Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A o A Gakologelwa?

A o A Gakologelwa?

A o A Gakologelwa?

A o itumeletse go bala dimakasine tsa bosheng tsa Tora ya Tebelo? Bona gore a o ka kgona go araba dipotso tse di latelang:

• Ke ka ntlha yang fa “Tesetamente e Kgologolo” e na le mosola o o nnelang ruri?

Mokwadi wa yone ga se modimo mongwe o o setlhogo, mme ke Modimo yo o lorato, Jehofa. Jesu le balatedi ba gagwe ba bogologolo ba ne ba tswelela ba umaka Dikwalo tsa Sehebera. Di na le kgakololo e e mosola e e ka dirisiwang mo botshelong jwa letsatsi le letsatsi e bile di naya tsholofelo e e itumedisang ka isagwe.—9/1, tsebe 4-7.

• Go letla gore go fete nako fa e sale Adame le Efa ba leofa go thusitse ka eng?

Mo diketeng tseno tsa dingwaga, go ile ga bonala gore Satane ke moaki—Adame le Efa le dimilione tsa bana ba bone ba ile ba swa. Go feta ga nako go bontshitse gore batho ga ba tshele botoka fa ba sa ikobele Modimo le gore ga ba na tshwanelo e bile ga ba na bokgoni jwa go kaela dikgato tsa bone.—9/15, tsebe 6-7.

• Ke ka ntlha yang fa Jakobe a sa kgalelwa go itira e kete ke Esau?

Jakobe o ne a na le tshwanelo ya go segofadiwa ke rraagwe, ka gonne a ne a rekile botsalwapele mo go Esau. Fa Isake a lemoga gore o ne a segofaditse Jakobe, ga a ka a batla go fetola se a neng a setse a se dirile. Mme go bonala sentle gore ruri Modimo o ne a batla gore go segofadiwe Jakobe, ka gore e seng jalo o ka bo a ile a tsenelela ka tsela nngwe.—10/1, tsebe 31.

• Lebaka la go bo re na le segakolodi le ganetsa jang thuto ya gore batho ba tswa mo diphologolong?

Mo ditsong tsotlhe le mo merafeng yotlhe, batho ba ntse ba rata go thusana, tota le fa ba itsenya mo kotsing ka go dira jalo. Moya ono wa go thusa ba bangwe ka bopelotshweu o ne o ka se lebelelwe mo bathong fa batho e ka bo e le diphologolo fela tse di lekang go iphataphatela.—10/15, tsebe 20.

• Ke ka ntlha yang fa re ka re Modimo o boikokobetso, mme o bontsha nonofo eno jang?

E re ka Modimo e le Molaodimogolo e bile e le Mmopi, ga go na dilo tse a sa kgoneng go di dira, jaaka rona re na le dilo tse re sa kgoneng go di dira. Le fa go ntse jalo, go dumalana le 2 Samuele 22:36, Modimo o boikokobetso ka tsela ya gore o amega ka batho fela ba maemo a a kwa tlase ba ba lekang go mo itumedisa, a ba bontsha kutlwelobotlhoko. Go ntse jaaka e kete o ikisa kwa tlase gore a dirisane ka bopelonomi le batho ba ba boifang Modimo.—11/1, tsebe 4-5.

Dikapetla tsa dinkgo tsa bogologolo di tlhomamisa jang se Baebele e se buang?

Baithutamarope ba bone dikapetla tsa dinkgo tse di thubegileng kwa Samarea tse di nang le maina a ditso tse supa tse di umakiwang mo go Joshua 17:1-6. Dikapetla tsa dinkgo tsa bogologolo tsa kwa Arada di na le tshedimosetso e e tlhomamisang se se buiwang ka malapa a baperesiti e bile di na le leina la Modimo. Dikapetla tsa dinkgo tsa kwa Lakishe di naya tshedimosetso ka seemo sa dipolotiki le dikhuduego tsa mo Juda pele Bababelona ba tlhasela.—11/15, tsebe 12-14.

• Ke eng se se dirang gore re swetse ka gore Luke o kwadile buka ya Ditiro?

Efangele ya Luke le buka ya Ditiro tsa Baaposetoloi di kwaletswe Theofilo, mme seno se bontsha gore makwalo ano a kwadilwe ke Luke ka bobedi. Lebaka la go bo ditemana dingwe di dirisa maemedi “re” le “rona” le supa gore Luke o ne a le teng fa ditiragalo dingwe tse di tlhalositsweng di direga. (Ditiro 16:8-15) —11/15, tsebe 18.

• Mokeresete o tshwanetse a leba jang go tsoma le go tshwara ditlhapi?

Go simolola ka motlha wa ga Noa, Modimo o ne a letla batho go bolaya diphologolo le go di ja. Le fa go ntse jalo, lebaka la go bo ba ne ba tshwanetse go tsholola madi a tsone le bontsha gore botshelo jwa diphologolo bo tshwanetse go tlotliwa ka gonne bo tswa kwa Modimong. Bakeresete ga ba a tshwanela go bolaya diphologolo e le motshameko fela kana ba ijesa monate ka go di lelekisa le go di bolaya. Go botlhokwa go ikobela melao ya ga Kaesara le go akanyetsa digakolodi tsa ba bangwe. (Baroma 14:13)—12/1, tsebe 31.