Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Tsamaela Kwa Leseding

Tsamaela Kwa Leseding

Tsamaela Kwa Leseding

MATLO a magolo a a nang le dipone tse di kaelang dikepe a bolokile matshelo a batho ba le bantsintsi. Le fa go ntse jalo, mo motsamaing yo o lapileng, lesedi le a le bonang ga le mo tlhagise fela ka mafika a a kotsi a a mo metsing. Lesedi leo gape le mmontsha gore o gaufi le go goroga kwa a yang teng. Ka tsela e e tshwanang, Bakeresete gompieno ba gaufi le go wetsa mosepele o moleele, o o ba tsamaisitseng mo lefatsheng le le lefifi, le le kotsi ka tsela ya semoya. Mo Baebeleng, batho ka kakaretso—bontsintsi jwa batho ba ba fularetseng Modimo—ba tshwantshiwa le “lewatle le le kgaphaselang, fa le sa kgone go sisibala, metsi a lone a ntse a bilola mofero wa lewatle le loraga.” (Isaia 57:20) Batho ba Modimo ba tshela mo tikologong e e ntseng jalo. Le fa go ntse jalo, ba na le tsholofelo e e itumedisang ya poloko, e mo go bone e tshwanang le lesedi la tshwantshetso le ba ka le ikanyang. (Mika 7:8) Ka ntlha ya ga Jehofa le Lefoko la gagwe le le kwadilweng, “lesedi le phatsimetse mosiami, le go ipela go phatsimetse ba ba pelo e thokgameng.”—Pesalema 97:11. *

Le fa go ntse jalo, Bakeresete bangwe ba ile ba letla dilo tse di itayang tsebe gore di ba tlose mo leseding la ga Jehofa mme tumelo ya bone ya senyega ka go thubagana mo go se re ka se tshwantshang le mafika a a kotsi—go rata dikhumo, boitsholo jo bo sa siamang kana botlhanogi. Fela jaaka mo lekgolong la ntlha la dingwaga, bangwe gompieno “ba senyegelwa ke tumelo jaaka go thubega ga sekepe.” (1 Timotheo 1:19; 2 Petere 2:13-15, 20-22) Lefatshe le lesha le ka nna la tshwantshiwa le boemakepe jo re yang re bo lebile. E re ka re le gaufi thata jaanong, go ka utlwisa botlhoko thata gore motho a se ka a amogelwa ke Jehofa!

Tila go “Senyegelwa ke Tumelo Jaaka go Thubega ga Sekepe”

Mo makgolong a a fetileng a dingwaga, sekepe se ne se ka nna sa tsamaya sentle fa se sa ntse se le fa gare ga lewatle mme sa thubega fa se atamela boemakepe. Gantsi karolo e e kotsi thata ya mosepele e ne e le fa sekepe se atamela lotshitshi. Ka tsela e e tshwanang, mo bathong ba bantsi nako e e kotsi thata mo hisitoring ya batho ke ‘metlha ya bofelo’ ya tsamaiso eno ya dilo. Baebele e tlhalosa metlha eno sentle e re ‘e boima go lebana le yone,’ segolobogolo mo Bakereseteng ba ba ineetseng.—2 Timotheo 3:1-5.

Ke eng fa metlha eno ya bofelo e le boima thata jaana? Satane o itse gore o saletswe ke “lobaka lo lokhutshwane lwa nako” lo a ka lwang le batho ba Modimo ka lone. Ka jalo, o gaketse thata mo letsholong la gagwe le le setlhogo la go senya tumelo ya bone. (Tshenolo 12:12, 17) Le fa go ntse jalo, re na le kwa re ka bonang thuso le kaelo teng. Jehofa o ntse a tsweletse go nna setshabelo sa ba ba reetsang kgakololo ya gagwe. (2 Samuele 22:31) O re neile dikai tse di re tlhagisang tse di senolang maano a ga Satane a a bosula a boferefere. Jaanong a re sekasekeng dikai tse di ntseng jalo tse pedi tse di amanang le setšhaba sa Iseraele jaaka se ne se atamela go tsena mo Lefatsheng le le Solofeditsweng.—1 Bakorintha 10:11; 2 Bakorintha 2:11.

