena go wa, bangwe ba batho ba teng ba ne ba tshabela kwa Kitime. Batho ba kwa Fonikia ba ba tlwaetseng go tsamaya mo lewatleng ba ba neng ba tlhoma dikolone ke bone ba thusitseng batho ba kwa Kupero thata go nna le botegeniki jwa go dira dikepe. Lefelo le Kitione e neng e le mo go lone gape le ne le thusa thata go sireletsa dikepe tsa Fonikia.

E Gwebisana Thata le Ditšhaba Tse di Farologaneng

Mo nakong eno kgwebo ya bogologolo mo botlhaba jwa Mediterranean e ne e raraane. Dilwana tse di tlhwatlhwakgolo tse di tswang kwa Kupero di ne di isiwa ka sekepe kwa Kereta, Sardinia, le Sisili mmogo le kwa ditlhaketlhakeng tsa Aegean. Dinkgo le dinkgwana tse di tswang kwa Kupero di kile tsa ribololwa mo mafelong ao, mme go fitlhetswe dilwana tse dintsi tse dintle tsa letsopa tsa Segerika kwa Kupero. Fa bakanoki bangwe ba ne ba keleka ditena tsa kopore tse di fitlhetsweng kwa Sardinia, ba ne ba dumela gore di tswa kwa Kupero.

Ka 1982 sekepe se se thubegileng sa lekgolo la bo14 la dingwaga B.C.E. se ne sa fitlhelwa gaufi le losi lo lo kwa borwa jwa Turkey. Fa go ne go ribololwa kafa tlase ga lewatle go ne ga fitlhelwa letlotlo la dilo tse dintsi tse di tlhwatlhwakgolo—ditena tsa kopore tse go dumelwang gore di ne di tswa kwa Kupero, boreku, dinkgo tsa kwa Kanana, logong lo lontsho, dinaka tsa tlou, dibenyane tsa gouta le selefera tsa kwa Kanana, dibenyane tse di boitshepo tsa Baegepeto le dilwana tse dingwe tse di tswang kwa Egepeto. Fa batho bangwe ba sena go sekaseka letsopa le le dirileng dilwana tsa letsopa tse di neng di le mo sekepeng, ba ne ba lemoga gore sekepe seno se ka tswa se ne se dirilwe kwa Kupero.

Se se kgatlhang ke gore mo e ka nnang ka yone nako e go fopholediwang gore sekepe seno se ne sa thubega ka yone, Balaame o ne a umaka dikepe tsa Kitime mo ‘puong ya gagwe ya seane.’ (Dipalo 24:15, 24) Go lebega dikepe tsa Kupero di ne di itsege thata kwa Botlhabagare. Dikepe tseno di ne di ntse jang?

Dikepe Tsa Bagwebi

Go bonwe ditshwantsho tse dintsi tsa dikepe tsa letsopa le mekoro kwa mabitleng a motse wa bogologolo wa Amathus kwa Kupero. Ditshwantsho tseno tsa dikepe di re naya tshedimosetso ya botlhokwa malebana le gore dikepe tsa kwa Kupero di ne di ntse jang mme dingwe tsa tsone di beilwe mo dimusiamong.

Ditshwantsho tseno di bontsha gore dikepe tsa bogologolo di ne di dirisediwa kgwebo mo motlheng o go neng go se na ntwa. Gantsi dikepe tse dipotlana di ne di tsamaisiwa ke banna ba le 20 ba dirisa dikota go fetlha metsi. Dikepe tse di sephara e bile di le boteng di ne di diretswe go rwala dithoto le batho mo mesepeleng e mekhutshwane di iphaphathile ka lobopo lwa Kupero. Pliny yo Mogolwane a re batho ba kwa Kupero ba ne ba dirile sekepe se sennye se se seng bokete se se neng se tsamaisiwa ka go fetlha metsi ka dikota se gape se neng se kgona go rwala bokete jwa ditone di le 90.

