Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Sirakuse—Lefelo le Paulo a Neng a Fapogela Kwa go Lone Fa a Le mo Loetong

Sirakuse—Lefelo le Paulo a Neng a Fapogela Kwa go Lone Fa a Le mo Loetong

Sirakuse—Lefelo le Paulo a Neng a Fapogela Kwa go Lone Fa a Le mo Loetong

MO E ka nnang ka ngwaga wa 59 C.E., sekepe se ne se tsamaya go tswa mo setlhaketlhakeng sa Mediterranean sa Malta se ya kwa Itali. Sekepe seo se ne se na le letshwao la “Bomorwa Seuse,” e leng medimo e go neng go dumelwa gore e sireletsa batsamaisadikepe. Mokwadi wa Baebele e bong Luke a re sekepe seo se ne sa ema “malatsi a le mararo” “fa boemelong jwa dikepe kwa Sirakuse” e e kafa borwabotlhaba jwa lotshitshi lwa Sisili. (Ditiro 28:11, 12) Luke o ne a pagame sekepe seo le Arisetareko le moaposetoloi Paulo yo o neng a ya go sekisiwa kwa Roma.—Ditiro 27:2.

Ga re itse gore a Paulo o ne a letliwa go fologa mo sekepeng kwa Sirakuse. Mme fa e le gore ene kana batho ba a neng a tsamaya le bone ba ne ba fologa, tota ba ka tswa ba ne ba bona eng mo lefelong leo?

Mo motlheng wa Bagerika le Baroma, Sirakuse e ne e le botlhokwa fela jaaka Athena le Roma. Go ya ka hisitori, e ne ya agiwa ke Bakorintha ka 734 B.C.E. Sirakuse e kile ya bo e tlotlega tota, e le lefelo le batho ba ba itsegeng thata ba bogologolo ba ba jaaka mokwadi wa metshameko Epicharmus le moitse wa dipalo Archimedes ba tsholetsweng kwa go lone. Mo ngwageng wa 212 B.C.E., Baroma ba ne ba gapa Sirakuse.

Fa o ka etela motse wa Sirakuse gompieno, o tla kgona go lemoga gore o ne o ntse jang mo motlheng wa ga Paulo. Motse ono o ne o kgaogantswe ka dikarolo di le pedi—e nngwe e le mo setlhaketlhakeng se sennye sa Ortygia, e leng kwa sekepe sa ga Paulo se ka tswang se ne sa ema teng, mme karolo e nngwe e ne e se mo metsing.

Gompieno mo setlhaketlhakeng seo, o ka nna wa fitlhela marope a tempele ya bogologolo e e agilweng ka mokgwa wa bogologolo wa Segerika kwa Sisili—tempele ya ga Apollo e e sa leng e nna teng mo lekgolong la borataro la dingwaga B.C.E. Gape go na le dipilara tsa tempele e e neng ya neelwa mo go Athena, yone e nnile teng mo lekgolong la botlhano la dingwaga B.C.E., mme e ne ya fetoga karolo ya kereke e kgolo.

Toropo ya segompieno ya motse ono e fitlhelwa mo karolong e e seng mo metsing, kwa o ka kgonang go etela paraka ya baithutamarope ya kwa Neapolisa gone. Gaufi le dikgoro tsa yone go na le lefelo la bobogelo la Bagerika. Ke lengwe la mafelo a mantle go gaisa a dikago tsa bogologolo tsa bobogelo tsa Gerika tse di sa ntseng di le gone. E re ka le lebagane le lewatle, e ne e le lefelo le le ntle thata la go tshwarela metshameko. Mo karolong e e kafa borwa ya paraka eno, go na le lefelo le legolo la bobogelo la Baroma le le sa leng le nna teng mo lekgolong la boraro la dingwaga C.E. Le na le sebopego se se motopo, mme boleele jwa lone ke dimetara di le 140, fa bophara jwa lone e le dimetara di le 119, mme ke lone la boraro ka bogolo kwa Itali.

Fa o ka nna le tshono ya go etela kwa Sirakuse, o ka nna mo setulong se se lebaganeng le lewatle kwa Ortygia, o bule Baebele ya gago mo go Ditiro 28:12, mme o akanye ka moaposetoloi Paulo a le mo sekepeng, se ntse se lelesela se tla go ema mo boemakepeng jono.

[Setshwantsho se se radilweng/Mmapa mo go tsebe 30]

(Go bona mokwalo o o feletseng bona kgatiso)

Maleta

Sisili

Sirakuse

ITALI

Regiuma

Puteoli

Roma

[Setshwantsho mo go tsebe 30]

Matlotla a lefelo la bobogelo la Bagerika kwa Sirakuse