Ba le Gaufi le go Tsena mo Lefatsheng le le Solofeditsweng

Baiseraele ba ne ba kgona go tshaba kwa Egepeto ba eteletswe pele ke Moshe. Go ise go ye kae, ba ne ba setse ba le gaufi le molelwane o o kwa borwa wa Lefatshe le le Solofeditsweng. Moshe o ne a romela banna ba le 12 go ya go tlhola naga. Ditlhodi di le lesome tse di se nang tumelo di ne tsa tlisa pego e e kgobang marapo di re Baiseraele ba ne ba ka se kgone go fenya Bakanana ka gonne ba ne ba le “bogolo jo bo boitshegang” e bile ba ne ba nonofile mo go tsa sesole. Seo se ne sa ama Baiseraele jang? Pego eo e re bolelela gore ba ne ba simolola go ngongoregela Moshe le Arone ba re: “Ke ka ntlha yang fa Jehofa a re tlisa mo lefatsheng leno go tla go wa ka tšhaka? Basadi ba rona le bana ba rona ba tla nna kgapo. . . . A re tlhomeng moeteledipele, mme re boeleng Egepeto!”—Dipalo 13:1, 2, 28-32; 14:1-4.

Akanya fela! Batho bano ba ne ba bone Jehofa a kokobetsa Egepeto e e maatla—e e neng e le mmusomogolo ka motlha oo—ka dipetso di le lesome tse di maswe le ka kgakgamatso e e boitshegang kwa Lewatleng le Lehibidu. Mme Lefatshe le le Solofeditsweng le ne le le fa pele ga bone, ka jalo ba ne ba tshwanetse gore ba tsamaele kwa go lone jaaka sekepe se tsamaela kwa leseding le le tshwayang lefelo le se yang kwa go lone. Le fa go ntse jalo, ba ne ba sa dumele gore Jehofa a ka kgona go menola metse ya magosi a mannye a a kgaoganeng a Kanana. Go tlhoka tumelo ka tsela eno go tshwanetse ga bo go ile ga swabisa Modimo le ditlhodi tse pedi tse di pelokgale, e bong Joshua le Kalebe, ba ba neng ba tsaya Kanana e tshwana le “senkgwe mo go [Iseraele]”! Banna ba babedi bano ba ne ba iponetse ka matlho, ka gonne ba ne ba kile ba ralala Kanana. Fa setšhaba se ne se sa tsene mo Lefatsheng le le Solofeditsweng, Joshua le Kalebe le bone ba ne ba tshwanelwa ke go tsamaya mo nageng ka dingwaga tse dintsi, mme ga ba a ka ba swela koo mmogo le batho ba ba se nang tumelo. Tota e bile, Joshua le Kalebe ba ile ba thusa go etelela pele kokomana e e latelang go tswa mo nageng go ya kwa Lefatsheng le le Solofeditsweng. (Dipalo 14:9, 30) Fa Baiseraele ba ne ba atamela Lefatshe le le Solofeditsweng lekgetlho la bobedi, ba ne ba tla lebana le teko e sele. Ba ne ba tla dira jang?

Kgosi Balake wa Moabe o ne a lekile go hutsa Baiseraele a dirisa moporofeti wa maaka Balaame. Le fa go ntse jalo, Jehofa o ne a dira gore leano leno le folotse ka go dira gore Balaame a ba segofatse go na le gore a ba hutse. (Dipalo 22:1-7; 24:10) Balaame ga a ka a kgobiwa marapo ke seo mme o ne a leka leano le lengwe gape le le bosula, la go dira gore batho ba Modimo ba se ka ba tshwanelega go newa lefatshe. O ne a dira seo jang? Ka go ba raela gore ba dire boitsholo jo bo sa siamang mme ba obamele Baale. Le fa leano leno kgabagare le lone le ile la palelwa, le ile la felela ka gore a fapose Baiseraele ba le 24 000. Ba ne ba nna le dikamano tsa boitsholo jo bo maswe le basadi ba Moabe ba bo ba ikgolaganya le Baale wa Peore.—Dipalo 25:1-9.

Akanya fela! Bontsi jwa Baiseraele bano ba ne ba bone Jehofa a ba eteletse pele ka pabalesego go ralala “naga e kgolo eo yotlhe le e e boitshegang.” (Duteronome 1:19) Le fa go ntse jalo, batho ba Modimo ba le 24 000 ba ne ba ineela mo dikeletsong tsa nama mme Jehofa a ba bolaya ba setse ba le gaufi le go newa boswa jwa bone. Eno ke tlhagiso mo batlhankeng ba Modimo gompieno jaaka ba le gaufi le go newa boswa jo bogolo thata!

