Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Hukutsa “Dilo Tse Di Boteng Tsa Modimo”

Go Hukutsa “Dilo Tse Di Boteng Tsa Modimo”

Go Hukutsa “Dilo Tse Di Boteng Tsa Modimo”

“Moya o hukutsa dilo tsotlhe, tota le dilo tse di boteng tsa Modimo.” —1 BAKORINTHA 2:10.

1. Dingwe tsa dithuto tsa boammaaruri tse di itumedisang baithuti ba Baebele ke dife?

BONTSI jwa rona mo phuthegong ya Bokeresete re ka gakologelwa kafa re ileng ra itumela ka teng fa re ne re simolola go ithuta boammaaruri. Re ile ra lemoga botlhokwa jwa leina la ga Jehofa, lebaka la go bo a letlelela gore batho ba boge, lebaka la go bo bangwe ba ya legodimong, le gore ka kakaretso batho ba ba ikanyegang ba tla diragalelwa ke eng mo isagweng. Gongwe re ne re kile ra sekaseka Baebele, mme dilo tseno di ne di re fitlhegetse, fela jaaka di fitlhegetse bontsi jwa batho. Re ne re tshwana le monna yo o lebileng mmapa mme a sa kgone go o dirisa go mo kaela go ya kwa lefelong lengwe. Fa go ise go nne le ope yo o mo thusang, o kgona go bona fela maina a a farologaneng a mafelo. Mme fa a sena go thusiwa ke mongwe yo o kgonang go bala mmapa, o itumelela gore jaanong o kgona go bona gore o ya kae le gore a ka fitlha jang koo. Ka tsela e e tshwanang, fa mongwe a ne a simolola go re thusa go tlhaloganya Baebele, re ne ra simolola go bona matlhasedi a lesedi la “dilo tse di boteng tsa Modimo.”—1 Bakorintha 2:8-10.

2. Ke ka ntlha yang fa go ithuta Lefoko la Modimo go ka naya boipelo ka bosakhutleng?

2 A re tshwanetse go kgotsofalela go itse maoko fela a dithuto tsa boammaaruri tsa Baebele? Mafoko a a reng “dilo tse di boteng tsa Modimo” a akaretsa go tlhaloganya botlhale jwa Modimo jo bo senoletsweng Bakeresete ka moya o o boitshepo mme bo fitlhegetse batho ba bangwe. (1 Bakorintha 2:7) Ruri botlhale jwa Modimo ga bo fele, mme re ka itumedisiwa thata ke go sekaseka ditsela tsa gagwe! Re ka se tsoge re kgonne go itse sengwe le sengwe ka ga botlhale jwa ditsela tsa Modimo. Fa re tswelela pele re hukutsa “dilo tse di boteng tsa Modimo,” re ka nnela ruri le boipelo jo re nnileng le jone fa re ne re simolola go utlwa dithuto tsa motheo tsa Baebele.

3. Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go tlhaloganya ka botlalo mabaka a dilo tse re di dumelang?

3 Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go tlhaloganya “dilo tse di boteng”? Fa re tlhaloganya se re se dumelang e bile re tlhaloganya mabaka a konokono a go bo re se dumela, seo se tla re nonotsha tumelo. Baebele e re bolelela gore re dirise ‘maatla a rona a go akanya’ gore re “iponele se thato ya Modimo e e molemo le e e amogelesegang le e e itekanetseng e leng sone.” (Baroma 12:1, 2) Go tlhaloganya lebaka la go bo Jehofa a re re tshele ka tsela e e rileng go nonotsha maikemisetso a rona a go mo ikobela. Ka jalo, go itse “dilo tse di boteng” go ka re nonotsha gore re emelane le thaelo ya go dira ditiro tse di seng kafa molaong mme go ka re tlhotlheletsa gore re ‘tlhoafalele ditiro tse di molemo.’—Tito 2:14.

4. Go ithuta Baebele go akaretsa eng?

4 Re tshwanetse go ithuta gore re kgone go tlhaloganya dilo tse di boteng. Le fa go ntse jalo, go ithuta ga se go bala o fetisa matlho fela. Go akaretsa go sekaseka tshedimosetso ka kelotlhoko gore re bone kafa e amanang ka teng le se re setseng re se itse. (2 Timotheo 1:13) Go akaretsa go tlhaloganya mabaka a se se buiwang. Go ithuta Baebele go tshwanetse ga akaretsa go tlhatlhanya ka gore re ka dirisa jang se re se ithutang go dira ditshwetso tse di botlhale le go thusa ba bangwe. Gape, e re ka ‘Lokwalo lotlhe lo tlhotlheleditswe ke Modimo e bile lo tswela mosola,’ re tshwanetse ra ithuta “lefoko lengwe le lengwe le le tswang ka molomo wa ga Jehofa.” (2 Timotheo 3:16, 17; Mathaio 4:4) Go ithuta Baebele go tlhoka go tseelwa matsapa tota! Mme gape go ka nna monate, e bile go tlhaloganya “dilo tse di boteng tsa Modimo” ga go thata go le kalo.

