Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Luke—Modirimmogo yo o Rategang

Luke—Modirimmogo yo o Rategang

Luke—Modirimmogo yo o Rategang

E NE e le ka ngwaga wa 65 C.E., kwa Roma. Luke o ne a itse kotsi ya go itsise ba bangwe gore ke ene tsala ya ga moaposetoloi Paulo, yo ka nako eo a neng a sekisediwa tumelo ya gagwe. Go ne go lebega Paulo a tla atlholelwa loso. Mme mo nakong eo e e thata, ke Luke fela, yo o neng a na le moaposetoloi yono.—2 Timotheo 4:6, 11.

Babadi ba Baebele ba tlwaelane le leina Luke, gonne Efangele e a e kwadileng e bidiwa ka leina la gagwe. Luke o ne a tsamaya maeto a maleele le Paulo, yo o neng a mmitsa “ngaka e e rategang” le ‘modirimmogo.’ (Bakolosa 4:14; Filemone 24) Dikwalo di re naya tshedimosetso e nnye ka Luke, di umaka leina la gagwe gararo fela. Le fa go ntse jalo, fa o ntse o bala ka se dipatlisiso di se buang ka Luke, o tla rata Mokeresete yono yo o ikanyegang fela jaaka Paulo a ne a mo rata.

Mokwadi le Morongwa

E re ka Efangele ya Luke le buka ya Ditiro tsa Baaposetoloi di kwaletswe Theofilo, seno se bontsha gore makwalo ano a a tlhotlheleditsweng ke Modimo, a kwadilwe ke Luke ka bobedi. (Luke 1:3; Ditiro 1:1) Luke ga a ipolele gore ene o bone bodiredi jwa ga Jesu Keresete. Go na le moo, a re o bone tshedimosetso mo basuping ba ba boneng ka matlho mme o “latedisitse dilo tsotlhe ka tlhomamo go tswa kwa tshimologong.” (Luke 1:1-3) Ka jalo, go ka direga gore Luke o nnile molatedi wa ga Keresete nako nngwe morago ga Pentekosete ya 33 C.E.

Bangwe ba akanya gore Luke o ne a tswa kwa Antioka mo Siria. Ba re Ditiro e naya dintlha ka botlalo ka ditiragalo tse di diregang mo motseng oo, le gore buka eno e umaka mongwe wa ‘banna ba le supa ba ba tlhomamisitsweng’ e le “mosokologi wa kwa Antioka,” fa metse e banna ba bangwe ba barataro ba tswang kwa go yone e sa umakiwe. Mme gone ga re tlhomamisege gore a lebaka la go bo go umakiwa Antioka, ke ka gonne e le motse o Luke a tswang kwa go one.—Ditiro 6:3-6.

Le fa gone leina la ga Luke le sa tlhage mo bukeng ya Ditiro, ditemana dingwe di dirisa maemedi, “re” le “rona” go supa gore o ne a le teng fa ditiragalo dingwe tse di tlhalositsweng mo bukeng eo di direga. Fa Luke a latedisa maeto a ga Paulo le ditsala tsa gagwe go ralala Asia Minor, a re: “Ba feta Misia mme ba fologela mo Teroase.” Kwa Teroase ke gone kwa Paulo a neng a bona ponatshegelo ya monna wa Momakedonia yo o neng a rapela a re: “Tla ka kwano mo Makedonia o re thuse.” Luke o oketsa ka go re: “Jaanong ka bonako fela fa a sena go bona ponatshegelo eno, re ne ra batla go ya kwa Makedonia.” (Ditiro 16:8-10) Lebaka la go bo a ne a se ka a tlhola a dirisa leemedi “ba” mme a dirisa “re” le bontsha gore Luke o ne a na le Paulo le ditsala tsa gagwe kwa Teroase. Go tswa foo, Luke o tlhalosa tiro ya go rera kwa Filipi ka leemedi la maemo a motho wa ntlha le le mo bontsing, go bontsha gore le ene o ne a na le seabe mo go se se neng se direga. O ne a kwala jaana: “Ka letsatsi la sabata ra tswela kwa ntle ga kgoro go bapa le noka, koo re neng re akanya gore go ne go na le lefelo la thapelo gone; mme re ne ra nna fa fatshe ra simolola go bua le basadi ba ba neng ba kopane foo.” Mme ka ntlha ya seno, Lidia le botlhe ba ntlo ya gagwe ba ne ba amogela dikgang tse di molemo mme ba kolobediwa.—Ditiro 16:11-15.