Satane ga a tlhoke go dirisa maano a masha gore a leke labofelofelo go thibela batho ba ga Jehofa ba motlha ono gore ba se ka ba bona tuelo ya bone. Gantsi Satane o leka go re tsenya poifo le pelaelo, e ka tswa e le ka matshosetsi, pogiso kana go jewa setshego, a dirisa leano le le re gopotsang se se neng sa direga fa Baiseraele ba ne ba atamela Lefatshe le le Solofeditsweng lekgetlho la ntlha. Bakeresete bangwe ba ineetse mo matshosetsing a a ntseng jalo. (Mathaio 13:20, 21) Leano le lengwe le le atlegang tota ke la go senya boitsholo jwa batho. Ka dinako tse dingwe, bangwe ba ba kukunetseng mo phuthegong ya Bokeresete ba leka go senya boitsholo jwa batho ba ba bokoa semoyeng le ba ba sa tsamayeng ba tlhatswegile pelo mo leseding la Modimo.—Jude 8, 12-16.

Mo bathong ba ba godileng semoyeng le ba ba podimatseba, go senyega thata jaana ga boitsholo jwa lefatshe ke bosupi jo bogolo jo bo bontshang gore Satane o gaketse. Satane o a itse gore mo nakong e e sa fediseng pelo a ka se tlhole a kgona go raela batlhanka ba Modimo ba ba ikanyegang. Ka jalo, ruri eno ke nako ya gore re nne re tsogile semoyeng gore re lemoge maano a ga Satane.

Dilo Tse Di ka Re Thusang go Nna re Tsogile Semoyeng

Moaposetoloi Petere o ne a tlhalosa lefoko la Modimo la boporofeti a re ke “lobone lo lo phatsimang mo lefelong le le lefifi,” ka gonne le thusa Bakeresete go bona le go tlhaloganya kafa maikaelelo a Modimo a diragadiwang ka teng. (2 Petere 1:19-21) Batho ba ba ratang Lefoko la Modimo ba bo ba tswelela ba kaelwa ke lone ba lemoga gore Jehofa o tlhamalatsa ditselana tsa bone. (Diane 3:5, 6) Batho ba ba ntseng jalo ba ba anaanelang, ba ba nang le tsholofelo, ba “goa ka boipelo ka ntlha ya seemo se se molemo sa pelo,” fa ba ba sa itseng Jehofa kana ba ba tlogelang tsela ya gagwe kgabagare ba utlwa “botlhoko jwa pelo” le “go hutsafala thata ga moya.” (Isaia 65:13, 14) Ka jalo, ka go ithuta Baebele ka tlhoafalo le go dirisa se re se ithutang, re ka boloka matlho a rona a tsepame mo tsholofelong e e tlhomameng go na le go a tlhoma mo menateng e e fetang ya tsamaiso eno ya dilo.

Thapelo le yone e ka thusa thata gore re nne re tsogile semoyeng. Fa Jesu a ne a bua ka bokhutlo jwa tsamaiso eno ya dilo, o ne a re: “Jaanong, nnang lo tsogile, lo dira mokokotlelo ka nako yotlhe gore lo tle lo atlege mo go faloleng dilo tseno tsotlhe tse di laoletsweng go diragala, le go ema fa pele ga Morwa motho.” (Luke 21:34-36) Ela tlhoko kafa Jesu a dirisitseng ka teng lefoko “mokokotlelo,” e leng thapelo e e rapelwang ka tlhoafalo. Jesu o ne a itse gore batho ba ne ba tla bo ba le mo kotsing ya go latlhegelwa ke botshelo jo bo sa khutleng mo nakong eno e e thata. A dithapelo tsa gago di bontsha keletso e kgolo e o nang le yone ya go nna o tsogile semoyeng?

A re nneng re gakologetswe gore karolo ya bofelo ya mosepele wa rona wa go bona boswa e ka nna yone e e kotsi thata. Ka jalo, go botlhokwa thata gore re se ka ra latlhegelwa ke lesedi le le ka re isang polokong.

Nna Podimatseba Gore o Lemoge Dipone Tse di Timetsang

Bogologolo mo metlheng ya fa go ne go dirisiwa dikepe thata, kotsi e kgolo e ne e bakwa ke banna ba ba bosula ba ba neng ba rata go timetsa dikepe mo masigong a fa go se na ngwedi fa batsamaisi ba dikepe ba ne ba sa kgone go bona losi lwa lewatle sentle. Banna bano ba ne ba tlhoma dipone mo dikarolong tse dikotsi tsa lotshitshi gore ba tsietse dikapotene tsa sekepe gore di tseye tsela e sele. Ba ba neng ba tsiediwa ke dipone tseo ba ne ba thubegelwa ke dikepe, merwalo e ba e tshotseng e gapiwa, mme ba swa.

