Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

“Emang lo Nitame Mme lo Bone Poloko ya ga Jehofa”

“Emang lo Nitame Mme lo Bone Poloko ya ga Jehofa”

“Emang lo Nitame Mme lo Bone Poloko ya ga Jehofa”

“Jehofa o kafa letlhakoreng la me; ga nkitla ke boifa. Motho wa mo lefatsheng a ka ntirang?”—PESALEMA 118:6.

1. Batho ba tlile go lebana le ditiragalo dife tse di boima?

MO METLHENG eno batho ba tla lebana le masetlapelo a magolo go feta le fa e le afe a a kileng a nna teng. Fa Jesu a ne a bolelela pele ka motlha wa rona, o ne a tlhagisa balatedi ba gagwe jaana: “Go tla nna le pitlagano e kgolo e e jaaka e e iseng e ko e nne fa e sale ka tshimologo ya lefatshe go fitlha jaanong, nnyaa, le gone e se kitla e nna gone gape. Tota e bile, fa malatsi ao a ne a sa khutshwafadiwa, go ka bo go se na nama epe e e tla bolokwang; mme ka ntlha ya ba ba tlhophilweng malatsi ao a tla khutshwafadiwa.”—Mathaio 24:21, 22.

2. Pitlagano e kgolo e thibetswe ke eng gore e se ka ya simolola?

2 Gone jaanong go na le baengele ba ba thibetseng pitlagano eo e kgolo, le fa gone re sa kgone go ba bona. Moaposetoloi Johane o ne a nna le tshiamelo ya go bona lebaka la go bo baengele bano ba thibela pitlagano e kgolo mo tshenolong e a neng a e newa ke Jesu. Moaposetoloi yono yo o godileng o ne a tlhalosa tiragalo eno jaana: “Ka bona baengele ba banè ba eme mo dikhutlong tse nnè tsa lefatshe, ba ngangatletse diphefo tse nnè tsa lefatshe . . . Mme ka bona moengele yo mongwe a tlhatloga kwa botlhabatsatsi, a na le lotshwao lwa Modimo yo o tshelang; mme a goela ka lentswe le le kwa godimo kwa baengeleng ba banè . . . ‘Lo se ka lwa gobatsa lefatshe kgotsa lewatle kgotsa ditlhare, go fitlha re fetsa go tshwaya batlhanka ba Modimo wa rona mo diphatleng.’”—Tshenolo 7:1-3.

3. Ke eng se se tla diregang pele ka nako ya pitlagano e kgolo?

3 Go tshwaiwa ga bofelo ga batlodiwa ba e leng “batlhanka ba Modimo wa rona” go tloga go wediwa. Baengele ba banè ba ipaakanyeditse go lesa diphefo tseo tse di senyang. Fa ba di lesa, ke eng se se tla diregang pele? Moengele mongwe o araba potso eo jaana: “Babelona motse o mogolo o tla piriganyediwa kwa tlase jalo a latlhelwa ka bofefo, mme ga a kitla a tlhola a bonwa gape.” (Tshenolo 18:21) Ruri go tla nna le boitumelo jo bogolo kwa legodimong fa seo se diragala, fa mmuso wa lefatshe wa bodumedi jwa maaka o senngwa!—Tshenolo 19:1, 2.

4. Ke ditiragalo dife tse di sa ntseng di tlile go direga?

4 Ditšhaba tsotlhe tsa lefatshe di tla bo di itirile seoposengwe kgatlhanong le batho ba ga Jehofa. A ditšhaba tseno di tla kgona go fedisa Bakeresete bao ba ba ikanyegang? Go ka nna ga lebega e kete di tla kgona. Mme ela tlhoko! Masomosomo a legodimo a a latelang Keresete Jesu a tla tlhomamisa gore ditšhaba tseno di a senngwa. (Tshenolo 19:19-21) Kgabagare, Diabolo le baengele ba gagwe ba tla latlhelwa mo moleteng o ba ka se kgoneng go dira sepe fa ba le mo go one. Ba ka se tlhole ba kgona go tsietsa batho ka gonne ba tla bo ba golegilwe ka dingwaga di le sekete. Ruri boidiidi jo bogolo jwa batho ba ba tla bong ba falotse bo tla itumela tota!—Tshenolo 7:9, 10, 14; 20:1-3.

