Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

O ka Kgona go Tshela Botshelo jo bo Nang le Bokao!

O ka Kgona go Tshela Botshelo jo bo Nang le Bokao!

O ka Kgona go Tshela Botshelo jo bo Nang le Bokao!

BATHO ba bantsi ba tshelela go kgobokanya madi le go reka dithoto. Bangwe ba tshelela go tuma. Ba bangwe ba tshelela go tokafatsa bokgoni jwa bone jwa go taka. Go na le ba ba tshelelang go thusa ba bangwe. Mme batho ba bantsi ga ba itse gore ba tshelela eng kgotsa gore ke ka ntlha yang fa ba le mo lefatsheng.

A wena o a itse? A o kile wa akanya thata ka lebaka la go bo o tshela? A ko o sekaseke mengwe ya mekgele e batho ba ntseng ba e latelela mme o bone gore a tota e a ba kgotsofatsa. Ke eng se se dirang gore motho a kgone go tshela botshelo jo bo nang le bokao?

Madi le go Ijesa Monate Di na Le Mosola wa Tsone mo Botshelong

Mo go Moreri 7:12 Baebele ya re: “Botlhale ke tshireletso fela jaaka madi e le tshireletso; mme molemo wa kitso ke gore botlhale bo boloka beng ba jone ba tshela.” Ee, madi a mosola. O tlhoka madi gore o tshele, segolobogolo fa o na le maikarabelo a gore o tlamele ba lelapa la gago.—1 Timotheo 5:8.

Botshelo bo ka nna jang kwa ntle ga menate mengwe e e ka rekwang ka madi? Le fa Jesu Keresete, Mosimolodi wa Bokeresete, a ne a re ga go na kwa a latsang tlhogo teng, ka dinako tse dingwe o ne a itumelela go ja dijo tse di monate le beine. Gape, o ne a tle a apare seaparo se se turang se a neng a na le sone.—Mathaio 8:20; Johane 2:1-11; 19:23, 24.

Le fa go ntse jalo, Jesu o ne a sa tshelele menate. O ne a itse gore dilo tsa botlhokwa ke dife mo botshelong. O ne a re: “Le e leng fa motho a na le letlotlo botshelo jwa gagwe ga bo nne gone ka ntlha ya dilo tse a di ruileng.” Go tswa foo o ne a ba bolelela setshwantsho sa monna mongwe yo o humileng yo o neng a nnile le thobo e kgolo mme a akanya a re: “Ke tla dirang, ka jaanong ke se na gope fa ke ka phuthelang thobo ya me gone? . . . Ke tla rutlolola matlo a me a polokelo ke ba ke aga a magolwane, mme ke tla phuthela mabele otlhe a me koo le dilo tse di molemo tsotlhe tsa me; mme ke tla raya moya wa me ke re: ‘Moya, o na le dilo tse di molemo di le dintsi tse di beetsweng dingwaga di le dintsi; nna ka phuthologo, ja, nwa, ijese monate.’” Ke eng se se neng se le phoso ka tsela e monna yono a neng a akanya ka yone? Setshwantso seo se tswelela ka go re: “Modimo a mo raya [monna wa mohumi] a re, ‘Wena yo o seng tekatekano, mo bosigong jono ba batla moya wa gago ka kgang mo go wena. Ke mang, he, yo o tla tsayang dilo tse o di bolokileng?’” Le fa monna yono a ne a bolokile thobo ya gagwe, fa a swa o ne a ka se itumelele dikhumo tse a neng a di kokoantse. Kwa bokhutlong Jesu o ne a ruta bareetsi ba gagwe thuto eno: “Go nna jalo ka monna yo o ipeelang letlotlo mme a sa huma malebana le Modimo.”—Luke 12:13-21.

