Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Fenya Mathata a go Isa Dikgang Tse di Molemo

Go Fenya Mathata a go Isa Dikgang Tse di Molemo

Go Fenya Mathata a go Isa Dikgang Tse di Molemo

LORI ya rona e atamela lefelo le dikoloi di phuruphudiwang mo go lone le le neng le tlhokometswe ke banna ba ka nna 60 ba ba tshotseng ditlhobolo, basadi le basha. Bangwe ba apere paka ya tiro; ba bangwe ba ikaparetse diaparo tsa bone fela. Bontsi jwa bone ba tshotse dibetsa tse di itirisang. Go lebega ba re emetse. Go tsogile dikgaruru mo nageng eno.

Re na le malatsi a le manè re ntse re le mo tseleng, re tshotse ditone di le lesome tsa dibuka tse di theilweng mo Baebeleng. Re ipotsa gore a ba tla dumela gore re fete. A ba tla batla madi? Go ka tsaya nako e e kana kang gore re ba tlhomamisetse gore se re se tsamaelang ga se na go baka mathata?

Monna mongwe yo o ratang go thuntsha tlhobolo o hulela lerumo mo phefong ka tlhobolo ya gagwe gore a re bontshe gore ke ene a tshwereng marapo. O bona difounu tsa rona tsa sele mme o batla gore re di mo neye. Fa re okaoka, o re tshosetsa ka go re bontsha ka diatla gore o tla re bolaya, mme re bona sentle gore re tla diragalelwa ke eng fa re sa ineele. Re mo neela difounu.

Ka tshoganyetso mosadi mongwe yo o apereng diaparo tsa tiro o phamola tlhobolo ya gagwe a bo a tla fa go rona. Ke ene yo ba mo tsayang e le mokwaledi mme o batla gore le ene re mo neye sengwe. Botshelo bo thata mme le fa e le eng fela se re ka se mo fang se tla mo thusa. Go tswa foo mongwe wa masole o bula tanka ya rona ya peterolo a bo a tlatsa tshitswana ya gagwe. Ga a re reetse le fa re ngongorega, ka gonne a re ene o dira fela se a laetsweng gore a se dire. Re lebile fela. Re solofela fela gore ba bangwe ga ba na go dira se se tshwanang.

Kgabagare ba re bulela gore re fete. Nna le motho yo ke tsamayang le ene re ne ra wela dibete. Go ne go tshosa, mme re setse re tlwaetse mafelo ano a a tshosang a dikoloi di phuruphudiwang mo go one. Magareng ga April 2002 le January 2004, re dirile maeto a le 18 go tswa kwa boemakepeng jwa Douala, kwa Cameroon, go ya kwa Bangui, motsemogolo wa Central African Republic. Mosepele ono wa dikilometara di le 1 600 o nna o na le dikotsi tse dintsi le dilo tse di sa lebelelwang. *

Joseph le Emmanuel, ba e leng bakgweetsi ba ba tsereng mosepele ono gantsi ba re: “Mesepele eno e re rutile dilo tse dintsi. Go molemo go rapelela mo pelong kgapetsakgapetsa le go ritibala maikutlo. Mopesalema o ne a re, ‘Ke ikantse Modimo. Ga ke na go boifa. Motho wa mo lefatsheng o ka ntirang?’ Re leka go nna le boikutlo joo. Re tlhomamisegile gore Jehofa o a itse gore mosepele wa rona ke wa go isa molaetsa o o tlhokegang thata o o nayang tsholofelo.”—Pesalema 56:11.

Maiteko a Batho ba Dinaga Tse di Farologaneng a go Isa Dijo Tsa Semoya

Batho ba bantsi mo karolong eno ya Afrika ba rata go utlwa dikgang tse di molemo tsa Bogosi jwa Modimo. Dibuka tse re di isang di diretswe go ba naya se ba se tlhokang semoyeng. (Mathaio 5:3; 24:14) Ofisi ya lekala ya Cameroon ya Basupi ba ga Jehofa kwa Douala ka metlha e naya baboledi ba Bogosi ba feta 30 000 le batho ba ba kgatlhegang ba ba nnang mo Cameroon le mo dinageng tse nnè tse di mabapi dibuka.

