Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

“Selefera Ke ya Me, le Gouta Ke ya Me”

“Selefera Ke ya Me, le Gouta Ke ya Me”

“Selefera Ke ya Me, le Gouta Ke ya Me”

MO LEKGOLONG la borataro la dingwaga B.C.E., Kgosi Kurose wa Peresia o ne a golola batho ba Modimo kwa botshwarong kwa Babelona. Ba le diketekete ba ne ba boela kwa Jerusalema go ya go aga sesha tempele ya ga Jehofa e e neng e tlogetswe e le marope. Boemo jwa itsholelo jwa batho bano ba ba neng ba boa bo ne bo sa tlhomama, mme baagelani ba ba seng botsalano ba ne ba kgoreletsa tiro ya kago. Ka lebaka leo, bangwe ba baagi ba ne ba ipotsa gore a ba ne ba tla tsamaya ba fetsa tiro eo e e botlhokwa thata ya go aga.

Jehofa o ne a dirisa moporofeti Hagai go tlhomamisetsa baagi bano gore o ne a na le bone. Modimo o ne a re: “Ke tla reketlisa ditšhaba tsotlhe, mme dilo tse di eletsegang tsa ditšhaba tsotlhe di tla tsena; mme ke tla tlatsa ntlo eno ka kgalalelo.” Malebana le go tshwenyega ga baagi ka tsa madi, Hagai o ne a isa molaetsa ono: “‘Selefera ke ya me, le gouta ke ya me,’ go bua Jehofa wa masomosomo.” (Hagai 2:7-9) Mo dingwageng tse tlhano Hagai a sena go bua mafoko ao a a kgothatsang, tiro ya go aga e ne ya wediwa.—Esera 6:13-15.

Mafoko a ga Hagai gape a rotloeditse batlhanka ba Modimo mo metlheng ya bosheng fa ba dira ditiro tse dikgolo tse di amanang le kobamelo ya ga Jehofa. Ka 1879 fa setlhopha sa motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale se ne se simolola go gatisa makasine ono, o ka nako eo o neng o bidiwa Zion’s Watch Tower and Herald of Christ’s Presence, o ne o na le mafoko ano: “‘Jaaka re dumela, ‘Zion’s Watch Tower’ e tshegediwa ke JEHOFA, mme fa a ntse a dira jalo ga e kitla e kopa batho gore ba e tshegetse. Fa Yo o reng: ‘Gouta le selefera e e mo dithabeng ke ya me,’ a palelwa ke go ntsha madi a a tlhokegang, re tla tsaya gore ke nako ya gore kgatiso eno e emisiwe.”

Makasine ono ga o ise o ke o tsamaye o emisiwe go gatisiwa. Fa go ne go gatisiwa wa ntlha, go ne ga gatisiwa dikhopi di le 6 000 ka Seesemane fela. Gompieno go gatisiwa palogare ya dimakasine di le 28 578 000 tsa kgatiso nngwe le nngwe ka dipuo di le 161. * Makasine wa Tsogang! o o tsamaisanang le wa Tora ya Tebelo, o gatisiwa ka selekanyo sa dimakasine di le 34 267 000 ka dipuo di le 81.

Basupi ba ga Jehofa ba dira ditiro tse dintsi ka maikaelelo a a tshwanang le a Tora ya Tebelo—a go tlotlomatsa Jehofa jaaka Morena Molaodimogolo wa lobopo le go itsise dikgang tse di molemo tsa Bogosi jwa gagwe. (Mathaio 24:14; Tshenolo 4:11) Fela jaaka makasine ono o ile wa bua ka 1879, Basupi ba ga Jehofa ba sa ntse ba tlhatswegile pelo gompieno gore Modimo o tshegetsa tiro ya bone le gore ditiro tse a di amogelang di tla kgona go duelelwa. Mme gone, ditiro tsa Basupi ba ga Jehofa di duelelwa jang? Mme ba dira ditiro tsa mofuta ofe gore ba kgone go rera dikgang tse di molemo mo lefatsheng lotlhe?

Tiro Eno e Duelelwa Jang?

