Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A Go ka Kgonega Gore Batho ba Nne ka Kutlwano mo Lefatsheng?

A Go ka Kgonega Gore Batho ba Nne ka Kutlwano mo Lefatsheng?

A Go ka Kgonega Gore Batho ba Nne ka Kutlwano mo Lefatsheng?

A LEFATSHE la rona le gaufi le go nna le kagiso kgotsa le tloga le welwa ke masetlapelo? Go lebega nngwe le nngwe ya dipono tseno e ka beelwa mabaka.

Baeteledipele bangwe ba lefatshe ba bua ba tlhomamisegile tota gore go ka nna le kagiso mo lefatsheng—gongwe e le ka gonne fa go ka se nne le kagiso seemo e ka nna se se tshosang thata mo ba sa batleng le go akanya ka sone. Kafa letlhakoreng le lengwe, batho ba le bantsi ga ba jesiwe di welang ke dipotso tse di jaaka tse: Ke ditšhaba dife tse di nang le dibetsa tsa kgailo? A di ka nna le sebete sa go di dirisa? Go ka diragalang fa di ka di dirisa?

Hisitori e bontsha gore dikgotlhang le letlhoo ga di bolo go thibela gore go nne le tsholofelo epe ya kutlwano, mme gantsi bodumedi bo di gakaditse go na le gore bo di fedise. Mokwadi wa dikgang e bong James A. Haught a re: “Sengwe le sengwe fela se se kgaoganyang batho se ka baka letlhoo, mme bodumedi ke sengwe sa dilo tse di kgaoganyang batho thata. . . . Le fa ka kakaretso go dumelwa fa bodumedi bo dira gore batho ba nne ‘molemo,’ go bonala bo dira gore batho bangwe ba dire ditiro tse di tsitsibanyang mmele.” Steven Weinberg yo e leng mokwadi, le ene o dumela seo. A re: “Bodumedi ke jone fela bo ka dirang gore batho ba ba siameng ba dire bosula.”

A go na le tsholofelo epe ya gore go tla tsamaya go nna le kutlwano mo lefatsheng? Ee! Mme jaaka re tla bona, se se ka tlisang kutlwano mo lefatsheng ga se batho kgotsa madumedi a a dirilweng ke batho.

[Mafoko a a mo go tsebe 3]

A lefatshe le ntse jaaka bomo e e tlogang e thunya?