Jehofa o Thusa Batho ba ba Ikokobeditseng go Tlhaloganya

5. Ke mang yo o ka tlhaloganyang “dilo tse di boteng tsa Modimo”?

5 Tota le fa e le gore o ne o sa dire sentle thata kwa sekolong mme o sa tlwaela go ithuta, ga o a tshwanela go akanya gore ga o ka ke wa kgona go tlhaloganya “dilo tse di boteng tsa Modimo.” Fa Jesu a ne a le mo lefatsheng, Jehofa o ne a mo dirisa go senolela batho maikaelelo a gagwe. O ne a sa a senolele batho ba ba botlhale le ba ba rutegileng mme o ne a a senolela batho ba ba sa rutegang le ba maemo a a kwa tlase ba ba neng ba ikokobeditse gore ba ka rutiwa ke motlhanka wa Modimo. Ba ne ba tshwana le masea fa ba bapisiwa le batho ba ba rutilweng kwa dikolong. (Mathaio 11:25; Ditiro 4:13) Moaposetoloi Paulo o ne a kwalela badumedi ka ene jaana malebana le “dilo tse Modimo a di baakanyeditseng ba ba mo ratang”: “Modimo o di senoletse rona ka moya wa gagwe, gonne moya o hukutsa dilo tsotlhe, tota le dilo tse di boteng tsa Modimo.”—1 Bakorintha 2:9, 10.

6. Temana ya 1 Bakorintha 2:10 e bolelang?

6 Moya wa Modimo o hukutsa jang “dilo tsotlhe, tota le dilo tse di boteng tsa Modimo”? Jehofa ga a senolele Mokeresete mongwe le mongwe boammaaruri kwa thoko mme o dirisa moya wa gagwe go kaela phuthego ya gagwe, e e nayang batho ba Modimo ba ba seoposengwe tsela ya go tlhaloganya Baebele. (Ditiro 20:28; Baefeso 4:3-6) Diphuthego tse di mo lefatsheng lotlhe di na le thulaganyo e e tshwanang ya go ithuta Baebele. Fa dingwaga di ntse di feta, diphuthego di ithuta dithuto tsotlhe tsa Baebele. Moya o o boitshepo o dirisa phuthego go thusa batho gore ba nne le boikutlo jo bo tlhokegang gore ba tlhaloganye “dilo tse di boteng tsa Modimo.”—Ditiro 5:32.

Se “Dilo Tse di Boteng Tsa Modimo” di se Akaretsang

7. Ke ka ntlha yang fa batho ba le bantsi ba sa tlhaloganye “dilo tse di boteng tsa Modimo”?

7 Ga re a tshwanela go akanya gore ka dinako tsotlhe “dilo tse di boteng” ke dilo tse di thata go tlhaloganngwa. Batho ba bantsi ga ba itse “dilo tse di boteng tsa Modimo,” mme seo ga se direge ka gonne go le thata go bona botlhale jwa Modimo, mme se direga ka gonne Satane o tsietsa batho gore ba gane thuso e Jehofa a ba e nayang ka phuthego ya gagwe.—2 Bakorintha 4:3, 4.

8. Paulo o ne a bua ka dilo dife tse di boteng mo kgaolong ya boraro ya lekwalo le a neng a le kwalela Baefeso?

8 Kgaolo ya boraro ya lekwalo le Paulo a le kwaletseng Baefeso e bontsha gore “dilo tse di boteng tsa Modimo” di akaretsa dithuto tse dintsi tsa boammaaruri tse bontsi jwa batho ba ga Jehofa ba di tlhaloganyang sentle, tse di jaaka gore Losika lo lo solofeditsweng ke mang, tsela e ba ba nang le tsholofelo ya go tshela kwa legodimong ba tlhophiwang ka yone mo bathong, le gore Bogosi jwa ga Mesia ke eng. Paulo o ne a re: “Mo dikokomaneng tse dingwe sephiri seno ga se a ka sa itsisiwe bomorwa batho jaaka jaanong se senoletswe baaposetoloi ba gagwe ba ba boitshepo le baporofeti ka moya, e leng, gore batho ba ditšhaba ba tshwanetse go nna baruaboswammogo le malokommogo a mmele le ba ba nang le seabe le rona mo tsholofetsong re le seoposengwe le Keresete Jesu.” Paulo o ne a bolela gore o ne a abetswe go ‘dira gore batho ba bone kafa sephiri se se boitshepo se tsamaisiwang ka gone se go tswa nakong e e fetileng e e sa tlhomamisegeng se ntseng se fitlhilwe mo Modimong.’—Baefeso 3:5-9.