Mme gape go ne go na le dikepe tse dikgolwane tsa bagwebi tse di tshwanang le se se fitlhetsweng gaufi le lobopo lwa Turkey. Dingwe tsa tsone di ne di kgona go rwala dithoto tsa bokete jwa ditone di le 450 mo mawatleng. Dikepe tse dikgolo di kgona go nna le batho ba le 50 ba ba di tsamaisang ka go fetlha metsi ka dikota, ba le 25 mo letlhakoreng lengwe le lengwe mme di le boleele jwa dimetara di le 30 e bile di na le pinagare e e boleele jwa dimetara di feta 10.

Dikepe Tsa Ntwa Tsa “Kitime” mo Boporofeting Jwa Baebele

Moya wa ga Jehofa o ne wa tlhotlheletsa gore go kwalwe mafoko ano: “Go tla nna le dikepe go tswa kwa losing lwa Kitime, di tla bogisa Asiria.” (Dipalo 24:2, 24) A polelelopele eno e ne ya diragala? Dikepe tsa kwa Kupero di ne tsa nna le seabe sefe mo go diragadiweng ga boporofeti jono? “Dikepe [tseo] go tswa kwa losing lwa Kitime” e ne e se dikepe tsa motlha wa kagiso tse di neng di tsamaya mo Lewatleng la Mediterranean. E ne e le dikepe tsa ntwa tse di neng di tlisetsa batho pitlagano.

Fa dilo tse di tlhokegang mo ntweng di ntse di fetoga, tsela e dikepe di neng di dirwa ka yone e ne ya fetoga mme ga dirwa dikepe tse di lobelo le tse di maatla. Dikepe tsa bogologolo tsa kwa Kupero tsa ntwa di ka tswa di ne di tshwana le tse di mo setshwantshong sengwe se se takilweng se se bonweng kwa Amathus. Setshwantsho seo se bontsha sekepe se setelele se sesesane se se nang le mogatla o o obegetseng kwa godimo o bo o obegela mo teng, se se tshwanang le sekepe sa kwa Fonikia sa ntwa. Se motsu kwa pele mme se na le dithebe tse dikgolokwe mo matlhakoreng oomabedi gaufi le karolo e e kwa morago le go tsamaela kwa karolong e e kwa pele ga sone.

Dikepe tsa ntlha tsa bireme (dikepe tsa ntwa tse di tsamaisiwang ke ditlhopha tse pedi tsa batsamaisi mo matlhakoreng oomabedi) di ne tsa simolola go dirwa mo lekgolong la borobedi la dingwaga B.C.E. kwa Gerika. Dikepe tseno di ne di le boleele jwa dimetara di ka nna 24 e bile di le bophara jwa dimetara di le tharo. Kwa tshimologong, dikepe tseno di ne di dirisediwa go pega masole, mme go ne go lwelwa fa losing. Go ise go ye kae, go ne ga bonala go tlhokega gore go okediwe ka setlhopha se sengwe sa batsamaisi, mme go ne ga tsenngwa tshipi e e boronse kwa pele ga sekepe. Sekepe seno se sesha se ne sa itsege e le trireme, jaaka go umakilwe kwa tshimologong ya setlhogo seno. Mofuta ono wa sekepe o ne wa itsege thata ka nako ya ntwa ya kwa Salamis (480 B.C.E.) fa Bagerika ba ne ba fenya masole a Baperesia a mo lewatleng.

Moragonyana fa Alexander yo Mogolo a ntse a batla go laola lefatshe, o ne a rulaganya gore dikepe tsa gagwe tsa trireme di ye ntlheng ya botlhaba. Dikepe tseo di ne di diretswe ntwa, e seng gore di tseye mesepele e meleele mo mawatleng, ka gonne di ne di se na lefelo le le lekaneng la go baya dithoto. Go ne go tlhokega gore di fapogele kwa ditlhaketlhakeng tsa Aegean gore go pegwe dilo tse di tlhokegang le gore di baakanngwe. Maikaelelo a ga Alexander e ne e le go senya dikepe tsotlhe tsa Baperesia. Le fa go ntse jalo, go ne go tlhokega gore pele a dige kago e e nonofileng ya phemelo ya setlhaketlhake sa Ture. Kupero e ne e le lefelo le go ka fapogelwang mo go lone mo tseleng e e yang Ture.