Fa Basupi ba ga Jehofa ba rera phatlalatsa, ba tlwaetse go utlwa batho ba ba botsa potso eno, “A lo duelelwa go dira tiro eno?” Karabo ke nnyaa, ga ba duelwe. Ba dirisa nako ya bone mahala. Bareri bano, ka gonne ba rotloediwa ke go nna le tebogo, ba dirisa diura di le dintsi ba bua le batho ka Jehofa le ka tsholofetso e e mo Baebeleng ya gore go tla nna le isagwe e e botoka. Ba anaanela se Modimo a se ba diretseng le kafa molaetsa wa dikgang tse di molemo o tokafaditseng matshelo a bone le tsela e ba lebang dilo ka yone ka teng. Ka jalo, ba batla go abelana dilo tseno tse di molemo le ba bangwe. Ka go dira jalo, ba latela molaomotheo ono o o builweng ke Jesu: “Lo amogetse mahala, nayang mahala.” (Mathaio 10:8) Keletso e ba nang le yone ya go nna basupi ba ga Jehofa le Jesu e ba tlhotlheletsa go dirisa madi a bone gore ba kgone go bolelela batho ba bangwe se bone ba se dumelang, go akaretsa le batho ba ba nnang kgakala thata le bone.—Isaia 43:10; Ditiro 1:8.

Selekanyo se tiro eno ya go rera e dirwang ka sone le dilo tse di dirisiwang go e dira—mafelo a bogatisetso, diofisi, Diholo tsa Kopano, magae a barongwa le tse dingwe—di tlhoka madi a mantsi. Madi ano a tswa kae? Madi a a duelelang dilo tseno tsotlhe a tswa mo meneelong ya boithatelo. Basupi ba ga Jehofa ga ba a lebelela gore maloko a phuthego a ntshe madi go tshegetsa ditiro tse di direlwang phuthego, e bile ga ba kope batho gore ba duelele dibuka tse ba di tsamaisang. Fa batho ba rata go ntsha meneelo go tshegetsa tiro ya Basupi ya go ruta, ba itumelela go amogela meneelo eo. A re sekasekeng karolo e le nngwe fela e e supang maiteko a a dirwang go rera dikgang tse di molemo mo lefatsheng lotlhe, e leng tiro ya thanolo.

Dikgatiso Tse di Gatisiwang ka Dipuo di le 437

Ke dingwaga di le dintsi dikgatiso tsa Basupi ba ga Jehofa e le tsone di ranolelwang mo dipuong tse dintsi thata go gaisa tse dingwe tsotlhe mo lefatsheng. Dipampitshana, dibukana, dimakasine le dibuka di ntse di ranolelwa mo dipuong di le 437. Tiro ya go ranola, jaaka ditiro tse dingwe tse di dirwang gore go rerwe dikgang tse di molemo, e tlhoka madi a mantsi. Sentlentle, tiro ya go ranola e akaretsa eng?

Fa barulaganyi ba dibuka tsa Basupi ba ga Jehofa ba sena go feleletsa go kwala tshedimosetso e e tlileng go tsena mo kgatisong ya Seesemane, tshedimosetso eno e romelwa ka khomputara kwa ditlhopheng tsa baranodi ba ba rutilweng tiro mo lefatsheng lotlhe. Setlhopha sengwe le sengwe sa baranodi se ranolela mo go nngwe ya dipuo tse dikgatiso di gatisiwang ka tsone. Go ikaegile ka gore ba tshwaragane le tiro e e kana kang ya go ranola, le gore puo e ba ranolelang mo go yone e thata go le kana kang, ditlhopha tseno tsa baranodi di kgona go nna le batho ba le 5 go ya go ba le 25.

Thanolo e a tlholwa go bona gore a ga e na diphoso. Maikaelelo ke gore se se kwadilweng ka Seesemane se tlhalosiwe sentle ka tsela e e boammaaruri le e e utlwalang sentle. Seno ke namane e tona ya tiro. Fa go ranolwa tshedimosetso e e dirisang mafoko a a thata, baranodi le ba ba tlholang gore a thanolo ga e na diphoso ba ka nna ba tshwanelwa ke go dira dipatlisiso tse dintsi (ka Seesemane kana ka puo e nngwe e go ranolwang go tswa mo go yone, jaaka Sefora, Se-Russia, kana Se-Spain) le ka puo e ba ranolelang mo go yone go tlhomamisa gore ba ranola ka nepo. Ka sekai, fa setlhogo mo makasineng wa Tsogang! se tlhalosa dilo ka tsela e e tseneletseng kana se tlhalosa dilo tsa hisitori, go tlhokega gore go dirwe patlisiso e ntsi.