Ka tsela e e tshwanang, Satane, “moengele wa lesedi” yo o tsietsang o batla go tseela batho ba Modimo kamano e ba nang le yone le Modimo. Diabolo o ka nna a dirisa “baaposetoloi ba maaka” le “badiri ba ba tsietsang” ba batlhanogi go tsietsa batho ba ba sa ntshang matlho dinameng. (2 Bakorintha 11:13-15) Mme fela jaaka kapotene yo o ntshitseng matlho dinameng yo o nang le boitemogelo le setlhopha se a dirang le sone ba ne ba ka se tsiediwe ke dipone tse di timetsang, Bakeresete “ba bokgoni jwa bone jwa go lemoga bo thapisiwang ka go dirisiwa gore bo farologanye se se siameng le se se sa siamang” ga ba tsiediwe ke batho ba ba rotloetsang dithuto tsa maaka le difilosofi tse di kotsi.—Bahebera 5:14; Tshenolo 2:2.

Batsamaisi ba dikepe ba ne ba na le lenaane la matlo a a nang le dipone tse di kaelang dikepe a ba neng ba tla a feta mo tseleng. Lenaane leno le ne le tlhalosa popego ya ntlo nngwe le nngwe ya dipone tse di kaelang dikepe, go akaretsa le tsela e e tlhomologileng e ntlo eno e neng e tla lemogiwa ka yone. Buka nngwe ya tshedimosetso (The World Book Encyclopedia) ya re: “Batsamaisi ba dikepe ba ne ba lemoga gore ntlo ya dipone tse di kaelang e ba e bonang ke efe—mme ka tsela e e ntseng jalo ba kgona go lemoga gore ba fa kae—ka go ela tlhoko popego ya ntlo eno le go tlhola lenaane la matlo a dipone tse di kaelang dikepe.” Ka tsela e e tshwanang, Lefoko la Modimo le thusa batho ba ba dipelo di ikanyegang go lemoga kobamelo ya boammaaruri le go lemoga batho ba ba leng mo go yone, segolobogolo mo metlheng eno ya bofelo jaaka Jehofa a tlhatloseditse kobamelo eno kwa godimo thata ga bodumedi jwa maaka. (Isaia 2:2, 3; Malaki 3:18) Fa Diane 60:2, 3 e bontsha pharologanyo e kgolo fa gare ga kobamelo ya boammaaruri le ya maaka, ya re: “Lefifi le tla bipa lefatshe, le letobo le lentshontsho le tla bipa ditlhopha tsa ditšhaba; mme Jehofa o tla go phatsimela, le kgalalelo ya gagwe e tla bonwa mo go wena. Mme ruri ditšhaba di tla ya kwa leseding la gago, le dikgosi kwa phatsimong ya go phatsima ga gago.”

Jaaka batho ba bantsi ba ba tswang mo ditšhabeng tsotlhe ba tswelela go kaelwa ke lesedi la ga Jehofa, ga ba na go latlhegelwa ke tumelo ya bone mo karolong eno ya bofelo ya mosepele wa bone. Go na le moo ba tla tsamaya ba babalesegile mo malatsing a a setseng a tsamaiso ya gone jaanong ya dilo mme ba fetele kwa lefelong le le sireletsegileng la kagiso kwa lefatsheng le lesha.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 2 Dikwalo di dirisa “lesedi” ka ditsela tse dintsi tsa tshwantshetso. Ka sekai, Baebele e amanya Modimo le lesedi. (Pesalema 104:1, 2; 1 Johane 1:5) Tshedimosetso ya bomodimo e e mo Lefokong la Modimo e tshwantshiwa le lesedi. (Isaia 2:3-5; 2 Bakorintha 4:6) Fa Jesu a ne a dira bodiredi jwa gagwe mo lefatsheng, e ne e le lesedi. (Johane 8:12; 9:5; 12:35) Mme balatedi ba ga Jesu ba laelwa gore ba phatsimise lesedi la bone.—Mathaio 5:14, 16.

[Setshwantsho mo go tsebe 15]

Jaaka batsamaisi ba dikepe, Bakeresete ba kelotlhoko gore ba se ka ba tsiediwa ke dipone tse di timetsang