Ke boammaaruri gore re tlhoka madi le go ijesa monate ka dinako dingwe. Le fa go ntse jalo, madi le menate ga se tsone dilo tsa botlhokwa thata mo botshelong. Go huma malebana le Modimo, ke gore go tshela botshelo jo bo dirang gore Modimo a re amogele, ke sone selo sa botlhokwatlhokwa se re tshwanetseng go se dira.

A go Batla go Itsege go Botlhokwa?

Batho ba bantsi ba tshelela go batla go itsege. Go rata go itirela leina, gore ba bangwe ba go gakologelwe, ga se selo se se maswe. Baebele ya re: “Leina le botoka go feta leokwane le le molemo, le letsatsi la loso go feta letsatsi le motho a tsholwang ka lone.”—Moreri 7:1.

Re ka re ka nako e motho a swang ka yone dilo tse a di dirileng mo botshelong di a bo di itsiwe. Fa e le gore o dirile dilo tse di siameng, letsatsi la gagwe la loso le botoka go na le letsatsi le a tshotsweng ka lone ka gonne ka nako eo go ne go sa itsiwe sepe ka ene.

Mokwadi wa buka ya Baebele ya Moreri e ne e le Kgosi Solomone. Mogolowe Solomone e bong Abesalome o ne a batla go itirela leina. Le fa go ntse jalo, go lebega bomorwawe ba bararo ba a ka bong a ne a ba naya leina la lelapa gore ba le tsweledise, ba tlhokafetse ba sa ntse ba le bannye. Ka jalo Abesalome o ne a dirang? Baebele ya re: “Abesalome . . . o ne a itseetse pilara mme a e itlhomela, e e kwa Lebaleng le le Kwa Tlase la Kgosi, gonne o ne a re: ‘Ga ke na morwa yo o tla dirang gore leina la me le nne le gakologetswe.’ Ka jalo a bitsa pilara eo ka leina la gagwe.” (2 Samuele 14:27; 18:18) Masalela a pilara eno ga ise a bonwe. Mme baithuti ba Baebele bone ba itse Abesalome e le setsuolodi se se tumileng se se neng sa loga leano la go gapa setulo sa bogosi sa ga rraagwe, e bong Dafide.

Batho ba bantsi gompieno ba leka gore batho ba ba gopole ka dilo tse ba di dirang. Ba batla go ratwa ke batho ba ba sa rateleng selo se le sengwe fela ruri. Ke eng se se diregang ka go tuma mo go ntseng jalo? Christopher Lasch mo bukeng ya The Culture of Narcissism [Mokgwa wa Boithati], a re: “Mo motlheng wa rona o go tsewang gore motho o atlegile fa a le mosha, a le montle, e bile a farologane le ba bangwe, go tuma ke selo fela sa nakwana mme batho ba ba felelang ba itsege ba a tshwenyega gore go se ka ga felela fela mo phefong.” Ka ntlha ya seno, batho ba bantsi ba ba itsegeng ba ineelela diokobatsi le bojalwa mme gantsi seo se dira gore ba swe pele ga nako. Ruri go batla go tuma ga go na mosola.

Re tshwanetse go batla go nna le leina le le molemo mo go mang? Jehofa o ne a bua jaana ka bangwe ba ba neng ba boloka Molao wa gagwe, a dirisa moporofeti Isaia: “Ke tla ba naya mo ntlong ya me le mo dipoteng tsa me sefikantswe le leina . . . Ke tla ba naya leina ka bosakhutleng, le le se kitlang le kgaolwa.” (Isaia 56:4, 5) Batho ba Modimo a ba amogelang ba tla nna le “sefikantswe le leina” ka gonne ba ikobela Modimo. Modimo o tla gakologelwa maina a bone “ka bosakhutleng” gore ba se ka ba kgaolwa. Ono ke one mofuta wa leina le Baebele e re kgothaletsang go nna le lone—leina le le molemo mo go Jehofa, Mmopi wa rona.

