Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Bolaodi Jwa ga Jehofa le Bogosi Jwa Gagwe

Bolaodi Jwa ga Jehofa le Bogosi Jwa Gagwe

Bolaodi Jwa ga Jehofa le Bogosi Jwa Gagwe

“Bogolo le thata le bontle le tlotlomalo le seriti ke tsa gago wena Jehofa . . . Bogosi ke jwa gago, wena Jehofa.” —1 DITIRAGALO 29:11.

1. Ke ka ntlha yang fa Jehofa a na le tshwanelo ya go nna Molaodimogolo wa lobopo?

“JEHOFA o tlhomamisitse ka thata setulo sa gagwe sa bogosi kwa magodimong; mme bogosi jwa gagwe bo laola sengwe le sengwe.” (Pesalema 103:19) Mopesalema o ne a dirisa mafoko ao go tlhalosa boammaaruri jwa konokono malebana le bolaodi. E re ka Jehofa Modimo e le ene Mmopi, o na le tshwanelo ya go nna Molaodimogolo wa lobopo.

2. Daniele o ne a tlhalosa jang lefelo la ga Jehofa la semoya?

2 Gore mmusi a kgone go busa, o tshwanetse a bo a na le batho ba a tla ba busang. Kwa tshimologong, Jehofa o ile a busa dibopiwa tsa semoya tse a di bopileng—sa ntlha, o ne a busa Morwawe yo o tsetsweng a le esi mme go tswa foo a busa masomosomo a baengele. (Bakolosa 1:15-17) Morago ga nako e telele, moporofeti Daniele o ne a bona ponatshegelo ya ga Jehofa a busa. O ne a re: “Ke ne ka nna ka leba go fitlha go bewa ditulo tsa bogosi mme Mogologolo wa Malatsi a nna. . . . Go ne go na le dikete di le sekete tse di neng di mo direla, le dikete di le lesome di menagane ga dikete di le lesome tse di neng di eme fa pele ga gagwe.” (Daniele 7:9, 10) Ka dingwaga tse dintsintsi, Jehofa, “Mogologolo wa Malatsi,” o ne a nna Molaodimogolo mo lelapeng la gagwe le legolo thata le le le rulaganeng sentle la barwa ba semoya, ba e neng e le “badiredi” ba ba dirang thato ya gagwe.—Pesalema 103:20, 21.

3. Jehofa o ne a atolosetsa jang bolaodi jwa gagwe mo lefatsheng?

3 Kgabagare Jehofa o ne a atolosa bolaodi jwa gagwe ka go dira lobopo lo logolo le lo lo raraaneng, lo lo akaretsang lefatshe. (Jobe 38:4, 7) Fa motho a lebile a le mo lefatsheng, dibopiwa tsa kwa legodimong di dira tiro ya tsone ka thulaganyo e e manontlhotlho thata mo go lebegang di sa tlhoke ope gore a di kaele kana a di laole. Le fa go ntse jalo, mopesalema o ne a re: “[Jehofa] o ne a laola, mme di ne tsa bopiwa. Mme o di boloka di eme ka bosaengkae, go ya bosakhutleng. O ntshitse molao, mme ga o kitla o feta.” (Pesalema 148:5, 6) Jehofa ga a bolo go busa ka go kaela le go laola ditiro tse di dirwang kwa lefelong la semoya le tse di dirwang mo lefatsheng.—Nehemia 9:6.

4. Jehofa o busa batho jang?

4 Fa go sena go bopiwa batho ba ntlha ba babedi, Modimo o ne a dirisa bolaodi jwa gagwe ka tsela e nngwe gape. Mo godimo ga gore Jehofa a neye batho sengwe le sengwe se ba neng ba se tlhoka gore ba tshele botshelo jo bo nang le boikaelelo le jo bo kgotsofatsang, o ne a ba naya dithata tsa go laola diphologolo tse di mo lefatsheng—se se bontshang gore Modimo o naya dibopiwa tsa gagwe taolo. (Genesise 1:26-28; 2:8, 9) Ka jalo, go bonala sentle gore Modimo o busa ka tsela e e molemo le e e pelonomi mme gape o tlotla batho ba a ba busang e bile o ba naya seriti. Fa fela Adame le Efa ba ne ba ka tswelela ba ineetse mo bolaoding jwa ga Jehofa ba ne ba tla nna ba na le tsholofelo ya go tshelela ruri mo lefatsheng la paradaise.—Genesise 2:15-17.

