Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Lefoko la ga Jehofa Ga le Ke le Tlhoka go Diragala

Lefoko la ga Jehofa Ga le Ke le Tlhoka go Diragala

Lefoko la ga Jehofa Ga le Ke le Tlhoka go Diragala

“Ga go na lefoko le le lengwe le le sa diragadiwang mo mafokong otlhe a a molemo a Jehofa Modimo wa lona a a buileng le lona. A lo diragaletse otlhe fela.”—JOSHUA 23:14.

1. Joshua e ne e le mang, mme o ne a dirang fa a tla tloga a swa?

JOSHUA e ne e le ramasole yo o matlhagatlhaga e bile a le pelokgale, e le monna yo o nang le tumelo e bile a ikanyega. O ne a tsamaya le Moshe mme Jehofa a mo tlhopha gore a etelele setšhaba sa Iseraele pele go tswa mo nageng e e boifisang le go tsena mo nageng e e elang maši le dinotshe. Fa monna yono yo o tlotlegang thata a tloga a swa, o ne a bua mafoko a a amang maikutlo a laela banna ba bagolwane ba Iseraele. Kwantle ga pelaelo, mafoko ao a ne a nonotsha tumelo ya ba ba neng ba mo reeditse. Le wena a ka go kgothatsa fela jalo.

2, 3. Fa Joshua a ne a bua le banna ba bagolwane ba Iseraele, go ne go diragala eng kwa Iseraele, mme Joshua o ne a reng?

2 A ko o bone ka leitlho la mogopolo tiragalo eno e e tlhalosiwang mo Baebeleng: “Ga diragala malatsi a le mantsi morago ga Jehofa a sena go naya Iseraele boikhutso mo babeng botlhe ba bone mo tikologong yotlhe, fa Joshua a ne a tsofetse e bile a na le malatsi a le mantsi thata, gore Joshua a bitse Iseraele yotlhe, banna ba yone ba bagolwane le ditlhogo tsa yone le baatlhodi ba yone le badiredi ba yone, mme a ba raya a re: ‘Mme nna, ke tsofetse, ke na le malatsi a le mantsi thata.’”—Joshua 23:1, 2.

3 Joshua o ne a tloga a tshwara dingwaga tse 110. O ne a tshetse ka mongwe wa metlha e e tletseng ditiragalo thata mo hisitoring ya batho ba Modimo. O ne a bone ditiro tse di maatla tsa Modimo, e bile o ne a bone ditsholofetso tse dintsi tsa ga Jehofa di diragala. Ka jalo, o ne a bolela mafoko ano a tlhatswegile pelo tota ka ntlha ya se a neng a se iponetse ka matlho: “Lo itse sentle ka dipelo tsa lona tsotlhe le ka meya ya lona yotlhe gore ga go na lefoko le le lengwe le le sa diragadiwang mo mafokong otlhe a a molemo a Jehofa Modimo wa lona a a buileng le lona. A lo diragaletse otlhe fela. Ga go na le fa le le lengwe la one le le sa diragalang.”—Joshua 23:14.

4. Jehofa o ne a solofetsa Baiseraele dilo dife?

4 Ke mafoko afe a ga Jehofa a a ileng a diragala mo motlheng wa ga Joshua? Re tla sekaseka dilo tse tharo tse Jehofa a ileng a di solofetsa Baiseraele. Sa ntlha, Modimo o ne a tla ba golola mo bokgobeng. Sa bobedi, o ne a tla ba sireletsa. Sa boraro, o ne a tla ba tlamela. Jehofa o solofeditse batho ba gagwe ba motlha wa gompieno dilo tse di tshwanang, mme re di bone di diragala mo motlheng wa rona. Mme pele re sekaseka se Jehofa a se dirileng mo metlheng ya gompieno, a re sekasekeng se a se dirileng mo motlheng wa ga Joshua.

Jehofa o Golola Batho ba Gagwe

5, 6. Jehofa o ne a golola Baiseraele jang kwa Egepeto, mme seno se ne se supa eng?

