Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Batho mo Lefatsheng Lotlhe Ba Thusiwa go Nna ka Kutlwano—Jang?

Batho mo Lefatsheng Lotlhe Ba Thusiwa go Nna ka Kutlwano—Jang?

Batho mo Lefatsheng Lotlhe Ba Thusiwa go Nna ka Kutlwano—Jang?

O KA tlhalosa lefoko “kutlwano” jang? Bangwe ba tsaya gore lefoko leno le kaya fela gore ga go na kgotlhang. Ka sekai, fa ditšhaba tse pedi kgotsa go feta foo di saena tumalano e e bontshang gore di dumalana ka dikgato tse di tla tsewang gore go nne le kagiso, go ka nna ga twe di a utlwana. A mme tota go a bo go ntse jalo? E seng ka dinako tsotlhe.

Akanya ka seno: Mo hisitoring yotlhe, go ile ga dirwa ditumalano tsa kagiso di le dintsintsi mme tsa se ka tsa tlotlwa. Ka ntlha yang? Gantsi ke ka gonne baeteledipele ba lefatshe ba ipatlela fela maemo mme ga ba na sepe le gore go nne le kagiso kgotsa kutlwano. Mo godimo ga moo, ditšhaba dingwe di boifa se se ka diregang fa sesole sa tsone se ka gaisiwa ke sesole sa ditšhaba tse dingwe.

Ka jalo, fa ditšhaba tse pedi di sa lwe, seo ga se bolele gore di a utlwana. A tota re ka re banna ba babedi ba ba supaneng ka ditlhobolo ba a utlwana fela ka gonne go ise go thuntshe ope mo go bone? Go tla bo go sa utlwale go akanya jalo! Mme ditšhaba di le dintsi gompieno di mo go sone seemo seo. Ka ntlha ya go se tshepane mo go ntseng go oketsega, go na le poifo ya gore letsatsi lengwe ditšhaba tseno di tla dirisa dibetsa tsa tsone. Ke eng se se dirilweng go thibela masetlapelo a a ntseng jalo?

Go Boifa Dibetsa Tsa Nuklea go Kgoreletsa Kutlwano

Ba le bantsi ba ikantse Nuclear Non-Proliferation Treaty (NPT) [Tumalano ya Gore Dibetsa Tsa Nuklea Di se Ka Tsa Okediwa]. Tumalano eno e e dirilweng ka 1968 e iletsa dinaga tse di se nang dibetsa tsa nuklea gore di se ka tsa simolola go di dira mme gape e laela gore dinaga tse di setseng di na le tsone di se ka tsa dira tse di oketsegileng. Mokgele wa tumalano ya NPT, e jaanong e setseng e amogetswe ke ditšhaba di feta 180, ke gore kgabagare ditšhaba tsotlhe di bo di se na dibetsa gotlhelele.

Le fa mokgele oo o ka lebega o le molemo jang, bangwe ba ba tshwayang diphoso ba re tumalano ya NPT ke leano fela la go thibela dinaga tse di iseng di nne le dibetsa tsa nuklea gore di se ka tsa nna le tsone. Ka jalo, go boifiwa gore dinaga dingwe tse di saenneng tumalano di ka nna tsa fetola mogopolo. Ee, batho ba ditšhaba dingwe ba bona go sa siama gore ba thibelwe go dira dibetsa tse go ya ka bone di neng di tla ba thusa go itshireletsa.

Sengwe se se dirang gore kgang eno e raraane le go feta—gongwe e bile se tsenya batho mo kotsing le go feta—ke gore ga go setšhaba sepe se se thibelwang go dira motlakase ka didirisiwa tsa nuklea. Seno se dirile gore bangwe ba boife gore ditšhaba tse go tweng di dirisa motlakase wa nuklea mo ditirong tse di sa amaneng le ntwa di ka tswa di dira dibetsa tsa nuklea mo sephiring.

