Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dintlhakgolo go Tswa mo Bukeng ya Malaki

Dintlhakgolo go Tswa mo Bukeng ya Malaki

Lefoko la ga Jehofa le a Tshela

Dintlhakgolo go Tswa mo Bukeng ya Malaki

GO SETSE go fetile dingwaga tse di fetang 70 fa e sale tempele e e agilweng sesha kwa Jerusalema e wediwa. Le fa go ntse jalo, fa nako e ntse e tsamaya, seemo sa bomoya sa Bajuda se ntse se ya kwa tlase fela thata. Le e leng baperesiti tota ba bosula. Ke mang yo o tla ba lemotshang ka seemo se tota ba leng mo go sone le go ba tsosolosa semoyeng? Jehofa o naya moporofeti Malaki tiro eno.

Buka ya bofelo ya Dikwalo Tsa Sehebera e e kwadilweng ke Malaki ka mokgwa o o maatla, e na le dipolelelopele tse di tlhotlheleditsweng ke Modimo. Go ela tlhoko lefoko la boporofeti la ga Malaki go ka re thusa go ipaakanyetsa “letsatsi le legolo le le le boitshegang la ga Jehofa,” fa tsamaiso ya jaanong e e boikepo ya dilo e fedisiwa.—Malaki 4:5.

BAPERESITI BA “DIRILE GORE BA BANTSI BA KGOTŠWE”

(Malaki 1:1–2:17)

Jehofa o tlhalosa tsela e a ikutlwang ka yone ka Baiseraele fa a re: “Ke lo ratile.” Mme baperesiti ba nyaditse leina la Modimo. Jang? “Ka go isa senkgwe se se kgotletsweng mo sebesong sa [gagwe]” le ka go isa “phologolo e e tlhotsang kgotsa e e bobolang” setlhabelo.—Malaki 1:2, 6-8.

Baperesiti ba “dirile gore ba bantsi ba kgotšwe mo molaong.” Batho ba “direlana ka boferefere.” Ba bangwe ba nyetse basadi ba e seng Bajuda. Ba bangwe ba diretse “mosadi wa bosha jwa [bone]” ka boferefere.—Malaki 2:8, 10, 11, 14-16.

Go Arabiwa Dipotso Tsa Dikwalo:

2:2—Jehofa o ne a “hutsa masego” a baperesiti ba batsuolodi jang? Modimo o ne a dira seno ka tsela ya gore masego a baperesiti bao ba neng ba a bolela a ne a tla nna phutso.

2:3—Go “gasa boloko” mo difatlhegong tsa baperesiti go ne go kaya eng? Go ya ka Molao, boloko jwa phologolo e e ntshiwang setlhabelo bo ne bo tshwanetse go ntshediwa kwa ntle ga bothibelelo le go fisiwa. (Lefitiko 16:27) Go gasa boloko mo difatlhegong tsa baperesiti go ne go raya gore Jehofa o ne a sa amogele ditlhabelo tseo le gore batho ba ba neng ba di ntsha ba ne ba mo ferosa sebete.

2:13—Sebeso sa ga Jehofa se ne se bipilwe ka dikeledi tsa bomang? Tseno e ne e le dikeledi tsa basadi ba ba neng ba tla mo lefelong le le boitshepo la tempele go tshololela Jehofa dipelo tsa bone. Ke eng se se neng se ba utlwisitse botlhoko thata jaana? Banna ba bone ba Bajuda ba ne ba ba tlhadile ka mabaka a a sa utlwaleng mme ba ba tlogetse, gongwe e le gore ba nyale basadi ba babotlana ba batswakwa.

Se re Ithutang Sone:

1:10. Jehofa o ne a sa itumedisiwe ke ditlhabelo tsa baperesiti ba ba pelotshetlha, ba ba neng ba batla gore ba duelelwe ditiro tse e seng tsa sepe, tse di jaaka go tswala dikgoro le go tshuba molelo wa sebeso. A bo go le botlhokwa jang ne gore ditiro tsa rona tsa kobamelo, go akaretsa le se re se dirang mo bodireding jwa Bokeresete, di se tlhotlhelediwe ke go rata madi, mme di tlhotlhelediwe ke go rata Modimo le moagelani!—Mathaio 22:37-39; 2 Bakorintha 11:7.

1:14; 2:17. Jehofa ga a beye boitimokanyo sebete.

2:7-9. Ba ba neilweng maikarabelo a go ruta mo phuthegong ba tshwanetse go tlhomamisa gore se ba se rutang se dumalana le Lefoko la Modimo—Dikwalo Tse di Boitshepo—le dikgatiso tsa “molebedi yo o boikanyego” tse di theilweng mo Baebeleng.—Luke 12:42; Jakobe 3:11.

2:10, 11. Jehofa o lebeletse gore baobamedi ba gagwe ba tseye masisi kgakololo ya go nyala “mo Moreneng fela.”—1 Bakorintha 7:39.

