Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Tshela o Akantse ka Isagwe

Tshela o Akantse ka Isagwe

Tshela o Akantse ka Isagwe

“LO SE ka le ka motlha lwa tlhobaela kaga letsatsi le le latelang.” Ano ke mafoko a a neng a buiwa ke Jesu Keresete mo therong ya gagwe e e itsegeng thata kwa lefelong le le fa thoko ga thaba kwa Galalea. Go ya ka thanolo nngwe ya Baebele ya Setswana, Jesu o ne a tswelela jaana: “Letsatsi la ka moso le tla itshwenyegela ka losi.”—Mathaio 6:34.

O akanya gore mafoko a a reng “letsatsi la ka moso le tla itshwenyegela ka losi,” a kayang? A a raya gore o tshelele gompieno fela mme o itlhokomolose letsatsi le le latelang? A tota seno se dumalana le se Jesu le balatedi ba gagwe ba neng ba se dumela?

“Tlogelang go Tlhobaela”

Tsweetswee bala mafoko otlhe a ga Jesu a a mo go Mathaio 6:25-32. Bontlhanngwe jwa one a re: “Tlogelang go tlhobaela ka meya ya lona ka ga gore lo tla ja eng kgotsa lo tla nwa eng, kgotsa kaga mebele ya lona gore lo tla apara eng. . . . Lepang ka kelotlhoko dinonyane tsa legodimo, ka gonne ga di jale peo le gone ga di robe le gone ga di phuthele mo matlong a polokelo; le fa go ntse jalo Rraalona wa selegodimo o a di fepa. . . . Ke mang wa lona yo ka go tlhobaela a ka oketsang lobaka lwa botshelo jwa gagwe ka kubita e le nngwe? Gape, mo kgannyeng ya diaparo, ke ka ntlha yang fa lo tlhobaela? Ithuteng mo dithunyeng tsa masoma tsa legola, kafa di golang ka gone; ga di dire ka natla, le gone ga di otlhe . . . Jalo lo se ka le ka motlha lwa tlhobaela mme lwa re, ‘Re tla ja eng?’ kgotsa, ‘Re tla nwa eng?’ kgotsa, ‘Re tla apara eng?’ Gonne dilo tseno tsotlhe ke dilo tse ditšhaba di di gwalalelang. Gonne Rraalona wa selegodimo o a itse gore lo tlhoka dilo tseno tsotlhe.”

Jesu o konela karolo eno ya thero ya gagwe ka go ba naya dikgakololo di le pedi. Ya ntlha: “Jalo, nnang lo batle pele bogosi [jwa Modimo] le tshiamo ya gagwe, mme dilo tse dingwe tseno tsotlhe lo tla di okelediwa.” Ya bobedi: “Jalo, lo se ka le ka motlha lwa tlhobaela kaga letsatsi le le latelang, gonne letsatsi le le latelang le tla nna le ditlhobaelo tsa lone. Letsatsi lengwe le lengwe le lekanwe ke bosula jwa lone.”—Mathaio 6:33, 34.

Rraalona o Itse Se lo Se Tlhokang

A o akanya gore Jesu o ne a raya gore barutwa ba gagwe go akaretsa le balemirui ba se ka ba ‘jala, ba roba le go phutha dijalo tsa bone ba di tsenye mo matlong a polokelo’? Kana gore ba se ka ba ‘dira ka natla, le go otlha’ gore ba bone diaparo tse ba di tlhokang? (Diane 21:5; 24:30-34; Moreri 11:4) Nnyaa o ne a sa rialo. Fa ba ne ba ka tlogela go bereka, ga go pelaelo gore ba ne ba tla feleletsa ba “kopa ka nako ya thobo,” ba se na se ba se jang kana se ba se aparang.—Diane 20:4.

Go tweng ka kgang ya go tlhobaela? A Jesu o ne a raya gore batho ba ba neng ba mo reeditse ba ka tila go tlhobaela gotlhelele? Seo se ne se ka se kgonege. Jesu ka boene o ne a tshwenyega thata mo maikutlong le go tlhobaela mo bosigong jo a neng a tshwarwa ka jone.—Luke 22:44.