Tota le ditšhaba tse di setseng di na le dibetsa tsa nuklea di ka itlhokomolosa tumalano ya NPT. Batho ba ba etseng dilo tlhoko ba re e tla bo e le boeleele go akanya gore ditšhaba tse di setseng di na le dibetsa tse dintsintsi di tla senya le fa e le gone go fokotsa mokoa o di nang le one. Motswedi mongwe wa tshedimosetso wa re, “e le gore seno se diragale . . . dinaga tse gone jaanong di lwang di tshwanetse go utlwana tota le go tshepana ka mo go feletseng [mo e leng gore go thata go dumela gore] seno se tla tsamaya se direga.”

Maiteko a batho a go dira gore go nne le kutlwano—le fa a dirwa ka pelo yotlhe go le kana kang—ga a atlega. Seo ga se gakgamatse baithuti ba Baebele ka gonne Lefoko la Modimo la re: “Ga se ga motho yo o tsamayang ka dinao go kaela dikgato tsa gagwe.” (Jeremia 10:23) Gape Baebele e bolela jaana ka tlhamalalo: “Go na le tsela e e thokgameng fa pele ga motho, mme bokhutlo jwa yone morago ga moo ke ditsela tsa loso.” (Diane 16:25) Mebuso ya batho e ka leka ka selekanyo se se rileng fela gore go nne le kutlwano. Le fa go ntse jalo, re na le tsholofelo.

Motswedi wa Kutlwano ya Boammaaruri

Baebele e tlhalosa tsholofetso ya Modimo ya gore go tla nna le kutlwano mo lefatsheng, mme e sa tlisiwe ke batho. Mmopi, yo o neng a ikaeletse gore batho ba nne ka kagiso mo lefatsheng lotlhe, o tla dira se motho a sa kgoneng go se dira. Bangwe ba ka nna ba fitlhela go le thata go dumela seo. Le fa go ntse jalo, go tswa fela kwa tshimologong boikaelelo jwa Modimo e ne e le gore batho ba tshele ka kagiso le kutlwano. * Ditemana di le dintsi mo Baebeleng di bontsha gore Modimo o sa ntse a ikaeletse go dira gore batho mo lefatsheng ba nne ka kutlwano. Akanya ka dikai di se kae fela:

• “Tlang, lona batho, lo bone ditiro tsa ga Jehofa, kafa a beileng ditiragalo tse di akabatsang ka teng mo lefatsheng. O dira gore dintwa di kgaotse go ya kwa ntlheng ya lefatshe. O roba bora gape o robaganya lerumo; o fisa dikoloi mo molelong.”—PESALEMA 46:8, 9.

• “Ga di kitla di utlwisa botlhoko le fa e le go senya mo thabeng ya me yotlhe e e boitshepo; ka gonne lefatshe le tla tlala kitso ya ga Jehofa jaaka metsi a khurumeditse lewatle.”—ISAIA 11:9.

• “Ruri o tla kometsa loso ka bosaengkae, mme Morena Molaodimogolo Jehofa o tla phimola dikeledi mo difatlhegong tsotlhe. Mme kgobo ya batho ba gagwe o tla e tlosa mo lefatsheng lotlhe, gonne Jehofa ka boene o go buile.”—ISAIA 25:8.

• “Go na le magodimo a masha le lefatshe le lesha tse re di letetseng go ya ka tsholofetso ya gagwe, mme ruri go tla nna tshiamo mo go tsone.”—2 PETERE 3:13.

• “[Modimo] o tla phimola dikeledi tsotlhe mo matlhong a bone, mme loso lo tla bo lo seyo, le fa e le khutsafalo le fa e le selelo le fa e le botlhoko di tla bo di sa tlhole di le gone. Dilo tsa pele di fetile.”—TSHENOLO 21:4.