Baranodi ba bantsi ba berekela kwa diofising tsa makala tsa Basupi ba ga Jehofa, e le tiro ya bone ya letsatsi le letsatsi kana ba tla ka dinako dingwe. Ba bangwe ba berekela mo lefelong le puo e go ranolelwang mo go yone e buiwang mo go lone. Baranodi bano ga ba duelelwe tiro ya bone. Baranodi ba ba berekang letsatsi le letsatsi ba newa lefelo la bonno le dijo le madinyana a gore ba kgone go reka dilo tse ba di tlhokang. Mo lefatsheng lotlhe, go na le Basupi ba le 2 800 ba e leng baranodi. Gone jaanong, diofisi di le 98 tsa makala a Basupi ba ga Jehofa di na le ditlhopha tsa baranodi kana di okametse ditlhopha tsa baranodi mo mafelong a mangwe. Ka sekai, lekala la kwa Russia le okametse baranodi ba feta 230 ba ba berekang letsatsi le letsatsi kana ba ba tlang ka dinako dingwe ba ba ranolelang mo dipuong di feta 30, go akaretsa dipuo tse di sa buiweng thata tsa mafelo a a kgakala le lekala leo, jaaka Se-Chuvash, Se-Ossetian le Se-Uighur.

Go Tokafatsa Boleng Jwa Thanolo

Fela jaaka motho mongwe le mongwe yo o kileng a leka go ithuta puo e nngwe a itse, ga go motlhofo go ranola dintlha tse di thata ka tsela e e nepileng. Maikaelelo ke go ranola dintlha ka tsela e e nepileng go tswa mo puong e di ranolwang mo go yone le go dira gore thanolo e balege sentle jaaka e kete kwa tshimologong tshedimosetso e ne e kwadilwe ka yone puo e e ranoletsweng mo go yone. Go dira seno go tlhoka bokgoni. Go tsaya baranodi ba basha dingwaga tse dintsi gore ba nne le bokgoni mo tirong ya go ranola, mme phuthego ya Basupi ba ga Jehofa e nna e ba thapisa go ya pele. Ka dinako tse dingwe go na le batlhatlheledi ba ba etelang ditlhopha tseno tsa baranodi go ba thusa go tokafatsa bokgoni jwa bone jwa go ranola le go ba thusa go dirisa dikhomputara.

Thulaganyo eno ya thapiso e na le matswela a a molemo. Ka sekai, lekala la kwa Nicaragua la Basupi ba ga Jehofa la re: “Baranodi ba rona ba Se-Miskito ba neilwe thapiso, e le la ntlha, ke morutisi yo o tswang kwa lekaleng la Mexico, malebana le ditsela le mekgwa e ba tshwanetseng go e dirisa fa ba ranola. Seno se tokafaditse fela thata tsela e baranodi ba rona ba dirang tiro ya bone ka yone. Boleng jwa thanolo bo tokafetse thata.”

Mafoko a a Amang Pelo

Lebaka la go bo go dirwa maiteko a gore batho ba nne le Baebele le dibuka tse di theilweng mo Baebeleng ka dipuo tsa bone ke gore di ame dipelo tsa bone, mme go nna fela jalo. Ka 2006, Basupi ba ga Jehofa kwa Bulgaria ba ne ba itumeletse go gololwa ga Thanolo ya Lefatshe le Lesha ya Dikwalo Tsa Bokeresete Tsa Segerika ka puo ya Se-Bulgaria. Lekala la kwa Bulgaria la re batho ba bantsi ba ile ba leboga thata fa ba sena go e amogela. Maloko a phuthego a re, “jaanong Baebele e ama dipelo tsa bone tota, e seng fela megopolo.” Monnamogolo mongwe wa kwa Sofia o ne a re: “Ke badile Baebele ka dingwaga tse dintsi, mme ga ke ise ke tsamaye ke bale thanolo e go leng motlhofo go e tlhaloganya le e e amang pelo jaaka eno.” Ka tsela e e tshwanang, Mosupi mongwe wa kwa Albania o ne a bua jaana fa a sena go amogela Baebele ya gagwe e e feletseng ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha ka puo ya Se-Albania: “Lefoko la Modimo le balega monate tota ka Se-Albania! Ke tshiamelo tota go bo Jehofa a bua le rona ka puo ya rona!”

