Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ruta Ngwana wa Gago go Nna Kagiso

Ruta Ngwana wa Gago go Nna Kagiso

Ruta Ngwana wa Gago go Nna Kagiso

Nicole wa dingwaga tse robedi o ne a itumedisiwa ke gore ene le lelapa la gaabo ba fudugela kwa karolong e nngwe ya naga, mme o ne a tlotlela tsala ya gagwe e kgolo Gabrielle ka sengwe le sengwe. Letsatsi lengwe Gabrielle o ne a phatloga, a bolelela Nicole gore o ne a sa kgathale le fa a tsamaya. Nicole, a utlwile botlhoko thata e bile a galefile, o ne a bolelela mmaagwe jaana: “Ga ke tlhole ke batla go bona Gabrielle gape!”

GANTSI dikgotlhang tsa bana tse di jaaka ya ga Nicole le Gabrielle di tlhoka gore batsadi ba thuse bana ba bone mo go tsone—e seng fela go gomotsa ngwana yo o utlwileng botlhoko, mme gape le go mmontsha gore a ka rarabolola jang bothata jono. Ka tlholego fela, bana ba bontsha “mekgwa ya losea,” mme ga ba lemoge kotsi e e ka bakwang ke mafoko kana ditiro tsa bone. (1 Bakorintha 13:11) Ba tlhoka go thusiwa go tlhagolela dinonofo tse di ka dirang gore ba dirisane ka kagiso le ba bangwe mo lelapeng le gongwe le gongwe fela.

Batsadi ba Bakeresete ba kgatlhegela thata go thapisa bana ba bone gore ba ‘senke kagiso mme ba e latelele.’ (1 Petere 3:11) Go botlhokwa gore motho a tseye matsapa a go fenya maikutlo a dipelaelo, a go betwa ke pelo le a letlhoo ka gonne o tla felela a na le boitumelo jo bo bakwang ke go dira kagiso. Fa o le motsadi, o ka ruta bana ba gago jang go nna kagiso?

Thusa Bana ba Gago go Batla go Itumedisa “Modimo wa Kagiso”

Jehofa o bidiwa “Modimo wa kagiso” mme o tlhalosiwa e le yo o “nayang kagiso.” (Bafilipi 4:9; Baroma 15:33) Ka jalo, batsadi ba ba botlhale ba dirisa Lefoko la Modimo Baebele ka botswerere, go ruta bana ba bone go batla go itumedisa Modimo le go etsa dinonofo tsa gagwe. Ka sekai, o ka thusa bana ba gago go akanya ka se moaposetoloi Johane a neng a se bona mo ponatshegelong e e gapang kgatlhego—motshe wa godimo o montle o o botala jwa emeraleda o dikologile setulo sa bogosi sa ga Jehofa. * (Tshenolo 4:2, 3) Ba tlhalosetse gore motshe ono wa godimo o emela kagiso le thethebalo ya ga Jehofa, le gore masego ano a tla tlela botlhe ba ba mo ikobelang.

Gape Jehofa o naya kaelo ka morwawe Jesu, yo o bidiwang “Kgosana ya Kagiso.” (Isaia 9:6, 7) Ka jalo, bala o bo o tlotle le bana ba gago ka dipego tsa Baebele tse mo go tsone Jesu a neng a ruta dithuto tse di molemo kaga go tila dikgotlhang le dikganetsano. (Mathaio 26:51-56; Mareko 9:33-35) Ba tlhalosetse gore ke eng fa Paulo, yo pele e neng e le “motho yo o se nang maitseo,” a ile a fetola ditsela tsa gagwe mme a kwala gore “motlhanka wa Morena ga a tlhoke go lwa, mme o tlhoka go nna bonolo mo go botlhe, . . . a nna a ithibile mo bosuleng.” (1 Timotheo 1:13; 2 Timotheo 2:24) Ngwana wa gago a ka nna a fetola ka tsela e e molemo go feta kafa o neng o lebeletse ka teng.

