Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ke ne Ka Ithuta go Ikanya Jehofa ka Botlalo

Ke ne Ka Ithuta go Ikanya Jehofa ka Botlalo

Kgang ya Botshelo

Ke ne Ka Ithuta go Ikanya Jehofa ka Botlalo

Jaaka go boletse Aubrey Baxter

Nako nngwe go le Matlhatso maitseboa ka 1940, ke ne ka tlhaselwa ke banna ba babedi, ba mpetsa gore ke bo ke wele fa fatshe. Go ne go eme mapodise a mabedi fa gaufi, mme go na le gore ba nthuse, ba ne ba ntshotla e bile ba akgola banna bano ba ba neng ba ntlhasela. Dilo tse di ntiragaletseng mo botshelong tse di dirileng gore ke feleletse ke tshwarwa setlhogo jalo, di simologile dingwaga di ka nna tlhano pele ga foo fa ke ne ke thapilwe kwa moepong wa magala. Mma ke tlhalose.

KE NGWANA wa boraro mo basimaneng ba le banè mme ke tshotswe ka 1913 kwa Swansea, toropo e e gaufi le lewatle kwa New South Wales, Australia. Fa ke na le dingwaga di le tlhano, lelapa la rona lotlhe le ne la tshwarwa ke bolwetse jo bo tshosang jwa foluu ya Spain, e e bolaileng dimilione tsa batho lefatshe ka bophara. Ka lesego, ga go a ka ga swa ope mo lelapeng la rona. Le fa go ntse jalo, ka 1933, re ne ra welwa ke masetlapelo fa Mmè a ne a tlhokafala a le dingwaga di le 47. E ne e le mosadi yo o ratang Modimo, mme pelenyana ga foo o ne a sa tswa go nna le dibolumo di le pedi tsa buka e e bidiwang Light, dibuka tse di thusang go ithuta Baebele tse di neng di abiwa ke Basupi ba ga Jehofa.

Ka nako eo, ke ne ke bereka mo moepong wa magala. E re ka tiro ya me e ne e na le dinako tse ka tsone ke neng ke tshwarega thata le tse ke neng ke se na tiro e ntsi, ke ne ke ya tirong ke tshotse dibuka tseo mme ke di bale ke dirisa lesedi la lebone le le neng le ngapareditswe mo helemeteng ya me. Go ise go ye kae ke ne ka lemoga gore ke bone boammaaruri. Gape ke ne ka simolola go reetsa dithero tsa Baebele tse di neng di gasiwa ke Basupi mo radiong. Se se neng sa intumedisa le go feta ke gore Rre, bonkgonne botlhe le nnake ba ne ba simolola go kgatlhegela boammaaruri jwa Baebele.

Ka 1935 re ne ra welwa ke masetlapelo a mangwe gape fa nnake e bong Billy a ne a tshwarwa ke nyumonia a bo a tlhokafala. O ne a le dingwaga di le 16 fela. Mo lekgetlong leno, lelapa la rona le ne la gomodiwa ke tsholofelo ya tsogo ya baswi. (Ditiro 24:15) Fa nako e ntse e tsamaya, Rre le bonkgonne, Verner le Harold mmogo le basadi ba bone ba ne ba ineela mo Modimong. Ke nna fela yo o sa ntseng a tshela mo go ba lelapa la gaetsho. Le fa go ntse jalo, mosadi wa bobedi wa ga Verner e bong Marjorie mmogo le mosadi wa ga Harold e bong Elizabeth le bone ba sa ntse ba tlhagafetse ba direla Jehofa.

Go Ithuta go Ikanya Jehofa

Ke ne ka kopana lekgetlo la ntlha le Basupi ba ga Jehofa ka 1935 fa mosadi mongwe wa kwa Ukraine yo o neng a palame baesekele a ne a etela lelapa la rona. Sontaga o o latelang ke ne ka ya pokanong ya me ya ntlha ya Bokeresete mme beke morago ga moo ka tsamaya le setlhopha se se yang bodireding jwa tshimo. Mosupi yo o neng a tshwere pokano ya tirelo ya tshimo o ne a mpha dibukana, mme se se neng sa nkgakgamatsa ke gore o ne a re ke tsamaye ke le nosi! Fa ke goroga mo ntlong ya ntlha, ke ne ke roroma tota, e kete nkare lefatshe fatoga ke tsene! Mme gone mong wa ntlo o ne a le molemo tota a bo a amogela dibuka tse ke neng ke mo naya tsone.

