Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A o Dirisa Ditshono Tse di go Bulegelang go Bua Ka se O se Dumelang?

A o Dirisa Ditshono Tse di go Bulegelang go Bua Ka se O se Dumelang?

A o Dirisa Ditshono Tse di go Bulegelang go Bua Ka se O se Dumelang?

“A GO na le sengwe se se bidiwang boammaaruri jo bo feletseng?” Seo e ne e le setlhogo sa tlhamo sa kgaisano ya kwa nageng ya Poland. Ditaelo tsa go kwala tlhamo eno di ne di re: “Ga re tlhoke boammaaruri jo bo feletseng. Ga go na ope yo o bo tlhokang. Tota e bile ga go na boammaaruri jo bo feletseng.” Agata, moithuti yo o nang le dingwaga di le 15 wa sekolo se segolwane e bile e le Mosupi wa ga Jehofa, o ne a dirisa sebaka seno go bolelela ba bangwe se a se dumelang.

Fa Agata a ne a baakanyetsa tlhamo eno, o ne a rapela Jehofa pele gore a mo kaele mme go tswa foo o ne a simolola go batla tshedimosetso e e buang ka kgang eno. O ne a fitlhela tshedimosetso e e buang ka kgang eno mo makasineng wa Tora ya Tebelo wa July 1, 1995. O ne a nopola potso e e sa lebalesegeng e Ponto Pilato a neng a e botsa Jesu: “Boammaaruri ke eng?” (Johane 18:38) O ne a kwala gore potso eo, e ne e bontsha lenyatso, jaaka e kete o ne a re: ‘Boammaaruri? Ke eng seo? Ga go na sepe se se bidiwang boammaaruri!’

Agata gape o ne a kwala jaana: “Potso ya ga Pilato e nkgopotsa setlhogo sa kgaisano eo le ditaelo tsa go kwala tlhamo.”

Go tswa foo o ne a tlhalosa kgopolo ya gore se motho a se tsayang e le boammaaruri motho yo mongwe a ka nna a se ka a se tsaya e le boammaaruri le gore boobabedi ba ka tswa ba “nepile” ka tsela e ba lebang dilo ka yone. O ne a botsa dipotso tseno, “Ke mang mo go rona yo o neng a ka palama sefofane fa a ne a sa dumele gore melao ya go tsamaya ga dilo mo lefaufaung e boammaaruri ka mo go feletseng?” Go tswa foo o ne a bua ka Baebele, a re: “Batho ba ikanya Lefoko la Modimo ka mabaka a a utlwalang a a ka tlhomamisiwang.” O ne a re o solofela gore batho ba tota ba batlang boammaaruri jo bo feletseng ba tla nna pelotelele gore ba bo bone.

Agata o ne a gapa setlankana se se kgethegileng sa dipoloma mme a newa gape le sebaka sa go bua le tlelase yotlhe. Bana ba le mmalwa ba a tsenang sekolo le bone ba ne ba dumela gore a ithute Baebele le bone. Agata o itumelela go bo a ile a dirisa sebaka seno gore a tlhalosetse batho ba bantsi se a se dumelang. Go dirisa sebaka se se go bulegelang go tlhalosa se o se dumelang go ka nna le matswela a a molemo. O bulegelwa ke sebaka sefe sa go bua ka se o se dumelang?