Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Utlwa Lentswe Le le Mo Teng ga Gago

Utlwa Lentswe Le le Mo Teng ga Gago

Utlwa Lentswe Le le Mo Teng ga Gago

“Batho ba ditšhaba ba ba se nang molao [wa Modimo] ba dira ka tlholego dilo tsa molao.”—BAROMA 2:14.

1, 2. (a) Batho ba le bantsi ba ile ba dirang ka gonne ba amega ka ba bangwe? (b) Ke dikai dife mo Baebeleng tse di bontshang kafa batho ba amegang ka ba bangwe ka teng?

MONNA mongwe wa dingwaga tse 20 o ne a le fa bopalamelong jwa terena e e tsamayang kafa tlase ga lefatshe fa a tla tshwarwa ke mototwane a bo a wela mo seporong. Fa mongwe yo o fa gaufi a bona tiragalo eno, o ne a tlogela bomorwadie ba a neng a ba tshwere ka diatla mme a fologela kwa tlase ka bonako. O ne a goga monna yo o neng a tshwerwe ke mototwane a mo gogela mo moseleng o o fa gare ga diporo, a mo sireletsa ka mmele mo tereneng e e neng e ba feta fa godimo ka modumo o mogolo e ya go ema. Bangwe ba ka re monna yono yo o faloditseng yo mongwe ke mogale, mme ene o ne a re: “Motho o tshwanetse go dira se se siameng. Se ke se dirileng ke se dirile ka bopelontle. Ke ne ke sa direle gore ke tseelwe kwa godimo kgotsa ke galalediwe.”

2 O ka tswa o itse mongwe yo o ileng a itsenya mo kotsing gore a thuse ba bangwe. Ba le bantsi ba ne ba dira jalo ka Ntwa ya Lefatshe II, ba fitlha batho ba ba sa ba itseng. Gopola gape le se se diragaletseng moaposetoloi Paulo le batho ba bangwe ba le 275 ba ba neng ba thubegetswe ke sekepe kwa Maleta, gaufi le Sisili. Batho ba motse ba ne ba tla go ba thusa le mororo ba ne ba sa ba itse, ba ba bontsha “bopelonomi jo bo sa tlwaelegang.” (Ditiro 27:27–28:2) Kgotsa go tweng ka mosetsana wa Moiseraele yo le fa gongwe a ne a sa tsenye botshelo jwa gagwe mo kotsing, a ileng a bontsha go amega ka bopelonomi ka botsogo jwa mongwe wa Basiria ba ba neng ba mo gapile? (2 Dikgosi 5:1-4) Akanya le ka setshwantsho se se itsegeng thata sa ga Jesu sa Mosamarea yo o molemo. Moperesiti le Molefi ba ne ba tlhokomologa Mojuda ka bone yo o neng a setse a le gaufi le go swa, mme Mosamarea mongwe ene o ne a tsaya matsapa a go ya go mo thusa. Setshwantsho seno se amile dipelo tsa batho ba ditso tse dintsi mo makgolong a a ntseng a feta a dingwaga.—Luke 10:29-37.

3, 4. Go ata ga moya wa go rata go thusa batho ba bangwe ka bopelotshweu go re bolelela eng ka tumelo ya gore batho ba tswa mo diphologolong?

3 Ke boammaaruri gore re tshela mo ‘dinakong tsa mathata tse go leng boima go lebana le tsone’; batho ba le bantsi ke “ba ba bogale jo bo tshabegang” le “ba ba sa rateng se se molemo.” (2 Timotheo 3:1-3) Le fa go ntse jalo, a ga re nke re bona batho ba dira ditiro tsa bopelontle, gongwe ba di direla rona? Mokgwa wa go thusa ba bangwe, le fa go dira jalo go tsenya wena mo kotsing, o tlwaelegile tota mo bangwe ba reng ke go nna le botho.