Ke ne ke rata thata ditemana tse di jaaka Moreri 12:1 le Mathaio 28:19, 20, mme ke batla go nna mmulatsela kana moreri wa nako e e tletseng. Rre o ne a ema nokeng tshwetso eo ya me. Le fa gone ke ne ke ise ke kolobediwe, ke ne ka ipeela letlha la July 15, 1936 gore ke simolole ka lone. Mo letsatsing leo, ke ne ka ya kwa ofising ya lekala ya Basupi ba ga Jehofa kwa Sydney kwa ke neng ka abelwa go bereka le setlhopha sa babulatsela ba le 12 mo motsaneng mongwe wa Sydney o o kwa thoko o o bidiwang Dulwich Hill. Babulatsela bano ba ne ba nthuta go dirisa motšhine wa go sila korong o o dikolosiwang ka seatla o ba neng ba o dirisa ka nako eo go dira bupi e le go fokotsa ditshenyegelo tsa dijo.

Go Bula Tsela Kwa Sekgweng

Fa ke sena go kolobediwa moragonyana mo go one ngwaga oo, ke ne ka abelwa go ya kwa bogareng jwa Queensland mmogo le babulatsela ba bangwe ba babedi—Aubrey Wills le Clive Shade. Dithoto tsa rona e ne e le bene ya ga Aubrey, dibaesekele, fonokerafa e nnye ya go gasa dipuo tsa Baebele, tente e e neng ya nna legae la rona mo dingwageng tse tharo tse di latelang, malao a le mararo, tafole le pitsa ya tshipi e re neng re tla apaya ka yone. Maitseboa mangwe fa go ne go apaya nna, ke ne ka ipolelela gore ke tla ba apeela dijo tse di rokotsang mathe ka merogo le korong. Mme ka maswabi ga go ope wa rona yo o neng a kgona go di ja. Gaufi le fa re nnang teng go ne go na le pitse mme ke ne ka e naya dijo tseo. Tota le yone e ne ya di nkgankga fela, ya tshikinya tlhogo e bo e itsamaela! Ke ne ka latlha go tlhola ke lekeletsa go apaya dijo tse ke sa di kgoneng.

Fa nako e ntse e tsamaya re ne ra swetsa ka gore re akofise tsela e re berekang tshimo ya rona ka yone ka go e kgaoganya ka dikarolo di le tharo, mme mongwe le mongwe wa rona o ne a bereka karolo ya gagwe. Gantsi letsatsi le ne le mphirimela ke le kgakala thata le tente ya rona mo ke neng ke sa kgone go boela gae, ka jalo ke ne ke robala mo bathong ba ba ratang go amogela baeng ba motseselegae oo. Nako nngwe ke ne ka robala mo bolaong jwa manobonobo mo phaposing ya go amogela baeng mo polasing nngwe, mme mo bosigong jo bo latelang ke ne ka robala mo bodilong jo bo leswe jwa ntlwana ya motsomi wa dikankaruu, ke dikologilwe ke mekoa ya matlalo a a nkgang. Mme gantsi ke ne ke robala mo sekgweng. Nako nngwe ke ne ka dikologwa ke dintša tse di tlhaga mme di le kgakala le nna, modumo wa tsone o o tshosang o ne o utlwala mo lefifing. Morago ga gore ke tlhorege boroko bosigo jotlhe, ke ne ka lemoga gore tota di ne di sena sepe le nna, di ne di gakaditswe ke mateng a a neng a latlhetswe fa gaufi.