5. Ke dilo dife tse di itumedisang tse di tla diragalelang batho ba ba nnang ba ikanyega mo go Jehofa?

5 Re tla tloga re bona ditiragalo tseno tse di molemolemo le tse di gakgamatsang di direga. Ditiragalo tseno tsotlhe di amana le go tlotlomadiwa ga tshwanelo ya ga Jehofa ya go busa lobopo lotlhe. Mme akanya ka seno: Fa re nna re ikanyega mo go Jehofa mme re emela bolaodi jwa gagwe re nitame, re tla nna le tshiamelo ya go thusa gore leina la ga Jehofa le itshepisiwe le gore boikaelelo jwa gagwe bo diragadiwe. A bo seo e tla nna boitumelo jo bogolo ruri!

6. Ka ntlha ya ditiragalo tse di tla tlogang di direga, re tla sekaseka eng?

6 A re ipaakanyeditse ditiragalo tseo tse di botlhokwa? A re a dumela gore Jehofa o na le maatla a go re boloka? A re tlhomamisegile gore o tla re thusa ka nako e e tshwanetseng le ka tsela e e molemolemo? Fa re araba dipotso tseo tse mongwe le mongwe wa rona a tshwanetseng go ipotsa tsone, re ka ikgopotsa se moaposetoloi Paulo a neng a se bolelela Bakeresete ka ene kwa Roma: “Dilo tsotlhe tse di neng tsa kwalwa go sa le pele di ne tsa kwalelwa go re laya, gore ka boitshoko jwa rona le ka kgomotso ya Dikwalo re nne le tsholofelo.” (Baroma 15:4) Sengwe sa dilo tse di kwaletsweng go re laya mme se re gomotsa le go re naya tsholofelo, ke pego ya se se diregileng fa Jehofa a ne a golola Baiseraele mo botshwarong jo bo setlhogo jwa bapatiki ba bone ba kwa Egepeto. Go sekaseka ka kelotlhoko ditiragalo tseo tse di kgatlhang tsa fa Jehofa a ne a laola dilo gore a boloke bana ba Iseraele go tshwanetse ga re kgothatsa thata fa re ntse re letetse pitlagano e kgolo e e ntseng e atamela ka bofefo.

Jehofa o Namola Batho ba Gagwe

7. Ka 1513 B.C.E., ke boemo bofe jo bo thata jo bo nnang gone kwa Egepeto?

7 Ke ngwaga wa 1513 B.C.E. Jehofa o setse a iteile Baegepeto ka dipetso di le robongwe. Morago ga petso ya borobongwe Faro o leleka Moshe ka mafega a re: “Tswa fa go nna! O itise! O se ka wa leka go tlhola o leba sefatlhego sa me, ka gonne ka letsatsi le o lebang sefatlhego sa me ka lone o tla swa.” Moshe o araba a re: “Go buile wena jalo. Ga nkitla ke tlhola ke leka go leba sefatlhego sa gago.”—Ekesodo 10:28, 29.

