Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

A go siame fa Mosupi wa ga Jehofa a ya lenyalong la mongwe wa losika kana yo a itsaneng nae yo e seng Mosupi?

Lenyalo ke tiragalo e e itumedisang, mme ga go gakgamatse go bo Mokeresete a ka rata go nna le seabe mo go yone. Ee ruri, basha ba ba laleditsweng ba tshwanetse go ikobela batsadi kgotsa batlhokomedi ba bone, bao ba tshwanetseng go tsaya tshwetso mo kgannyeng eno. (Baefeso 6:1-3) Mme go tweng fa monna yo e seng Mosupi wa ga Jehofa a kopa mosadi wa gagwe wa Mokeresete gore a tsamaye le ene kwa lenyalong le le tshwarelwang kwa kerekeng? Segakolodi sa gagwe se ka nna sa mo letla gore a ye fela, a ititeile sehuba gore ga a kitla a nna le seabe mo dithulaganyong tsa bodumedi tse di amanang le moletlo wa lenyalo.

Tota motho ke ene a tshwanetseng go itirela tshwetso ya gore a o tla ya kwa lenyalong lengwe kgotsa nnyaa. Le fa go ntse jalo, Mokeresete mongwe le mongwe o tshwanetse go itse gore o tla ikarabelela mo go Jehofa, mme o tshwanetse go akanyetsa melaometheo ya Dikwalo fa a dira tshwetso ya go ya kwa lenyalong la motho yo e seng Mosupi.

Go batla go amogelwa ke Modimo e tshwanetse ya nna selo se se tlang pele mo mogopolong wa Mokeresete. Jesu o ne a re: “Modimo ke Moya, mme ba ba mo obamelang ba tshwanetse go obamela ka moya le ka boammaaruri.” (Johane 4:24) Ka jalo, Basupi ba ga Jehofa ga ba nne le seabe mo ditirong tsa go tlhakanela tumelo tse di kgatlhanong le dithuto tsa Baebele, tse di jaaka dithapelo, meetlo kana mediro.—2 Bakorintha 6:14-17.

Mokeresete o lemoga gore tshwetso e a e dirang e ka ama le batho ba bangwe. Fa o swetsa ka go ya kwa lenyalong leo, a ba losika ga ba kitla ba kgopisega fa o sa nne le seabe ka botlalo mo moketeng wa lenyalo? Re tshwanetse gape ra akanyetsa kafa seo se ka amang badumedi ka rona ka gone. (Baroma 14:13) Tota le fa wena kana maloko mangwe a lelapa la gago lo akanya gore go ya lenyalong la motho yo e seng Mosupi ga go phoso, a ga go kitla go utlwisa bakaulengwe le bokgaitsadi ba gago ba semoya botlhoko? A go ka gobatsa digakolodi tsa bangwe?

Mekete ya lenyalo ya ba masika ba e seng Basupi e ka tlisa maemo a a gwetlhang. Go tweng fa o kopiwa go nna moetsana kana motshwari? Kana go tweng fa molekane wa gago wa lenyalo yo e seng Mosupi a batla go nna le seabe ka botlalo? Fa lenyalo e le la semolao, le le tsamaisiwang ke moatlhodi kana modiredipuso, go ya kwa go lone go ka akaretsa go lebelela thulaganyo ya semolao fela.

Kafa letlhakoreng le lengwe, lenyalo le le tshwarelwang mo kagong ya bodumedi kana le le tsamaisiwang ke moruti le ka tsosa dikgang tse dingwe. O ka nna wa tlhopha gore o se ye kwa lenyalong leo e le gore o tle o reetse segakolodi sa gago se se thapisitsweng ka Baebele le go tila go dira dilo tse di ganetsanang le se o se dumelang, kana go dira sengwe se se tla tlhabisang banyadi le ba masika ditlhong. (Diane 22:3) O ka dira gore wena le ba lelapa la gago lo se ka lwa ngomoga pelo, ka go tlhalosa go sa le gale tumelo ya gago e e thailweng mo Baebeleng, o bontsha gore o iketleeditse go nna le seabe go le kana kang, kana o akantsha tsela e nngwe ya go dira dilo.

Morago ga go sekaseka mabaka otlhe ka kelotlhoko, Bakeresete bangwe ba ka swetsa ka gore go ya kwa lenyalong la motho yo e seng Mosupi o sa dire sepe se se amanang le dilo tsa bodumedi go tla bo go se phoso. Mme fa Mokeresete a akanya gore go nna gone ga gagwe go ka dira gore a dire dilo tse di thulanang le molao wa Modimo, a ka nna a swetsa ka gore a ka itsenya mo kotsing ka go nna gone. Fa a swetsa ka go se ye kwa lenyalong, mme a batla go ya moletlong o o tshwarwang morago ga moo e le molalediwa, o tshwanetse go ititaya sehuba go ‘dira dilo tsotlhe kgalaletsong ya Modimo.’ (1 Bakorintha 10:31) “Mongwe le mongwe o tla rwala morwalo wa gagwe” wa maikarabelo mo go direng ditshwetso tseno. (Bagalatia 6:5) Ka jalo, e ka ne o tsaya tshwetso efe, gakologelwa gore go botlhokwa gore o nne le segakolodi se se phepa fa pele ga ga Jehofa Modimo.