Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A o Ipaakanyeditse Letsatsi la ga Jehofa?

A o Ipaakanyeditse Letsatsi la ga Jehofa?

A o Ipaakanyeditse Letsatsi la ga Jehofa?

“Letsatsi le legolo la ga Jehofa le gaufi. Le gaufi e bile le itlhaganela thata.”—SEFANIA 1:14.

1-3. (a) Baebele ya reng ka letsatsi la ga Jehofa? (b) Re lebane le “letsatsi [lefe] la ga Jehofa”?

LETSATSI le legolo la ga Jehofa ga se letsatsi la diura tse 24. Ke lobaka lo loleele lo ka lone Modimo a tlileng go atlhola baikepi. Batho ba ba sa rateng Modimo ba tshwanetse go boifa thata letsatsi leo la lefifi, tšhakgalo, bogale jo bo tukang, matshwenyego le kgakgabalo. (Isaia 13:9; Amose 5:18-20; Sefania 1:15) Boporofeti jwa ga Joele jwa re: “Ijoo, matlhotlhapelo mo letsatsing leo; ka gonne letsatsi la ga Jehofa le gaufi, mme le tla tla jaaka thopo e e tswang go Yo e leng Mothatayotlhe!” (Joele 1:15) Le fa go ntse jalo, mo letsatsing leo le legolo, Modimo o tla nna Mmoloki wa “ba ba pelo e thokgameng.”—Pesalema 7:10.

2 Polelwana e e reng “letsatsi la ga Jehofa” e kaya dinako tse di farologaneng tsa fa Modimo a diragatsa katlholo ya gagwe. Ka sekai, “letsatsi la ga Jehofa” le ne la wela baagi ba Jerusalema ka 607 B.C.E., fa Jehofa a ne a dirisa Bababelona go diragatsa katlholo ya gagwe mo go bone. (Sefania 1:4-7) Modimo o ne a dira se se tshwanang le ka 70 C.E. fa a ne a dirisa Baroma go diragatsa katlholo ya gagwe mo setšhabeng sa Bajuda ba ba ileng ba gana go amogela Morwawe. (Daniele 9:24-27; Johane 19:15) Gape Baebele e bolelela pele ka “letsatsi la ga Jehofa,” le ka lone a tla bong a ‘lwa le ditšhaba tsotlhe.’ (Sekarea 14:1-3) Moaposetoloi Paulo o ne a tlhotlhelediwa ke moya go amanya letsatsi leo le go nna gone ga ga Keresete mo go simologileng fa Jesu a ne a dirwa Kgosi kwa legodimong ka 1914. (2 Bathesalonika 2:1, 2) Ruri temana ya ngwaga ya Basupi ba ga Jehofa ya 2007 e a tshwanela, e re ka re na le bosupi jo bo tletseng jwa gore letsatsi la ga Jehofa le ntse le atamela ka potlako. E tserwe mo go Sefania 1:14, mme e balega jaana: “Letsatsi le legolo la ga Jehofa le gaufi.”

3 E re ka letsatsi le legolo la Modimo le ntse le atamela, jaanong ke nako ya gore o ipaakanye. O ka ipaakanyetsa letsatsi leo jang? A go na le dilo tse dingwe tse o tlhokang go di dira go ipaakanyetsa letsatsi la ga Jehofa?

Nna o Iketleeditse

4. Jesu o ne a ipaakanyetsa teko efe e kgolo?

4 Jesu Keresete o ne a raya barutwa ba gagwe jaana fa a ne a porofeta ka bokhutlo jwa tsamaiso eno ya dilo: “Itshupeng lo iketleeditse.” (Mathaio 24:44) Fa Jesu a ne a bua mafoko ao, ene ka boene o ne a ipaakanyeditse teko e kgolo ya go swa gore a nne setlhabelo sa thekololo. (Mathaio 20:28) Re ka ithuta eng mo tseleng e Jesu a neng a ipaakantse ka yone?