Evan o gakologelwa fa a ne a kgobiwa ke mosimane mongwe mo beseng ya sekolo fa a ne a le dingwaga di le supa. A re: “Ke ne ka galefela mosimane yono thata mo ke neng ke batla go ipusolosetsa! Mme ke ne ka gakologelwa thuto e ke e ithutileng kwa gae ka batho ba ba lekang go simolola dintwa. Ke ne ke itse gore Jehofa o batla gore ke se ‘busetse ope bosula ka bosula,’ mme ke ‘agisane le batho botlhe.’” (Baroma 12:17, 18) Ka jalo, Evan o ne ka bopelokgale a kgona go okobatsa maemo ano a a befileng ka go itshwara ka tsela e e bonolo. O ne a batla go itumedisa Modimo wa kagiso.

Nna Motsadi yo o Kagiso

A go rena kagiso mo legaeng la gago? Fa go le jalo, bana ba gago ba ka ithuta go le gontsi ka ga kagiso ka go go lebelela fela. Gore o atlega go le kana kang go ruta bana ba gago go nna kagiso go ikaegile thata ka go etsa ga gago go nna kagiso ga Modimo le Keresete.—Baroma 2:21.

Russ le Cindy ba dira ka natla go thapisa bana ba bone ba babedi ba basimane, ba ba rotloetsa go dira dilo ka lorato fa ba bangwe ba ba rumola. Cindy a re: “Boikutlo jo nna le Russ re bo bontshang basimane ba rona le batho ba bangwe fa go nna le mathata bo ama thata tsela e bana ba rona ba rarabololang maemo a a tshwanang le ao ka yone.”

Tota le fa o dira diphoso—e re ka go se na motsadi ope yo o sa di direng—o sa ntse o ka kgona go dirisa tshono eo go ruta dithuto tse di botlhokwa thata. Stephen o dumela jaana: “Ka dinako dingwe nna le mosadi wa me Terry re ne re galefa thata re bo re otlhaya bana ba rona ba bararo pele re ka itse mabaka otlhe. Fa seo se ne se direga, re ne re kopa maitshwarelo.” Terry o oketsa jaana: “Re dira gore bana ba rona ba itse gore le rona ga re a itekanela le gore re dira diphoso. Re dumela gore seno ga se a tlisa kagiso fela mo lelapeng, mme gape se thusitse bana ba rona go ithuta go latelela kagiso.”

A bana ba gago ba ithuta go nna kagiso fa ba etse tlhoko tsela e o ba tshwarang ka yone? Jesu o ne a gakolola jaana: “Jalo, dilo tsotlhe tse lo batlang batho ba di lo direla, le lona lo tshwanetse go di ba direla ka tsela e e tshwanang.” (Mathaio 7:12) Le fa o ka tswa o na le dilo tse o tlhaelang mo go tsone, tlhomamisega gore go rata le go kgatlhegela bana ba gago go tla nna le diphelelo tse di itumedisang. Bana ba gago ba tla tsiboga ka bonako fa o ba kaela ka lorato.

Nna Bonya go Shakgala

Diane 19:11 ya re: “Temogo ya motho ruri e fokotsa bogale jwa gagwe.” O ka thusa bana ba gago jang go tlhagolela temogo e e ntseng jalo? David o tlhalosa mokgwa o ene le mosadi wa gagwe Mariann ba o fitlhetseng o le mosola go thusa morwa le morwadiabone. A re: “Fa mongwe a buile kana a dirile sengwe se se ba utlwisang botlhoko, re ba thusa gore ba kgone go mo akanyetsa. Re ba botsa dipotso tse di motlhofo jaaka tseno: ‘A motho yono o nnile le letsatsi le le ngomolang pelo? A a ka tswa a le lefufa? A o utlwisitswe botlhoko ke mongwe?’” Mariann o oketsa jaana: “Seno se dira gore bana ba rona ba ritibale, go na le gore ba nne le maikutlo a a sa siamang ka maemo ano, kana go ganetsana kaga gore ke mang yo o phoso.”