5. Re ka tlhalosa jang tsela e Jehofa a busang ka yone?

5 Ke eng se re se lemogang mo go seno sotlhe? Sa ntlha, re lemoga gore Jehofa ga a bolo go nna a busa dibopiwa tsa gagwe tsotlhe. Sa bobedi, tsela e Modimo a busang ka yone e molemo e bile e naya ba a ba busang seriti. Sa bofelo, fa re ikobela e bile re ema bolaodi jwa Modimo nokeng, re tla bona boitumelo jo bo nnelang ruri. Ga go gakgamatse go bo Kgosi Dafide wa Iseraele wa bogologolo a kile a re: “Bogolo le thata le bontle le tlotlomalo le seriti ke tsa gago wena Jehofa; gonne sengwe le sengwe se se kwa magodimong le mo lefatsheng ke sa gago. Bogosi ke jwa gago, wena Jehofa, Wena yo o itsholetsang jaaka tlhogo ya botlhe.”—1 Ditiragalo 29:11.

Ke Eng fa re Tlhoka Bogosi Jwa Modimo?

6. Bolaodi jwa Modimo bo amana jang le Bogosi jwa gagwe?

6 E re ka Jehofa, Molaodimogolo wa Lobopo, a sa bolo go nna a dirisa maatla a gagwe le thata, ke eng fa re tlhoka Bogosi jwa gagwe? Gantsi molaodi o dirisa bolaodi jwa gagwe ka go tlhoma moemedi yo o tla busang batho ba gagwe. Ka jalo, Bogosi jwa Modimo bo emela tsela e Modimo a dirisang bolaodi jwa gagwe ka yone mo dibopiweng tsa gagwe mo lobopong lotlhe.

7. Ke ka ntlha yang fa Jehofa a ne a tlhoma tsela e ntšha ya go busa?

7 Jehofa o ile a busa ka ditsela tse di farologaneng ka dinako tse di farologaneng. O ne a tlhoma tsela e ntšha ya go busa ka ntlha ya tiragalo nngwe e e neng e sa tswa go direga. Seno se diregile fa setsuolodi sengwe se e neng e le morwa wa Modimo wa semoya, e bong Satane a ne a kgona go tlhotlheletsa Adame le Efa gore ba tsuologele bolaodi jwa ga Jehofa. Botsuolodi joo bo ne bo tlhasela bolaodi jwa Modimo. Jang? Fa Satane a ne a raya Efa a re ‘ruri ga a kitla a swa’ fa a ka ja leungo le le ileditsweng, o ne a raya gore Jehofa o ne a sa bua boammaaruri, mme ka jalo o ne a ka se ikanngwe. Gape Satane o ne a raya Efa a re: “Modimo o a itse gore mo go lone letsatsi le lo jang mo go sone ka lone ruri matlho a lona a tla bulega mme lo tla tshwana le Modimo, lo itse molemo le bosula.” Satane o ne a raya gore Adame le Efa ba ne ba ka tshela botoka fa ba tlhokomologa taelo ya Modimo mme ba itirela maratwaepelo. (Genesise 3:1-6) Seno e ne e le go tlhasela bolaodi jwa Modimo ka tlhamalalo. Jehofa o ne a tla dirang?

8, 9. (a) Mmusi wa motho o ne a tla fedisa jang botsuolodi mo pusong ya gagwe? (b) Jehofa o ne a fedisa jang botsuolodi kwa Edene?

8 Re ne re ka lebelela gore mmusi a dire eng fa bangwe ba tsuologa ka boomo mo pusong ya gagwe? Ba ba itseng hisitori ba ka gakologelwa se se neng sa direga fa bangwe ba ne ba tsuologela dipuso dingwe. Go na le gore mmusi—le fa e le yo o molemo tota—a tlhokomologe boemo jo bo ntseng jalo, o ne a tla atlhola ditsuolodi tseo a bo a di pega molato wa boepapuso. Mme go tswa foo mmusi a ka nna a naya mongwe tetla ya go tlhasela masole a ditsuolodi le go dira gore go nne le kagiso gape. Ka tsela e e tshwanang, Jehofa o ne a bontsha gore o ne a sa ntse a laola ka botlalo fa a ne a tsaya kgato ka bonako mme a atlhola ditsuolodi tseo. O ne a re Adame le Efa ba ne ba sa tshwanelwe ke go newa mpho ya botshelo jo bo sa khutleng mme a ba leleka mo tshimong ya Edene.—Genesise 3:16-19, 22-24.