5 Fa Baiseraele ba ne ba ikuela kwa Modimong ka gonne ba le mo bokgobeng kwa Egepeto, Jehofa o ne a ba reetsa. (Ekesodo 2:23-25) Fa Jehofa a ne a bua le Moshe fa setlhareng se se neng se tuka, o ne a re: “Ke a fologa go ya go ba golola [batho ba me] mo seatleng sa Baegepeto le go ba ntsha mo lefatsheng leo ke ba isa kwa lefatsheng le le molemo le le le bulegileng, kwa lefatsheng le le elang mashi le tswina ya dinotshe.” (Ekesodo 3:8) Ruri go tshwanetse ga bo go ne go itumedisa go bona Jehofa a dira fela jalo! Fa Faro a ne a gana go letla Baiseraele ba tswa mo Egepeto, Moshe o ne a mmolelela gore Modimo o ne a tla fetola metsi a Noka ya Nile gore a nne madi. Se Jehofa a neng a se buile se ne sa diragala. Metsi a Noka ya Nile a ne a fetoga madi. Ditlhapi di ne tsa swa, mme batho ba ne ba sa kgone go nwa metsi a noka eo. (Ekesodo 7:14-21) Faro o ne a tswelela a le tlhogoethata, mme Jehofa o ne a tlisa dipetso tse dingwe tse robongwe, a tlhalosa nngwe le nngwe ya tsone pele e diragala. (Ekesodo, kgaolo 8-12) Fa petso ya bolesome e sena go bolaya maitibolo a Baegepeto, Faro o ne a laela gore Baiseraele ba tsamaye—mme ba ne ba dira fela jalo!—Ekesodo 12:29-32.

6 Fa Baiseraele ba sena go gololwa jalo, Jehofa o ne a ba amogela e le setšhaba sa gagwe se a se itlhophetseng. Molao ono o ne o tlotlomatsa Jehofa gore ke Ene yo o diragatsang ditsholofetso, yo lefoko la gagwe le diragalang ka dinako tsotlhe. O ne o bontsha gore Jehofa o kwa godimo ga medimo ya ditšhaba. Fa re bala ka ga kgololo eo re nonofa tumelo. Akanya fela gore ba ba neng ba gololwa bone ba ne ba ikutlwa jang! Joshua o ne a bona gore kwantle ga pelaelo Jehofa ke “Mogodimodimo yo o okametseng lefatshe lotlhe.”—Pesalema 83:18.

Jehofa o Sireletsa Batho ba Gagwe

7. Jehofa o ne a sireletsa Baiseraele jang mo masoleng a ga Faro?

7 Go tweng ka tsholofetso ya bobedi ya gore Jehofa o ne a tla sireletsa batho ba gagwe? Fa Jehofa a ne a solofetsa go golola Baiseraele mo Egepeto le go ba tsenya mo Lefatsheng le le Solofeditsweng, seo se ne se bontsha gore o solofetsa go ba sireletsa. Gopola gore Faro yo o galefileng o ne a leleka Baiseraele a na le masole a gagwe a a nonofileng, a tsamaya ka dikoloi tse dintsintsi tsa ntwa. Ruri monna yono yo o ikgodisang o tshwanetse a bo a ne a dumela tota gore o ba tshwere, bogolo jang fa Baiseraele ba ne ba lebega ba se na kgoro ya botso ba le fa gare ga dithaba le lewatle! Jaanong Modimo o ne a tsaya kgato a sireletsa batho ba gagwe ka go baya leru fa gare ga ditlhopha tseno tse pedi. Kafa Baegepetong go ne go le lefifi; kafa Baiseraeleng go le lesedi. Fa leru le ntse le thibetse Baegepeto tsela, Moshe o ne a tsholetsa thobane ya gagwe mme metsi a Lewatle le Lehibidu a kgaogana ka bogare a bulela Baiseraele tsela ya go tswa mme a thaela Baegepeto serai. Jehofa o ne a nyeletsa masole a ga Faro a a nonofileng, ka jalo a sireletsa batho ba gagwe gore ba se ka ba fenngwa.—Ekesodo 14:19-28.

8. Baiseraele ba ne ba sirelediwa jang (a) mo nageng le (b) fa ba tsena mo Lefatsheng le le Solofeditsweng?

8 Fa Baiseraele ba sena go kgabaganya Lewatle le Lehibidu, ba ne ba kgarakgatshega mo nageng e e neng e tlhalosiwa e le “naga e kgolo e e boitshegang, e e nang le dinoga tse di nang le botlhole le diphepheng le e e nang le mmu o o omeletseng o o se nang metsi.” (Duteronome 8:15) Le koo Jehofa o ne a sireletsa batho ba gagwe. Mme go ne ga diragalang ka nako ya fa ba ne ba tsena mo Lefatsheng le le Solofeditsweng? Masole a a nonofileng a Bakanana a ne a ba thibela. Mme Jehofa o ne a raya Joshua a re: “Nanoga, kgabaganya Joredane eno, wena le setšhaba seno sotlhe, o tsene mo lefatsheng le ke le ba nayang, e bong bomorwa Iseraele. Ga go na ope yo o tla emang a nonofile fa pele ga gago malatsi otlhe a botshelo jwa gago. Ke tla nna le wena fela jaaka ke ne ke na le Moshe. Ga nkitla ke go latlha le fa e le go go tlogela gotlhelele.” (Joshua 1:2, 5) Mafoko ao a ga Jehofa a ne a diragala fela jalo. Mo dingwageng di ka nna thataro fela, Joshua o ne a fenya dikgosi di le 31 mme a gapa dikarolo tse dikgolo tsa Lefatshe le le Solofeditsweng. (Joshua 12:7-24) O ka bo a sa kgona go fenya jalo fa e ne e se ka tshireletso e e lorato ya ga Jehofa.