Isaia o ne a bolelela pele nako ya fa batho ba ba ikanyegang ba tla bong ba newa botshelo jo bo sa khutleng mo Paradaiseng mo lefatsheng. “Botshelo jo bo sa khutleng” mo Paradaiseng ke “botshelo jwa mmatota”—botshelo jo Modimo a neng a batla gore batho ba bo tshele fa a ne a ba bopa. (1 Timotheo 6:12, 19) Go ka nna molemo gore re batle go tshela botshelo jo bo sa khutleng, go na le gore re tshele botshelo jo bo fetang ka bonako le jo bo sa kgotsofatseng.

Ditiro Tsa Botaki Kgotsa Tsa go Direla ba Bangwe Molemo Ga di A Lekana

Bataki ba bantsi ba na le keletso ya go tokafatsa tiro ya bone gore ba tle ba kgone go e dira ka matsetseleko a magolo. Botshelo jwa gone jaanong bo bokhutshwane thata gore ba ka kgona go dira jalo. Fa Hideo, motaki yo o umakilweng mo setlhogong se se fetileng, a ne a le dingwaga tse di fetang 90, o ne a dira ka natla go tokafatsa bokgoni jwa gagwe jwa go taka. Le fa motaki a ka fitlha mo seemong se a kgotsofalelang tiro ya gagwe, ka nako eo o tla bo a sa tlhole a kgona go dira dilo tse dintsi jaaka tse a neng a di dira fa a sa le mosha. Go ne go ka nna jang fa a ne a tshelela ruri? Akanya fela ka nako e a tla bong a na le yone e a ka kgonang go e dirisa go ithuta go dira tiro ya gagwe ka botswerere jo bogolo!

Re ka reng ka ditiro tsa go direla ba bangwe dilo tse di molemo? Ke selo se se molemo tota gore motho a tlhokomele bahumanegi le go dirisa madi a gagwe go thusa batlhoki. Baebele ya re: “Go na le boitumelo jo bogolo mo go abeng go na le jo bo leng gone mo go amogeleng.” (Ditiro 20:35) Go tshwenyega ka go tlhokomela ba bangwe e ka nna selo se se kgotsofatsang tota. Mme le fa go ntse jalo, motho a le mongwe fela a ka kgona go dira go le kana kang le fa a dirisitse botshelo jwa gagwe jotlhe a tlhokomela batho ba bangwe? Rona batho ga re ka ke ra kgona go dira go le kalo go thusa batho ba bangwe ka mathata a bone. Le fa motho a ka newa mpho e kgolo go le kana kang e ka se fitlhelele sengwe sa konokono se a se tlhokang se bontsi jwa batho ba se tlhokomologang e bile ba se ke ba se fitlhelela mo botshelong. Ke eng seo?

Re Tshwanetse go Kgotsofatsa Keletso e re Tsholwang Re na Le Yone

Jesu mo Therong ya gagwe ya kwa Thabeng o ne a bua ka sengwe sa konokono se re tsholwang re se tlhoka fa a ne a re: “Go itumela ba ba tshwenyegang ka se ba se tlhokang semoyeng, e re ka bogosi jwa magodimo e le jwa bone.” (Mathaio 5:3) Ka jalo, go ya ka Baebele, boitumelo jwa mmatota ga bo a ikaega ka khumo, go tuma, go itse ditiro tsa botaki, kana ditiro tsa go direla ba bangwe molemo. Motho o nna le jone fa a kgotsofatsa se a se tlhokang semoyeng—go obamela Modimo.

Moaposetoloi Paulo o ne a kgothatsa ba ba sa itseng Mmopi gore ba mmatle. Paulo o ne a re: “[Modimo] o dirile setšhaba sengwe le sengwe sa batho go tswa mo mothong a le mongwe, gore ba nne mo godimo ga lefatshe lotlhe, mme o ne a baya dinako tse di tlhomilweng le melelwane e e tlhomilweng ya bonno jwa batho, gore ba batle Modimo, fa ba ka apaapa ba mmatla mme ruri ba mmona, le mororo, tota, a se kgakala thata le mongwe le mongwe wa rona. Gonne ka ene re na le botshelo mme re a tshikhinyega e bile re gone.”—Ditiro 17:26-28.