9. Ke ka ntlha yang fa e le tshiamelo go tlhaloganya “dilo tse di boteng tsa Modimo”?

9 Go tswa foo Paulo o ne a tlhalosa thato ya Modimo ya gore le ‘mo mafelong a selegodimo go itsisiwe ka phuthego botlhale jo bo methalethale jwa Modimo.’ (Baefeso 3:10) Baengele ba solegelwa molemo ke go bona le go tlhaloganya botlhale jwa ditirisano tsa ga Jehofa le phuthego ya Bokeresete. A bo re na le tshiamelo e kgolo jang ne ya go tlhaloganya dilo tse di kgatlhang le bone baengele tota! (1 Petere 1:10-12) Go tswa foo, Paulo a re re tshwanetse go leka ka natla go “tshwara ka botlalo ka mogopolo se e leng bophara le boleele le bogodimo le boteng” jwa tumelo ya Bokeresete. (Baefeso 3:11, 18) Jaanong a re sekasekeng dikai dingwe tsa dilo tse di boteng tse di ka re thusang go tlhaloganya dilo tse pele re neng re sa di tlhaloganye.

Dikai Tsa Dilo Tse di Boteng

10, 11. Go ya ka Dikwalo, Jesu o ne a nna leng karolo ya konokono ya “losika” lwa “mosadi” wa Modimo yo o kwa legodimong?

10 Re itse gore Jesu ke karolo ya konokono ya “losika” lwa “mosadi” wa Modimo yo o kwa legodimong yo go buiwang ka ene mo go Genesise 3:15. Fa re batla go tokafatsa tsela e re tlhaloganyang ka yone, re ka ipotsa jaana: ‘Jesu o ne a nna Losika lo lo solofeditsweng leng? A ke nako nngwe a ise a nne motho, kgotsa ke fa a ne a tsholwa e le motho, fa a ne a kolobediwa, kgotsa fa a ne a tsosiwa?’

11 Modimo o ne a solofeditse gore karolo e e kwa legodimong ya phuthego ya gagwe, e mo boporofeting e bidiwang “mosadi” wa gagwe, e ne e tla tlhagisa losika lo lo neng lo tla gobatsa noga mo tlhogong. Mme go ne ga feta dingwaga di le diketekete mosadi wa Modimo a ise a tshole losika lope lo lo ka kgonang go senya Satane le ditiro tsa gagwe. Ke sone se boporofeti jwa ga Isaia bo reng mosadi yono ke “moopa” e bile o “utlwile botlhoko.” (Isaia 54:1, 5, 6) Kgabagare, Jesu o ne a tsholwa kwa Bethelehema. Mme e ne ya nna fela fa a sena go kolobediwa, fa a ne a tlodiwa ka moya go nna morwa wa Modimo wa semoya, Jehofa a neng a re: “Yono ke Morwaake.” (Mathaio 3:17; Johane 3:3) Kgabagare karolo ya konokono ya “losika” kwa mosadi e ne e itlhagisitse. Moragonyana, balatedi ba ga Jesu le bone ba ne ba tlodiwa ka moya o o boitshepo mme ba nna barwa ba Modimo. “Mosadi” wa ga Jehofa, yo o neng a setse a na le lobaka lo loleele a ikutlwa jaaka “mosadi yo o moopa yo o sa belegang,” kgabagare o ne a ka “goa ka boipelo.”—Isaia 54:1; Bagalatia 3:29.

12, 13. Ke ditemana dife tse di bontshang gore Bakeresete botlhe ba ba tloditsweng ba ba mo lefatsheng ba bopa setlhopha sa “motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale”?

12 Sekai sa bobedi sa dilo tse di boteng tse re di senoletsweng se malebana le boikaelelo jwa Modimo jwa go tlhopha batho ba le 144 000 mo bathong. (Tshenolo 14:1, 4) Re dumela thuto ya gore batlodiwa botlhe ba ba tshelang mo lefatsheng ka nako epe fela ba bopa setlhopha sa “motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale” se Jesu a neng a rile se tla naya ba ntlo ya gagwe “dijo” ka nako e e tshwanetseng. (Mathaio 24:45) Ke ditemana dife tsa Baebele tse di bontshang gore kgang eo e boammaaruri? A Jesu o ka tswa a ne a bua ka kakaretso ka Mokeresete ope fela yo o kgothatsang bakaulengwe ba gagwe ka dijo tsa semoya?