Dibuka tseno di setse di tsamaile sekgala se seleele. Bontsi jwa tsone di gatisitswe kwa Engelane, Finland, Italy, Jeremane, le Spain. Go tswa foo di ne tsa romelwa ka sekepe go tswa kwa Fora. Letoroko le le tshotseng dikgatiso tse di theilweng mo Baebeleng le goroga kwa boemakepeng jwa Douala dibeke dingwe le dingwe tse pedi.

Letoroko leo le pegwa mo loring e bo e le isa kwa ofising ya lekala. Batho ba ba dirang mo Lephateng la go Romela Dibuka ba kgaoganya dibuka ka mafelo a di romelwang kwa go one. Go isa dikgatiso kwa dikarolong tse di kgakala tsa dinaga tseno ga se kgetsi e potlana. Mme seno ke karolo ya go isa dikgang tse di molemo “go ya karolong e e kwa kgakalakgakala ya lefatshe.” (Ditiro 1:8) Mo go seno lekala le ikantse baithaopi ba ba dirang ka natla ba ba tsayang mesepele eno e e kotsi ka dilori. Ka tsela eno batho ba bantsintsi mo karolong e e mo bogare jwa Afrika ba newa dikgatiso tse di theilweng mo Baebeleng ka metlha.

Se Gantsi se Diregang mo Mosepeleng

Dikgatiso tse di yang kwa Cameroon, Chad, Equatorial Guinea, Gabon, le Central African Republic di isiwa ka dilori. A re boneng gore go diragalang mo mosepeleng wa lori le batho ba ba tsamayang ka yone. A ko o akanye o ntse le bakgweetsi, mme o ipaakanyetse go tsaya mosepele o o tletseng ditiragalo o o tla tsayang malatsi a le lesome kana go feta.

Mosepele ono o tsewa ke bakgweetsi ba le barataro. Ba tshwanetse gore ba bo ba nonofile, ba na le bokgoni, ba le pelotelele e bile ba apere sentle. Ba apara diaparo tsa Seafrika tsa setso kana hempe le thai. Mo nakong e e fetileng badiredi ba lekgetho la dithoto kwa melelwaneng ba kile ba re: “Bona fela gore lori eno e phepa jang le bakgweetsi ba yone ba apere sentle jang, fela jaaka ba ntse mo dinepeng tse di mo dikgatisong tsa bone.” Selo sa botlhokwa le go feta tsela e bakgweetsi ba lebegang ka yone ke go bo ba iketleeleditse go ya gongwe le gongwe kwa go tlhokegang teng gore ba isetse ba bangwe dilo tse ba di tlhokang.—Pesalema 110:3.

Re emelela ka ura ya borataro mo mosong kwa Douala, fela fa letsatsi le sena go tlhaba, gore re se ka ra iphitlhela re le mo mokolokong wa dikoloi mo toropong eno e e golang ka bonako. Fa re sena go kgabaganya borogo gaufi le ofisi ya lekala le go ralala toropo e e tlhanaselang, re tsamaela ntlheng ya botlhaba kwa re yang go ema teng la ntlha—kwa Yaoundé, e leng motsemogolo wa Cameroon.

Bakgweetsi botlhe ba barataro ba tla go bolelela kafa go leng thata ka teng go kgweetsa lori e e tletseng dibuka tsa bokete jwa ditone di le lesome. Mo malatsing a ntlha a mararo go ne go se na mathata a a kalo ka gonne re ne re tsamaya mo ditseleng tse di siameng. Mme ka tshoganyetso go ne ga na pula e se kana ka sepe. Tsela fano ga e a dirwa sentle. Ga go bonale sentle, tsela e a relela, mme re tshwanetse go tsamaya ka bonya ka ntlha ya gore tsela ga e a siama. Go nna lotlatlana. Ke nako ya gore re eme, re je, mme re leke go robala re tsholeditse maoto re a pegile mo godimo ga desheboto mo teng ga lori. Ke jone botshelo jwa teng!