Ditsholofetso tseno di ka ikanngwa. Ka ntlha yang? Ka gonne e re ka Jehofa Modimo e le Mmopi, o na le maatla le bokgoni jwa go dira gore batho mo lefatsheng ba utlwane. (Luke 18:27) Gape a ka rata go dira jalo. E bile tota, Baebele ya re go “kafa boipelong jo bo molemo [jwa Modimo] go phuthela dilo tsotlhe mmogo gape mo go Keresete, dilo tse di kwa magodimong le dilo tse di mo lefatsheng.”—Baefeso 1:8-10.

Tsholofetso ya Modimo ya “lefatshe le lesha” le ‘go tla nnang tshiamo mo go lone’ ga se keletso fela. (2 Petere 3:13) Jehofa Modimo o bolela jaana ka se a se solofeditseng: “Ga le kitla le boela mo go nna le se na matswela, ruri le tla dira selo se se intumedisang, ruri le tla atlega mo go se ke le rometseng kwa go sone.”—Isaia 55:11.

Go Kopanngwa ke Lefoko la Modimo

Jaaka go bontshitswe mo setlhogong se se fetileng, gantsi bodumedi bo ile jwa kgaoganya batho go na le go ba kopanya. Re tlhoka go sekaseka seno ka kelotlhoko ka gonne fa re dumela gore go na le Mmopi, a ga go utlwale go lebelela gore baobamedi ba gagwe ba nne ka kagiso ba bo ba utlwane? Ee ruri!

Tsela e bodumedi bo kgaoganyang batho ka yone ga e dumalane le se se bolelwang ke Jehofa Modimo le Lefoko la gagwe. Go na le moo, e senola madumedi a a rotloetsang maiteko a batho a go tlisa kagiso mo boemong jwa go tlotlomatsa boikaelelo jwa Modimo. Jesu o ne a bitsa baeteledipele ba motlha wa gagwe a re ke “baitimokanyi” mme a ba raya a re: “Isaia o ne a porofeta kaga lona sentle, fa a ne a re, ‘Batho bano ba ntlotla ka dipounama tsa bone, le fa go ntse jalo pelo ya bone e katogetse kgakala le nna. Ba nna ba nkobamelela lefela, ka gonne ba ruta ditaelo tsa batho ba re ke dithuto tsa motheo.’”—Mathaio 15:7-9.

Mme bodumedi jwa boammaaruri jone bo dira gore batho ba utlwane. Moporofeti Isaia o ne a bolelela pele a re: “Go tla diragala gore go ela kwa bofelong jwa metlha thaba ya ntlo ya ga Jehofa e tlhomamisiwe thata kwa godimo ga ditlhoa tsa dithaba, eleruri e tla tsholelediwa kwa godimo ga dithota; mme ditšhaba tsotlhe di tla ologela kwa go yone. Mme ruri o tla atlhola mo gare ga ditšhaba a ba a tlhamalatsa dilo malebana le ditšhaba di le dintsi. Mme ba tla thula ditšhaka tsa bone ba di dira magale a megoma le marumo a bone ba a dira dikere tse di pomang. Setšhaba ga se kitla se tsholeletsa setšhaba se sengwe tšhaka, le gone ga ba kitla ba tlhola ba ithuta ntwa gape.”—Isaia 2:2, 4.

Gompieno mo dinageng di feta 230, Basupi ba ga Jehofa ba latela ditaelo tse ba di neilweng ke Jehofa Modimo malebana le ditsela tsa gore go nne le kutlwano. Kutlwano ya bone e theilwe mo go eng? Moaposetoloi Paulo o ne a re: “Aparang lorato, gonne ke sebofo se se itekanetseng sa kutlwano.” (Bakolosa 3:14) Lefoko la puo ya ntlhantlha le Paulo a neng a le dirisa go kaya “sebofo” le ka raya mesifa ya mmele wa motho. Mesifa eno e nonofile fela jaaka mogala, mme e dira ditiro tse pedi tsa botlhokwa. E dira gore dikarolo tsa mmele di nne mo mannong a tsone, e bile e momaganya marapo.