5, 6. (a) Go rata Modimo le batho go re thusa jang go ipaakanyetsa letsatsi la ga Jehofa? (b) Jesu o ne a re tlhomela sekai sefe sa go rata baagelani?

5 Jesu o ne a rata Jehofa le melao ya Gagwe ya tshiamo ka pelo yotlhe. Bahebera 1:9 e bua jaana ka Jesu: “O ratile tshiamo, mme wa tlhoa go tlhoka molao. Ke gone ka moo Modimo, Modimo wa gago, a neng a go tlotsa ka leokwane la boitumelo go gaisa balekane ba gago.” E re ka Jesu a ne a rata Rraagwe yo o kwa legodimong o ne a nna a ikanyega mo go ene. Le rona Modimo o tla re dibela fa re mo rata ka tsela eo mme re tshela kafa a batlang ka gone. (Pesalema 31:23) Go rata Jehofa jalo le go mo ikobela go tla re thusa gore re nne re iketleeleditse letsatsi la gagwe le legolo.

6 Sengwe sa botlhokwa se Jesu a neng a itsege ka sone e ne e le go rata batho. Eleruri o ne a “ba tlhomogela pelo, ka gonne ba ne ba sotlegile e bile ba gasame jaaka dinku tse di se nang modisa.” (Mathaio 9:36) Jesu o ne a rerela batho dikgang tse di molemo ka gonne a ba rata, fela jaaka le rona re tlhotlhelediwa ke lorato go bolelela baagelani ba rona molaetsa wa Bogosi. Go rata Modimo le baagelani ba rona go re tlhotlheletsa go nna badiredi ba ba tlhagafetseng ba Bakeresete mme ka jalo go re thusa go ipaakanyetsa letsatsi le legolo la ga Jehofa.—Mathaio 22:37-39.

7. Ke ka ntlha yang fa re ka nna le boipelo fa re ntse re letile letsatsi la ga Jehofa?

7 Jesu o ne a itumelela go dira thato ya ga Jehofa. (Pesalema 40:8) Le rona re tla ipelela go direla Modimo tirelo e e boitshepo fa re na le boikutlo jo bo ntseng jalo. Fela jaaka Jesu, re tla nna batho ba ba abang ka bopelotshweu, mme seno se tla dira gore re itumele tota. (Ditiro 20:35) Ee ruri, “boipelo jwa ga Jehofa ke kago ya [rona] e e thata.” Fa re na le boipelo joo, re tla kgona go ipaakanyetsa letsatsi le legolo la ga Jehofa sentle.—Nehemia 8:10.

8. Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go atamalana le Jehofa ka thapelo?

8 Go rapela Modimo ka tlhoafalo go ne ga thusa Jesu go ipaakanyetsa go lekwa tumelo. O ne a ntse a rapela fa Johane a mo kolobetsa. Jesu o ne a rapela bosigo jotlhe fa a ne a tlhopha baaposetoloi ba gagwe. (Luke 6:12-16) Mme mongwe le mongwe yo o balang Baebele o amega maikutlo thata fa a bala kafa Jesu a neng a rapela ka tlhoafalo ka gone mo bosigong jwa gagwe jwa bofelo a tshela mo lefatsheng. (Mareko 14:32-42; Johane 17:1-26) A o rapela ka metlha fela jaaka Jesu a ne a dira? Rapela Jehofa ka metlha mme o se ka wa rapela o itlhaganetse. Kopa kaelo ya moya o o boitshepo mme o nne bonako go amogela kaelo eo fa o e bona. Mo nakong eno e e thata ya fa letsatsi le legolo la Modimo le ntse le atamela ka potlako, go botlhokwa tota go nna le kamano e e nonofileng le Rraarona yo o kwa legodimong. Ka jalo, leka ka bojotlhe go atamalana thata le Jehofa ka thapelo.—Jakobe 4:8.