Go Rera ka Koloi e e Nang le Sebuelagodimo

Re ne re dirisa thata koloi e e nang le sebuelagodimo go rera ka Bogosi jwa Modimo. Mo toropong ya Townsville e e kafa bokone jwa Queensland, mapodise a ne a re letla gore re emise koloi ya rona mo bogareng jwa toropo. Le fa go ntse jalo, puo e e neng e rekotilwe e ne ya galefisa maloko mangwe a kereke ya Salvation Army mo ba neng ba re laela gore re tsamaye. Fa re gana go tsamaya, ba le batlhano ba bone ba ne ba kgotlhokgotsha bene ya rona fela thata. Ka nako eo, ke ne ke le mo teng ga bene ke ntse ke baakanya sebuelagodimo! Tota go ne go lebega go se botlhale gore re ganelele foo, ka jalo fa banna bao ba emisa go kgotlhokgotsha bene re ne ra tloga mo lefelong leo.

Monna mongwe yo o kgatlhegelang boammaaruri kwa Bundaberg o ne a re adima mokoro wa gagwe gore re gase go tswa mo Nokeng ya Burnett e e ralalang toropo. Aubrey le Clive ba ne ba tsamaya ka mokoro le didirisiwa tsa modumo fa nna ke ne ka sala mo holong e re neng re e hirile. Bosigo joo, modumo o mogolo wa lentswe le le rekotilweng la ga Joseph F. Rutherford, wa kwa ntlokgolo ya Basupi ba ga Jehofa o ne wa utlwala mo Bundaberg yotlhe o rera molaetsa o o maatla wa Baebele. Tota tseo e ne e le dinako tse di itumedisang tse di neng di tlhoka gore batho ba Modimo ba nne pelokgale ba bo ba nne le tumelo.

Ntwa e Lere Dikgwetlho Tse di Oketsegileng

Fela fa Ntwa ya Lefatshe II e sena go simologa ka September 1939, Tora ya Tebelo ya November 1 (ka Seesemane), e ne ya tlhalosa gore go raya eng gore Bakeresete ba nne ba itlhaotse mo dipolotiking le mo ntweng. Moragonyana ke ne ka iteboga go bo ke ne ka bala makasine oo o o neng o le mo nakong. Mo go yone nako eo, nna, mmogo le Aubrey le Clive, re ne ra amogela dikabelo tse di neng tsa re kgaoganya morago ga dingwaga di le tharo re ntse re le mmogo. Ke ne ka tlhomiwa go nna molebedi yo o etang kwa bokone jwa Queensland, e leng kabelo e gantsi e neng e nteka gore ke ikanyega go le kana kang mo go Jehofa.

Ka August 1940, ke ne ka etela phuthego nngwe kwa Townsville, e e neng e na le babulatsela ba le banè—Percy le Ilma Iszlaub * mmogo le Norman le Beatrice Bellotti ba e neng e le bana ba motho. Dingwaga di le thataro morago ga moo, Beatrice o ne a nna mosadi wa me. Maitseboa mangwe go le Matlhatso, fa re sena go fetsa go rera mo mmileng re le setlhopha, tlhaselo e e tlhalositsweng kwa tshimologong e ne ya runya. Go tlhoka tshiamiso mono mo go neng ga direga ka nako eo, go ne ga ntlhotlheletsa gore ke nne ke tswelele ke direla Jehofa.

Bokgaitsadi ba babedi ba babulatsela, Una le Merle Kilpatrick ba ne ba rera ka tlhoafalo kwa bokone. Ke ne ka nna le letsatsi le le monate le bone mo bodireding, mme ba ne ba nkopa gore ke ba huduele mokoro gore re kgabaganye noka go ya kwa lelapeng lengwe la batho ba ba kgatlhegang. Seno se ne se raya gore ke thumele kwa mokorong o o neng o emisitswe mo letlhakoreng le lengwe la noka, mme ke tle le one go tla go tsaya bokgaitsadi bano gore ba kgabaganye. Le fa go ntse jalo, fa ke fitlha fa mokorong ke ne ka fitlhela dikota tsa go tsamaisa mokoro di seyo! Moragonyana re ne ra utlwela gore motho mongwe yo o neng a le kgatlhanong le rona o ne a di fitlhile. Mme gone leano la gagwe ga le a ka la emisa mosepele wa rona. Ke ne ke feditse dingwaga di le dintsi ke dira tiro ya go falotsa batho ba ba nwelang mme ke ne ke sa ntse ke le setswerere sa go thuma. Ka jalo ke ne ka ipofelela mogala wa tshetledi mo lethekeng, ka gogela mokoro kwa bokgaitsading ba ke neng ke tsamaya le bone, mme fa ba sena go palama ka o goga gape. Jehofa o ne a segofatsa maiteko a rona gonne fa nako e ntse e tsamaya, maloko a lelapa leno le le kgatlhegang a ne a nna Basupi.

