Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

“Ke ne Ke Rata go Ititaya Sehuba ga Gagwe”

“Ke ne Ke Rata go Ititaya Sehuba ga Gagwe”

“Ke ne Ke Rata go Ititaya Sehuba ga Gagwe”

GÜNTER GRASS, mokwadi wa Mojeremane e bile e le mofenyi wa Sekgele sa Nobel sa Dibuka ka 1999, o ne a gatisa kgang ya botshelo jwa gagwe ka 2006. Mo go yone, o tlhalosa nako e ka yone a neng a patelediwa go tla go direla mo setheong sa masole a Jeremane a a sireletsang setšhaba. Mo go yone buka eo, o bua ka monna mongwe yo o neng a dira sengwe se se neng sa mo kgatlha thata mo a sa ntseng a se gakologelwa le morago ga dingwaga di le 60. Monna yono o ne a emela tumelo ya gagwe fa a ne a bogisiwa.

Mo potsolotsong nngwe e e neng ya gatisiwa mo lokwalodikgannyeng lo lo tswang letsatsi le letsatsi lwa Frankfurter Allgemeine Zeitung, Grass o gakologelwa sentle motho yono yo o gakgamatsang yo o neng a gana go tshola dibetsa. Grass o ne a re monna yoo, “ga a ka a ikamanya ka gope le dikgopolo tse di neng di ratwa thata, e ka tswa e ne e le tsa Bonasi, Bokomonisi kana Bososhialise. E ne e le Mosupi wa ga Jehofa.” Grass ga a gakologelwe leina la Mosupi yono, yo ene a neng a mmitsa, ‘Ga re dire dilo tseo.’ Batho ba ba dirang dipatlisiso ka Basupi ba ga Jehofa ba re monna yono ke Joachim Alfermann. O ne a itewa gantsintsi, a sotlwa a bo a tsenngwa mo seleng a le nosi. Mme Alfermann o ne a nna a nitame mme a gana go tshola dibetsa.

Grass a re: “Ke ne ke rata tsela e e gakgamatsang e a neng a ititeile sehuba ka yone. Ke ne ka ipotsa gore: O kgona jang go itshokela dilo tseno tsotlhe? Tota o dira seo jang?” Kgabagare Alfermann o ne a romelwa kwa kampeng ya pogisetso ya kwa Stutthof ka February 1944, morago ga gore a itshoke ka lobaka lo loleele a itshoketse maiteko a a neng a dirwa go fedisa bothokgami jwa gagwe mo Modimong. O ne a gololwa ka April 1945, a falotse ntwa e bile e ntse e le Mosupi yo o ikanyegang wa ga Jehofa go fitlha a tlhokafala ka 1998.

Alfermann e ne e le mongwe wa Basupi ba ka nna 13 400—kwa Jeremane le kwa dinageng tsa Bonasi—ba ba neng ba bogisiwa fela thata ka ntlha ya tumelo ya bone. Ba ne ba latela kaelo ya Baebele, ga ba a ka ba tsaya letlhakore mo dipolotiking mme ba ganne le go tshola dibetsa. (Mathaio 26:52; Johane 18:36) Basupi ba ka nna 4 200 ba ne ba tsenngwa mo dikampeng tsa pogisetso mme ba le 1 490 ba swa. Tota le gompieno tsela e ba neng ba ikemela ka yone e ne ya kgatlha batho ba le bantsi ba e neng e se Basupi mme gone ba rata go nitama ga bone.

[Setshwantsho mo go tsebe 32]

Joachim Alfermann