9. Go tshwenyega ka gore leina la ga Jehofa le itshepisiwe go botlhokwa go le kana kang?

9 Go tshwenyega ka gore leina le le boitshepo la ga Jehofa le itshepisiwe le gone go ne ga thusa Jesu gore a nne a ipaakanyeditse diteko tse a neng a lebana le tsone. Tota e bile o ne a ruta balatedi ba gagwe gore fa ba rapela Modimo ba tshwanetse go kopa jaana: “A leina la gago le itshepisiwe.” (Mathaio 6:9) Fa re eletsa tota gore leina la ga Jehofa le itshepisiwe, kana le tsewe le le boitshepo, re tla leka ka natla go se dire sepe fela se se tla dirang gore leina leo le kgobiwe. Mme fa re dira jalo, fa letsatsi le legolo la ga Jehofa le tla re tla bo re le ipaakanyeditse sentle.

A o Tlhoka go Dira Diphetogo Dingwe?

10. Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go sekaseka matshelo a rona?

10 Fa letsatsi la ga Jehofa le ka tla kamoso, a tota o tla bo o le ipaakanyeditse? Mongwe le mongwe wa rona o tshwanetse go sekaseka botshelo jwa gagwe go bona gore a o na le ditiro dingwe kana mekgwa e a tlhokang go e baakanya. E re ka botshelo jwa rona jwa gone jaanong bo le bokhutshwane e bile bo sa tlhomama, rotlhe re tshwanetse go nna re thantse semoyeng letsatsi le letsatsi. (Moreri 9:11, 12; Jakobe 4:13-15) Jaanong mma re sekasekeng dilo dingwe mo botshelong jwa rona tse re ka nnang ra tlhoka go di baakanya.

11. O ipeetse mokgele ofe wa go bala Baebele?

11 Ntlha nngwe ya botlhokwa ke go tsaya tsia kgakololo ya “motlhanka yo o boikanyego” ya go bala Baebele letsatsi le letsatsi. (Mathaio 24:45) Gongwe o ka ipeela mokgele wa gore ngwaga le ngwaga, o bale Baebele go tswa mo go Genesise go ya kwa go Tshenolo mme o iphe nako ya go tlhatlhanya ka se o se balang. Fa o bala dikgaolo di ka nna nnè ka letsatsi, o ka kgona go fetsa dikgaolo di le 1 189 tsa Baebele mo ngwageng o le mongwe fela. Mongwe le mongwe yo a neng a nna kgosi kwa Iseraele o ne a tshwanetse go bala Molao wa ga Jehofa “malatsi otlhe a botshelo jwa gagwe.” Go lebega Joshua le ene a ne a dira jalo. (Duteronome 17:14-20; Joshua 1:7, 8) A bo go le botlhokwa jang ne gore bagolwane ba phuthego ba bale Lefoko la Modimo letsatsi le letsatsi ka gonne seno se tla ba thusa go ruta “thuto e e itekanetseng”!—Tito 2:1.

12. Go itse gore letsatsi la ga Jehofa le atametse go tshwanetse ga go tlhotlheletsa go dira eng?

12 Go itse gore letsatsi la ga Jehofa le atametse go tshwanetse ga go tlhotlheletsa gore o nne teng ka metlha mo dipokanong tsa Bokeresete, o bo o nne le seabe ka botlalo mo go tsone. (Bahebera 10:24, 25) Go dira jalo go tla go thusa go tokafatsa bokgoni jwa gago jwa go nna mmoledi wa Bogosi yo o batlang go senka le go thusa ba ba nang le tshekamelo e e siameng ya go bona botshelo jo bo sa khutleng. (Ditiro 13:48) Gongwe o ka tlhagafala mo phuthegong ka ditsela tse dingwe gape, tse di jaaka go thusa bagodi le go kgothatsa basha. Ruri o tla itumela fa o ka dira jalo!