Jesu o ne a gatelela fela ntlha ya botlhokwa. Tota go tshwenyega thata go sa tlhokege ga go ka ke ga go thusa go rarabolola mathata le fa e ka nna afe a o lebaneng le one. Ka sekai, ga go ka ke ga go thusa go tshela lobaka lo loleelenyana. Jesu o ne a re ga go ka ke ga ‘oketsa lobaka lwa botshelo jwa gago ka kubita e le nngwe.’ (Mathaio 6:27) Boammaaruri ke gore go tshwenyega thata ka lobaka lo loleele go ka khutshwafatsa botshelo jwa gago.

Ka jalo kgakololo ya gagwe e ne e utlwala tota. Aitsane bontsi jwa dilo tse re tshwenyegang ka tsone ga di ke di direga. Radipolotiki wa kwa Boritane, Winston Churchill o ne a lemoga seno mo malatsing a a hutsafatsang a Ntwa ya Lefatshe II. Fa a ne a kwala ka dingwe tsa dilo tse a neng a tshwenyegile ka tsone mo nakong eo, o ne a re: “Fa ke leba kwa morago mme ke akanya ka dilo tsotlhe tse ke neng ke tshwenyegile ka tsone, ke gakologelwa kgang ya monnamogolo mongwe yo pele a tlhokafala a neng a re o ne a tlhola a tshwenyega thata mo botshelong, mme bontsi jwa dilo tse a neng a tlhola a tshwenyega ka tsone ga di a ka tsa direga.” Ruri re tla bo re le botlhale fa re sa tshwenyege thata ka se se tla diregang kamoso, segolobogolo fa dikgatelelo le mathata a re lebaneng le one di ka dira gore re tlhobaele le go feta.

‘Nnang lo Batle Pele Bogosi Jwa Modimo’

Totatota Jesu o ne a akantse ka sengwe se se fetang fela boitekanelo jwa mo mmeleng le jwa mo maikutlong jwa bareetsi jwa gagwe. O ne a itse gore go tlhobaela ka dilo tse motho a di tlhokang mo botshelong mmogo le go eletsa thata go nna le dithoto le go ijesa monate, go itaya motho tsebe mme go dira gore a se ka a bona dilo tse dingwe tse di botlhokwa go feta tseo. (Bafilipi 1:10) O ka nna wa akanya gore, ‘Ke eng se se botlhokwa go feta go bona dilo tse ke di tlhokang mo botshelong?’ Karabo ke gore, ke dilo tsa semoya tse di amanang le tsela e re obamelang Modimo ka yone. Jesu o ne a gatelela gore selo sa botlhokwatlhokwa mo botshelong jwa rona e tshwanetse go nna go ‘batla pele bogosi jwa Modimo le tshiamo ya gagwe.’—Mathaio 6:33.

Mo motlheng wa ga Jesu, batho ba le bantsi ba ne ba tlhoafaletse go batla dikhumo. Selo se ba neng ba se beile kwa pelepele e ne e le go ikokoanyetsa dikhumo. Le fa go ntse jalo, Jesu o ne a rotloetsa bareetsi ba gagwe gore bone ba lebe dilo ka tsela e e farologaneng le eo. E re ka e ne e le batho ba ba ineetseng mo Modimong, “tshwanelo yotlhe” ya bone e ne e le gore ba “boife Modimo wa boammaaruri mme ba boloke ditaelo tsa gagwe.”—Moreri 12:13.