Jehofa o Tlamela Batho ba Gagwe

9, 10. Jehofa o ne a tlamela batho ba gagwe jang kwa nageng?

9 Jaanong ela tlhoko tsholofetso ya boraro—Jehofa o ne a tla tlamela batho ba gagwe. Mo nakong e khutshwane fela Baiseraele ba sena go gololwa kwa Egepeto, Modimo o ne a ba solofetsa jaana: “Bona, ke lo nesetsa senkgwe se se tswang kwa magodimong; mme batho ba tswe mongwe le mongwe a ye go itshelela selekanyo sa gagwe sa letsatsi leo.” Mme Modimo o ne a ba naya “senkgwe se se tswang kwa magodimong” fela jaaka a ne a solofeditse. “E rile bomorwa Iseraele ba se bona, ba raana ba re: ‘Ke eng?’” E ne e le mana, senkgwe se Jehofa a neng a se ba solofeditse.—Ekesodo 16:4, 13-15.

10 Mo dingwageng tse 40 tse Baiseraele ba di tsamaileng kwa nageng, Jehofa o ne a ba tlhokomela, a ba tlamela ka dijo le metsi. O ne a ba a dira gore ba se ka ba onalelwa ke diaparo le dinao tsa bone di se ka tsa ruruga. (Duteronome 8:3, 4) Joshua o ne a bona seo sotlhe. Jehofa o ne a golola batho ba gagwe, a ba sireletsa a bo a ba tlamela, fela jaaka a ne a ba solofeditse.

Go Gololwa ga Batho mo Metlheng ya Gompieno

11. Go ne ga diragala eng kwa Brooklyn, New York, ka 1914, mme e ne e setse e le nako ya eng?

11 Go tweng ka motlha wa rona? Ka Labotlhano mo mosong, ka October 2, 1914, Charles Taze Russell, yo o neng a eteletse Baithuti ba Baebele pele mo metlheng eo, o ne a tsena mo holong ya bojelo ya kwa Bethele, kwa Brooklyn, New York. O ne a bua jaana a itumetse: “Dumelang lotlhe.” Mme pele a nna fa fatshe, o ne a itsise jaana ka boipelo: “Metlha ya Baditšhaba e khutlile; dikgosi tsa bone di feletswe ke nako.” Le fano gape, e ne e setse e le nako ya gore Jehofa, Molaodimogolo wa lobopo, a tseye kgato go thusa batho ba gagwe. Mme o ne a dira fela jalo!

12. Batho ba Modimo ba ne ba gololwa jang ka 1919, mme seo se ne sa felela ka eng?

12 Dingwaga di le tlhano fela morago ga moo, Jehofa o ne a golola batho ba gagwe mo go “Babelona o Mogolo,” mmusomogolo wa lefatshe lotlhe wa bodumedi jwa maaka. (Tshenolo 18:2) Mme bontsi jwa rona re ne re ise re nne teng ka nako eo mo re neng re ka bona Modimo a golola batho ba gagwe ka tsela eo e e kgatlhang. Mme matswela a gone re a bona sentle. Jehofa o ne a tsosolosa kobamelo e e itshekileng mme a dira gore ba ba neng ba batla go mo obamela ba nne seoposengwe. Moporofeti Isaia o ne a laetswe go bolelela pele mafoko ano: “Go tla diragala gore go ela kwa bofelong jwa metlha thaba ya ntlo ya ga Jehofa e tlhomamisiwe thata kwa godimo ga ditlhoa tsa dithaba, eleruri e tla tsholelediwa kwa godimo ga dithota; mme ditšhaba tsotlhe di tla ologela kwa go yone.”—Isaia 2:2.

