Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A Letsatsi la Boikhutso la Boheitane le ka Fetolwa go Nna la Bokeresete?

A Letsatsi la Boikhutso la Boheitane le ka Fetolwa go Nna la Bokeresete?

A Letsatsi la Boikhutso la Boheitane le ka Fetolwa go Nna la Bokeresete?

KA MARIGA a 2004, ka paka ya Keresemose, batho ba ne ba ngangisana thata kwa Italy. Barutisi bangwe ba ne ba dumalana le kgang ya gore go se ka ga buiwa thata ka dingwao tsa bodumedi tsa Keresemose kgotsa gore go se ka ga buiwa ka tsone gotlhelele. Ba ne ba dumalana le kgang eno ka gonne ba akanyetsa palo e e ntseng e oketsega ya bana ba sekolo ba e seng Bakatoliki e bile e se Baporotesetanta. Le fa go ntse jalo, barutisi ba bangwe le barutegi fela ba ne ba tatalalela gore batho ba tshwanetse go tlotla dingwao tseo le go tshwarelela thata mo go tsone.

Mme fa re sa bue ka kgang eno ya moruthutha, tota dingwao tse dintsi tsa Keresemose di simologile kae? Fa kgang eno e ya kwa bofelong, lokwalodikgang lwa Vatican lo lo bidiwang L’Osservatore Romano lo ne lwa akgela ka mafoko mangwe a a kgatlhang.

Lokwalodikgang lono lwa Katoliki lo ne lwa bolela jaana malebana le letlha la go keteka Keresemose: “Go ya ka hisitori, letlha le tota Jesu a tshotsweng ka lone ga le itsiwe ka gonne tota ga go sepe se se ka tlhomamisiwang ka hisitori ya Roma, palo ya batho ba mmuso wa motlha oo le dipatlisiso tse di neng tsa dirwa mo makgolong a a neng a latela a dingwaga. . . . Kereke ya Roma e ne ya tlhopha letlha le le itsegeng thata la 25 December mo lekgolong la bonè la dingwaga. Mo metlheng eo kwa Roma go ne go obamelwa medimo e mentsi mme letlha leno le ne le seegetswe kwa thoko gore go obamelwe modimo wa Letsatsi ka lone . . . Le fa Bokeresete bo ne bo setse bo amogetswe kwa Roma mo Molaong wa ga Constantine, tlhamane ya . . . modimo wa Letsatsi e ne e sa ntse e dumelwa ke batho ba le bantsi, bogolo jang masole. Mekete e e umakilweng fa godimo, yotlhe e ne e ketekwa ka 25 December, mme e ne e simologile mo ngwaong e e ratwang ke batho ba le bantsi. Ka ntlha ya seo, Kereke ya Roma e ne ya dira gore letsatsi leno e nne la Bokeresete ka go emisetsa modimo wa Letsatsi ka Letsatsi la boammaaruri la Tshiamiso, Jesu Keresete, mme ya tlhopha gore e nne lone letsatsi la go keteka botsalo jwa gagwe.”

Go tweng ka setlhare sa Keresemose, se jaanong Bakatoliki ba se dirisang thata mo ngwaong ya bone ya go keteka Keresemose?

Setlhogo seo sa lokwalodikgang lwa Katoliki se ne sa bontsha gore mo metlheng ya bogologolo, ditlhare di le dintsi tse di nnang di le ditala, tse di jaaka “setlhare sa phaene, di ne di tsewa di na le maatla a maselamose kgotsa a kalafi mo di ka thibelang malwetse.” Gape se ne sa bolela jaana: “Ka letsatsi la pele ga Keresemose, ka 24 December, Adame le Efa ba ne ba gopolwa ka tiragalo e e itsegeng thata ya Setlhare sa Paradaise ya mo lefatsheng . . . Setlhare seno e ne e tshwanetse go nna sa apole, mme e re ka setlhare sa apole se ne se ka se tshwanele paka ya mariga, go ne go bewa setlhare sa fir mo seraleng go bo go bewa diapole di se kae mo dikaleng tsa sone, kgotsa go ne go tshwantshediwa Kgololo e e tlang mo isagweng ka go baya dipapetlana tse di dirilweng ka go sila dibisikiti le go di bopa ka dipopego tse di tshwantshetsang Jesu ka Selalelo, go bo go beelwa bana dimonamone le dimpho.” Go ne ga diregang mo metlheng ya morago ga moo?

Lokwalodikgang lwa L’Osservatore Romano lo ne lwa umaka gore ngwao ya go dirisa setlhare sa Keresemose e simologile kwa Jeremane mo lekgolong la bo16 la dingwaga mme lwa re: “Italy ke nngwe ya dinaga tsa bofelo tse di neng tsa simolola go dirisa setlhare sa Keresemose, lebaka lengwe e le ka ntlha ya puo e e neng e aname thata ya gore go dirisiwa ga ditlhare tsa Keresemose e ne e le mokgwa wa Baporotesetanta mme o tshwanetse wa emisediwa ka go dirisiwa ga setshwantsho sa botsalo jwa ga Jesu.” Mopapa Paul VI “o ne a simolola ngwao ya go tlhoma [kwa St. Peter’s Square, kwa Roma] setlhare se setonatona sa Keresemose” gaufi le setshwantsho sa botsalo jwa ga Jesu.

A o fitlhela go utlwala gore moeteledipele wa bodumedi a ka dira gore ditiragalo le ditshwantsho tse di simologileng kwa boheitaneng jwa bogologolo di lebege e le tsa Bokeresete? Dikwalo di gakolola Bakeresete ba boammaaruri jaana ka tsela e e siameng e ba tshwanetseng go e tsaya: “Tshiamo le go tlhoka molao di na le bolekane bofe? Kgotsa lesedi le na le kabalano efe le lefifi?”—2 Bakorintha 6:14-17.

[Ditshwantsho mo go tsebe 8, 9]

Setlhare sa Keresemose (mo tsebeng e e kafa molemeng) le setshwantsho sa botsalo jwa ga Jesu kwa Vatican

[Motswedi wa Setshwantsho]

© 2003 BiblePlaces.com

[Setshwantsho mo go tsebe 9]

Modimo wa letsatsi

[Motswedi wa Setshwantsho]

Museum Wiesbaden