Ba ne ba lebana le kganetso kwa Filipi, kwa Paulo a neng a fodisa mosetsana mongwe wa motlhanka yo o neng a bolelela dilo pele a tlhotlhelediwa ke “ledimona la boitseanape.” E rile beng ba gagwe ba bona gore tsela ya bone ya go dira madi e ne e fedile, ba tshwara Paulo le Silase, mme ba itewa ba ba ba tsenngwa mo kgolegelong. Go lebega Luke ene a sa ka a tshwarwa, gonne o tlhalosa pogisego ya ditsala tsa gagwe ka leemedi la maemo a motho wa boraro. Fa ba sena go gololwa, “ba [Paulo le Silase] ba kgothatsa [bakaulengwe] mme ba tsamaya.” Luke o boela mo leemeding la maemo a motho wa ntlha fela fa Paulo a boela kwa Filipi moragonyana. (Ditiro 16:16-40; 20:5, 6) Gongwe Luke o ne a setse kwa Filipi gore a tlhokomele tiro koo.

O Kokoanya Tshedimosetso

Luke o bone jang tshedimosetso e a neng a e kwala mo Efangeleng ya gagwe le mo bukeng ya Ditiro? Dikarolo tsa Ditiro tse mo go tsone Luke a ikakaretsang fa a di anela di supa gore o ne a na le Paulo fa ba tswa mo Filipi ba ya Jerusalema, kwa Paulo a neng a tshwarwa gape teng. Fa ba ntse ba le mo tseleng, Paulo le ba a neng a tsamaya le bone ba ne ba ya go nna le Filipo wa moefangele kwa Kaesarea. (Ditiro 20:6; 21:1-17) Luke a ka tswa a bone tshedimosetso ya pego ya gagwe ya ditiro tsa ntlha tsa borongwa kwa Samarea mo go Filipo, yo a neng a eteletse pele tiro ya go rera koo. (Ditiro 8:4-25) Mme gone Luke o bone kae tshedimosetso e nngwe ya gagwe?

Go lebega dingwaga tse pedi tse Paulo a neng a tshwerwe kwa Kaesarea ka tsone di ne tsa naya Luke sebaka sa go dira dipatlisiso ka Efangele ya gagwe. O ne a se kgakala le Jerusalema kwa a neng a ka batla dipego tse di bontshang tatelano ya losika lwa ga Jesu. Luke o begile dintlha di le dintsi tse di malebana le botshelo jwa ga Jesu le bodiredi jwa gagwe tse di fitlhelwang fela mo Efangeleng ya gagwe. Moithuti mongwe o umaka ditemana di ka nna 82 tse di fitlhelwang mo Efangeleng ya Luke fela tse di nang le dintlha ka botlalo kaga botshelo le bodiredi jwa ga Jesu.