Go kgotsofatsa keletso e re nang le yone ya go obamela Modimo wa boammaaruri ke yone tsela ya go bona boitumelo jwa mmatota mo botshelong. Go kgotsofatsa keletso ya rona ya go rata dilo tsa bomodimo le gone go re naya tsholofelo ya go bona “botshelo jwa mmatota.” Akanya ka sekai sa ga Teresa, yo o neng a dira sengwe se e neng e le la ntlha se dirwa mo thelebisheneng mo nageng ya gabone ka go nna Moamerika wa ntlha yo montsho yo o neng a nna motshameki yo mogolo mo motseletseleng wa metshameko e e tsayang ura e a neng a e itlhametse. Le fa go ntse jalo, go ise go ye kae, o ne a tlogela tiro eo. Ka ntlha yang? O ne a re: “Ke tlhatswegile pelo gore go reetsa kgakololo ya Lefoko la Modimo ke tsela e e molemolemo ya botshelo.” Teresa o ne a sa batle go senya kamano ya gagwe le Modimo ka go nna motshameki mo motshamekong wa thelebishene o o neng o tlotlomatsa tlhakanelodikobo le thubakanyo. O ne a tlogela go nna motho yo o tlhageletseng mo thelebisheneng mme a simolola go tshela botshelo jo bo kgotsofatsang eleruri, ka gonne o ne a direla e le moreri wa nako e e tletseng wa dikgang tse di molemo tsa Bogosi jwa Modimo, a leka go thusa ba bangwe go nna le kamano e e molemo le Modimo.

Mongwe wa batho ba Teresa a neng a bereka le bone, o ne a bua jaana mabapi le go bo Teresa a tlogetse go nna motshameki mo thelebisheneng: “Ke ne ke utlwile botlhoko tota ka gonne ke ne ke sa rate go mmona a tlogela tiro e nna ke neng ke bona e atlegile thata jaana. Mme go lebega a bone sengwe se se botlhokwa go gaisa le se se kgotsofatsang thata.” Moragonyana Teresa o ne a tlhokafala mo kotsing. Mme fa a sena go tlhokafala ene motho yo o nopotsweng fa godimo o ne a re: “O ne a itumetse, mme seo ke sone sa botlhokwa mo botshelong. Ke ba le ba kae mo go rona ba ba ka reng ba itumetse?” Batho ba ba bayang kamano ya bone le Modimo kwa pele mo botshelong, mme ba bo ba swa, ba na le tsholofelo e e molemolemo ya go tsosiwa mo pusong ya Bogosi.—Johane 5:28, 29.

Mmopi o na le boikaelelo ka lefatshe le ka batho ba ba nnang mo go lone. O batla gore o tlhaloganye boikaelelo jono mme o itumelele botshelo jo bo sa khutleng mo Paradaiseng mo lefatsheng. (Pesalema 37:10, 11, 29) Eno ke nako ya go ithuta ka Jehofa, yo e leng Mmopi wa magodimo le lefatshe, le ka maikaelelo a gagwe ka wena. Basupi ba ga Jehofa ba mo lefelong la gaeno ba tla itumelela go go thusa go nna le kitso eo. Tsweetswee ikgolaganye le bone kana o kwalele bagatisi ba makasine ono.

[Setshwantsho mo go tsebe 5]

Ke eng se se neng se le phoso ka tsela e monna yo o humileng wa setshwantsho sa ga Jesu a neng a akanya ka yone?

[Setshwantsho mo go tsebe 7]

A o ka rata go itumelela botshelo jo bo sa khutleng mo Paradaiseng mo lefatsheng?