Go tshwarega thata ka go batla dithoto—“tlhobaelo ya tsamaiso eno ya dilo le maatla a a tsietsang a dikhumo”—go ne go tla dira gore bareetsi ba ga Jesu ba palelwe ke go tsepamisa megopolo mo dilong tse di amanang le kobamelo. (Mathaio 13:22) Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana: “Ba ba ikemiseditseng go huma ba wela mo thaelong le mo serung le mo dikeletsong tse dintsi tsa go tlhoka tlhaloganyo le tse di utlwisang botlhoko, tse di thabuetsang batho mo tshenyegong le mo tshenyong.” (1 Timotheo 6:9) Fa Jesu a ne a thusa balatedi ba gagwe gore ba se wele mo “serung” seno, o ne a ba gakolola gore Rraabone yo o kwa legodimong o ne a itse dilo tsotlhe tse ba di tlhokang. Modimo o ne a tla ba tlhokomela fela jaaka a tlhokomela “dinonyane tsa legodimo.” (Mathaio 6:26, 32) Go na le go letla gore go tlhobaela go ba fekeetse, ba ne ba tshwanetse go dira sotlhe se ba ka se kgonang go bona dilo tse ba di tlhokang, mme go tswa foo ba tlogelele sengwe le sengwe mo diatleng tsa ga Jehofa ka tsholofelo ya gore o tla ba tlhokomela.—Bafilipi 4:6, 7.

Fa Jesu a ne a re, “letsatsi la ka moso le tla itshwenyegela ka losi,” tota o ne a raya gore ga re a tshwanela go itetla go tshwenyega go sa tlhokege ka se se tla diregang kamoso mme ka go dira jalo re oketsa mathata a re nang le one gompieno. Thanolo e nngwe ya Baebele e baya mafoko a gagwe jaana: “Lo se ka lwa tshwenyega ka letsatsi le le latelang; le tla nna le matshwenyego a lone a a le lekaneng. Ga go tlhokege go oketsa mathata a letsatsi lengwe le lengwe le re tlisetsang one.”—Mathaio 6:34, Today’s English Version.

“A Bogosi Jwa Gago bo Tle”

Le fa go ntse jalo, go na le pharologano e kgolo fa gare ga go sa tshwenyege ka tsela e e feteletseng ka isagwe le go e itlhokomolosa gotlhelele. Jesu ga a ka a kgothatsa barutwa ba gagwe gore ba itlhokomolose isagwe. Go na le moo, o ne a ba kgothatsa gore ba kgatlhegele isagwe fela thata. Ba ne ba ka rapelela dilo tse ba di tlhokang ka nako eo—senkgwe sa letsatsi le letsatsi. Mme gone, ba ne ba tshwanetse go rapelela pele dilo tsa mo isagweng—gore Bogosi jwa Modimo bo tle mme thato ya Gagwe e dirwe mo lefatsheng.—Mathaio 6:9-11.

Ga re a tshwanela go tshwana le batho ba motlha wa ga Noa. Ba ne ba tshwaregile thata ba “ja e bile baa nwa banna ba nyala le basadi ba neelwa nyalong” mo ba neng ba “se ka ba tsaya tsia” se se neng se le gaufi le go direga. Mme ga felela jang ka bone? ‘Morwalela o ne wa tla o bo o ba gogola botlhe.’ (Mathaio 24:36-42) Moaposetoloi Petere o ne a dirisa tiragalo eo ya mo nakong e e fetileng go re gopotsa botlhokwa jwa go tshela re akantse ka isagwe. O ne a kwala jaana: “E re ka dilo tseno tsotlhe di tshwanetse tsa nyerologa jalo, ana lo tshwanetse go nna batho ba mofuta ofe mo ditirong tse di boitshepo tsa boitshwaro le ditiro tsa boineelo jwa bomodimo, lo letetse e bile lo ntse lo akantse thata ka go nna gone ga letsatsi la ga Jehofa!”—2 Petere 3:5-7, 11, 12.

“Ipolokeleng Matlotlo Kwa Legodimong”

A re nneng re “akantse thata” ka letsatsi la ga Jehofa. Seo se tla ama thata tsela e re dirisang nako ya rona ka yone, nonofo ya rona, bokgoni jwa rona mmogo le dithoto tsa rona. Ga re a tshwanela go tshwarega thata ka go batla dikhumo—e ka tswa e le dilo tse re di tlhokang kana menate fela ya botshelo—mo re nnang le nako e nnye fela ya go dira dilo tse di amanang le “boineelo jwa bomodimo.” Re ka nna ra bona matswela a a molemo ka bonako fa re tlhoma mogopolo fela mo go se se diregang gompieno, mme gone melemo eo e tla nna ya nakwana fela. Jesu o ne a re re tla bo re le botlhale tota fa re ‘ipolokela matlotlo kwa legodimong’ go na le mo lefatsheng.—Mathaio 6:19, 20.