Go ka direga gore mmaagwe Johane Mokolobetsi e bong Elisabetha, ke ene a boleletseng Luke dintlha dingwe tse di kaga botsalo jwa ga Johane. A ka tswa a bone dintlha tse di amanang le botsalo jwa ga Jesu le dingwaga tsa ntlha tsa botshelo jwa gagwe mo go mmaagwe Jesu, e bong Marea. (Luke 1:5-80) Gongwe Petere, Jakobe kana Johane ba boleletse Luke ka tiragalo ya fa ba ne ba tshwara ditlhapi ka kgakgamatso. (Luke 5:4-10) Ke fela mo Efangeleng ya Luke mo re balang ka ditshwantsho tse dingwe tsa ga Jesu, tse di jaaka sa Mosamarea yo o molemo, kgoro e tshesane, madi a tshipi a derakema a a latlhegileng, morwa wa sesinyi le monna wa mohumi le Lasaro.—Luke 10:29-37; 13:23, 24; 15:8-32; 16:19-31.

Luke o ne a kgatlhegela batho fela thata. O ne a bega ka setlhabelo sa go itshekisa sa ga Marea, go tsosiwa mo baswing ga morwa wa motlholagadi, le mosadi yo o neng a tlotsa maoto a ga Jesu ka lookwane. Luke o umaka basadi ba ba neng ba direla Keresete mme o re bolelela gore Maratha le Marea ba ne ba mo naya dijo mo lelapeng la bone. Efangele ya Luke e re bolelela ka go fodisiwa ga mosadi mongwe yo o neng a hutagane le ka monna yo o neng a na le bolwetse jwa go tlala metsi mmogo le go ntlafadiwa ga balepero ba le lesome. Luke o re bolelela ka Sakaio yo mokhutshwane, yo o neng a palama setlhare gore a kgone go bona Jesu sentle, mme o bega le ka modirabosula yo o neng a ikwatlhaya yo o neng a bapotswe gaufi le Keresete.—Luke 2:24; 7:11-17, 36-50; 8:2, 3; 10:38-42; 13:10-17; 14:1-6; 17:11-19; 19:1-10; 23:39-43.

Sengwe se re se lemogang ke gore Efangele ya ga Luke e umaka kafa Mosamarea yo o molemo yo go buiwang ka ene mo setshwantshong sa ga Jesu a neng a alafa ka gone dintho tsa monna yo o neng a tlhasetswe ke dinokwane. E re ka Luke a ne a na le kitso ya bongaka, o ne a bega ka botlalo dintlha tsa kafa Jesu a tlhalosang ka teng kalafi e e dirisitsweng, e leng beine e e dirang jaaka sebolayamegare, oli e e kgonang go okobatsa botlhoko, le kafa dintho tseo di hapilweng ka gone.—Luke 10:30-37.

Tsala ya Legolegwa

Luke o ne a tshwenyegile thata ka moaposetoloi Paulo. Fa Paulo a ne a golegilwe kwa Kaesarea, moemedi wa mmusi wa Moroma Felise, o ne a laela gore ‘go se nne ope wa batho’ ba gaabo Paulo yo o ilediwang “go mo tlhokomela.” (Ditiro 24:23) Luke a ka tswa e ne e le mongwe wa ba ba neng ba mo tlhokometse. E re ka gantsi botsogo jwa ga Paulo bo ne bo le bokoa, gongwe go mo tlhokomela ke nngwe ya dilo tse “ngaka [eno] e e rategang” e neng ya di direla Paulo.—Bakolosa 4:14; Bagalatia 4:13.

Fa Paulo a ne a ikuela kwa go Kaesara, moemedi wa mmusi wa Roma, e bong Feseto, o ne a romela moaposetoloi yono kwa Roma. Luke o ne a pata legolegwa leno ka boikanyego mo loetong lo loleele go ya Itali mme a kwala pego e e utlwalang sentle ya kafa sekepe sa bone se neng sa thubega ka gone. (Ditiro 24:27; 25:9-12; 27:1, 9-44) Fa Paulo a ne a tswaletswe mo ntlong a disitswe kwa Roma, o ne a kwala makwalo a le mmalwa a a tlhotlheleditsweng, mme o umaka Luke mo go a le mabedi a one. (Ditiro 28:30; Bakolosa 4:14; Filemone 24) Luke a ka tswa a kwadile buka ya Ditiro mo dingwageng tse pedi tseo.

