Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

‘Aparang Mogopolo o o Ikokobeditseng’

‘Aparang Mogopolo o o Ikokobeditseng’

‘Aparang Mogopolo o o Ikokobeditseng’

MONNA yono o ne a tswa mo motseng o o itsegeng. E ne e le moagi wa Roma ka tsalo mme gongwe o ne a tswa mo lelapeng le le itsegeng. Monna yono, e leng Saulo, o ne a neilwe thuto e e di gaisang tsotlhe tse di neng di le teng mo lekgolong la ntlha la dingwaga C.E. O ne a kgona go bua dipuo tse pedi, mme e ne e le leloko la setlhopha se se itsegeng thata sa bodumedi sa Bajuda—Bafarasai.

Saulo o tshwanetse a bo a ile a ithuta go nyatsa batho ba maemo a a kwa tlase le go ikgantsha ka tshiamo e a nang le yone. (Luke 18:11, 12; Ditiro 26:5) Bafarasai ba Saulo e neng e le leloko la setlhopha sa bone ba ne ba ikgogomosetsa batho ba bangwe, ba rata go tuma e bile ba rata go dirisa direto tse di ba tlotlomatsang. (Mathaio 23:6, 7; Luke 11:43) Gongwe go tsalana le batho bao go ne ga dira gore Saulo a ikgogomose. Re itse gore o ne a tlhoafaletse go bogisa Bakeresete. Dingwaga di le dintsi moragonyana, fa a ne a itsiwe e le moaposetoloi Paulo, o ne a bua a re o kile a bo a le “motlhapatsi le mmogisi le motho yo o se nang maitseo.”—1 Timotheo 1:13.

Saulo o ne a nna Mokeresete, a nna moaposetoloi Paulo mme botho jwa gagwe bo ne jwa fetoga ka botlalo. Ka nako ya fa a ne a le moaposetoloi wa Mokeresete, o ne a bua ka boikokobetso gore e ne e le “motho yo o kwa tlase ga yo mmotlana thata mo baitsheping botlhe.” (Baefeso 3:8) E ne e le moreri yo o atlegileng mme o ne a sa batle gore pako e tle kwa go ene. O ne a naya Modimo pako yotlhe. (1 Bakorintha 3:5-9; 2 Bakorintha 11:7) Paulo ke ene yo o neng a kgothatsa Bakeresete mmogo le ene jaana: “Aparang lorato lwa bopelotlhomogi, bopelonomi, mogopolo o o ikokobeditseng, bonolo, le go itshwara ka bopelotelele.”—Bakolosa 3:12.

A kgakololo eno e a dira mo lekgolong la rona la bo21 la dingwaga? A go nna boikokobetso go solegela molemo? A ruri go nna boikokobetso ke letshwao la gore motho ga a bokoa?

A Mmopi Mothatayotlhe o Ikokobeditse?

Nako le nako fa go buiwa ka boikokobetso re tshwanetse go sekaseka gore Modimo ene a reng. Ka ntlha yang? Ka gonne ke Molaodimogolo wa rona le Mmopi wa rona. Go farologana le ene, re tshwanetse go lemoga gore go na le dilo dingwe tse re sa kgoneng go di dira. Re ikaegile ka ene gore a re thuse. Monna mongwe yo o botlhale wa bogologolo, yo o bidiwang Elihu, o ne a re: “Fa e le Mothatayotlhe ene, ga re a mmatlisisa; o goletsegile mo maatleng.” (Jobe 37:23) Go akanya fela ka lobopo lo logolo lo lo re dikologileng go a re kokobetsa! Moporofeti Isaia a re: “Tsholeletsang matlho a lona kwa godimo lo bone. Ke mang yo o bopileng dilo tseno? Ke Ene yo o tlisang masomosomo a tsone ka palo, a di bitsa tsotlhe ka maina. Ka ntlha ya bogolo jwa maatla a a boitshegang, le ka go bo a na le nonofo e kgolo, ga go le fa e le nngwe ya tsone e e tlhaelang.”—Isaia 40:26.

Mo godimo ga gore Jehofa Modimo ke mothatayotlhe, gape o ikokobeditse. Kgosi Dafide o ne a mo rapela a re: “O tla nnaya thebe ya gago ya poloko, mme boikokobetso jwa gago ke jone bo ntirang mogolo.” (2 Samuele 22:36) Re ka re Modimo o ikokobeditse ka gonne o amega ka batho ba ba kwa tlase ba ba lekang go mo itumedisa, mme o ba utlwela botlhoko. Jehofa Modimo o ikisa kwa tlase, ka tsela ya tshwantshetso, a le kwa magodimong, gore a bontshe ba ba mmoifang bopelonomi.—Pesalema 113:5-7.