8. Baiseraele ba newa ditaelo dife gore ba falole, mme go felela ka eng?

8 Jaanong Jehofa o bolelela Moshe gore o tla itaya Faro le Baegepeto botlhe ka petso e nngwe gape, e e tla nnang yone ya bofelo. Ka di14 tsa kgwedi ya Abibe (Nisane), leitibolo la Moegepeto mongwe le mongwe le la phologolo nngwe le nngwe le tla swa. Mme malapa a Baiseraele one a ka tila go diragalelwa ke seno ka go latela ka kelotlhoko ditaelo tse Modimo a di neileng Moshe. Ba tshwanetse go kgatšha mangwe a madi a kwanyana e tonanyana mo mephakwaneng e mebedi le mo karolong e e fa godimo ya dikgoro tsa matlo a bone ba bo ba nna mo matlong ba sa tswele kwa ntle. Go direga eng mo bosigong joo? Moshe o tlhalosa jaana: “Ga diragala gore bosigogare Jehofa a iteye leitibolo lengwe le lengwe mo lefatsheng la Egepeto.” Faro o tsaya kgato ka yone nako eo. O bitsa Moshe le Arone a bo a ba raya a re: “Nanogang, tswang mo gare ga batho ba me, . . . mme lo tsamaye lo ye go direla Jehofa, fela jaaka lo boletse.” Ka yone nako eo fela Baiseraele ba a tsamaya, gongwe ba ka nna palo e e fetang dimilione tse tharo ba na le “batho ba bantsi ba ba kopakopaneng” ba e seng Baiseraele.—Ekesodo 12:1-7, 29, 31, 37, 38.

9. Modimo o ntsha Baiseraele mo Egepeto ka tsela efe, mme ka ntlha yang?

9 Tsela e e gaufi e Baiseraele ba ka e tsayang e fa thoko ga Lewatle la Mediterranean mme e ralala naga ya Bafilisitia. Mme naga eo ke ya baba ba bone. Ka gone, Jehofa o ba tsamaisa ka tsela e e ralalang naga ya Lewatle le Lehibidu, gongwe e le go thusa batho ba gagwe gore ba se ka ba tshwanelwa ke go lwa. Le fa batho ba ba tsereng mosepele ono ba le dimilione, ga se boidiidi jo bo tlhakatlhakaneng fela. Pego ya Baebele ya re: “Bomorwa Iseraele ba ne ba tswa mo lefatsheng la Egepeto ba tlhomagane kafa thulaganyong ya tlhabano.”—Ekesodo 13:17, 18.

‘Bonang Poloko ya ga Jehofa’

10. Ke ka ntlha yang fa Modimo a bolelela Baiseraele gore ba thibelele fa pele ga Pihahirothe?

10 Go tswa foo, go direga sengwe se se gakgamatsang. Jehofa o raya Moshe a re: “Bua le bomorwa Iseraele, gore ba boele morago ba ye go thibelela fa pele ga Pihahirothe fa gare ga Migedole le lewatle go lebagana le Baale-sefone.” Fa ba ntse ba latela ditaelo tseno, boidiidi jono jo bogolo bo iphitlhela bo gaeletswe fa gare ga dithaba le lotshitshi lwa Lewatle le Lehibidu. Ga go lebege go na le kgoro ya botso. Le fa go ntse jalo, Jehofa o itse se a se dirang. O raya Moshe a re: “Ruri ke tla letla pelo ya ga Faro gore e thatafale, mme o tla ba lelekisa mme ke tla iponela kgalalelo ka Faro le mephato yotlhe ya gagwe ya sesole; mme Baegepeto ba tla itse gore ke nna Jehofa.”—Ekesodo 14:1-4.

11. (a) Faro o tsaya kgato efe, mme Baiseraele ba itshwara jang? (b) Moshe o tsibogela jang go ngongorega ga Baiseraele?

11 E re ka Faro a akanya gore o dirile phoso ka go letla Baiseraele ba tswa mo Egepeto, o ba lelekisa ka dikara tsa ntwa tse di tlhophilweng di le 600. Fa Baiseraele ba bona masole a Baegepeto, ba a tshoga ba bo ba goela kwa go Moshe ba re: “A ke ka gonne ga go na mafelo a go fitlhela gotlhelele kwa Egepeto go bo o re tlisitse fano gore re tle go swela mo nageng?” Moshe o araba jaana a tlhomamisegile gore Jehofa o tla ba boloka: “Lo se ka lwa boifa. Emang lo nitame mme lo bone poloko ya ga Jehofa, e a tla e lo direlang gompieno. . . . Jehofa ka boene o tla lo tlhabanela, mme lona lo tla didimala fela.”—Ekesodo 14:5-14.