9 Fa Jehofa a ne a atlhola Satane, o ne a senola tsela ya gagwe e ntšha ya go busa, e leng tsela e a neng a tlile go e dirisa go dira gore go nne le kagiso le thulaganyo mo pusong ya gagwe. Modimo o ne a raya Satane a re: “Ke tla tsenya bobaba fa gare ga gago le mosadi le fa gare ga losika lwa gago le losika lwa gagwe. O tla go gobatsa mo tlhogong mme wena o tla mo gobatsa mo seretheng.” (Genesise 3:15) Ka go dira jalo Jehofa o ne a senola gore o ikaeletse go naya “losika” maatla a go ripitla Satane le mephato ya gagwe le go bontsha gore o na le tshwanelo ya go busa.—Pesalema 2:7-9; 110:1, 2.

10. (a) “Losika” lo go neng go builwe ka lone e ne e le mang? (b) Paulo o ne a reng ka go diragadiwa ga boporofeti jono jwa ntlha?

10 “Losika” loo e ne e le Jesu Keresete, mmogo le batho ba ba tlhophilweng ba a neng a tlile go busa le bone. Botlhe ba bopa Bogosi jwa Modimo jwa ga Mesia. (Daniele 7:13, 14, 27; Mathaio 19:28; Luke 12:32; 22:28-30) Le fa go ntse jalo, dilo tseno tsotlhe ga di a ka tsa senolwa ka yone nako eo. Tota, go diragadiwa ga boporofeti jono jwa ntlha e ne ya tswelela e le “sephiri se se boitshepo se se nnileng sa bolokiwa ka tidimalo ka dinako tse di nnetseng ruri.” (Baroma 16:25) Ka dingwaga tse dintsintsi, banna ba tumelo ba ne ba tlhologeletswe nako e “sephiri se se boitshepo” se neng se tla senolwa ka yone le e boporofeti jwa ntlha bo neng bo tla diragadiwa ka yone go tlotlomatsa bolaodi jwa ga Jehofa.—Baroma 8:19-21.

“Sephiri se se Boitshepo” se Senolwa Kgato ka Kgato

11. Jehofa o ne a raya Aborahame a reng?

11 Fa nako e ntse e feta, Jehofa o ne a itsise kgato ka kgato dintlha dingwe tsa “sephiri se se boitshepo sa bogosi jwa Modimo.” (Mareko 4:11) Aborahame, yo o neng a bidiwa “tsala ya ga Jehofa” ke mongwe wa batho ba Jehofa a neng a ba senolela sephiri seno. (Jakobe 2:23) Jehofa o ne a solofetsa Aborahame gore o ne a tla mo “dira setšhaba se segolo.” Moragonyana, Modimo gape o ne a raya Aborahame a re: “Go tla tswa dikgosi mo go wena,” le “setšhaba sotlhe sa lefatshe se tla itshegofatsa ka losika lwa gago.”—Genesise 12:2, 3; 17:6; 22:17, 18.

12. Losika lwa ga Satane lo ne lwa bonala jang morago ga Morwalela?

12 Mo motlheng wa ga Aborahame, batho ba ne ba setse ba kile ba leka go busa le go laola ba bangwe. Ka sekai, Baebele e bua jaana ka Nimerode, yo e neng e le setlogolwana sa ga Noa: “E ne e le wa ntlha go nna yo o thata mo lefatsheng. O ne a iponatsa a le motsomi yo o thata kgatlhanong le Jehofa.” (Genesise 10:8, 9) Go bonala sentle gore Nimerode le babusi ba bangwe ba ba neng ba ipeile ba ne ba laolwa ke Satane. Bone le balatedi ba bone ba ne ba nna karolo ya losika lwa ga Satane.—1 Johane 5:19.