2:15, 16. Baobamedi ba boammaaruri ba tshwanetse go tlotla kgolagano ya bone ya lenyalo le mosadi wa bosha jwa bone.

‘MORENA WA BOAMMAARURI O TLA TLA MO TEMPELENG YA GAGWE’

(Malaki 3:1–4:6)

“Ka tshoganyetso go tla tla Morena wa boammaaruri [Jehofa Modimo] mo tempeleng ya Gagwe,” a na le “morongwa wa kgolagano [Jesu Keresete].” Modimo ‘o tla atamela batho ba gagwe gore a ba atlhole’ mme o tla nna mosupi yo o bofefo kgatlhanong le badirabosula botlhe. Mo godimo ga moo go tla kwalwa “buka ya kgakologelo,” e kwalelwa ba ba boifang Jehofa.—Malaki 3:1, 3, 5, 16.

Letsatsi le le “tukang jaaka leubelo” le tla tla le bo le kometsa baikepi botlhe. Pele letsatsi leo le tla, moporofeti o tla romelwa go “busetsa dipelo tsa borre kwa baneng ba basimane, le dipelo tsa bana ba basimane kwa go borre.”—Malaki 4:1, 5, 6.

Go Arabiwa Dipotso Tsa Dikwalo:

3:1-3—“Morena wa boammaaruri” le “morongwa wa kgolagano” ba ne ba tla leng mo tempeleng, mme ke mang yo o neng a romelwa kwa pele ga bone? Jehofa o ne a tla mo tempeleng ya gagwe le go e phepafatsa a dirisa moemedi wa gagwe ka Nisane 10, 33 C.E. Eno ke nako ya fa Jesu a ne a tsena mo tempeleng a bo a leleka bareki le barekisi. (Mareko 11:15) Seno se diragetse dingwaga di le tharo le sephatlo Jesu a sena go tlodiwa e le Kgosi e e Tlhophilweng. Ka tsela e e tshwanang, go lebega Jesu a ne a pata Jehofa go ya kwa tempeleng ya gagwe ya semoya dingwaga di le tharo le sephatlo a sena go bewa mo setulong sa bogosi go nna Kgosi kwa legodimong, mme o ne a fitlhela batho ba Modimo ba tlhoka go phepafadiwa. Mo lekgolong la ntlha la dingwaga, Johane Mokolobetsi o ne a rongwa gore a baakanyetse Bajuda go tla ga ga Jesu Keresete. Mo metlheng ya segompieno, morongwa o ne a romelwa go sa le gale go baakanyetsa Jehofa tsela ya go tla mo tempeleng ya gagwe ya semoya. Bogologolo ka bo1880, setlhopha sa baithuti ba Baebele se ne sa simolola go tshwarega ka tiro ya go ruta Baebele, go ruta batho ba ba peloephepa dithuto di le dintsi tsa boammaaruri jwa Baebele.

3:10—A go tlisa “ditsabosome tsotlhe” go raya go naya Jehofa sotlhe se re nang le sone? Molao wa ga Moshe o ne wa khutlisiwa ke loso lwa ga Jesu, ka jalo go ntsha madi a ditsabosome ga go sa tlhole go tlhokega mo kobamelong ya boammaaruri gompieno. Le fa go ntse jalo, go ntsha ditsabosome go tshwantshetsa sengwe. (Baefeso 2:15) Ga go reye go ntsha sotlhe se re nang le sone. Karolo ya lesome yone e ne e ntshiwa ngwaga le ngwaga, mme rona re neela Jehofa sotlhe se re nang le sone gangwe fela fela—fa re ineela mo go ene re bo re bontsha boineelo jwa rona ka go kolobediwa mo metsing. Go tloga ka nako eo go ya pele, sotlhe se re nang le sone ke sa ga Jehofa. Go ntse go le jalo, o re letla go itlhophela karolo ya se re nang le sone—ditsabosome tsa tshwantshetso—gore re e dirise mo kobamelong. Ditsabosome ke sengwe le sengwe se maemo a rona a re letlang go se dirisa le sengwe le sengwe se pelo ya rona e re tlhotlheletsang go se dirisa. Se re se ntshetsang Jehofa se akaretsa nako, nonofo, le dilo tse re di dirisang mo tirong ya go rera ka Bogosi le go dira barutwa. Gape se akaretsa go nna gone mo dipokanong tsa Bokeresete, go etela badumedi ka rona ba ba lwalang le ba ba godileng, le go tshegetsa kobamelo ya boammaaruri ka madi.

4:3—Baobamedi ba ga Jehofa ba tla “gataka baikepi” jang? Batho ba Modimo ba ba mo lefatsheng ga ba kitla ba “gataka baikepi” ka tlhamalalo, mo go rayang gore ga ba na go nna le seabe mo go tliseng katlholo ya gagwe mo go bone. Go na le moo, seno se bontsha gore batlhanka ba ga Jehofa ba mo lefatsheng ba tla dira jalo ka tsela ya tshwantshetso ka go kopanela ka pelo yotlhe mo moketeng wa phenyo o o tla latelang go senngwa ga lefatshe la ga Satane.—Pesalema 145:20; Tshenolo 20:1-3.