4 Moya ono wa go rata go thusa, tota le fa motho a itsenya mo kotsing o bonwa mo merafeng yotlhe le mo ditsong tsotlhe, mme seno se ganetsana le kgopolo ya gore batho ba tswa mo diphologolong. Francis S. Collins, moitsesaense mongwe wa kwa Amerika a re: “Batho ba ba dumelang thuto ya gore batho ba tswa mo diphologolong ba dumela gore diphologolo le batho ba ikakanyetsa e le bone fela le ba ba amanang le bone ka tsela nngwe. Mme tota batho ba na le mokgwa wa go rata go thusa ba bangwe le fa ba itsenya mo kotsing gore ba thuse batho ba ba sa amaneng ka gope le bone. Seo ga se tsamaisane le tumelo ya gore batho ba tswa mo diphologolong.”

“Lentswe la Segakolodi”

5. Gantsi go ile ga lemogiwa eng mo bathong?

5 Dr. Collins o umaka ntlha e nngwe e e malebana le moya wa rona wa go amega ka batho ba bangwe: “Lentswe la segakolodi le le re kgothaletsang go thusa ba bangwe le fa re sa tle go boelwa ke sepe.” * Lebaka la go bo a umaka “segakolodi” le ka re gopotsa ntlha e moaposetoloi Paulo a neng a e bua: “Le fa e le leng fela fa batho ba ditšhaba ba ba se nang molao ba dira ka tlholego dilo tsa molao, batho bano, le mororo ba se na molao, bone ka bobone ke molao. Ke bone tota ba ba bontshang fa kgang ya molao e kwadilwe mo dipelong tsa bone, fa segakolodi sa bone se naya bosupi kaga bone e bile, mo gare ga dikakanyo tsa bone, ba a latofadiwa kgotsa ga ba bonwe molato.”—Baroma 2:14, 15.

6. Ke ka ntlha yang fa batho botlhe ba ikarabela mo Mmoping?

6 Mo lekwalong le Paulo a neng a le kwalela Baroma, o ne a bontsha gore batho ba ikarabelela mo Modimong ka gonne dilo tse re di bonang ka matlho di dira gore re bone gore o teng re bo re bone le dinonofo tsa gagwe. Fa e sale go ntse jalo go tloga “mo popong ya lefatshe go ya pele.” (Baroma 1:18-20; Pesalema 19:1-4) Gone ke boammaaruri, batho ba le bantsi ba tlhokomologa Mmopi wa bone mme ba tshela botshelo jwa boitsholo jo bo sa siamang. Le fa go ntse jalo, thato ya Modimo ke gore batho ba dumele gore o siame mme ba ikwatlhaele mekgwa e e bosula. (Baroma 1:22–2:6) Bajuda ba ne ba na le lebaka le le utlwalang sentle la go dira jalo—ba ne ba filwe Molao wa Modimo ka Moshe. Mme tota le ditšhaba tse di neng di se na “ditaelo tse di boitshepo tsa Modimo” di ka bo di ile tsa lemoga gore Modimo o teng.—Baroma 2:8-13; 3:2.

7, 8. Kgopolo ya gore batho ba tshwanetse ba tshwarwa ka tsela e e siameng e atile go le kana kang, mme seno se bontsha eng?

7 Lebaka le legolo la go bo batho botlhe ba tshwanetse go dumela gore Modimo o teng ba bo ba tshela ka tsela e e bontshang gore ba dumela seo ke bokgoni jo ba nang le jone jwa go farologanya se se siameng le se se phoso. Go bo re kgona go itse se se siameng se re tshwanetseng go se dira go bontsha gore re na le segakolodi. Akanya ka seno: Bana bangwe ba foletse go tshameka ka moswinki. Yo mongwe mo go bone o ya kwa pelepele, a tsenelela ba bangwe. Ba bantsi ba re, ‘O a re tsietsa!’ Jaanong ipotse, ‘Go tla jang gore tota le bana ba bantsi ba kgone go bontsha ka bofefo jalo gore ba itse gore ba tshwanetse go tshwarwa ka tsela e e siameng?’ Go dira jalo ga bone go bontsha gore ba tlhaloganya boitsholo jo bo siameng. Paulo o ne a kwala a re: “Le fa e le leng fela fa batho ba ditšhaba ba ba se nang molao ba dira ka tlholego dilo tsa molao.” Ga a ka a re, “Fa go ka direga,” jaaka e kete ke sengwe se se diregang ka sewelo. O ne a re, “Le fa e le leng fela,” kgotsa “fa,” a bontsha gore ke sengwe se se diregang gantsi. Ke gore, batho “ba dira ka tlholego dilo tsa molao,” se se rayang gore ba tlhotlhelediwa ke go tlhaloganya boitsholo jo bo siameng gore ba dire tumalanong le se re se balang mo molaong wa Modimo o o kwadilweng.