Batho ba kwa Kupero ba ne ba eme Alexander yo Mogolo nokeng ka nako e Ture e neng e gapiwa ka yone (332 B.C.E.), mme ba ne ba mo naya dikepe di le 120. Dikgosi tse tharo tsa kwa Kupero di ne tsa etelela pele dikepe go ya go thusa Alexander. Ba ne ba thusa go dikanyetsa Ture mme seo se tsere dikgwedi di le supa. Ture e ne ya wa, mme boporofeti jwa Baebele jwa diragadiwa. (Esekiele 26:3, 4; Sekarea 9:3, 4) Alexander o ne a leboga ka go naya dikgosi tsa kwa Kupero dithata tse di kgethegileng.

Go Diragadiwa mo go Tlhomologileng ga Boporofeti

Rahisitori wa lekgolo la ntlha la dingwaga, e bong Strabo a re Alexander o ne a rulaganya gore dikepe tse di tswang kwa Kupero le Fonikia di tle go mo thusa mo letsholong la gagwe la go tsena kwa Arabea. Dikepe tseno di ne di le motlhofo e bile go se thata go di tlhatlhamolola, ka jalo di ne tsa tsaya malatsi a le supa fela go goroga kwa Thapsacus (Tiphsah) e e kwa bokone jwa Siria. (1 Dikgosi 4:24) Go tswa kwa lefelong leo, go ne go le motlhofo go ya kwa Babelona.

Ka jalo, mafoko a a neng a lebega a sa tlhaloganyesege sentle a Baebele a ne a diragadiwa dingwaga di le sekete morago ga moo! Go dumalana le mafoko a a mo go Dipalo 24:24, dikepe tsa ntwa tsa ga Alexander yo Mogolo di ne tsa tsamaya di sa boele morago di tswa kwa botlhaba kwa Makedonia mme di ne tsa fenya naga ya Asiria, mme kgabagare tsa fenya Mmusomogolo wa Bameda le Baperesia.

Kwantle ga pelaelo le yone tshedimosetso e nnye e re nang le yone ka “dikepe tsa Kitime,” e re bontsha tsela e e kgatlhang e boporofeti jwa Baebele bo diragaditsweng ka yone. Bosupi jo bo ntseng jalo jwa hisitori bo nonotsha tumelo ya rona gore re ka ikanya dipolelelopele tse di mo Baebeleng. Bontsi jwa dipolelelopele tse di ntseng jalo di ama isagwe ya rona, ka jalo re tshwanetse go di tsaya tsia.

[Mmapa mo go tsebe 16, 17]

(Go bona mokwalo o o feletseng bona kgatiso)

ITALI

Sardinia

Sisili

Lewatle la Aegean

GERIKA

Kereta

LIBIA

TURKEY

KUPERO

Kition

Ture

EGEPETO

[Setshwantsho mo go tsebe 16]

Seketswana se sennye se se tshwanang le sekepe sa ntwa sa Gerika, “trireme”

[Motswedi wa Setshwantsho]

Pictorial Archive (Near Eastern History) Est.

[Setshwantsho mo go tsebe 17]

Seketswana se sennye se se tshwanang le sekepe sa bogologolo sa ntwa sa kwa Fonikia, “bireme”

[Motswedi wa Setshwantsho]

Pictorial Archive (Near Eastern History) Est.

[Setshwantsho mo go tsebe 17]

Nkgwana e e tshwantshitsweng sekepe sa kwa Kupero

[Motswedi wa Setshwantsho]

E gatisitswe ka tetla ya Mookamedi wa Antiquities le Cyprus Museum

[Setshwantsho mo go tsebe 18]

Dikepe tsa bogologolo tsa dithoto, tse di tshwanang le tse di umakiwang mo go Isaia 60:9