Ka makuku mo mosong o o latelang, re tswelela le mosepele. Mongwe wa bakgweetsi o thusa ka go tlhokomela thata maemo a tsela. O tlhaba mokgosi fa re tsamaela gaufi thata le dikhuti tse di kafa thoko ga tsela. Bakgweetsi ba itse sentle gore fa ba ka wela mo khuting, go ka tsaya malatsi a mantsi pele ga ba ka kgona go tswa. Ditsela di ntse di le maswe fa re kgabaganya molelwane re tsena mo Central African Republic. Mo sekgaleng se se latelang sa dikilometara di le 650 re feta karolo e ntle, e tala e e tletseng dithaba. Bana, batsofe le bommè ba ba belegeng bana ba re tsholeletsa matsogo fa re ntse re feta ka bonya re raletse metse ya bone. Ka ntlha ya dikhuduego tsa semorafe, go na le dikoloi di le mmalwa fela mo tseleng malatsing a, ka jalo batho ba re leba ka tsela e e bontshang gore ba batla go itse gore re bomang.

Ditiragalo Tse di Itumedisang

Janvier, mongwe wa bakgweetsi ba rona, o re bolelela gore le fa nako e sa ba letle go le kalo, ba na le go ema mo metseng e mennye gore ba ikhutse go le gonnye le go tsamaisa dikgatiso tse di theilweng Baebeleng. A re: “Kwa Baboua ka metlha re ne re leka go bua le motho yo o thusang kwa bookelong yo o neng a kgatlhegela molaetsa wa Bogosi thata, mme re ne re na le go tshwara thuto ya Baebele e khutshwane le ene. Letsatsi lengwe re ne ra ba ra mmontsha ene le lelapa la gagwe bidio e e buang kaga Noa. Go ne ga tla ditsala le baagelani, mme go ise go ye kae ntlo ya gagwe e ne e tletse ka babogedi ba ba itumetseng. Mongwe le mongwe o ne a kile a utlwa ka Noa, mme jaanong ba ne ba bona polelo ya botshelo jwa gagwe mo thelebisheneng. Tsela e ba neng ba anaanela ka yone e ne e ama maikutlo. Morago ga moo, ba ne ba re leboga ka go re apeela dijo tse di kgethegileng, mme ba ne ba re kopa gore re lale koo. Re ne ra tshwanelwa ke gore re tsamaye ka yone nako eo gore re tswelele le mosepele wa rona o moleele, mme re ne re itumeletse gore re ne re kgonne go bolelela batho bano ba ba ikokobeditseng dikgang tse di molemo.”

Mokgweetsi yo mongwe, Israel, o gakologelwa dilo dingwe tse di neng di diragetse mo mosepeleng o mongwe wa go ya Bangui, kwa re yang teng. A re: “Fa re atamela Bangui, go ne go na le mafelo a mantsi a go neng go thibilwe tsela mo go one. Mme ka lesego bontsi jwa masole ba ne ba le botsalano mme ba ne ba gakologelwa lori ya rona ka gonne e kile ya feta foo mo nakong e e fetileng. Ba ne ba re kopa gore re nne fa fatshe le bone mme ba ne ba itumelela go amogela dibuka tse di theilweng mo Baebeleng. Ba tsaya buka e le botlhokwa thata, ka jalo mo teng ga yone ba kwala maina a bone, letlha le ba e neilweng ka lone, le leina la motho yo o e ba neileng. Masole mangwe a ne a na le ba losika ba e leng Basupi, mme leno ke lebaka le lengwe le le neng le dira gore ba nne botsalano.”