8 Tsela eno ya go tlhaloganya boitsholo jo bo siameng e bonala mo dinageng di le dintsi. Porofesa mongwe wa Yunibesithi ya Cambridge o ne a bolela gore melao ya boitsholo ya Bababelona, Baegepeto le Bagerika mmogo le Ba-Aborigine ba Australia le Baamerika ba ba tlholegang mo Amerika e ne e akaretsa “go iletsa kgatelelo, polao, boferefere le maaka, melao e e tshwanang ya gore batho ba ba godileng, ba basha mmogo le ba ba bokoa ba tshwarwe sentle.” Mme Dr. Collins o ne a kwala a re: “Go lebega kgang ya se se siameng le se se phoso e tshwana mo lefatsheng lotlhe mo bathong ba ditso tsotlhe.” A seo ga se go gopotse Baroma 2:14?

Segakolodi sa Gago se Bereka Jang?

9. Segakolodi ke eng, mme se ka go thusa jang pele o dira sengwe?

9 Baebele e bontsha gore segakolodi ke bokgoni jo motho a nang le jone jwa go leba le go sekaseka ditiro tsa gagwe. Go ntse jaaka e kete lentswe mo teng ga gagwe le mmolelela gore a tiro e e rileng e siame kgotsa nnyaa. Paulo o ne a umaka lentswe leno le le mo teng ga gagwe jaana: “Segakolodi sa me se naya bosupi kaga me mo moyeng o o boitshepo.” (Baroma 9:1) Ka sekai, lentswe leno le ka bua go sale gale fa o ntse o akanyetsa gore a o dire sengwe se se ka tswang se siame kgotsa se le phoso. Segakolodi sa gago se ka go thusa go sekaseka sengwe se o tla se dirang mo isagweng mme sa go bolelela gore fa o ka se dira o tla ikutlwa jang.

10. Gantsi segakolodi se dira ka tsela efe?

10 Mme gantsi segakolodi sa gago se bereka fa o sena go dira sengwe. Fa Dafide a ne a le mo lobelong a tshaba Kgosi Saulo, o ne a ka kgona go dira sengwe se se tlontlololang kgosi ya Modimo e e tloditsweng, mme o ne a se dira. Morago ga moo, “pelo ya ga Dafide ya nna ya mo tshwenya.” (1 Samuele 24:1-5; Pesalema 32:3, 5) Lefoko “segakolodi” ga le a dirisiwa mo pegong eo; mme ke sone se Dafide a neng a se utlwa—o ne a utlwa segakolodi sa gagwe se dira. Rotlhe re a tle re jewe ke segakolodi jalo. Re ne ra dira sengwe, mme go tswa foo re bo re khidiega, re tshwenyega ka ntlha ya se re se dirileng. Bangwe ba ba neng ba sa duele makgetho a bone ba ne ba tshwenngwa ke segakolodi mo morago ba ileng ba duela molato wa bone. Ba bangwe ba ile ba tlhotlheletsega go ipolela boleo jwa bone jwa boaka mo molekaneng wa bone wa lenyalo. (Bahebera 13:4) Mme fa motho a dira go dumalana le segakolodi sa gagwe, a ka ikutlwa a kgotsofetse e bile a le mo kagisong.

