Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Kgwetlho ya go Nna Boikokobetso

Kgwetlho ya go Nna Boikokobetso

Kgwetlho ya go Nna Boikokobetso

BATHO ba bantsi ba ka tswa ba tsaya gore go nna boikokobetso ga go tlhokege mo lefatsheng la gompieno. Batho ba ba tsewang tsia le ba go lebegang ba atlegile thata mo botshelong ke ba ba ipayang kwa pele, ba ba boikgogomoso, ba ba tlhomamisang gore ba bona se ba se batlang. Batho ka kakaretso ba tswela pelo tsela e batho ba ba humileng le ba ba itsegeng ba tshelang ka yone, mme ga ba tswele pelo batho ba maemo a a kwa tlase le ba ba boikokobetso. Batho ba ba atlegileng mo botshelong gantsi ba rata go ikgantsha ba re ba atlegile jalo ka gonne ba berekile ka thata. Go na le gore ba ikokobetse, ba bua ka boikgogomoso gore ke bone ba tsereng matsapa a gore ba atlege jalo mo botshelong.

Mmatlisisi mongwe wa kwa Canada o ne a re mo nageng ya gabone batho ba “simolola go nna le mokgwa wa boikgogomoso wa go ipaya kwa pele.” Ba bangwe ba na le maikutlo a gore re tshela mo setšhabeng se mo go sone go ijesa monate go tsewang go le botlhokwa go feta go nna le maikarabelo mo botshelong mme ba lemoga gore batho ba bantsi gompieno ba ntse ba nna baithati. Mo lefatsheng le le ntseng jaana, ga go lebege go nna boikokobetso e le nonofo e e rategang.

Mme gone, batho ba le bantsi ba ka dumela gore go nna boikokobetso go siametse batho ba bangwe ka gore go motlhofo go dirisana le batho ba ba ikokobeditseng. Le fa go ntse jalo, mo lefatsheng le re tshelang mo go lone le le ratang kgaisano, batho bangwe ba tshaba gore ba bangwe ba tla ba tsaya ba le bokoa fa ba ka nna boikokobetso.

Lefoko la Modimo Baebele, le boletse e sa le pele gore mo motlheng wa rona batho ba tla nna “baipegi, ba ba mabela.” (2 Timotheo 3:1, 2) A ga o dumele gore boporofeti jono bo a diragadiwa gompieno? A o tsaya go nna boikokobetso go na le molemo mongwe? Kana o akanya gore motho yo o boikokobetso o tla tsewa a le bokoa, a ka jewa ntsoma motlhofo?

Boammaaruri ke gore Baebele e re naya mabaka a a molemo a go tseela boikokobetso kwa godimo le go batla go nna batho ba ba ikokobeditseng. E re thusa go nna le pono e e lekalekaneng, e e siameng ka boikokobetso e bile e bontsha gore boikokobetso jwa mmatota ga bo bontshe gore motho o bokoa, mme bo bontsha gore o pelokgale go dira se se siameng. Setlhogo se se latelang se tla tlhalosa gore ke ka ntlha yang fa go tualo.

[Setshwantsho mo go tsebe 3]

Re tshwanetse go ikutlwa jang ka dilo tse re di fitlheletseng?