Ke ne Ke Sireleditswe ke Seatla sa ga Jehofa

Ka ntlha ya mabaka a tshireletso, masole a ne a dira maparego mo toropong ya Innisfail. E re ka ke ne ke nna mo lefelong le maparego a neng a le mo go lone, ke ne ke kgona go bona ditetla tsa go tsena mo toropong, mme di ne tsa thusa thata fa baemedi ba ba tswang kwa ofising ya lekala ya Basupi ba ga Jehofa ba ne ba re etetse. Gore ke kgone go ba fetisa mo maparegong, ke ne ke ba fitlha mo karolong e e kafa tlase ya setulo sa kafa morago sa koloi.

Ka nako eo re ne re lekanyediwa peterole e re ka e dirisang mme dikoloi tse dintsi di ne tsa tsenngwa didirisiwa tse di dirang gase. Sedirisiwa seno se ne se dirisa gase e e tswang mo magaleng a a fisang go tlhotlhetsa enjene ya koloi. Ke ne ke tsaya maeto a me bosigo ke tsentse dikgetsi tsa magala mo karolong e ke neng ke fitlhile mokaulengwe mo go yone. Fa re emisiwa mo maparegong, ke ne ke itaya balebedi tsebe ka go tlogela enjene e ntse e dumela kwa godimo mme ke tlhomamisa gore fa magala a tsenngwang teng go nna go le mogote tota. Bosigo bongwe ke ne ka goela kwa go mongwe wa balebedi bao ka re: “Fa nka tima enjene, gase e e mo koloing ga e na go tlhola e dira sentle mme go tla nna thata go dumisa enjene gape.” E re ka balebedi bano ba ne ba kgobiwa marapo ke mogote, modumo le mosidi o o tswang mo koloing ba ne ba tlhatlhoba koloi ka bonako fela ba bo ba ntetla go tsamaya.

Mo go yone nako eo, ke ne ka abelwa gore ke rulaganyetse Basupi ba Townsville kopano. Dijo di ne di lekanyeditswe, mme gore re bone dilo tse re di tlhokang re ne re tshwanetse go bona tetla e e tswang kwa go mmakaseterata. Mo nakong eo, bakaulengwe ba rona ba Bakeresete ba ne ba tshwarwa ka ntlha ya boitlhaodi jwa bone. Ka jalo fa ke dira dithulaganyo tsa go ya go bona mmakaseterata ke ne ka ipotsa gore, ‘A tota se ke se dirang se botlhale kana ke kgotlha motshitshi?’ Le fa go ntse jalo, ke ne ka tswelela fela ka dira jaaka ke laetswe.

Mmakaseterata yo o neng a dutse mo tesekeng e kgolo o ne a re ke nne fa fatshe. Fa ke mmolelela gore ke tlile ka dife, o ne a sosobanya sefatlhego a bo a ntlhoma matlho. Morago ga moo o ne a repa fela a bo a re: “O tlile go tlhoka dijo tse di kanakang?” Ke ne ka mo naya lenaane la dilwana di se kae fela mo go tse ke neng ke di tlhoka. O ne a le sekaseka a bo a re: “Go lebega di sa lekana. Ke akanya gore go botoka gore re di oketse go menagane gabedi.” Fa ke tswa mo ofising eo, ke ne ke leboga Jehofa fela thata ka a nthutile thuto e nngwe gape ya gore ke mo ikanye.