13 Modimo o ne a raya setšhaba sa Iseraele a re: “Lo basupi ba me . . . le motlhanka wa me yo ke mo tlhophileng.” (Isaia 43:10) Mme ka Nisane 11 wa ngwaga wa 33 C.E., Jesu o ne a bolelela baeteledipele ba Iseraele gore Modimo o ne a latlhile setšhaba sa bone gore se se ka sa tlhola se nna motlhanka wa gagwe. O ne a re: “Bogosi jwa Modimo bo tla tsewa mo go lona bo bo bo newa setšhaba se se ungwang maungo a jone.” Jesu o ne a raya boidiidi a re: “Bonang! Ntlo ya lona e tlogeletswe lona.” (Mathaio 21:43; 23:38) Ntlo ya Iseraele e ne e le motlhanka wa ga Jehofa, mme o ne a sa ikanyege e bile a se botlhale. (Isaia 29:13, 14) Moragonyana mo go lone letsatsi leo, fa Jesu a ne a botsa a re: “Motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale ke mang?” tota o ne a botsa gore, ‘Ke setšhaba sefe se se botlhale se se tla emisetsang Iseraele go nna motlhanka yo o ikanyegang wa Modimo?’ Moaposetoloi Petere o ne a naya karabo fa a raya phuthego ya Bakeresete ba ba tloditsweng a re: “Lo . . . ‘setšhaba se se boitshepo, setlhopha sa batho ba ba ruilweng ka tsela e e kgethegileng.’” (1 Petere 1:4; 2:9) Setšhaba seo sa semoya, “Iseraele wa Modimo,” se ne sa nna motlhanka yo mosha wa ga Jehofa. (Bagalatia 6:16) Fela jaaka maloko otlhe a Iseraele wa bogologolo a ne a bopa “motlhanka” a le mongwe, fela jalo Bakeresete botlhe ba ba tloditsweng ba ba mo lefatsheng ka nako e e rileng ba bopa “motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale.” A bo re na le tshiamelo e kgolo jang ne go amogela “dijo” tse re di newang ka motlhanka wa Modimo!

O ka Natefelelwa ke go Ithuta o le Esi

14. Ke ka ntlha yang fa go ithuta Baebele go itumedisa thata go feta go e bala fela?

14 Fa re senolelwa tsela ya go tlhaloganya Dikwalo e re neng re ntse re sa e itse, a ga re itumelele kafa seno se re nonotshang tumelo ka gone? Ke sone se go ithuta Baebele go leng monate thata jaana, go feta go bala fela. Ka jalo, fa o ntse o bala dikgatiso tsa Bokeresete, ipotse jaana: ‘Tlhaloso eno e farologana jang le se pele ke neng ke se tlhaloganya ka kgang eno? Ke gopola ditemana dife tse dingwe tsa Baebele kgotsa dintlha tse di ka tlhomamisang go ya pele mabaka a a tlhalosiwang mo setlhogong seno?’ Fa e le gore go tlhokega patlisiso e e oketsegileng, kwala potso e o ka ratang go itse karabo ya yone, mme o dire patlisiso ka yone mo thulaganyong ya gago ya go ithuta mo nakong e e tlang.

15. O ka itumelela go ithuta dikgang dife mo thulaganyong ya gago ya go ithuta, mme di ka go solegela molemo jang ka nako e telele?

15 Ke dilo dife tse o ka ithutang ka tsone mo thulaganyong ya gago ya go ithuta tse di ka go itumedisang ka go go naya tshedimosetso e o neng o sa e itse? Mo thulaganyong ya go ithuta o ka tlhaloganya mo go oketsegileng ka go batlisisa dikgang tse di jaaka dikgolagano tse di farologaneng tse Modimo a di dirileng tse di tla solegelang batho molemo. O ka nonotsha tumelo ya gago ka go ithuta dipolelelopele ka ga Jesu Keresete kgotsa go ithuta nngwe ya dibuka tsa boporofeti tsa Baebele temana ka temana. Se sengwe gape se se nonotshang tumelo ke go sekaseka hisitori ya motlha wa gompieno ya Basupi ba ga Jehofa, o dirisa buka ya Basupi ba ga Jehofa—Baboledi ba Bogosi jwa Modimo. * Gape go sekaseka ditlhogo tse di fetileng tsa “Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading” tse di gatisitsweng mo makasineng wa Tora ya Tebelo ruri go ka go thusa go tlhaloganya ditemana dingwe botoka. Ela tlhoko thata ditlhaloso tsa Dikwalo tse di dirisitsweng go baya mabaka a se se tlhalosiwang. Seno se tla go thusa gore o thapise ‘bokgoni jwa gago jwa go lemoga’ le gore o nne le temogo. (Bahebera 5:14) Fa o ntse o ithuta, kwala dintlha e ka tswa e le mo Baebeleng ya gago kgotsa mo pampiring gore se o se ithutang se go solegele molemo nako e telele, wena le ba o kgonang go ba thusa.