Kafa o Dirisanang ka Gone le ba Bangwe

13. Re ka ipotsa dipotso dife malebana le go apara botho jo bosha?

13 E re ka letsatsi la ga Jehofa le le gaufi, a o tlhoka go tswelela o leka ka natla go ‘apara botho jo bosha jo bo neng jwa bopiwa go ya ka go rata ga Modimo mo tshiamong ya boammaaruri le boikanyegi’? (Baefeso 4:20-24) Fa o ntse o lwela go nna le dinonofo tsa bomodimo, ba bangwe ba tla lemoga gore o ‘tsamaya ka moya wa Modimo’ e bile o bontsha leungo la one. (Bagalatia 5:16, 22-25) A go na le dilo dingwe tse di rileng tse wena le ba lelapa la gago lo di dirileng tse di bontshang gore lo apere botho jo bosha? (Bakolosa 3:9, 10) Ka sekai, a o itsiwe o le motho yo o direlang badumedi ka wena le batho ba bangwe ditiro tse di molemo? (Bagalatia 6:10) Go ithuta Baebele ka metlha go tla go thusa go nna le dinonofo tsa bomodimo tse di tla go thusang go ipaakanyetsa letsatsi la ga Jehofa.

14. Ke ka ntlha yang fa motho a tshwanetse go rapelela moya o o boitshepo fa a ntse a lwela go nna boikgapo?

14 Go tweng fa e le gore o motho yo o bogale mme o lemoga gore o tlhoka go nna boikgapo? Nonofo eo ke karolo ya leungo le moya o o boitshepo wa Modimo o ka go thusang gore o nne le lone. Ka jalo, rapelela moya o o boitshepo fela jaaka Jesu a ile a re: “Nnang lo kope, mme lo tla newa; nnang lo senke, mme lo tla bona; nnang lo kokote, mme lo tla bulelwa. . . . Fa lona, le mororo lo le boikepo, lo itse kafa lo ka nayang bana ba lona dimpho tse di molemo ka gone, a bo Rara yo o kwa legodimong bogolo jang a tla naya moya o o boitshepo ba ba mo kopang!”—Luke 11:9-13.

15. Ke eng se o tshwanetseng go se dira fa o na le kgotlhang le modumedi mmogo le wena?

15 A re re o na le kgotlhang le modumedi mmogo le wena. Fa go le jalo, leka ka natla go baakanya bothata, ka go dira jalo o tla bo o rotloetsa kagiso le kutlwano mo phuthegong. (Pesalema 133:1-3) Dirisa kgakololo ya ga Jesu e e mo go Mathaio 5:23, 24 kana e e mo go Mathaio 18:15-17. Fa e le gore o ntse o letla letsatsi le phirima o galefile, o se ka wa diega go rarabolola mathata. Gantsi go tlhokega fela gore o bo o ikemiseditse go itshwarela. Paulo o ne a re: “Nnang pelonomi mongwe go yo mongwe, lo le pelotlhomogi ka bonolo, lo itshwarelana lo gololesegile fela jaaka Modimo le ene a ne a lo itshwarela ka Keresete a gololesegile.”—Baefeso 4:25, 26, 32.

16. Bopelotlhomogi bo tshwanetse go bontshiwa ka ditsela dife mo lenyalong?

16 Batho ba ba nyalaneng ba tshwanetse go bontshana bopelotlhomogi mme ka dinako tse dingwe go ka tlhokega gore ba itshwarelane. Fa e le gore o tlhoka go oketsa tsela e o ratang molekane wa gago wa lenyalo ka yone le e o mmontshang bopelotlhomogi ka yone, leka ka natla go fitlhelela seo o thusiwa ke Modimo le Lefoko la gagwe. A go na le sengwe se o tlhokang go se dira go ikobela 1 Bakorintha 7:1-5, go tokafatsa kamano ya lona le go tila go sa ikanyege mo lenyalong? Ga go pelaelo gore eno ke karolo nngwe ya botshelo e e tlhokang gore monna le mosadi ba nne “pelotlhomogi ka bonolo.”