Ka January 1941, tiro ya Basupi ba ga Jehofa e ne ya thibelwa mo Australia. Batho ba le bantsi ba ne ba re belaela e bile ba re latofatsa ka gore re ditlhola tsa Bajapane! Nako nngwe dikoloi tse pedi tse di tletseng mapodise le masole di ne tsa tlhasela Kingdom Farm, e leng naga e e mo Setlhabeng sa Atherton e re neng re e rekile gore re leme dijo mo go yone. Ba ne ba batlana le lebone le legolo le ba neng ba dumela gore re le dirisa go lemosa baba. Gape ba ne ba re latofatsa ka gore tsela e re jalang mabele ka yone, re a bo re kwadile sengwe se motho a ka kgonang go se bala a le mo sefofaneng! Tota ditatofatso tseno tsotlhe e ne le maaka.

Ka ntlha ya thibelo, re ne re tshwanetse go nna kelotlhoko le go loga maano fa re naya batho dibuka. Ka sekai, fa go sena go gololwa buka ya Children, ke ne ka tsaya lebokoso la dibuka tseno kwa Brisbane, ka tsamaya le lone ka terena go ya kwa bokone, mme ka tlogela dibuka tseo kwa mafelong a go neng go na le diphuthego kwa go one. Gore mapodise a kgobege marapo mme a seke a bula lebokoso leno, ke ne ke tsamaya ka šaga e e bogale e ke neng ke e bofelela mo godimo ga lebokoso pele ke fologa mo tereneng. Le fa gone e ne e le leano le le sa reng sepe, le ne la atlega. Batho ba ga Jehofa ba ne ba itumela tota fa thibelo—e moatlhodi mongwe wa kgotlatshekelo a neng a re, ‘e ne e se kafa molaong, e sa tlhomama e bile e gatelela’—e ne e fedisiwa ka June 1943.

Re Bidiwa Gore re Tsenele Bosole

Ngwaga pele thibelo e fedisiwa, nna, Aubrey Wills le Norman Bellotti, re ne ra bidiwa gore re tsenele bosole. Aubrey le Norman ba ne ba bidiwa beke pele nna ke bidiwa mme ba atlholelwa dikgwedi di le thataro mo kgolegelong. Ka nako eo, poso e ne e gapa dimakasine tsotlhe tsa Tora ya Tebelo tse di neng di rometswe Basupi ba ba itsegeng mme e tlogela dipeeletso tse di yang kwa bathong ba bangwe. Tiro ya rona e ne e le go batla mongwe wa batho bano ba ba dirileng dipeeletso, re dire dikhopi tsa dimakasine tseo mme re di neye Basupi ba bangwe. Ka tsela eno re ne re nna re na le dijo tsa semoya.

Fa ke sena go atlholelwa dikgwedi di le thataro mo kgolegelong, ke ne ka dira boikuelo ka yone nako eo fela jaaka ke ne ke laetswe ke ofisi ya lekala ya kwa Sydney. Maikaelelo a rona e ne e le gore re tsamaise nako go fitlha ba kgona go tlhoma mongwe yo o neng a tla tlhokomela tiro ya go rera. Ke ne ka dirisa kgololesego ya me go ya go etela bangwe ba Basupi ba le 21 ba ba neng ba tshwerwe kwa bokone jwa Queensland. Bontsi jwa bone ba ne ba le mo kgolegelong e le nngwe mme molebedi wa teng o ne a re tlhoile. Fa ke mo gakolola gore baruti ba madumedi a mangwe ba kgona go etela maloko a bone o ne a shakgala. O ne a goa a re: “Fa go ka bo go ya ka nna, Basupi ba ga Jehofa botlhe ba ne ba tla emisiwa mo moleng mme ba thuntshiwe!” Batlhokomedi ba ne ba nketsha foo ka bonako.

Fa nako ya me ya tsheko e goroga, ke ne ka newa mmueledi wa molao fela jaaka go ne go tlhokega. Le fa go ntse jalo, totatota ke ne ke itshwaretse kgetsi ya me, mo go rayang gore ke ne ke tshwanetse go ikaega ka Jehofa fela thata. Mme Jehofa ga a ka a ntshwabisa. (Luke 12:11, 12; Bafilipi 4:6, 7) Se se gakgamatsang ke gore boikuelo jwa me bo ne jwa atlega gonne tlelereke e ne e dirile diphoso fa e tlatsa diforomo tse di supang gore ke tshwaretswe eng!