13. O bone koketsego efe mo bathong ba ga Jehofa?

13 Mafoko a ga Isaia a ne a diragala. Ka 1919, masalela a a tloditsweng a ne a simolola go rera ka bopelokgale mo lefatsheng lotlhe mme tiro eno e ne e tlotlomatsa kobamelo ya Modimo wa boammaaruri. Ka bo1930, go ne ga bonala sentle gore go ne go phuthiwa ba “dinku tse dingwe.” (Johane 10:16) Sa ntlha go ne ga tla diketekete, mme morago ga tla dikete di le makgolokgolo, mme jaanong batho ba le dimilionemilione ba ema kobamelo e e itshekileng nokeng! Mo ponatshegelong e e neng ya newa moaposetoloi Johane, ba tlhalosiwa e le “boidiidi jo bogolo, jo go seng motho ope yo o neng a kgona go bo bala, bo tswa mo merafeng yotlhe le ditso le ditšhaba le diteme.” (Tshenolo 7:9) Ke eng se o se boneng mo metlheng ya gompieno? Go ne go na le Basupi ba ga Jehofa ba le kae mo lefatsheng fa o ne o simolola go ithuta boammaaruri? Gompieno, palo ya batho ba ba direlang Jehofa e feta 6 700 000. Fa Jehofa a sena go golola batho ba gagwe mo Babelona o Mogolo, go ne ga nna le koketsego e e kgatlhang e jaanong re e bonang mo lefatsheng lotlhe.

14. Batho ba Modimo ba sa ntse ba tla gololwa jang?

14 Jehofa o sa ntse a tla golola batho—mme fano go tla amega batho botlhe ba ba mo lefatsheng. Jehofa o tla bontsha maatla a gagwe ka tsela e e gakgamatsang mme a fedise batho botlhe ba ba mo ganetsang, mme o tla tsenya batho ba gagwe mo lefatsheng le lesha le go tla renang tshiamo mo go lone. A bo go tla itumedisa jang go bona boikepo bo fela mme go simolola motlha o o itumedisang go feta yotlhe mo hisitoring ya batho!—Tshenolo 21:1-4.

Jehofa o Sireletsa Batho ba Gagwe mo Motlheng wa Rona

15. Ke ka ntlha yang fa go ile ga tlhokega gore Jehofa a sireletse batho mo metlheng ya gompieno?

15 Jaaka re bone, Baiseraele ba motlha wa ga Joshua ba ne ba tlhoka go sirelediwa ke Jehofa. A batho ba ga Jehofa mo metlheng eno bone ga ba go tlhoke? Ruri ba a go tlhoka! Jesu o ne a tlhagisa balatedi ba gagwe jaana: “Batho ba tla lo isa kwa pitlaganong e bile ba tla lo bolaya, mme lo tla nna ba ba tlhoilweng ke ditšhaba tsotlhe ka ntlha ya leina la me.” (Mathaio 24:9) Fa dingwaga di ntse di feta, Basupi ba ga Jehofa mo dinageng di le dintsi ba ile ba itshokela kganetso e e botlhoko le pogiso e e setlhogo. Le fa go ntse jalo, go ile ga bonala gore ruri Jehofa o na le batho ba gagwe. (Baroma 8:31) Lefoko la gagwe le re tlhomamisetsa gore ga go sepe—‘ga go sebetsa sepe se se bopiwang kgatlhanong le rona’—se se tla emisang tiro ya rona ya go rera le go ruta ka Bogosi.—Isaia 54:17.

16. O bone bosupi bofe jwa gore Jehofa o sireletsa batho ba gagwe?

16 Batho ba ga Jehofa ba ntse ba oketsega, le fa lefatshe le ba tlhoile. Tiro ya Basupi ba ga Jehofa e tsweletse pele sentle mo dinageng di le 236—e leng bosupi jo bo tlhatswang pelo jwa gore ruri Jehofa o na le rona mme o tla re sireletsa mo bathong ba ba batlang go re fedisa kgotsa go emisa tiro ya rona. A o gopola maina a baeteledipele bangwe ba ba nonofileng ba bopolotiki kgotsa ba bodumedi ba ba neng ba gatelela batho ba Modimo ka tsela e e setlhogo mo metlheng ya gompieno? Go diragetseng ka bone? Ba kae gone jaanong? Bontsi jwa bone ga ba tlhole ba le teng, fela jaaka Faro wa motlha wa ga Moshe le Joshua. Mme go tweng ka batlhanka ba Modimo ba motlha wa gompieno ba ba suleng ba ikanyega? Ba sireletsegile mo mogopolong wa ga Jehofa. Ga go lefelo lepe le le sireletsegileng go feta leo. Ka jalo, mafoko a ga Jehofa a gore o tla sireletsa batho ba gagwe a diragetse.