11. Ke ka ntlha yang fa go ka nna kotsi go itetla go laolwa ke segakolodi fela? Tshwantsha.

11 A mme re ka itetla go laolwa ke segakolodi fela? Gone go siame go reetsa segakolodi sa gago, mme se ka nna sa go latlha tota. Ee, lentswe la “motho yo re leng ene mo teng” le ka re latlha. (2 Bakorintha 4:16) Sekai ke se. Baebele e re bolelela ka Setefane, molatedi yo o ineetseng wa ga Keresete yo o neng a “tletse bopelontle le maatla.” Bajuda bangwe ba ne ba latlhela Setefane kwa ntle ga Jerusalema mme ba mo kgobotletsa ka maje go fitlha a swa. Saulo (yo morago a neng a nna moaposetoloi Paulo) o ne a eme fa gaufi mme “o ne a dumelela go bolawa ga” ga Setefane. Go lebega Bajuda bao ba ne ba tlhomamisegile tota gore ba dira se se siameng mo e leng gore ga ba a ka ba tshwenngwa ke segakolodi. Saulo le ene o tshwanetse a bo a ne a akanya jalo, ka gonne morago ga moo o “ne a sa ntse a hema go tshosetsa le go bolaya barutwa ba Morena.” Go phepafetse gore ka nako eo segakolodi sa gagwe se ne se sa bue ka lentswe la boammaaruri.—Ditiro 6:8; 7:57–8:1; 9:1.

12. Tsela nngwe e segakolodi sa rona se ka tlhotlhelediwang ka yone ke efe?

12 Segakolodi sa ga Saulo se ka tswa se amilwe ke eng? O ka tswa a amilwe le ke batho ba a neng a dirisana thata le bone. Bontsi jwa rona re kile ra bua mo mogaleng le monna yo lentswe la gagwe le utlwalang le tshwana thata le la ga rraagwe. Gone o ka tswa a gotsitse segalo sa lentswe la ga rraagwe, mme gape o ka tswa a tlhotlheleditswe ke tsela e rraagwe a buang ka yone. Saulo le ene o ka tswa a amilwe ke go dirisana thata le Bajuda ba ba neng ba tlhoile Jesu e bile ba ganetsa dithuto tsa gagwe. (Johane 11:47-50; 18:14; Ditiro 5:27, 28, 33) Ee, batho ba Saulo a neng a dirisana le bone ba ka tswa ba ile ba tlhotlheletsa lentswe le a neng a le utlwa mo teng ga gagwe, segakolodi sa gagwe.

13. Tikologo e motho a tshelang mo go yone e ka ama segakolodi sa gagwe jang?

13 Gape segakolodi se ka amiwa ke tikologo e motho a tshelang mo go yone, fela jaaka tikologo e motho a tshelang mo go yone e ka mo tlhotlheletsa go bua ka tsela e e rileng. (Mathaio 26:73) Go ka tswa go diragetse jalo ka Baasiria ba bogologolo. Ba ne ba itsege ka go rata ntwa, e bile ditshwantsho tsa bone tse di gabilweng di ba bontsha ba tlhokofatsa batshwarwa. (Nahume 2:11, 12; 3:1) Go tlhalosiwa gore Baninife ba motlha wa ga Jona ba ne ba sa itse “pharologanyo fa gare ga seatla sa bone sa moja le sa molema.” Ke gore, ba ne ba se na molao o o tshwanetseng wa go bona se se siameng le se se sa siamang mo matlhong a Modimo. Akanya fela gore go nna mo gare ga batho ba ba ntseng jalo go ne go ka ama jang segakolodi sa mongwe yo o golelang kwa Ninife! (Jona 3:4, 5; 4:11) Mme le gompieno segakolodi sa motho se ka amiwa ke boikutlo jwa batho ba a tshelang mo gare ga bone.

Tsela ya go Tokafatsa Lentswe Le le Mo Teng ga Rona

14. Lebaka la go bo re na le segakolodi le dumalana jang le mafoko a Genesise 1:27?

14 Jehofa o ile a naya Adame le Efa mpho ya segakolodi, mme re ruile segakolodi sa rona mo go bone. Genesise 1:27 e re bolelela gore batho ba dirilwe mo setshwanong sa Modimo. Seo ga se reye gore re dirilwe mo sebopegong sa Modimo, ka gonne ene ke moya mme rona re nama. Re dirilwe mo setshwanong sa Modimo ka tsela ya gore re na le dinonofo tsa gagwe, go akaretsa go kgona go itse se se siameng le se se sa siamang mmogo le segakolodi se se berekang. Ntlha eno e re naya tsela e re ka nonotshang segakolodi sa rona ka yone, re dira gore se ikanyege. Ke gore, re ithute mo go oketsegileng ka Mmopi, mme re atamalane le ene.