Ka 1944, ke ne ka abelwa kwa potologong e kgolo e e akaretsang karolo yotlhe e e kafa Borwa jwa Australia, bokone jwa Victoria le New South Wales e leng toropo ya Sydney. Mo ngwageng o o latelang, lefatshe ka bophara go ne ga tlhomiwa letsholo la go baya dipuo phatlalatsa, mme sebui sengwe le sengwe se ne se tshwanetse go baakanyetsa puo ya sone se dirisa aotlelaene e e tswang kwa mokgatlhong e e neng e le tsebe e le nngwe fela. Re ne ra nna le kgwetlho e ntšha jaanong ya go baya dipuo tse di tsayang ura yotlhe, mme gone re ne ra di baakanyetsa re ikantse Jehofa ka botlalo mme o ne a segofatsa maiteko a rona.

Lenyalo le Maikarabelo a Masha

Ka July 1946, ke ne ka nyalana le Beatrice Bellotti mme ra bula tsela mmogo. Legae la rona e ne e le kharabane e e dirilweng ka logong. Morwadiarona Jannyce (Jann), yo e neng e le ngwana wa rona a le esi o ne a tsholwa ka December 1950. Re ne ra bula tsela mo mafelong a le mmalwa go akaretsa le toropo ya Kempsey, New South Wales, kwa e neng e le rona fela Basupi. Sontaga mongwe le mongwe re ne re ya kwa holong ya setšhaba ke ipaakanyeditse go neela puo ya phatlalatsa e re phasaladitseng ditaletso tsa yone. Go ne ga feta dikgwedi ke ntse ke reediwa fela ke Beatrice le leseanyana le rona Jann. Le fa go ntse jalo, go ise go ye kae batho ba ne ba simolola go tla ka monokela. Gompieno go na le diphuthego tse pedi tse di golang sentle mo Kempsey.

Fa Jann a le dingwaga di le pedi, re ne ra ya go nna kwa Brisbane. Mme fa a wetsa dithuto tsa gagwe tsa sekolo re ne ra bula tsela re le lelapa dingwaga di le nnè kwa New South Wales mo toropong ya Cessnock pele re boela kwa Brisbane go ya go thusa mmaagwe Beatrice yo o neng a lwala. Gone jaanong ke na le tshiamelo ya go direla ke le mogolwane mo Phuthegong ya Chermside.

Nna le Beatrice re leboga Jehofa thata ka ditshegofatso tse di senang palo, go akaretsa le tshiamelo e re nnileng le yone ya go thusa batho ba le 32 go mo itse. Ruri nna ke leboga Jehofa ka mosadi wa me yo o rategang yo le fa e le motho yo o bonolo, a neng a lwela boammaaruri jwa Baebele ka bopelokgale. Lorato lo a ratang Modimo ka lone, tsela e a mo ikanyang ka yone le ‘leitlho la gagwe le le sa raraanang’ di dirile gore a nne mosadi le mmè yo o nang le bokgoni. (Mathaio 6:22, 23; Diane 12:4) Nna le ene re kgona go bua go tswa pelong re re: “Go segofetse monna yo o nonofileng yo o ikanyang Jehofa.”—Jeremia 17:7.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 19 Kgang ya botshelo ya ga Percy Iszlaub e tlhaga mo makasineng wa Tora ya Tebelo ya May 15, 1981, (ka Seesemane).

[Setshwantsho mo go tsebe 9]

Re ne re dirisa koloi eno e e nang le sebuelagodimo kwa bokone jwa Queensland

[Setshwantsho mo go tsebe 10]

Re thusa basetsana ba lelapa loora Kilpatrick go tsamaisa koloi ya bone mo pakeng ya dipula kwa bokone jwa Queensland

[Setshwantsho mo go tsebe 12]

Letsatsi la rona la lenyalo