Jesu o ne a gatelela ntlha eo mo setshwantshong sa gagwe sa monna yo o neng a itiretse dithulaganyo tse dikgolo tsa isagwe. Dithulaganyo tseo di ne di sa akaretse go nna le kamano e e molemo le Modimo. Tshimo ya monna yono e ne e ungwa fela thata. O ne a swetsa ka gore a rutlolole matlo a gagwe a polokelo mme a age a magolwane gore a tle a tshele botshelo jwa go tlhaba kgobe ka mutlwa, a je, a nwe a ijese monate. Bothata jwa seo e ne ya nna eng? O ne a swa pele a ka itumelela tiro ya diatla tsa gagwe. Mme se se maswe le go feta, o ne a sa itirela kamano e e molemo le Modimo. Jesu o ne a konela ka go re: “Go nna jalo ka monna yo o ipeelang letlotlo mme a sa huma malebana le Modimo.”—Luke 12:15-21; Diane 19:21.

O ka Dira Eng?

O se ka wa dira phoso e e tshwanang le ya monna wa setshwantsho sa ga Jesu. Batla boikaelelo jwa Modimo ka isagwe mme o rulaganye botshelo jwa gago o akantse ka jone. Modimo ga a tlogela batho ba le mo lefifing ka se a tlileng go se dira. Moporofeti wa bogologolo Amose o ne a kwala jaana: “Morena Molaodimogolo Jehofa ga a kitla a dira sepe fa a sa senolela batlhanka ba gagwe, e bong baporofeti sephiri sa gagwe.” (Amose 3:7) Se Jehofa a neng a re senolela sone ka baporofeti ba gagwe se fitlhelwa mo Lefokong la gagwe le le tlhotlheleditsweng, Baebele.—2 Timotheo 3:16, 17.

Tiragalo e nngwe e Baebele e buang ka yone ke e e tla diregang mo bogautshwaneng mme e tla ama lefatshe lotlhe ka selekanyo se segolwane. Jesu o ne a re: “Go tla nna le pitlagano e kgolo e e jaaka e e iseng e ko e nne fa e sale ka tshimologo ya lefatshe go fitlha jaanong.” (Mathaio 24:21) Ga go motho ope yo o ka thibelang tiragalo eo. Mme gone ga go lebaka la gore baobamedi ba boammaaruri ba batle go e thibela. Ka ntlha yang? Ka gonne tiragalo eno e tla tlosa boikepo jotlhe jo bo mo lefatsheng mme e tla lere “legodimo le lesha le lefatshe le lesha” e leng puso e ntšha ya kwa legodimong le setšhaba se sesha sa batho mo lefatsheng. Mo lefatsheng leo le lesha, Modimo “o tla phimola dikeledi tsotlhe mo matlhong a bone, mme loso lo tla bo lo seyo, le fa e le khutsafalo le fa e le selelo le fa e le botlhoko di tla bo di sa tlhole di le gone.”—Tshenolo 21:1-4.

A tota ga go utlwale gore gone jaanong re iphe nako ya go sekaseka gore Baebele ya reng ka ditiragalo tseo? A o tlhoka thuso go dira jalo? Kopa Basupi ba ga Jehofa gore ba go thuse kana o kwalele bagatisi ba makasine ono. Dira bojotlhe gore o se ka wa tshelela gompieno fela mme o akanye le ka isagwe e e molemolemo.

[Ditshwantsho mo go tsebe  7]

“Tlogelang go tlhobaela . . . Letsatsi le le latelang le tla nna le ditlhobaelo tsa lone”