15. Tsela nngwe e re ka solegelwang molemo ke go itse Rraarona ka yone ke efe?

15 Baebele e bontsha gore ka tsela nngwe, Jehofa ke Rraarona rotlhe. (Isaia 64:8) Bakeresete ba ba ikanyegang, le fa tsholofelo ya bone e ka tswa e le go ya kwa legodimong kgotsa go tshela mo paradaiseng ya mo lefatsheng, ba ka bitsa Modimo ba re Rara. (Mathaio 6:9) Re tshwanetse ra eletsa go atamalana thata le Rraarona mme ra ithuta tsela e a lebang dilo ka yone le melao ya gagwe. (Jakobe 4:8) Batho ba le bantsi ga ba kgatlhegele go dira jalo. Ba tshwana le Bajuda ba Jesu a neng a ba raya a re: “Ga lo ise lo utlwe lentswe la gagwe ka nako epe le fa e le go bona popego ya gagwe; e bile lefoko la gagwe ga le a nna mo go lona.” (Johane 5:37, 38) Ga re ise re ko re utlwe lentswe la Modimo ka tlhamalalo, mme re ka itse maikutlo a gagwe ka go bala lefoko la gagwe mme ka jalo ra nna jaaka ene ra ba ra ikutlwa jaaka ene.

16. Pego ya ga Josefa e bontsha eng ka ga go thapisa segakolodi sa rona le go se reetsa?

16 Pego ya ga Josefa a le mo ntlong ya ga Potifaro e bontsha seo. Mosadi wa ga Potifaro o ne a leka go raela Josefa. Le fa a ne a tshela ka nako e ka yone go neng go ise go kwalwe buka epe ya Baebele, le Melao e e Lesome e ise e ntshiwe, Josefa o ne a re: “Ke ka dira jang bosula jo bogolo jono mme ka leofela Modimo?” (Genesise 39:9) O ne a sa rialo fela go itumedisa ba lelapa la gagwe; ba ne ba nna kgakala. Tota o ne a batla go itumedisa Modimo. Josefa o ne a itse molao wa Modimo ka lenyalo—gore monna a nne le mosadi a le mongwe, bobedi jono e nne “nama e le nngwe.” Mme o tshwanetse a bo a ne a utlwile gore Abimeleke o ne a ikutlwa jang fa a utlwa gore Rebeka o ne a nyetswe—gore go mo tsaya go ne go tla nna phoso, go ne go tla tlisetsa batho ba gagwe molato. Ee, mme Jehofa o ne a segofatsa diphelelo tsa kgang eo, a bontsha kafa a ikutlwang ka teng ka boaka. Gongwe kitso eno yotlhe e ne ya nonotsha segakolodi sa ga Josefa sa tlholego, mo se neng sa mo kgothaletsa go gana boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo.—Genesise 2:24; 12:17-19; 20:1-18; 26:7-14.

17. Fa go tliwa mo kgannyeng ya go tshwana le Rraarona, re botoka mo go Josefa ka tsela efe?

17 Mme gone rona re botoka gompieno. Re na le Baebele e e feletseng e e ka re rutang tsela e Rraarona a akanyang le e a ikutlwang ka yone, mmogo le se a se amogelang le se a se iletsang. Fa re itlwaetsa go bala Baebele, re ka atamalana le Modimo re bo re tshwana le ene. Fa re ntse re dira jalo, go ka direga gore tsela e segakolodi sa rona se re tlhotlheletsang ka yone e atamele thata tsela e Rraarona a akanyang ka yone. E tla bo e tsamaisana thata le thato ya gagwe.—Baefeso 5:1-5.