Gape Jehofa o anaanela boikokobetso jwa batlhanka ba gagwe. Moaposetoloi Petere o ne a re: “Modimo o ganetsa ba ba mabela, mme o naya ba ba boikokobetso bopelonomi jo bo sa re tshwanelang.” (1 Petere 5:5) Mokwadi mongwe wa Baebele o ne a bua jaana malebana le tsela e Modimo a lebang boikgogomoso ka yone: “Mongwe le mongwe yo o pelo e ikgogomosang ke selo se se makgapha mo go Jehofa.” (Diane 16:5) Fa go ntse jalo, go nna boikokobetso e ka nna jang letshwao la gore motho ga a bokoa?

Se Boikokobetso e Seng Sone

Go nna boikokobetso ga go tshwane le go kokobediwa. Mo dingwaong dingwe tsa bogologolo, motho yo o boikokobetso e ne e le lekgoba le le tlhomolang pelo la maemo a a kwa tlase. Mme Baebele yone e gatelela gore go nna le mogopolo o o ikokobeditseng go felela ka gore motho a tlotlege. Ka sekai, monna mongwe yo o botlhale o ne a re: “Diphelelo tsa boikokobetso le go boifa Jehofa ke dikhumo le kgalalelo le botshelo.” (Diane 22:4) Pesalema 138:6 ya re: “Jehofa o kwa godimo, mme le fa go ntse jalo o bona yo o ikokobeditseng; mme yo o ikgodisang o mo itsetse kgakala fela.”

Go nna boikokobetso ga go reye gore motho ga a na bokgoni bope e bile ga go na sepe se a se fitlheletseng. Ka sekai, Jesu Keresete ga ise a ko a tsamaye a re ene ga se Morwa yo o tsetsweng a le esi wa ga Jehofa, e bile ga ise a ko a tsamaye a dire e kete bodiredi jwa gagwe jwa mo lefatsheng bo ne bo se botlhokwa. (Mareko 14:61, 62; Johane 6:51) Le fa go ntse jalo, Jesu o ne a bontsha boikokobetso ka go isa tlotlo kwa go Rraagwe fa a dirile ditiro dingwe le ka go dirisa maatla a gagwe go direla le go thusa ba bangwe go na le gore a rene mo go bone le go ba gatelela.

Boikokobetso ga se Letshwao la Gore Motho o Bokoa

Batho ba motlha wa ga Jesu Keresete ba ne ba mo itse ka go dira “ditiro tse di maatla.” (Ditiro 2:22) Mme mo go ba bangwe, e ne e le “wa maemo a a kwa tlase thata mo bathong.” (Daniele 4:17) O ne a ikokobeditse mme gape kgapetsakgapetsa a ruta ka botlhokwa jwa go nna boikokobetso. (Luke 9:48; Johane 13:2-16) Le fa go ntse jalo, go nna boikokobetso ga gagwe go ne go sa mo dire motho yo o bokoa. O ne a le pelokgale fa a ne a femela leina la ga Rraagwe le fa a ne a wetsa bodiredi jwa gagwe. (Bafilipi 2:6-8) Mo Baebeleng, Jesu o tlhalosiwa e le tau e e pelokgale. (Tshenolo 5:5) Sekao sa ga Jesu se bontsha gore boikokobetso bo tsamaisana le go nna pelokgale go dira se se siameng.

Jaaka re leka go nna boikokobetso ka tsela ya mmatota, re lemoga gore go tlhokega gore re dire maiteko a magolo gore re nne re ikokobeditse. Go tlhokega gore ka metlha re ineele mo thatong ya Modimo mo boemong jwa go dira se re bonang se le motlhofo kana go ineela mo dikeletsong tsa nama. Go nna boikokobetso go tlhoka gore motho a bo a nonofile ka mo go lekaneng gore a kgone go dira se se siameng, ka gonne re tshwanetse go beela kwa thoko dilo tse rona re di ratang gore re kgone go direla Jehofa le ba bangwe ka bopelotshweu.