Thapiso eo e ka nna le diphelelo tse di molemo tota. Ela tlhoko kafa Nicole, yo o umakilweng mo tshimologong ya setlhogo seno, a ileng a thusiwa ke mmaagwe e bong Michelle ka gone, ka tsela e e neng ya se ka ya mo thusa fela go fedisa kgotlhang ya gagwe le Gabrielle. Michelle a re: “Ke ne ka bala kgaolo 14 ya buka ya Ithute mo Morutising yo Mogolo le Nicole. * Mme ke ne ka mo tlhalosetsa gore Jesu o ne a rayang fa a ne a re re tshwanetse go itshwarela mongwe ‘go fitlha go makgetlo a le masome a supa le bosupa.’ Morago ga go reetsa ka kelotlhoko fa Nicole a ntsha maikutlo a gagwe, ke ne ka mo thusa gore a akanyetse kafa Gabrielle a neng a utlwile botlhoko ka gone ka gonne tsala ya gagwe e kgolo e fudugela kgakala.”—Mathaio 18:21, 22.

Fa Nicole a sena go lemoga gore ke eng se se ka tswang se bakile gore Gabrielle a phatloge jalo, seo se ne sa mo thusa gore a mo utlwele botlhoko, mme sa mo tlhotlheletsa go mo founela a kopa maitshwarelo. Michelle a re: “Fa e sa le ka nako eo, Nicole o itumedisiwa ke go akanyetsa maikutlo a batho ba bangwe le go ba direla molemo gore ba tle ba ikutlwe botoka.”—Bafilipi 2:3, 4.

Thusa bana ba gago gore ba se kgopisiwe ke diphoso le dikgotlhang. Go dira jalo go ka dira gore o kgotsofalele go bona bana ba gago ba bontsha batho ba bangwe bopelontle jwa mmatota le lorato lwa bopelonomi.—Baroma 12:10; 1 Bakorintha 12:25.

Rotloetsa Bontle Jwa go Itshwarela

Diane 19:11 ya re: “Ke bontle . . . go tlhokomologa tlolo.” Fa Jesu a ne a le mo botlhokong jo bo ngomolang pelo, o ne a etsa Rraagwe mme a bontsha boikutlo jwa go itshwarela. (Luke 23:34) Bana ba gago ba ka ithuta bontle jwa go itshwarela fa ba gomodiwa ke go itshwarela ga gago.

Ka sekai, Willy wa dingwaga tse tlhano o rata go taka ditshwantsho le nkokoagwe. Mo lekgetlhong lengwe, Nkoko o ne a tlogela go taka, a garuma Willy ka tšhakgalo a bo a tsamaya. Willy o ne a utlwile botlhoko. Rraagwe Willy, e bong Sam, o ne a re: “Nkokoagwe Willy o na le bolwetse jwa Alzheimer. Ka jalo re ile ra tlhalosetsa Willy ka tsela e a neng a tla tlhaloganya ka yone.” Sam o ile a gakgamadiwa ke kgato e Willy a neng a e tsaya, fa a sena go mo gakolola gore o ne a itshwarelwa ka makgetlho a mantsi le gore o ne a tshwanetse go itshwarela ba bangwe. Sam a re: “A o ka akanya gore nna le mosadi wa me re ne ra ikutlwa jang fa re bona mosimanyana wa rona a ya kwa go nkokoagwe wa dingwaga tse 80, a bua le ene ka lentswe le le kopang maitshwarelo, mme a bo a mo tshwara ka seatla a mmusetsa kwa tafoleng?”

Eleruri ke bontle fa bana ba ithuta go ‘tswelela ba itshokela’ ditlhaelo le diphoso tsa batho ba bangwe le go ba itshwarela. (Bakolosa 3:13) Le fa batho ba dira ka boomo dilo ka tsela e e kgopisang, tlhomamisetsa ngwana wa gago gore go itshwara ka tsela e e kagiso go molemo, gonne “fa Jehofa a ipelela ditsela tsa motho o dira gore le baba ba gagwe ba nne mo kagisong le ene.”—Diane 16:7.