12. Jehofa o namola batho ba gagwe jang?

12 Fela jaaka Moshe a ne a boletse gore Jehofa ka boene o ne a tla tlhabanela Baiseraele, jaanong maatla a a fetang a motho a a tsenelela. Moengele wa ga Jehofa o dira ka kgakgamatso gore leru le le neng le ntse le eteletse Baiseraele pele le ba pote ka kwa morago. Leru leo le dira gore go nne lefifi ka fa Baegepetong, mme le bonesetsa Baiseraele. (Ekesodo 13:21, 22; 14:19, 20) Jaanong Moshe o otlololela seatla sa gagwe mo lewatleng jaaka a laetswe ke Modimo. Pego eno e tswelela pele jaana: “Jehofa a dira gore lewatle le boele morago ka phefo e e maatla ya botlhaba bosigo jotlhe . . . Labofelo bomorwa Iseraele ba kgabaganya mo gare ga lewatle mo lefatsheng le le omileng, fa metsi e ne e le lobota mo go bone kafa mojeng wa bone le kafa molemeng wa bone.” Baegepeto ba tswelela pele go ba lelekisa, mme Jehofa o eme batho ba gagwe nokeng. O tlhakatlhakanya bothibelelo jwa Baegepeto, a bo a raya Moshe a re: “Otlololela lewatle seatla, gore metsi a tle a boele mo Baegepetong, mo dikareng tsa bone tsa ntwa le mo bapalaming ba bone ba dipitse.” Masole a ga Faro a nyelediwa otlhe mo go sa saleng le fa e le le le lengwe fela!—Ekesodo 14:21-28; Pesalema 136:15.

Ithute mo Polokong ya Baiseraele

13. Bana ba Iseraele ba ne ba itshwara jang fa ba gololwa?

13 Tsela eno e e gakgamatsang e bafalodi ba ileng ba namolwa ka yone e ne ya ba ama jang? Ebu, Moshe le bana ba Iseraele ba ne ba tlhabeletsa pina ba baka Jehofa! Ba ne ba opela jaana: “Mma ke opelele Jehofa, gonne o goletsegile thata. . . . Jehofa o tla busa e le kgosi ka bosakhutleng, le ka bosaengkae.” (Ekesodo 15:1, 18) Ee, selo sa ntlha se ba neng ba se akanya e ne e le gore ba tlotlomatse Modimo. Tiragalo eo e ne e supile gore Jehofa ke Molaodimogolo.

14. (a) Re ka ithuta eng ka ga Jehofa mo go se se diragaletseng Baiseraele? (b) Temana ya ngwaga ya 2008 ya reng?

14 Ditiragalo tseno tse di kgatlhang di ka re laya, tsa re gomotsa le go re naya tsholofelo ka tsela efe? Ruri re kgona go bona gore Jehofa o iketleeleditse go thusa batho ba gagwe mo tekong le fa e le efe e ba lebanang le yone. A ka kgona go baakanya seemo le fa e le sefe se se ka ba tlhagelang. Lewatle le Lehibidu le ne le ka se kgoreletse Baiseraele fa Jehofa a ne a fokisa phefo eo e e maatla ya botlhaba. Mme o ne a kgona go dira gore lone Lewatle leo le Lehibidu le bolaye masole a ga Faro la bo la nna lebitla la bone. Fa re ntse re akantse ka seno, le rona re ka bua jaana jaaka mopesalema: “Jehofa o kafa letlhakoreng la me; ga nkitla ke boifa. Motho wa mo lefatsheng a ka ntirang?” (Pesalema 118:6) Re ka gomodiwa le ke mafoko a ga Paulo a a mo go Baroma 8:31: “Fa e le gore Modimo o kafa go rona, ke mang yo o tla nnang kgatlhanong le rona?” A bo mafoko ano a a tlhotlheleditsweng a re naya tsholofelo jang ne! A okobatsa poifo le dipelaelo dipe tse re ka tswang re na le tsone le go dira gore re nne le tsholofelo. Ka jalo, a bo temana ya rona ya ngwaga ya 2008 e tshwanela jang ne: “Emang lo nitame mme lo bone poloko ya ga Jehofa”!—Ekesodo 14:13.