Melemo ya go Nna Boikokobetso

Go nna boikokobetso ke go sa ikgogomose kana go sa itseele kwa godimo. Baebele e dirisa mafoko a a reng “mogopolo o o ikokobeditseng” fa e go tlhalosa. (Baefeso 4:2) Re ka nna le mogopolo o o ikokobeditseng fa re iteba ka tsela e e tshwanetseng, re sekaseka fa re nang le bokgoni gone le fa re leng bokoa gone, dilo tse re atlegileng mo go tsone le tse di re paletseng. Paulo o ne a naya kgakololo e e molemo fa a ne a re: “Ke bolelela mongwe le mongwe mo go lona gore a se ka a ikgopola thata go feta kafa go tlhokegang go ikgopola ka gone; mme a akanye gore a nne le mogopolo o o itekanetseng sentle.” (Baroma 12:3) Ba ba dirisang kgakololo eo ba ikokobeditse.

Gape re bontsha gore re ikokobeditse fa re leka ka bojotlhe go dira gore dilo tse di amang ba bangwe di tle pele ga tse di amang rona. Paulo o ne a gakolola Bakeresete jaana a tlhotlheleditswe: “[Lo se ka lwa] dir[a] sepe ka ntlha ya manganga kgotsa ka ntlha ya go itseela kwa godimo thata, mme ka mogopolo o o ikokobeditseng lo tsaya ba bangwe ba le kwa godimo ga lona.” (Bafilipi 2:3) Seno se ne se dumalana le taelo e Jesu a e neileng balatedi ba gagwe: “Yo mogolo thata mo go lona o tshwanetse go nna modiredi wa lona. Le fa e le mang yo o ikgodisang o tla kokobediwa, mme le fa e le mang yo o ikokobetsang o tla godisiwa.”—Mathaio 23:11, 12.

Go nna le mogopolo o o ikokobeditseng go dira gore motho a godisiwe ke Modimo. Morutwa Jakobe o ne a gatelela seno fa a ne a re: “Ikokobetseng mo matlhong a ga Jehofa, mme o tla lo godisa.” (Jakobe 4:10) Ke mang yo o ka se batleng go godisiwa ke Modimo?

Go tlhoka boikokobetso go bakile tlhakatlhakano e ntsi le dikgotlhang mo bathong le mo gare ga ditlhopha tsa batho. Mme go nna boikokobetso gone go na le matswela a a molemo. Re ka itumelela go itse gore re amogelwa ke Modimo. (Mika 6:8) Re ka nna le kagiso ya mogopolo ka gonne gantsi motho yo o ikokobeditseng o a itumela e bile o kgotsofetse go feta motho yo o ikgogomosang. (Pesalema 101:5) Re kgona go dirisana sentle le ba malapa a rona, ditsala, batho ba re berekang le bone le batho ba bangwe. Batho ba ba ikokobeditseng ba tila go nna batho ba ba ratang manganga le go tatalala, e leng boitshwaro jo bo ka felelang ka gore batho ba ba galefele, ba se ka ba ba rata, ba ba tenegele mme ba ba tlhoe.—Jakobe 3:14-16.

Go nna le mogopolo o o ikokobeditseng ke tsela e e molemo thata ya go dirisana sentle le ba bangwe. Go ka re thusa go lebana le mathata mo lefatsheng le le tletseng ka batho ba ba ipayang kwa pele le ba ba ratang go gaisana. Ka thuso ya Modimo, moaposetoloi Paulo o ne a kgona go fenya go ikgodisa le go ikgogomosa jaaka a ne a ntse pele. Ka tsela e e tshwanang, go ka nna molemo gore le rona re ithibe mo tshekamelong epe fela ya go nna boikgogomoso kana ya go akanya gore re botoka mo bathong ba bangwe. Baebele e na le tlhagiso eno: “Boikgogomoso bo tla pele ga go thubagana, mme moya o o mabela o tla pele ga go kgotšwa.” (Diane 16:18) Fa re latela sekao le kgakololo ya ga Paulo, re tla bona gore go botlhale go ‘apara mogopolo o o ikokobeditseng.’—Bakolosa 3:12.

[Setshwantsho mo go tsebe 4]

Paulo o ne a kgona go fenya go ikgodisa le go ikgogomosa

[Setshwantsho mo go tsebe 5]

Anglo-Australian Observatory/David Malin Images

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 7]

Go nna le mogopolo o o ikokobeditseng go re thusa go dirisana sentle le ba bangwe