Go ka tsaya setlhopha sa baranodi dingwaga di le mmalwa gore ba ranole Baebele yotlhe. Mme seno se molemo tota fa se felela ka gore batho ba bantsintsi ba kgone go tlhaloganya Lefoko la Modimo sentle, e le la ntlha mo matshelong a bone!

“Re Badirimmogo le Modimo”

Tiro ya thanolo ke e nngwe fela ya ditiro tse dintsi tse di tshwanetseng go dirwa gore dikgang tse di molemo di rerwe ka tsela e e nang le matswela. Go kwalwa, go gatisiwa le go romelwa ga dibuka tse di theilweng mo Baebeleng mmogo le ditiro tse dingwe tse di amanang le tseo tse di dirwang kwa makaleng, mo dipotologong le mo diphuthegong tsa Basupi ba ga Jehofa, tsotlhe di tlhoka go tseelwa matsapa a magolo le madi a mantsi. Le fa go ntse jalo, batho ba Modimo ‘ba ithaopa ka go rata’ go dira tiro eno. (Pesalema 110:3) Ba tsaya e le tshiamelo gore ba bo ba kgona go dira se ba ka se kgonang mme ba motlotlo gore ka ntlha ya se ba se dirang, Jehofa o ba tsaya e le “badirimmogo” le ene.—-Bakorintha 3:5-9.

Ke boammaaruri gore ene yo o reng “selefera ke ya me, le gouta ke ya me” ga a ikaega ka madi a re ka a ntshang gore a dire tiro ya gagwe. Le fa go ntse jalo, Jehofa o neile batlhanka ba gagwe tshiamelo ya go nna le seabe mo go itshepiseng leina la gagwe ka go ntsha meneelo ya madi go tsweledisa tiro ya go rera boammaaruri jo bo bolokang matshelo mo ‘ditšhabeng tsotlhe.’ (Mathaio 24:14; 28:19, 20) A ga o tlhotlheletsege go dira sotlhe se o ka se kgonang go tshegetsa tiro eno e e se nang go tsamaya e dirwa gape?

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 5 Gore o bone lenaane la dipuo, bula tsebe 2 ya makasine ono.

[Lebokoso mo go tsebe 18]

“DI DIRA GORE RE AKANYETSE DILO KWA TENG”

Mosetsana wa dingwaga tse 14 o ne a kwalela ofisi ya lekala ya Basupi ba ga Jehofa kwa Cameroon a re: “Fa ke sena go reka dilo tse ke tlileng go di dirisa kwa sekolong ngwaga otlhe, ke ne ka rekisa dibuka tse pedi tse ke neng ke di dirisa mo ngwageng o o fetileng ka di-franc di le 2 500 [R37]. Ke ntsha madi ano moneelo mmogo di-franc di le 910 [R13,50] e leng madi a ke neng ke ntse ke a beile. Ke lo kgothaletsa gore lo tswelele ka tiro e e molemo e lo e dirang. Ke a lo leboga ka ntlha ya dimakasine tsa Tora ya Tebelo le Tsogang! Di dira gore re akanyetse dilo kwa teng.”

[Lebokoso Setshwantsho mo go tsebe 18]

MONEELO O O TLHOMOLOGILENG

Lekala la kwa Mexico la Basupi ba ga Jehofa le ne la amogela lekwalo le le latelang go tswa kwa mosimaneng wa dingwaga tse thataro yo o nang le kanaanelo, e bong Manuel, yo o nnang kwa Chiapas State. Ka gonne a ise a itse go kwala, o ne a kwalelwa ke tsala ya gagwe. Manuel a re: “Nkuku o ne a mpha kolobe e namagadi. Fa e sena go tshola dikolojwana, ke ne ka tlhopha e ntle go di gaisa tsotlhe mme ka e tlhokomela ke thusiwa ke bakaulengwe. Ke lo romelela ka lorato madi a ke rekisitseng kolobe eo ka one. E ne e le bokete jwa dikilogerama di le 100, mme ke e rekisitse ka di-peso di le 1 250 [R830]. Tsweetswee dirisang madi ao mo tirelong ya ga Jehofa.”

