Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Itumelela “Phenyo le Kwana”

Go Itumelela “Phenyo le Kwana”

Go Itumelela “Phenyo le Kwana”

MO LEKWALONG le Carey W. Barber a neng a le kwala ka 1971, o ne a tlhalosa dingwaga tsa gagwe tsa ntlha tse 50 tsa fa a ntse a direla Modimo wa boammaaruri: “Dingwaga tse ke diretseng Jehofa ka tsone di ne di le monate o o sa tlhalosegeng. Go kopanela le batho ba gagwe; go sireletsega mo bathong ba ba dirang boikepo ba lefatshe la ga Satane; tsholofelo ya go fenya le Kwana, Jesu Keresete; mmogo le bosupi jwa tsela e Jehofa a nthatang ka yone, tsotlhe tseno di dira gore ke nne le kagiso ya mogopolo e e dibelang pelo mme e nnaya tsholofelo e e tlhomameng ya gore re tla fenya kwa bokhutlong.”

Dingwaga di le thataro morago ga moo, Mokaulengwe Barber, Mokeresete yo o tloditsweng ka moya, o ne a nna leloko la Setlhopha se se Laolang sa Basupi ba ga Jehofa. Mo dingwageng di le 30 tse di neng tsa latela a ntse a le mo Setlhopheng se se Laolang, o ne a ntse a lebile pele go “fenya le Kwana.” O ne a kgona go fitlhelela seo ka go nna a ntse a ikanyega go fitlhela a tlhokafala a le dingwaga di le 101 ka Sontaga, April 8, 2007.—1 Bakorintha 15:57.

Carey Barber o ne a tsholelwa kwa Engelane ka 1905, mme a kolobediwa kwa Winnipeg, Canada, ka 1921. Dingwaga di le pedi morago ga moo, ene le mogolowe wa lewelana ba ne ba romelwa kwa Brooklyn, New York, go ya go thusa ka tiro nngwe e e neng e simolola. Ka nako eo, batho ba ga Jehofa ba ne ba le gaufi le go simolola go ikgatisetsa dibuka tsa bone gore ba anamise dikgang tse di molemo tsa Bogosi mo “lefatsheng lotlhe le le nang le banni.” (Mathaio 24:14) Nngwe ya dikabelo tsa ntlha tsa ga Mokaulengwe Barber e ne e le go bereka ka motšhine o monnye wa go gatisa. Dingwe tsa dilo tse di neng di gatisiwa e ne e le dipego tse dikhutshwane tsa semolao tse di neng di dirisiwa kwa ditshekong tse di neng di tshwarelwa kwa Kgotlatshekelo ya Makgaolakgang ya United States. Fa nako e ntse e tsamaya, Mokaulengwe Barber o ne a ya go bereka mo Lephateng la Tirelo le le lebaganeng le dikgang tse di amang diphuthego le tiro ya go rera naga ka bophara.

Ka ntlha ya kitso e Mokaulengwe Barber a neng a e bona mo lephateng leo, ka 1948 o ne a tshwanelegela kabelo ya go nna modiredi yo o etang, a etela dikopano le diphuthego mo karolong yotlhe e e kafa bophirima jwa United States. O ne a re o itumelela thata go tswela kwa ntle a ya go rerela batho phatlalatsa. Kabelo eno e ne ya dira gore bakaulengwe le bokgaitsadi ba le bantsi ba kopane le Mokaulengwe Barber. Tlhaloganyo ya gagwe e e tlhaga le tlhoafalo ya gagwe mo bodireding di ne tsa thusa tota fa moragonyana a ne a nna teng mo tlelaseng ya bo26 ya Sekolo sa Baebele sa Watchtower sa Gileade. Fa a ntse a le mo sekolong, o ne a tlwaelana le moithuti mongwe yo o tswang kwa Canada e bong Sydney Lee Brewer. Fa ba sena go aloga, ba ne ba nyalana mme ba tsena mo loetong ba ya go etela diphuthego tse di mo kgaolong ya Chicago, Illinois. Kgaitsadi Barber e ne e le molekane yo o molemo thata e bile e le motswedi wa kgothatso mo dingwageng di le 20 tse ba di feditseng mmogo mo bodireding jwa go eta.

Batho ba ba kileng ba kopana le Mokaulengwe Barber mme ba mo itse mo dingwageng tse a di feditseng e le molebedi wa kgaolo le wa potologo kana mo dingwageng di le 30 tse a di feditseng a dira e le leloko la Setlhopha se se Laolang e bile a tsaya maeto a a dirwang ke maloko a setlhopha seo, ba tla nna ba gakologelwa dipuo tsa gagwe le dikakgelo tsa gagwe tse di tletseng botshelo. Ruri re na le mabaka a a utlwalang a go itumelela ‘phenyo ya gagwe le Kwana.’