Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ke Eng se se Dirang Gore Botshelo Jwa Gago bo Nne le Bokao?

Ke Eng se se Dirang Gore Botshelo Jwa Gago bo Nne le Bokao?

Ke Eng se se Dirang Gore Botshelo Jwa Gago bo Nne le Bokao?

KENNY o ne a bereka mo khampaning e e atlegileng ya bagwebi, o ne a tsamaya ka koloi e e jang madi a mantsi, a na le ntlo ya manobonobo mo lefelong le go nnang batho ba ba humileng mo go lone mo toropong nngwe e kgolo. E re ka a ne a itse thata go tshameka motshameko wa go itiga a le kwa loaping, o ne a itumedisiwa ke go tla a wa ka lobelo lo lo boitshegang diketekete tsa dikilometara a tswa kwa godimo. A o ne a tshela botshelo jo bo kgotsofatsang? Go ya ka The Wall Street Journal, o ne a re: “Gone jaanong ke na le dingwaga di le 45, mme botshelo jwa me bo eme golo go le gongwe . . . Ga bo na bokao.”

Elyn o ne a ikatisa ka thata gore a nne mmampodi wa motshameko wa go itheledisa mo aeseng. Kgabagare o ne a fitlhelela seo. O ne a itsege ka gonne seo ke sone se a neng a se batla. A re: “Bo ne bo le kae boitumelo jo ke tshwanetseng nkabo ke ne ke na le jone? Ke ne ke ikutlwa ke jewa ke bodutu ka tsela e e tlhomolang pelo. Kgabagare ke ne ke tlile go tsofala mme le fa ke ne ke na le madi a mantsi, botshelo jwa me bo ne bo se na bokao, go ne go ntse jaaka e kete seno e ne e le sone fela se ke se tshelelang.”

Hideo, yo o neng a itsege ka bokgoni jo a neng a na le jone jwa go dirisa mebala, o ne a tshelela go dira tiro ya gagwe ya botaki. O ne a sa rekise ditshwantsho tse a neng a di taka; o ne a tsaya gore dilo tse a neng a di taka di ne di le tlhwatlhwakgolo mo e leng gore fa a ne a ka di rekisa o ne a tla bo a isa tiro ya gagwe kwa tlase. Go ela kwa bokhutlong jwa botshelo jwa gagwe jwa dingwaga tse 98, o ne a abela dimusiamo ditshwantsho tse a neng a di takile. O ne a dirisitse botshelo jotlhe jwa gagwe a taka ditshwantsho. Le fa go ntse jalo, o ne a sa kgotsofala ka gonne o ne a tsaya gore o ne a se na go tsamaya a kgona go taka ka botswerere thata.

Batho bangwe ba dirisa nako ya bone e ntsi ba thusa ba bangwe. Ka sekai, a re sekaseke botshelo jwa mookamedi mongwe mo go tsa difilimi kwa Hollywood. E re ka e ne e le motlatsa mokaedi wa nngwe ya dikhampani tse dikgolo thata tsa difilimi kwa United States, o ne a tsalana thata le batho ba ba tumileng e bile a nna mo lefelong le le turang la manobonobo. Fa a ne a tsere malatsi a boikhutso a etetse kwa Cambodia, e ne ya re fa a ja kwa resetšhurenteng nngwe kwa Phnom Penh, ga tla mosetsanyana mongwe kwa go ene a kopa madi. O ne a mo naya dolara le senotsididi. Mosetsanyana yono o ne a itumeletse seo. Le fa go ntse jalo, mo bosigong jo bo latelang mosetsana yono o ne a le koo gape a ntse a kopa. Monna yono o ne a lemoga gore go ne go tlhokega thuso e kgolo.

Ngwaga morago ga moo, monna yono o ne a simolola go dira tiro e sele—o ne a tlogela tiro ya go dira difilimi mme a simolola go thusa bahumanegi kwa Cambodia. O ne a aga sekolo se se nayang baithuti bonno, dijo le thuto. Le fa go ntse jalo, o nna a tlhakatlhakane maikutlo—kafa letlhakoreng le lengwe o itumetse ka ntlha ya se a kgonang go se dira, mme kafa go le lengwe o kgobega marapo e bile o a tlalelwa ka ntlha ya mathata a a nnang a oketsega a a tshwanetseng go a rarabolola.

Batho bano botlhe ba banè ba re sa tswang go bua ka bone ba ne ba akanya gore ba itse se ba se tshelelang. Le fa go ntse jalo, fa ba sena go fitlhelela mokgele o ba o bereketseng ka thata, ba ne ba nna le maikutlo a gore ba tshela matshelo a a se nang bokao. Wena ke eng se o se tshelelang? Ke eng sa botlhokwa thata mo botshelong jwa gago? A o tlhomamisegile gore ga o na go tsamaya o ikwatlhaela tsela e o tshelang ka yone?