17. Ke dikgato dife tse motho a tshwanetseng go di tsaya fa a dirile boleo jo bo masisi?

17 Go tweng fa e le gore o dirile boleo bongwe jo bo masisi? Tsaya dikgato tse di tlhokegang go baakanya boemo joo ka bonako jo bo kgonegang. Dira bojotlhe go batla thuso ya bagolwane ba phuthego. Dithapelo le kgakololo ya bone di tla go thusa gore o nonofe semoyeng gape. (Jakobe 5:13-16) Rapela Jehofa o bontsha gore o a ikwatlhaya. Fa o sa dire jalo, o tla nna o ikutlwa o le molato e bile o tshwenngwa ke segakolodi. Dafide o ne a diragalelwa ke sone seo, mme o ne a ikutlwa a imologile tota fa a sena go ipolela boleo jwa gagwe mo go Jehofa! O ne a re: “Go itumela yo go tlhanoga ga gagwe go itshwaretsweng, yo boleo jwa gagwe bo bipilweng. Go itumela motho yo Jehofa a sa mmaleleng tlolo e le molato, le yo mo moyeng wa gagwe go se nang tsietso.” (Pesalema 32:1-5) Jehofa o itshwarela batho ba ba leofang mme ba bo ba ikwatlhaya tota.—Pesalema 103:8-14; Diane 28:13.

Ipoloke o se Karolo ya Lefatshe

18. O tshwanetse go leba lefatshe jang?

18 Ga go pelaelo gore o lebile pele kwa lefatsheng le lesha le le molemo le Rraarona yo o kwa legodimong a re solofeditseng lone. O leba jang lefatshe la batho ba ba boikepo ba ba tlhoboganeng le Modimo? Satane, yo e leng “mmusi wa lefatshe,” ga a ka a tshwara Jesu Keresete. (Johane 12:31; 14:30) Le wena o tshwanetse wa bo o sa batle gore Diabolo le lefatshe la gagwe ba go tshware, ka jalo tsaya tsiya mafoko ano a ga moaposetoloi Johane: “Lo se ka lwa bo lo rata lefatshe le fa e le dilo tse di mo lefatsheng.” Go botlhale go dira jalo ka gonne “lefatshe le a feta le keletso ya lone, mme yo o dirang thato ya Modimo o ntse ka bosaengkae.”—1 Johane 2:15-17.

19. Basha ba Bakeresete ba rotloediwa gore ba itlhomele mekgele e e ntseng jang?

19 A o thusa bana ba gago gore ba ‘ipoloke ba se na selabe se se tswang mo lefatsheng’? (Jakobe 1:27) Satane a ka rata go gogela bana ba gago fela jaaka motho a gogela tlhapi e a batlang go e tshwara. Ditlelapa tse di farologaneng mmogo le mekgatlho e mengwe di dira gore basha ba ikutlwe ba amogelesega mo lefatsheng la ga Satane. Mme batlhanka ba ga Jehofa bone ba setse ba le mo mokgatlhong o e leng one fela o tla falolang bokhutlo jwa tsamaiso eno e e boikepo ya dilo. Ka jalo basha ba Bakeresete ba tshwanetse go kgothadiwa gore ba nne “le mo gontsi go go dira mo tirong ya Morena.” (1 Bakorintha 15:58) Batsadi ba ba boifang Modimo ba tshwanetse go thusa bana ba bone gore ba itlhomele mekgele e e tla dirang gore ba tshele botshelo jo bo itumedisang le jo bo kgotsofatsang jo bo tlotlang Modimo mme bo ba thusa gore ba nne ba ipaakanyeditse letsatsi la ga Jehofa.

Leba ka Kwa ga Letsatsi le Legolo la ga Jehofa

20. Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go nna re akantse ka botshelo jo bo sa khutleng?