[Lebokoso mo go tsebe 19]

‘DIRISANG MADI ANO GO RANOLA BAEBELE’

Kwa dikopanong tsa 2005 tsa Basupi ba ga Jehofa kwa Ukraine, go ne ga gololwa Thanolo ya Lefatshe le Lesha ya Dikwalo Tsa Bokeresete Tsa Segerika ka puo ya Se-Ukraine. Mo letsatsing le le latelang, go ne ga fitlhelwa molaetsa ono mo lebokosong la moneelo kwa kopanong: “Ke na le dingwaga di le robongwe. Ke leboga fela thata ka thanolo ya Dikwalo Tsa Segerika. Mmaarona o re neile madi ano nna le nnake gore re duele ka one mo beseng fa re ya sekolong. Mme fa pula e sa ne re ne re tsamaya ka maoto go ya sekolong mme ra kgona go baya di-hryvnia tseno tse 50 [R73]. Nna le nnake re rata gore lo dirise madi ano go ranolela Baebele yotlhe mo puong ya Se-Ukraine.”

[Lebokoso mo go tsebe 20]

DITSELA TSE BANGWE BA TLHOPHANG GO ABA KA TSONE

MENEELO YA TIRO YA LEFATSHE LOTLHE

Batho ba le bantsi ba beela madi kwa thoko gore ba tle ba a tsenye mo mabokosong a moneelo a a tshwailweng “Meneelo ya Tiro ya Lefatshe Lotlhe—Mathaio 24:14.”

Kgwedi le kgwedi, diphuthego di romela madi ano kwa ofising ya lekala ya Basupi ba ga Jehofa e e tlhokometseng naga ya tsone. Meneelo e e ntshiwang ka go rata gape e ka romelwa ka tlhamalalo kwa Watch Tower Bible and Tract Society of South Africa, Attention: Accounting Office, Private Bag X2067, Krugersdorp, 1740, South Africa, kana kwa ofising ya lekala ya Basupi ba ga Jehofa ya naga ya gaeno. Ditšheke tse di romelwang mo atereseng e e fa godimo di tshwanetse go kwalwa ka leina la “Watch Tower.” Tsweetswee ikgolaganye le Ofisi ya Lekala fa o batla go ntsha dibenyane le dilo tse dingwe tse di tlhwatlhwakgolo moneelo. Go tla tlhokega gore meneelo eno e romelwe le lekwalo le le khutshwane le le tlhalosang gore moneelo oo ke mpho.

GO RULAGANYETSA GO ABA

Mo godimo ga go ntsha dimpho tsa madi ka tlhamalalo, go na le mekgwa e mengwe gape ya go aba e e ka solegelang tiro ya Bogosi ya lefatshe lotlhe molemo. E akaretsa:

Inshorense: Mokgatlho wa Watch Tower Bible and Tract Society of South Africa o ka kwalwa gore ke one o tla amogelang madi a inshorense morago ga loso lwa gago kana a thulaganyo ya go tlogela tiro/phenshene.

Ditoko le Dibonto: Ditoko le dibonto di ka abelwa Mokgatlho wa Watch Tower Bible and Tract Society of South Africa e le mpho.

Ditsha le Dikago Tsa Tsone: Ditsha le dikago tsa tsone tse di ka rekisiwang di ka abiwa e le mpho, kana fa e le ntlo, go kwalwe gore ke ya mong wa yone fa a sa ntse a tshela go fitlha a swa. Ikgolaganye le ofisi ya lekala ya naga ya gaeno pele ga o kwadisa ditsha le dikago tsa tsone.

Diwili: Dithoto kana madi a ka tlogelelwa Mokgatlho wa Watch Tower Bible and Tract Society of South Africa ka wili e e kwadilweng semmuso.

Go bona tshedimosetso e e oketsegileng o ka ikgolaganya le Accounting Office, ka go e kwalela kana ka mogala, mo atereseng e e kwadilweng fa tlase fano kana o ka ikgolaganya le ofisi ya lekala ya Basupi ba ga Jehofa e e tlhokometseng naga ya gaeno.

Accounting Office

Watch Tower Bible and Tract Society of South Africa

Private Bag X2067

Krugersdorp, 1740

South Africa

Nomoro ya Mogala: 011 761 1000

[Ditshwantsho mo go tsebe 19]

Baranodi ba Se-Miskito, kwa lekaleng la Nicaragua