13. Jehofa o ne a senola eng a dirisa Jakobe?

13 Le fa Satane a ntse a tlhoma babusi ba batho, maikaelelo a ga Jehofa ga a kgoreletsege. Jehofa o ne a senola seno a dirisa setlogolo sa ga Aborahame, e bong Jakobe: “Lore lwa segosi ga lo kitla lo fapoga mo Juda, le fa e le lore lwa molaodi mo gare ga dinao tsa gagwe, go fitlha Shilo a tla; mme ditšhaba di tla utlwa ene.” (Genesise 49:10) Leina “Shilo” le raya “Yo e Leng Lwa Gagwe.” Ka jalo, mafoko ano a boporofeti a ne a kaya gore go ne go tla tla mongwe yo o nang le tshwanelo e e kafa molaong ya go amogela “lore lwa segosi,” kana bolaodi, le “lore lwa molaodi” kana bogosi jo bo tla busang “ditšhaba” kana batho botlhe. Motho yono e ne e tla nna mang?

“Go Fitlha Shilo a Tla”

14. Jehofa o ne a dira kgolagano efe le Dafide?

14 Morwa Jese, e bong Dafide yo e neng e le modisa, ke ene wa ntlha mo ditlogolwaneng tsa ga Juda, yo o neng a tlhophiwa ke Jehofa gore a nne kgosi ya batho ba gagwe. * (1 Samuele 16:1-13) Le fa Dafide a ile a dira maleo le diphoso, Jehofa o ne a mo amogela ka gonne o ne a ikanyega mo bolaoding jwa Gagwe. Jehofa o ne a re naya tshedimosetso ka boporofeti jwa kwa Edene ka go dira kgolagano le Dafide, a re: “Ke tla tsosa losika lwa gago morago ga gago, lo lo tla tswang mo teng ga gago; mme ruri ke tla tlhomamisa bogosi jwa gagwe ka thata.” Seo se ne se tla akaretsa batho ba bangwe kwa ntle ga morwa Dafide le motlhatlhami wa gagwe, e bong Solomone, ka gonne kgolagano eno e ne e re: “Ruri ke tla tlhomamisa setulo sa bogosi jwa gagwe ka thata ka bosakhutleng.” Kgolagano e e dirilweng le Dafide e ne e bontsha sentle gore kgabagare “losika” lo lo solofeditsweng lwa segosi lo ne lo tla tswa mo losikeng lwa ga Dafide.—2 Samuele 7:12, 13.

15. Ke eng fa bogosi jwa Juda bo ne bo tsewa bo emela Bogosi jwa Modimo?

15 Dafide o ne a simolola losika lwa segosi, mme losika loo lo ne lwa tlodiwa ka lookwane lo lo boitshepo ke moperesiti yo mogolo. Ka jalo, dikgosi tseno di ne di ka bidiwa batlodiwa, kana bomesia. (1 Samuele 16:13; 2 Samuele 2:4; 5:3; 1 Dikgosi 1:39) Go ne go twe ba nna mo setulong sa bogosi sa ga Jehofa mme ba busa e le dikgosi mo boemong jwa ga Jehofa kwa Jerusalema. (2 Ditiragalo 9:8) Ka tsela eo, bogosi jwa Juda bo ne bo emela Bogosi jwa Modimo, tsela e Jehofa a neng a busa ka yone.

16. Puso ya dikgosi tsa Judea e ne ya felela jang?

16 Fa kgosi le batho ba ne ba ineela mo bolaoding jwa ga Jehofa, o ne a ba sireletsa e bile a ba segofatsa. Nako e Solomone a neng a busa ka yone e ne e le nako ya kagiso le katlego e e seng kana ka sepe, mme seo e ne e le ponelopele ya se se tla diregang mo Bogosing jwa Modimo fa tlhotlheletso ya ga Satane e tla bo e fedisitswe gotlhelele, mme bolaodi jwa ga Jehofa bo tlotlomaditswe. (1 Dikgosi 4:20, 25) Se se utlwisang botlhoko ke gore bontsi jwa dikgosi tsa losika lwa segosi lwa ga Dafide di ne tsa palelwa ke go latela melao ya ga Jehofa, mme batho ba ne ba simolola go obamela medingwana le go dira boitsholo jo bo sa siamang. Kgabagare, Jehofa o ne a tlogela bogosi joo gore bo senngwe ke Bababelona ka 607 B.C.E. Go ne go lebega Satane a atlegile mo maitekong a gagwe a go senya bolaodi jwa ga Jehofa.

17. Ke eng se se bontshang gore le fa bogosi jwa ga Dafide bo ne jwa thankgolwa, Jehofa ene o ne a sa ntse a laola ka botlalo?