20 Fa o nna o akantse ka botshelo jo bo sa khutleng, o tla kgona go leta letsatsi la ga Jehofa ka thetebalo. (Jude 20, 21) E re ka o lebile pele kwa botshelong jo bo sa khutleng mo Paradaiseng, o na le tsholofelo ya go boa o nna le matlhagatlhaga a bosha le nako e ntsi ya go latelela mekgele e e siameng le go ithuta go le gontsi ka Jehofa. Tota o tla ithuta ka Modimo ka bosakhutleng ka gonne gone jaanong batho ba itse “dintlha fela tsa ditsela tsa gagwe.” (Jobe 26:14) Ruri eo ke tsholofelo e e itumedisang thata!

21, 22. O ka tlotla ka eng le batho ba ba tsositsweng mo baswing?

21 Kwa Paradaiseng, batho ba ba tsositsweng mo baswing ba tla re bolelela dilo dingwe tse re sa di itseng tse di diregileng mo nakong e e fetileng. Enoke o tla re tlhalosetsa gore o ne a bona kae bopelokgale jwa go bolelela batho ba ba boikepo molaetsa wa ga Jehofa. (Jude 14, 15) Noa ene o tla re tlotlela gore go ne go ntse jang go aga araka. Aborahame le Sara bone ba tla re anegela gore ba ne ba ikutlwa jang fa ba ne ba tshwanelwa ke go tlogela botshelo jwa manobonobo kwa Ure mme ba ya go nna mo ditenteng. Akanya fela Esethere a tlotla dintlha ka botlalo tsa kafa a neng a sireletsa batho ba gagabo ka gone ka go thibela leano le le bosula la ga Hamane. (Esethere 7:1-6) Jaanong akanya Jona a re bolelela gore go ne go ntse jang mo malatsing a le mararo a a neng a a fetsa a le mo mpeng ya tlhapi e kgolo mme o akanye le Johane Mokolobetsi a re tlhalosetsa gore o ne a ikutlwa jang fa a ne a kolobetsa Jesu. (Luke 3:21, 22; 7:28) Ruri go utlwa ka dilo tseno go tla bo go kgatlha tota!

22 Mo Pusong ya ga Keresete ya Dingwaga tse di Sekete, o ka nna wa nna le tshiamelo ya go thusa batho ba ba tsositsweng mo baswing gore ba nne le “e e leng kitso ya Modimo.” (Diane 2:1-6) Ruri go itumedisa tota gompieno go bona batho ba amogela kitso ya ga Jehofa Modimo ba bo ba tsaya kgato ka se ba se ithutang! Mme akanya fela ka boitumelo jo o tla nnang le jone ka nako eo fa Jehofa a segofatsa maiteko a o a dirang go ruta batho ba ba kileng ba tshela bogologolo mme ba anaanela se o se ba rutang!

23. Re tshwanetse go ikemisetsa go dira eng?

23 E re ka re sa itekanela, re ka se kgone go balolola masego otlhe a rona batho ba ga Jehofa re itumelelang one gone jaanong. (Pesalema 40:5) Re lebogela thata ditsela tse Modimo a di dirisang go re naya dijo tsa semoya. (Isaia 48:17, 18) Le fa maemo a rona e ka tswa e le afe, a re direleng Modimo tirelo e e boitshepo ka pelo yotlhe fa re ntse re letile letsatsi le legolo la ga Jehofa.

O ka Araba Jang?

• “Letsatsi la ga Jehofa” ke eng?

• O ka nna o ipaakanyeditse letsatsi la ga Jehofa jang?

• E re ka letsatsi le legolo la Modimo le atametse, ke diphetogo dife tse re ka nnang ra tshwanelwa ke go di dira?

• O lebile pele go dira eng fa letsatsi la ga Jehofa le fetile?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 12]

Jesu o ne a ipaakanyeditse diteko

[Setshwantsho mo go tsebe 15]

Ruri e tla bo e le tshiamelo go thusa batho ba ba tsositsweng mo baswing go itse Jehofa!