Joseph, yo o nang le lobaka lo loleele a kgweetsa go feta ba bangwe botlhe, a re se a se tsayang se itumedisa thata mo mesepeleng eo ke go goroga kwa a yang teng. O bua jaana ka mosepele mongwe: “Fa re ne re le sekgala sa dimaele di sekae go goroga kwa Bangui, re ne ra founela bakaulengwe ba rona re ba bolelela gore re gaufi le go goroga. Ba ne ba tsamaya le rona go ralala toropo eno, ba re thusa ka dilo tsa bofelo tsa molao tse re neng re tshwanetse go di dira. Fa re goroga, botlhe kwa ofising ya lekala ba ne ba tswa ba tla go re dumedisa ba re tlamparela ka lorato. Go ne ga tla batho ba ba neng ba tlile go re thusa go tswa kwa diphuthegong tse di gaufi, mme mo diureng di sekae fela, dibokose di le makgolokgolo tsa Dibaebele, dibuka, dibukana le dimakasine di ne di folositswe mme di tlhatlagantswe mo lefelong le di bewang mo go lone.”

Joseph a re: “Ka dinako tse dingwe, morwalo o re neng re o rwala o ne o akaretsa diaparo, ditlhako, le dilwana tsa bana tse di neng di ya kwa Democratic Republic of Congo e e mabapi. Go ne go itumedisa tota go bona menyenyo ya bakaulengwe ba ba anaanelang!”

Fa re sena go tsaya letsatsi re ikhuditse, re baakanyetsa lori ya rona mosepele wa go boela morago ka tsela e re tlileng ka yone. Re sa ntse re tla kopana le mathata mo tseleng mme nako e e monate e re nnileng le yone e ne e re thusa go itshokela mathata ape a re tla nnang le one.

Mesepele e meleele, dipula tsa merwalela, ditsela tse di maswe, go phofa ga maotwana, le go senyega ga lori ke dilo tse di kgobang marapo. Masole a a tlhogoethata le one ke mathata. Le fa go ntse jalo, ga go na sepe se se itumedisang bakgweetsi bano go feta go isa dikgang tse di molemo tsa Bogosi kwa mafelong a a kwa kgakalakgakala a Afrika le go bona kafa di amang matshelo a batho ba ba di amogelang ka teng.

Ka sekai, ka ntlha ya mesepele eno ya go isa dibuka, monna mongwe yo o nnang mo motseng mongwe o o kgakala kwa Central African Republic gaufi le molelwane wa Sudan jaanong o bala thanolo e ntšha ya Baebele. Mosadi wa gagwe o bala dikhopi tsa bosheng tsa Tora ya Tebelo mme bana ba bone ba ithuta buka ya Ithute mo Morutising yo Mogolo. * Bone le batho ba bangwe ba bantsi mo mafelong ano a selegae ba amogela dijo tsa semoya, fela jaaka bakaulengwe ba bone ba Bakeresete ba ba nnang mo ditoropong tse dintsi tse dikgolo. Seno se kgotsofatsa eleruri!

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 6 Fa e sa le go simolola ka nako eno, go dirilwe dilo tse dintsi go tokafatsa seemo sa pabalesego mo tseleng e e fa gare ga Douala le Bangui.

^ ser. 25 E gatisitswe ke Basupi ba ga Jehofa.

[Dimmapa/Setshwantsho mo go tsebe 9]

(Go bona mokwalo o o feletseng bona kgatiso)

CAMEROON

Douala

CENTRAL AFRICAN REPUBLIC

Bangui

[Setshwantsho mo go tsebe 9]

Joseph

[Setshwantsho mo go tsebe 9]

Emmanuel

[Setshwantsho mo go tsebe 10]

Lekala la Central African Republic, kwa Bangui

[Setshwantsho mo go tsebe 10]

Go folosiwa dithoto mo loring kwa Bangui