Nna o Thuse Ngwana wa Gago go Nna Kagiso

Batsadi ba ka nna thuso e kgolo mo baneng ba bone fa ba dirisa Lefoko la Modimo go ba ruta “mo maemong a a kagiso” e bile e le “ba ba dirang kagiso.” (Jakobe 3:18) Batsadi ba ba dirang jalo ba tlhomelela bana ba bone ka se ba se tlhokang go rarabolola dikgotlhang le go nna kagiso. Seno se ba leretse boitumelo le kgotsofalo e e seng kana ka sepe botshelo jotlhe jwa bone.

Dan le Kathy ba na le bana ba bararo ba ba mo dingwageng tsa bolesome ba ba dirang sentle mo boammaaruring. Dan a re: “Le fa go ne go gwetlha go ba thapisa fa ba sa ntse ba le babotlana, re kgatlhwa ke kafa bana ba rona ba dirang sentle ka gone. Jaanong ba dirisana sentle le ba bangwe, e bile ba itshwarela ba bangwe ba gololesegile fa sengwe se ka dira gore go se nne le kagiso.” Kathy a re: “Seno se re nametsa dipelo, e re ka kagiso e le karolo ya leungo la moya wa Modimo.”—Bagalatia 5:22, 23.

Le fa kwa tshimologong tswelopele e ka se bonale go le kalo, lona batsadi ba Bakeresete, lo na le lebaka le le utlwalang la gore lo se ka lwa ‘lesa’ kana lwa ‘lapa’ go ruta bana ba lona go tshela ka kagiso. Fa lo ntse lo dira jalo, tlhomamisegang gore “Modimo wa lorato le wa kagiso o tla nna le lona.”—Bagalatia 6:9; 2 Bakorintha 13:11.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 6 Bona setshwantsho se se mo go tsebe 75 ya buka ya Tshenolo—Konelo ya Yone e e Molemolemo e Atametse! e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.

^ ser. 16 E gatisitswe ke Basupi ba ga Jehofa.

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 20]

A KE TLHOTLHELETSO E E SOLEGELANG MOLEMO?

Tlhamo nngwe e e gatisitsweng ke Media Awareness Network e e nang le setlhogo se se reng “Tirisodikgoka mo Boitlosobodutung Jwa Metswedi ya Tshedimosetso” e ne ya akgela jaana: “Kgopolo ya gore tirisodikgoka e rarabolola mathata e gatelelwa ke boitlosobodutu jo mo go jone dikebekwa le bagaka ba dirisang tirisodikgoka gangwe le gape.” Ke diperesente di ka nna lesome fela tsa mananeo a thelebishene, dibaesekopo, le dibidio tsa mmino tse di sekasekilweng tse di bontshang matswela a a sa siamang a tirisodikgoka. Tlhamo eo ya re mo boemong jwa go bontsha matswela ao, “tirisodikgoka e bontshiwa e le tsela e e siameng, e e tlwaelegileng, le e e ka se tilweng ya go rarabolola bothata.”

A o bona botlhokwa jwa go dira diphetogo malebana le tsela e thelebishene e lebelelwang ka yone mo legaeng la gago? O se ka wa letla boitlosobodutu jwa metswedi ya tshedimosetso bo koafatsa maiteko a go ruta bana ba gago go nna kagiso.

[Setshwantsho mo go tsebe 17]

Jala keletso ya go itumedisa “Modimo wa kagiso” mo baneng ba gago

[Setshwantsho mo go tsebe 18]

Tsaya matsapa go kgalema bana fa ba na le dipuo kana ditiro tse di utlwisang botlhoko

[Setshwantsho mo go tsebe 19]

Bana ba gago ba tshwanetse ba ithuta go ikopa maitshwarelo le go itshwarela ba bangwe