Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Bontsha Bopelotlhomogi mo Lefatsheng le le Setlhogo

Go Bontsha Bopelotlhomogi mo Lefatsheng le le Setlhogo

Go Bontsha Bopelotlhomogi mo Lefatsheng le le Setlhogo

MONNA mongwe kwa Burundi o gateletswe ke bolwetse jwa malaria. O tlhoka go potlakisediwa kwa bookelong. Mme o tla isiwa ka eng? Ga go na koloi e e ka mo isang. Ditsala tsa gagwe tse pedi di mo tswa thuso. Ba mo pega mo baesekeleng ba bo ba fetsa diura di le tlhano ba dira tiro e e lapisang ya go mo kgorometsa mo lefelong le le tletseng dithaba. Ba mo pega mo beseng e e tla mo isang kwa bookelong jo bo gaufi. Morago ga malatsi a sekae, monna yono o botoka fela thata.

Kwa ntlheng e nngwe ya lefatshe, morago ga gore Kgwanyape e e neng e bidiwa Katrina e ripitle kgaolo ya Gulf kwa United States ka August 2005, setlhopha sa baithaopi se ne sa bona ntlo e e neng e phutlhamisitswe ke ditlhare tse di oleng. Baithaopi bano, ba ba neng ba sa itse mong wa ntlo eo, ba ne ba tsaya letsatsi lotlhe ba tlosa ditlhare tse di oleng le malele ka disaga. Mong wa ntlo o ne a re: “Ke feletswe ke mafoko, ga ke itse gore ruri nka leboga [batho] bano jang.”

Dipego tsa dikgang tse di feteleditsweng di bua thata ka ditiro tsa bosetlhogo. Ditiro tse batho ba di dirang letsatsi le letsatsi tsa go bontsha bopelotlhomogi gantsi di sirwa ke dipego tseno tse di maswe. Le fa go ntse jalo, seno ga se fetole boammaaruri jwa gore batho gongwe le gongwe ba tlhoka thata go bontshiwa lorato le go utlwelwa botlhoko. Re tlhoka go tlhomogelwa pelo! Batho ba ka tswa ba ikutlwa jalo bogolo jang fa e le paka ya Keresemose, e mo go yone batho ba bantsi ba buang kana ba opelang ka ‘kagiso le go direla ba bangwe molemo.’—Luke 2:14, King James Version.

Ga go motlhofo go nna pelotlhomogi mo lefatsheng le le se nang lorato le le le seng botsalano. Batho ba bantsi ba dumela gore go nna setlhogo le go se kgathalele ba bangwe ke gone go dirang gore motho a atlege. Go lebega batho ba bantsi ba tshela ka tumelo ya gore go botoka go nna setlhogo go na le go nna pelotlhomogi. Bopelotshetlha le go itseela kwa godimo thata ga batho ke gone mo go dirang gore batho ba se ka ba nna pelotlhomogi.

Ka ntlha ya seo, batho ba bantsi ba ipaya kwa pele, ba sa kgathalele maikutlo a batho ba bangwe kana dilo tse ba di tlhokang. Gantsi batho ba e leng bagaka mo go tsa metshameko le mo go tsa boitlosobodutu ba bontshiwa e le “bannatia” (badipa) ba ba sa kgathaleleng ba bangwe. Baeteledipele bangwe ba dipolotiki le bone ba itshwara jalo.

Ka jalo, go molemo gore re ipotse jaana: Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go nna pelotlhomogi? A go nna pelotlhomogi go tlhotlheletsa batho go dira molemo? Mme ke eng se se ka re thusang go bontsha bopelotlhomogi? Setlhogo se se latelang se tla araba dipotso tseno.

[Lebokoso mo go tsebe 3]

•A fa motho a le pelotlhomogi o a bo a le bokoa?

•A motho yo o pelotlhomogi o na le tlhotlheletso e e molemo mo bathong ba bangwe?

•O ka bontsha bopelotlhomogi ka ditsela dife?