Jehofa o Tlamela Batho ba Gagwe Gompieno

17. Jehofa o ne a solofetsa eng malebana le dijo tsa semoya?

17 Jehofa o ne a tlamela batho ba gagwe mo nageng, mme le gompieno o a ba tlamela. “Motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale” o re fa dijo tsa semoya. (Mathaio 24:45) Re newa kitso ya dithuto tsa boammaaruri kaga Modimo tse di neng di fitlhegile ka makgolokgolo a dingwaga. Moengele o ne a raya Daniele a re: “Dira mafoko ano sephiri mme o kanele buka, go fitlha motlha wa bokhutlo. Ba bantsi ba tla ya kwa le kwa, mme kitso ya boammaaruri e tla nna ntsi.”—Daniele 12:4.

18. Ke ka ntlha yang fa go ka twe kitso ya boammaaruri e atile gompieno?

18 Jaanong re tshela mo metlheng ya bofelo, mme kitso ya boammaaruri e atile tota. Mo lefatsheng lotlhe, moya o o boitshepo o isitse batho ba ba ratang boammaaruri kwa kitsong e e tlhomameng ya go itse Modimo wa boammaaruri le maikaelelo a gagwe. Gompieno mo lefatsheng go na le Dibaebele tse dintsi, mmogo le dibuka tse di thusang batho go tlhaloganya dithuto tsa botlhokwa tsa boammaaruri tse di mo Baebeleng. Ka sekai, akanya ka lenaane la diteng la buka e e ithutiwang ya Totatota Baebele e Ruta Eng? * Dingwe tsa dikgaolo tsa yone tsa re: “Dithuto Tsa Boammaaruri ke Dife ka Modimo?,” “Baswi ba Kae?,” “Bogosi Jwa Modimo ke Eng?,” le “Ke ka Ntlha Yang fa Modimo a Letleletse Boikepo?” Batho ba ntse ba ipotsa dipotso tseo ka diketekete tsa dingwaga. Jaanong dikarabo tsa tsone di bonwa motlhofo. Tota le fa go setse go fetile makgolo a dingwaga batho ba sa itse sepe ka Baebele, le dikereke tse di ipitsang tsa Bokeresete di ruta dithuto tsa botlhanogi, Lefoko la Modimo le a atlega, le tlamela botlhe ba ba eletsang go direla Jehofa.

19. Ke ditsholofetso dife tse o boneng di diragadiwa, mme o dirile tshwetso efe?

19 Ruri re ka bolela jaana ka ntlha ya sotlhe se re se iponetseng ka matlho: “Ga go na lefoko le le lengwe le le sa diragadiwang mo mafokong otlhe a a molemo a Jehofa Modimo wa lona a a buileng le lona. A lo diragaletse otlhe fela. Ga go na le fa le le lengwe la one le le sa diragalang.” (Joshua 23:14) Jehofa o golola batlhanka ba gagwe, o a ba sireletsa e bile o a ba tlamela. A go na le tsholofetso epe ya gagwe e o e itseng e a sa e diragatsang ka nako e a neng a e beile? Ruri ga e yo. Re tla bo re dira ka botlhale fa re ikanya Lefoko la Modimo le le ikanyegang.

20. Ke ka ntlha yang fa re ka leba kwa isagweng re na le tsholofelo?

20 Go tweng ka isagwe? Jehofa o re boleletse gore bontsi jwa rona re ka solofela go tshela mo lefatsheng le le fetotsweng paradaise e e itumedisang. Ba se kae ba rona ba solofetse go busa le Keresete kwa legodimong. Le fa tsholofelo ya rona e ka tswa e le efe, re na le lebaka le le utlwalang la go nna re ikanyega fela jaaka Joshua. Nako ya gore tsholofelo ya rona e diragadiwe e tla tla. Ka nako eo re tla gopola ditsholofetso tsotlhe tse Jehofa a di dirileng, mme le rona re tla re: ‘Di diragetse tsotlhe fela.’

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 18 E gatisitswe ke Basupi ba ga Jehofa.

A o Ka Tlhalosa?

• Joshua o ne a bona ditsholofetso dife tsa ga Jehofa di diragadiwa?

• Ke ditsholofetso dife tsa Modimo tse o boneng di diragadiwa?

• Re ka tlhomamisega ka eng malebana le lefoko la Modimo?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe]

Jehofa o ne a tsaya kgato go golola batho ba gagwe

[Setshwantsho mo go tsebe 23]

Jehofa o ne a sireletsa batho ba gagwe jang kwa Lewatleng le Lehibidu?

[Setshwantsho mo go tsebe 24]

Jehofa o ne a tlamela batho ba gagwe jang kwa nageng?

[Ditshwantsho mo go tsebe 25]

Jehofa o tlhokomela batho ba gagwe gompieno