18. Le fa re ka tswa re tlhotlheleditswe ka tsela efe mo nakong e e fetileng, ke eng se re ka se dirang go tokafatsa tsela e segakolodi sa rona se ikanyegang ka yone?

18 Go tweng ka tsela e batho ba re tshelang le bone ba tlhotlheleditseng segakolodi sa rona ka yone? Re ka tswa re ile ra tlhotlhelediwa ke tsela e ba masika a rona ba akanyang le go dira dilo ka yone mmogo le tikologo e re goletseng mo go yone. Ka jalo, molaetsa wa segakolodi sa rona o ka tswa o sa utlwala sentle. Re ka re se ne se bua ka tsela e batho ba ba re dikologileng ba buang ka yone. Gone ke boammaaruri, re ka se ka ra fetola se se diragetseng mo nakong e e fetileng; le fa go ntse jalo, re ka ititaya sehuba gore re tlhophe ditsala le tikologo e e tla amang segakolodi sa rona ka tsela e e siameng. Kgato ya botlhokwa ke gore ka metlha re dirisane le Bakeresete ba ba ineetseng ba ba nang le lobaka lo loleele ba leka go nna jaaka Rraabone. Dipokano tsa phuthego, go akaretsa go tlotla le ba bangwe pele le morago ga tsone, go re naya tshono e e molemo ya go dira jalo. Re ka ela tlhoko tsela e Bakeresete ka rona ba akanyang ka yone e e theilweng mo Baebeleng le tsela e ba tsibogang ka yone, go akaretsa go iketleeletsa ga bone go reetsa fa segakolodi se ba bontsha gore Modimo o leba dilo jang le ditsela tsa gagwe. Fa nako e ntse e ya, seno se ka re thusa go dumalanya segakolodi sa rona le melaometheo ya Baebele, mme ka jalo sa dira gore re nne mo setshwanong sa Modimo tota. Fa re dira gore lentswe le le mo teng ga rona le dumalane le melaometheo ya ga Rraarona re bo re latela tlhotlheletso e e molemo ya Bakeresete ka rona, segakolodi sa rona se tla ikanyega mme go tla nna motlhofo gore re se reetse.—Isaia 30:21.

19. Ke dintlha dife malebana le segakolodi tse re sa ntseng re tla di sekaseka?

19 Le fa go ntse jalo, bangwe ba bona go le bokete go reetsa segakolodi sa bone letsatsi le letsatsi. Setlhogo se se latelang se tla sekaseka maemo mangwe a Bakeresete ba ileng ba lebana le one. Fa re sekaseka maemo ao, re ka nna ra kgona go bona sentle gore tiro ya segakolodi ke eng, ke ka ntlha yang fa digakolodi di sa tshwane, le gore re ka tswelela pele jang re reetsa lentswe la sone.—Bahebera 6:11, 12.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 5 Owen Gingerich, porofesa ya patlisiso ya thutodinaledi kwa Yunibesithing ya Harvard, le ene o ne a kwala a re: “Go ithuta ka diphologolo go ka nna ga se ka ga re thusa go tlhaloganya gore ke ka ntlha yang fa batho ka tlholego ba rata go thusana. Karabo e ka tswa e le gore Modimo o re neile dinonofo tse di dirang gore re nne jalo, tse di jaaka segakolodi (go kgona go itse se se siameng le se se phoso).”

O Ithutile Eng?

• Ke ka ntlha yang fa batho ba ditso tsotlhe ba kgona go lemoga se se siameng le se se phoso, kgotsa ba na le segakolodi?

• Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go nna kelotlhoko ka go itetla go reetsa segakolodi fela?

• Dingwe tsa ditsela tse ka tsone re ka tokafatsang lentswe le re le utlwang mo teng ga rona ke dife?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Ditshwantsho mo go tsebe 23]

Dafide o ne a tshwenngwa ke segakolodi . . . 

mme Saulo wa Tareso ene se ne se sa mo tshwenye

[Setshwantshomo go tsebe 24]

Re ka thapisa segakolodi sa rona