17 Go thankgolwa ga puso ya ga Dafide—le bogosi jwa kwa bokone jwa Iseraele jo bo neng jwa thankgolwa pelenyana ga foo—e ne e se bosupi jwa gore bolaodi jwa Modimo bo paletswe, mme go na le moo e ne e le bosupi jwa diphelelo tse di nnang teng ka ntlha ya tlhotlheletso ya ga Satane le go ipusa ga batho ba sa kaelwe ke Modimo. (Diane 16:25; Jeremia 10:23) Go bontsha gore Jehofa o ne a sa ntse a laola, o ne a bua jaana a dirisa moporofeti Esekiele: “Tlosa sethathelela tlhogo, o tsholetse serwalo. . . . Ke tla o dira tshenyo, tshenyo, tshenyo. Fa e le ka seno le sone, ruri ga e kitla e nna sa ga ope go fitlhela go tla yo o nang le tshwanelo e e kafa molaong, mme ke tla mo se naya.” (Esekiele 21:26, 27) Mafoko ao a kaya gore “losika” lo lo solofeditsweng, e bong Ene “yo o nang le tshwanelo e e kafa molaong,” o ne a sa ntse a tla.

18. Moengele Gabariele o ne a raya Marea a reng?

18 A re sekasekeng se se ileng sa direga ka ngwaga wa 2 B.C.E. Moengele Gabariele o ne a romelwa kwa go Marea, yo e neng e le mosetsana wa lekgarebane kwa Nasaretha, e leng motse wa kwa Galalea o o kwa bokone jwa Palesetina. O ne a re: “Bona! o tla ithwala mo sebopelong sa gago o bo o tshola ngwana wa mosimane, mme o mo reye leina o re Jesu. Yono o tla nna mogolo mme o tla bidiwa Morwa Mogodimodimo; Jehofa Modimo o tla mo naya setulo sa bogosi sa ga Dafide rraagwe, mme o tla busa ntlo ya ga Jakobe ka bosaengkae e le kgosi, mme bogosi jwa gagwe ga bo na go nna le bokhutlo.”—Luke 1:31-33.

19. Ke tiragalo efe e e kgatlhang e e neng e le gaufi le go direga?

19 La bofelo, nako ya go senola “sephiri se se boitshepo” e ne e atametse. Motho wa botlhokwa thata mo ‘losikeng’ lo lo solofeditsweng o ne a le gaufi le go tla. (Bagalatia 4:4; 1 Timotheo 3:16) Satane o ne a tla mo gobatsa serethe. Mme “losika” loo lone, lo ne lo tla gobatsa Satane mo tlhogong mme ka go dira jalo lo fedisa tlhotlheletso ya gagwe le ya majelathoko a gagwe. Gape o ne a tla bontsha gore tshenyo yotlhe e e dirilweng ke Satane e tla dirololwa ka Bogosi jwa Modimo, mme bolaodi jwa ga Jehofa bo tla tlotlomadiwa. (Bahebera 2:14; 1 Johane 3:8) Jesu o ne a tla dira seno jang? O re tlhometse sekao sefe se re ka se etsang? Re tla bona dikarabo tsa dipotso tseno mo setlhogong se se latelang.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 14 Saulo, yo e neng e le motho wa ntlha yo o neng a tlhophilwe ke Modimo gore a buse Iseraele, e ne e le wa lotso lwa ga Benjamine.—1 Samuele 9:15, 16; 10:1.

A o Ka Tlhalosa?

• Ke ka ntlha yang fa Jehofa a na le tshwanelo ya go nna Molaodimogolo wa lobopo?

• Ke eng fa Jehofa a ne a ikaelela go tlhoma Bogosi?

• Jehofa o ne a senola jang “sephiri se se boitshepo” kgato ka kgato?

• Ke eng se se bontshang gore le fa bogosi jwa ga Dafide bo ne jwa thankgolwa, Jehofa ene o ne a sa ntse a laola ka botlalo?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 23]

Ke eng se Jehofa a neng a se bolelelapele a dirisa Aborahame?

[Setshwantsho mo go tsebe 25]

Ke eng fa go thankgolwa ga bogosi jwa ga Dafide e se sesupo sa gore bolaodi jwa ga Jehofa bo paletswe?