15. Fa Baiseraele ba ne ba gololwa kwa Egepeto, go nna kutlo go ne go le botlhokwa go le kana kang, mme go botlhokwa go le kana kang gompieno?

15 Ke eng gape se re ka se ithutang mo ditiragalong tsa Khudugo ya Baiseraele fa ba ne ba tswa Egepeto? Re ithuta gore re tshwanetse go ikobela Jehofa mo go sengwe le sengwe se a re laelang gore re se dire. Baiseraele ba ne ba nna kutlo ka go dira sengwe le sengwe se a neng a se ba laetse go ipaakanyetsa Tlolaganyo. Ba ne ba bontsha kutlo mme ba nna fela ba sa tswe mo matlong mo bosigong jwa Nisane 14. Fa kgabagare ba tswa mo Egepeto, ba ne ba tshwanelwa ke go tsamaya “kafa thulaganyong ya tlhabano.” (Ekesodo 13:18) Gompieno, go botlhokwa fela thata gore re latele kaelo e re e newang ka “motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale”! (Mathaio 24:45) Re tshwanetse go reetsa ka kelotlhoko thata fa lefoko la Modimo kwa morago ga rona le re: “‘Tsela ke e. Tsamayang ka yone,’ fa go direga gore lo ye kafa mojeng kgotsa go direga gore lo ye kafa molemeng.” (Isaia 30:21) Fa re ntse re atamela tshimologo ya pitlagano e kgolo, go ka direga tota gore re newe ditaelo tse di tlhalosang sengwe le sengwe se re tshwanetseng go se dira. Re ka kgona go tsamaya ka pabalesego mo metlheng eo e e boima fa re nna re tsamaisana le batlhanka ba bangwe ba ba ikanyegang ba ga Jehofa.

16. Tsela e Modimo a neng a laola dilo ka yone gore a golole Baiseraele e ka re ruta eng?

16 Gape gakologelwa gore, Jehofa o ne a faposetsa Baiseraele mo seemong se mo go sone ba neng ba lebega ba se na kgoro ya botso, ba le fa gare ga dithaba le Lewatle le Lehibidu. Ruri kgato eo e ne e lebega e sa siama. Mme gone Jehofa o ne a itse se a se dirang, ka jalo dilo tsotlhe di ne tsa tsamaya sentle ga ba ga felela ka gore a bakwe le gore batho ba gagwe ba bolokwe. Gompieno re ka tswa re sa tlhaloganye gore ke ka ntlha yang fa dilo dingwe di dirwa ka tsela e e rileng mo phuthegong, mme tota re ka ikanya kaelo ya ga Jehofa e a re nayang yone a dirisa thulaganyo ya gagwe e e ikanyegang ya go re naya tshedimosetso. Ka dinako dingwe go ka lebega e kete baba ba rona ba a fenya. E re ka re sa kgone go bona sengwe le sengwe, re ka nna ra se ka ra kgona go bona mabaka otlhe a kgang. Le fa go ntse jalo, Jehofa a ka kgona go laola dilo ka nako e e tshwanetseng, fela jaaka a dirile ka bana ba Iseraele bogologolo.—Diane 3:5.