Thusa Bana Gore ba Itumelele go Ithuta Baebele

16. O ka thusa basha jang gore ba itumelele go ithuta Baebele?

16 Batsadi ba ka dira go le gontsi go rotloetsa bana ba bone gore ba rate dilo tse di amanang le kobamelo. O se ka wa nyatsa bokgoni jwa basha jwa go tlhaloganya dilo tse di boteng. Fa o naya basha kgang nngwe gore ba dire patlisiso ka yone fa ba ipaakanyetsa thuto ya lelapa ya Baebele, o ka ba botsa ka se ba se ithutileng. Gape mo thutong ya lelapa go ka rulaganngwa gore go nne le dinako tsa go ikatisa go thusa basha gore ba ithute go femela tumelo ya bone le go supa gore se ba se rutilweng se boammaaruri. Mo godimo ga moo, o ka dirisa boroutšhara jwa ‘Bona Lefatshe le le Molemo’ * go ba ruta ka dinaga tsa mo Baebeleng le go tlhalosa se lo se balang mo mmalong wa lona wa Baebele wa beke le beke.

17. Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go nna tekatekano fa re tlhopha dintlha tse re tla di ithutang mo thulaganyong ya go ithuta Baebele?

17 Go nna le dintlha tse o di ithutang mo thulaganyong ya gago ya go ithuta Baebele go ka nna monate e bile go ka nonotsha tumelo, mme o nne kelotlhoko gore o se ka wa tloga wa tlhoka nako ya go baakanyetsa dipokano tsa phuthego. Dipokano ke tsela e nngwe e Jehofa a re rutang ka yone a dirisa “motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale.” Le fa go ntse jalo, go dira patlisiso e e oketsegileng go ka thusa gore o nne le dikakgelo tse di utlwalang kwa dipokanong—ka sekai, kwa Thutong ya Buka ya Phuthego kgotsa fa go boelediwa dintlhakgolo tsa mmalo wa Baebele wa beke le beke mo Sekolong sa Bodiredi sa Puso ya Modimo.

18. Ke ka ntlha yang fa matsapa a motho a a tsayang go ithuta “dilo tse di boteng tsa Modimo” a le mosola?

18 Go ithuta Lefoko la Modimo o le esi ka tsela e e boteng go ka go thusa go atamalana le Jehofa. Baebele e bolela jaana go bontsha mosola wa go ithuta jalo: “Botlhale ke tshireletso fela jaaka madi e le tshireletso; mme molemo wa kitso ke gore botlhale bo boloka beng ba jone ba tshela.” (Moreri 7:12) Ka jalo, matsapa a o a tsayang go oketsa tsela e o tlhaloganyang dilo tsa semoya ka yone a mosola. Baebele e solofetsa batho ba ba nnang ba senka kitso jaana: “O tla bona e e leng kitso ya Modimo.”—Diane 2:4, 5.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 15 E gatisitswe ke Basupi ba ga Jehofa.

^ ser. 16 E gatisitswe ke Basupi ba ga Jehofa.

A o Ka Tlhalosa?

• “Dilo tse di boteng tsa Modimo” ke eng?

• Ke ka ntlha yang fa re sa tshwanela go kgaotsa go ithuta ka dilo tse di boteng?

• Ke ka ntlha yang fa Bakeresete botlhe ba ka kgona go itumelela go tlhaloganya “dilo tse di boteng tsa Modimo”?

• O ka dira jang gore o solegelwe molemo thata ke “dilo tse di boteng tsa Modimo”?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 28]

Jesu o ne a nna Losika lo lo solofeditsweng leng?

[Setshwantsho mo go tsebe 31]

Batsadi ba ka abela bana ba bone dintlha tse ba ka batlisisang ka tsone fa ba ipaakanyetsa thuto ya lelapa