Go tshwanetse ga bo go ne go dirwa ditiro di le dintsi tse di amanang le kobamelo mo lefelong le Paulo a neng a nna kwa go lone kwa Roma. Ke gone kwa Luke a ka tswang a ne a kopana le batho ba bangwe ba e neng e le badirimmogo le Paulo—Tikiko, Arisetareko, Mareko, Juseto, Epaferase le Onesimo, fa re umaka ba le mmalwa fela.—Bakolosa 4:7-14.

Fa Paulo a ne a tshwerwe lekgetlo la bobedi, mme a lemoga gore o gaufi le go swa, Luke o ne a mo ema nokeng ka boikanyegi le ka bopelokgale tota le fa ba bangwe ba ne ba latlhile moaposetoloi yono. Ka go nna koo, Luke a ka tswa a ne a ipaya mo kotsing ya go latlhegelwa ke kgololosego ya gagwe. Gongwe Luke e ne e le mokwadi, fa a ne a kwala mafoko ano a ga Paulo: “Ke Luke a le nosi yo o nang le nna.” Go ya ka ngwao Paulo o ne a kgaolwa tlhogo moragonyana fela ga foo.—2 Timotheo 4:6-8, 11, 16.

Luke o ne a na le moya wa go intsha setlhabelo gape a le boingotlo. O ne a sa ikgantshe ka thutego ya gagwe e bile e se mponeng. Ke boammaaruri gore o ne a ka tswelela ka tiro ya gagwe ya bongaka, mme o ne a tlhopha go tsweletsa pele dilo tse di direlwang Bogosi. Fela jaaka Luke, a re boleleng dikgang tse di molemo ka botlalo mme ka boingotlo re direle Jehofa ka tsela e e tla mo galaletsang.—Luke 12:31.

[Lebokoso mo go tsebe 19]

THEOFILO E NE E LE MANG?

Luke o ne a kwalela Theofilo Efangele mmogo le buka ya Ditiro tsa Baaposetoloi. Mo Efangeleng ya Luke, monna yono o bidiwa “motlotlegimogolo Theofilo.” (Luke 1:3) “Motlotlegimogolo,” ke tsela e batho ba ba tlhageletseng, ba ba humileng thata mmogo le badiredi ba bagolo ba puso ya Roma ba neng ba bidiwa ka yone. Moaposetoloi Paulo o ne a bitsa Feseto jalo, yo e neng e le moemedi wa mmusi wa Roma kwa Judea.—Ditiro 26:325.

Go lebega Theofilo a ne a utlwile molaetsa o o malebana le Jesu mme a o rata. Luke o ne a solofetse gore pego e e mo Efangeleng ya gagwe e ne e tla thusa Theofilo gore a ‘itse ka botlalo go tlhomama ga dilo tse a di rutilweng ka molomo.’—Luke 1:4.

Go ya ka moithuti mongwe wa Mogerika, Richard Lenski, ga go lebege Theofilo e ne e setse e le modumedi fa Luke a mmitsa “motlotlegimogolo,” ka gonne “mo dibukeng tsotlhe tsa Bakeresete, . . . ga go mokaulengwe ope wa Mokeresete yo o neng a bidiwa ka sereto se se ntseng jalo sa batlotlegi.” Fa moragonyana Luke a ne a kwala buka ya Ditiro, ga a ka a dirisa sereto seo sa “motlotlegimogolo,” mme o ne a re fela: “Wena Theofilo.” (Ditiro 1:1) Lenski o konela ka go re: “Fa Luke a ne a kwalela Theofilo Efangele, monna yono yo o itsegeng o ne a ise a nne Mokeresete mme gone o ne a kgatlhegela thata dilo tse di amanang le Bokeresete; mme fa Luke a romelela Theofilo buka ya Ditiro, o ne a setse a sokologile.”