Go ntse fela jalo le ka lorato. Nonofo eno ga e thibele batho fela gore ba se ka ba bolaana. Lorato lo lo tshwanang le lwa ga Keresete lo dira gore batho ba ba tswang mo maemong a a sa tshwaneng ba kgone go dirisana mmogo ka kagiso. Ka sekai, lo dira gore batho ba kgone go tshela go dumalana le mongwe wa melaometheo e e itsegeng thata ya ga Jesu. Molaomotheo ono o kwadilwe mo go Mathaio 7:12, mo Jesu Keresete a neng a re: “Dilo tsotlhe tse lo batlang batho ba di lo direla, le lona lo tshwanetse go di ba direla ka tsela e e tshwanang.” Go latela molaomotheo ono go thusitse batho ba le bantsi gore ba tlogele letlhoo.

“Fa lo Ratana”

Basupi ba ga Jehofa ba iketleeleditse go itshupa e le barutwa ba ga Keresete ka go latela se Jesu a neng a se bolela: “Botlhe ba tla itse gore lo barutwa ba me ka seno, fa lo ratana.” (Johane 13:35) Lorato lono lo ile lwa bontshiwa ka tsela e e tlhomologileng ka dinako tsa dikhuduego tsa bomorafe le dipheretlhego tsa bopolotiki. Ka sekai, ka 1994 fa go ne go gailwa merafe kwa Rwanda, Basupi ba ga Jehofa ba ile ba bontsha kafa ba ratanang ka teng. Basupi ba morafe wa Bahutu ba ne ba itsenya mo kotsing ya go bolawa e le gore ba sireletse bakaulengwe ba bone ba Batutsi!

Gone ke boammaaruri, ga go utlwale go lebelela gore ditšhaba tsa lefatshe di ka nna le lorato lwa go rata moagelani ka selekanyo se se ka tlisang kutlwano mo lefatsheng lotlhe. Go ya ka Baebele, seo se tla diragadiwa ke Modimo ka nako ya gagwe e e tshwanetseng. Le fa go ntse jalo, tota le gone jaanong, batho ba ka kgona go ratana mme ba utlwane.

Mo ngwageng o o fetileng, Basupi ba ga Jehofa ba ile ba dirisa diura di feta bilione ba etela batho e bile ba tlotla le bone ka Baebele le kafa e leng mosola ka gone mo botshelong jwa gompieno. Kitso e e tlhomameng ya Lefoko la Modimo e dirile gore batho ba le dimilione ba utlwane, bangwe ba bone e le ba ba kileng ba ne ba itaana ka noga e utlwa. Bano ba akaretsa Baarabea le Bajuda, Ba-Armenia le Ba-Turk, Bajeremane le Ba-Russia, fa re umaka ba se kae fela.

A o ka rata go itse mo go oketsegileng ka tsela e Lefoko la Modimo e leng Baebele le thusang batho ka teng gore ba utlwane? Fa go le jalo, tsweetswee ikgolaganye le Basupi ba ga Jehofa ba lefelo la gaeno kgotsa o kwalele kwa atereseng e e tshwanetseng mo lenaaneng le le mo go tsebe 2.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 12 Go bona tshedimosetso e e oketsegileng ka boikaelelo jwa Modimo ka batho, bona kgaolo 3 ya buka ya Totatota Baebele e Ruta Eng? e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.

[Mafoko a a mo go tsebe 4]

Batho ba ile ba dira ditumalano tsa kagiso di le dintsintsi mme ba se ka ba di tlotla

[Mafoko a a mo go tsebe 7]

Go dirisa melaometheo ya Baebele go dirile se dipuso tsa batho di sa kgoneng go se dira

[Setshwantsho mo go tsebe 5]

Lefoko la Modimo le bontsha gore Motswedi wa kutlwano ya boammaaruri ke ofe

[Setshwantsho mo go tsebe 7]

Basupi ba ga Jehofa ba Bahutu le Batutsi ba aga lefelo la kobamelo mmogo