Ikanye Jehofa

17. Ke ka ntlha yang fa re ka ikanya kaelo ya Modimo ka botlalo?

17 Akanya fela kafa Baiseraele ba tshwanetseng ba bo ba ile ba ikutlwa ba ikanya Jehofa thata ka teng fa ba akanya ka pilara ele ya leru motshegare le pilara ya molelo bosigo. E ne e le bosupi jwa gore “moengele wa Modimo wa boammaaruri” o ne a kaela mosepele wa bone. (Ekesodo 13:21, 22; 14:19) Gompieno re ka ikanya gore Jehofa o ema batho ba gagwe nokeng go ba kaela, go ba sireletsa le go ba golola. Re ka tsaya tsia tsholofetso eno: “[Jehofa] ga a na go tlogela batho ba gagwe ba ba ikanyegang. Ba tla disiwa ka bosakhutleng.” (Pesalema 37:28) A le ka motlha re se lebale baengele bao ba ba maatla ba ba thusang batlhanka ba Modimo gompieno. E re ka ba re eme nokeng, re ka ‘ema re nitame mme ra bona poloko ya ga Jehofa.’—Ekesodo 14:13.

18. Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go ‘apara diaparo tse di feletseng tsa tlhabano tse di tswang kwa Modimong’?

18 Ke eng se se tla re thusang rotlhe gore re ‘eme re nitame’ mo tseleng ya boammaaruri? Ke go apara diaparo tsa tlhabano tsa semoya tse Paulo a di tlhalositseng mo lekwalong le a le kwaletseng Baefeso. Ela tlhoko gore moaposetoloi o re gakolola gore re ‘apare diaparo tse di feletseng tsa tlhabano tse di tswang kwa Modimong.’ A re apere dikarolo tsotlhe tsa diaparo tseno tsa tlhabano tsa semoya? Mo ngwageng wa 2008, go ka nna molemo gore mongwe le mongwe wa rona a itshekatsheke go tlhomamisa gore o apere karolo nngwe le nngwe ya diaparo tseo tsa phemelo sentle. Mmaba wa rona, Satane Diabolo, o itse makoa a rona, mme o leka go re tlhasela re sa lebelela kgotsa go re tlhasela fa re leng bokoa gone. “Re lwa” le mephato ya meya e e boikepo. Le fa go ntse jalo, ka thuso ya ga Jehofa re ka kgona go fenya!—Baefeso 6:11-18; Diane 27:11.

19. Fa re itshoka, re ka nna le tshiamelo ya go dira eng?

19 Jesu o ne a raya balatedi ba gagwe a re: “Lo tla bona meya ya lona ka go itshoka ga lona.” (Luke 21:19) E kete re ka nna bangwe ba batho ba ba itshokelang ka boikanyegi mathata ape a ba kopanang le one mme ka jalo re nne le tshiamelo ya gore ka bopelonomi jo bo sa re tshwanelang jwa Modimo re ‘eme re nitame mme re bone poloko ya ga Jehofa.’

O ka Araba Jang?

• Ke ditiragalo dife tse di kgatlhang tse di tla tlogang di diragala?

• Jehofa o ne a bontsha maatla a gagwe a a bolokang jang ka 1513 B.C.E.?

• O ikemiseditse go dira eng mo isagweng?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Mafoko a a mo go tsebe 20]

Temana ya ngwaga ya 2008 e tla bo e re: “Emang lo nitame mme lo bone poloko ya ga Jehofa.”—Ekesodo 14:13.

[Setshwantsho mo go tsebe 17]

“Dilo tsotlhe tse di neng tsa kwalwa go sa le pele di ne tsa kwalelwa go re laya”

[Setshwantsho mo go tsebe 18]

Bopeloethata jwa ga Faro bo ne jwa tlisetsa Egepeto masetlapelo

[Setshwantsho mo go tsebe 19]

Baiseraele ba ne ba falola fa ba ne ba dira sengwe le sengwe se Jehofa a neng a se ba laetse