Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

“Mpho ya Gago e e Botlhokwa Thata”

“Mpho ya Gago e e Botlhokwa Thata”

“Mpho ya Gago e e Botlhokwa Thata”

TONAKGOLO ya pele ya Belgium e ne ya tlhalosa jalo buka ya Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela. * Moagelani wa gagwe o ne a mo etela, mme radipolotiki yono o ne a amogela khopi ya buka eno. Moragonyana, o ne a kwala lekwalo leno la tebogo: “Ketelo ya gago e nkamile thata, mme se ke se itumeletseng le go feta ke mpho ya gago e e botlhokwa thata: buka e e buang ka ‘Monna yo Mogolo go Gaisa Botlhe.’”

Tonakgolo eno ya pele e ne ya sekaseka buka eno e bo e konela jaana: “Fa batho ba ka bo ba kgatlhegela molaetsa wa Efangele le go dirisa melaometheo ya ga Jesu Keresete, lefatshe le ka bo le sa nna jaaka le ntse gompieno. Re ne re ka se tlhoke Lekgotla la Tshireletsego; e bile go ne go ka se nne le ditlhaselo tsa dirukhutlhi, le tirisodikgoka e ne e tla thibelwa mo lefatsheng.” Le mororo a ne a dumela gore seno e ne e le keletso fela, o ne a bontsha gore o tlotla kgato e e siameng e e tserweng ke moagelani wa gagwe.

Lekwalo le ne la tswelela jaana: “O mo setlhopheng sa batho ba ba molemo ba ba tlhokang go akgolwa, ba ba sa nneng ba solofetse dilo tse di molemo fela kana ba ba itlhobogileng, mme lo batho ba ba dumelang gore go tshwanetse ga tsewa kgato go tokafatsa seemo sa batho le dilo.”

Basupi ba ga Jehofa ba dumela gore go tsaya kgato ga Modimo, e seng maiteko a batho fela, kgabagare go tla tlisa maemo a a botoka mo lefatsheng. Ba leka go etsa monna yo mogolo go gaisa botlhe, e bong Jesu Keresete. A Basupi ba ga Jehofa ba ne ba go etetse bosheng jaana? O ne o tla itumelela go tlotla le bone ka monna yo mogolo go gaisa botlhe ba ba kileng ba tshela. Mme ba ne ba tla itumelela go go abela buka eno e e kgatlhileng tonakgolo eno ya pele thata jaana.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 2 E gatisitswe ke Basupi ba ga Jehofa.