4:4—Ke eng fa re tshwanetse go ‘gakologelwa molao wa ga Moshe’? Bakeresete ga ba patelesege go latela Molao oo, mme e ne e le “moriti wa dilo tse di molemo tse di tla tlang.” (Bahebera 10:1) Ka gone, go ela tlhoko Molao wa ga Moshe go ka re thusa go lemoga kafa dilo tse di kwadilweng mo go one di diragadiwang ka teng. (Luke 24:44, 45) Mo godimo ga moo, Molao o na le “ditshwano tse di tshwanang tota le dilo tse di kwa magodimong.” Go o ithuta go ka re thusa thata gore re tlhaloganye dithuto le boitshwaro jwa Bokeresete.—Bahebera 9:23.

4:5, 6—“Elija moporofeti” o emela mang? Go bolelelwa pele gore “Elija” o tla dira tiro ya go tsosolosa, ya go baakanya dipelo tsa batho. Mo lekgolong la ntlha la dingwaga C.E., Jesu Keresete o ne a bitsa Johane Mokolobetsi a re ke “Elija.” (Mathaio 11:12-14; Mareko 9:11-13) Yo o mo emelang mo motlheng wa segompieno o romelwa “pele letsatsi le legolo le le le boitshegang la ga Jehofa le tla.” Gompieno Elija o emela “motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale.” (Mathaio 24:45) Setlhopha seno sa Bakeresete ba ba tloditsweng se ntse se dira ka natla go thusa batho go baakanya kamano ya bone le Modimo.

Se re Ithutang Sone:

3:10. Fa re sa direle Jehofa bojotlhe jwa rona, a ka se ka a re segofatsa.

3:14, 15. Ka ntlha ya sekao se se sa siamang sa baperesiti, Bajuda ba ne ba simolola go tseela kobamelo ya Modimo kwa tlase. Ba ba nang le maikarabelo mo phuthegong ya Bokeresete ba tshwanetse go tlhoma sekao.—1 Petere 5:1-3.

3:16. Jehofa ga a lebale batho ba ba mmoifang le ba ba ikanyegang mo go ene. O a ba gakologelwa e bile o tla ba boloka fa a fedisa lefatshe le le boikepo la ga Satane. Ka jalo, a ka metlha re nne re ikemiseditse go nna re ikanyega mo Modimong.—Jobe 27:5.

4:1. Ka letsatsi la go ikarabelela mo go Jehofa, “kala e kgolo” le “modi” di diragalelwa ke selo se se tshwanang—bana ba bannye ba atlholwa fela jaaka batsadi ba bone. A bo batsadi ba na le maikarabelo a magolo jang ne mo baneng ba bone ba babotlana! Borre le bomme ba Bakeresete ba tshwanetse go dira ka natla gore Modimo a ba amogele mme ba nne le kamano e e molemo le ene.—1 Bakorintha 7:14.

“Boifa Modimo wa Boammaaruri”

Ke bomang ba ba tla bolokwang mo ‘letsatsing le legolo le le le boitshegang la ga Jehofa’? (Malaki 4:5) Jehofa a re: “Lona ba lo boifang leina la me letsatsi la tshiamo le tla lo phatsimela, ka phodiso mo diphukeng tsa lone; mme tota lo tla tswa lo ya go tiba ka tlhako fa fatshe jaaka dinamane tse di nontshitsweng.”—Malaki 4:2.

“Letsatsi la tshiamo,” e leng Jesu Keresete, le phatsimela ba ba boifang leina la Modimo ka go mo tlotla, mme ba ipelela go amogelwa ke Jehofa. (Johane 8:12) Mo go bone, gape go na le “phodiso mo diphukeng tsa lone”—phodiso ya semoya gone jaanong le phodiso e e feletseng ya mo mmeleng, mo mogopolong, le mo maikutlong mo lefatsheng le lesha la Modimo. (Tshenolo 22:1, 2) Ba le matlhagatlhaga e bile ba itumetse, ba ntse “jaaka dinamane tse di nontshitsweng.” Fa re ntse re akantse ka masego ao, a re sekegeleng tsebe kgakololo eno ya ga Kgosi Solomone: “Boifa Modimo wa boammaaruri mme o boloke ditaelo tsa gagwe. Gonne seno ke tshwanelo yotlhe ya motho.”—Moreri 12:13.

[Setshwantsho mo go tsebe 26]

Moporofeti Malaki, motlhanka yo o tlhoafetseng le yo o ineetseng wa Modimo

[Setshwantsho mo go tsebe 29]

Se re se rutang se tshwanetse go dumalana le Baebele

[Setshwantsho mo go tsebe 29]

Batlhanka ba ga Jehofa ba tlotla kgolagano ya bone ya lenyalo