Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Nnang “Pelotlhomogi ka Bonolo”

Nnang “Pelotlhomogi ka Bonolo”

Nnang “Pelotlhomogi ka Bonolo”

GA GO ise go ke go tsamaye go direge gore batho ba bantsi thata jaana ba tlhoke go thusiwa ka bopelotlhomogi ka gonne ba lebane le leuba, bolwetse, lehuma, bokebekwa, ntwa le masetlapelo a tlholego. Go nna pelotlhomogi ke go utlwela motho yo mongwe botlhoko ka gonne o mmona a boga e bile o eletsa go fedisa pogo ya gagwe. Jaaka metsi a a tsididi mo letsatsing le le mogote, go nna pelotlhomogi go ka gomotsa motho yo o tshwenyegileng, ga okobatsa botlhoko jo a bo utlwang mme ga mo kgothatsa.

Re ka bontsha bopelotlhomogi ka se re se dirang le ka se re se buang—ka go kgathalela ba bangwe le go ba ema nokeng fa ba re tlhoka. Ga re a tshwanela go nna pelotlhomogi fela mo go ba malapa a rona, mo ditsaleng tsa rona le mo bathong ba re ba tlwaetseng. Re ka amega le ka batho ba re sa ba itseng. Jesu Keresete o ne a botsa jaana mo Therong ya gagwe ya kwa Thabeng: “Fa lo rata ba ba lo ratang, lo na le maduo afe?” Monna yono yo o pelotlhomogi gape o ne a re: “Jalo, dilo tsotlhe tse lo batlang batho ba di lo direla, le lona lo tshwanetse go di ba direla ka tsela e e tshwanang.”—Mathaio 5:46, 47; 7:12.

O ka bala mafoko ao mo Dikwalong Tse di Boitshepo. Batho ba bantsi ba dumela gore Baebele ke yone kaelo e e molemolemo fa go tliwa mo kgannyeng ya go bontsha bopelotlhomogi. Kgapetsakgapetsa Baebele e tlhalosa gore re na le maikarabelo a go thusa batho ba ba sa kgoneng go itirela sepe ka mabaka le fa e ka nna afe. Baebele ya re Mokwadi wa yone le Mmopi wa rona, Jehofa Modimo, ke ene sekao se segolo thata sa go bontsha bopelotlhomogi.

Ka sekai, go kwadilwe jaana: “[Modimo] o sireletsa ditshwanelo tsa dikhutsana le batlholagadi. O kgathalela batswakwa mme o ba naya dijo le diaparo.” (Duteronome 10:18, Contemporary English Version) Jehofa Modimo o tlhalosiwa e le yo o “atlholelang ba ba tsieditsweng, ene Yo o nayang ba ba tshwerweng ke tlala senkgwe.” (Pesalema 146:7) Modimo o ne a laela jaana ka bafaladi ba ba tlhokang: “Moagi wa moeng . . . o tshwanetse go nna jaaka motho wa mo lefatsheng la ga lona; mme o mo rate jaaka o ithata.”—Lefitiko 19:34.

Le fa go ntse jalo, ga se ka metlha go leng motlhofo go bontsha bopelotlhomogi. Moaposetoloi Paulo o ne a kwalela Bakeresete ba kwa Kolosa jaana: “Apolang botho jo bogologolo le ditlwaelo tsa jone, mme lo apare botho jo bosha, jo bo ntšhafadiwang ka kitso ya boammaaruri go ya ka setshwano sa Ene yo o neng a bo bopa . . . Jaaka ba ba tlhophilweng ba Modimo, ba ba boitshepo le ba ba ratwang, aparang lorato lwa bopelotlhomogi.”—Bakolosa 3:9, 10, 12.

Ka jalo, go tlhokega maiteko gore motho a nne pelotlhomogi. Boikutlo jono ke karolo ya “botho jo bosha” jo go lebeletsweng gore Bakeresete ba bo apare. Paulo o ne a nna mo lefelong la batho ba ba setlhogo ba kwa Roma wa bogologolo. O ne a kgothaletsa badumedimmogo le ene gore ba dire diphetogo tse dikgolo mo bothong jwa bone gore ba tokafatse tsela e ba bontshang kutlwelobotlhoko le bopelotlhomogi ka yone.

Matswela a a Molemo a go Nna Pelotlhomogi

Batho bangwe ba tsaya gore batho ba ba pelotlhomogi ba bokoa. A mme gone go ntse jalo tota?

Le e seng! Motho o tlhotlhelediwa ke go nna le lorato lo logolo gore a nne pelotlhomogi, mme lorato loo lo tswa kwa Modimong, yo e leng lorato ka boene. “Modimo ke lorato.” (1 Johane 4:16) Go a tshwanela go bo Jehofa a bidiwa “Rara wa mautlwelobotlhoko a manana le Modimo wa kgomotso yotlhe.” (2 Bakorintha 1:3) Mafoko a a reng “mautlwelobotlhoko a manana” a raya “go utlwela ba bangwe botlhoko, go ba tlhomogela pelo fa ba le mo matshwenyegong.” Eleruri Jehofa “o pelonomi mo go ba ba sa lebogeng le ba ba boikepo”!—Luke 6:35.

Mmopi wa rona o batla gore le rona re bontshe dinonofo tse di molemo, tse di jaaka go nna pelotlhomogi. Mika 6:8 ya re: “O go boleletse se se molemo, wena motho wa mo lefatsheng. Mme Jehofa o kopa eng mo go wena fa e se gore o dire tshiamiso le go rata bopelonomi?” Diane 19:22 yone ya re: “Selo se se eletsegang mo mothong wa mo lefatsheng ke bopelonomi jwa gagwe jwa lorato.” Morwa Modimo, Jesu Keresete, yo o neng a etsa botho jwa ga Rraagwe ka botlalo, o ne a kgothatsa balatedi ba gagwe ka tsela e e tshwanang, a re: “Tswelelang lo le kutlwelobotlhoko, fela jaaka Rraalona a le kutlwelobotlhoko.” (Luke 6:36) The Jerusalem Bible yone e baya kgakololo eno jaana: “Tswelelang lo le pelotlhomogi, fela jaaka Rraalona a le pelotlhomogi.”

Re na le mabaka a a utlwalang a go nna pelotlhomogi, ka gonne go nna pelotlhomogi go ka re kgotsofatsa tota. Gantsi re bona kafa mafoko a a kwadilweng mo go Diane 11:17 a leng boammaaruri ka teng: “Motho wa bopelonomi jwa lorato o direla moya wa gagwe ka tsela e e duelang.” Fa re tlhomogela mongwe yo o tlhokang pelo, Modimo o tsaya re direla Ene. O rwala maikarabelo a go duela baobamedi ba gagwe ka bopelonomi fa ba bontsha bopelotlhomogi. Kgosi Solomone o ne a tlhotlhelediwa go bua jaana: “Yo o utlwelang motho wa maemo a a kwa tlase botlhoko o adima Jehofa, mme O tla duela tsela e a neng a mo tshwere ka yone.” (Diane 19:17) Mme Paulo o ne a re: “Lo a itse gore mongwe le mongwe, le fa e le molemo ofe o a ka o dirang, o tla o amogela gape go tswa kwa go Jehofa.”—Baefeso 6:8.

Go nna pelotlhomogi go dira gore go nne go na le kagiso. Go thusa go rarabolola dikgotlhang mme go dira gore motho a kgone go itshwarela. Dikgotlhang di ka nna teng ka gonne ga se ka metlha re kgonang go itlhalosa kana go ntsha maikutlo a rona jaaka re ne re ka rata, kgotsa ka gonne ba bangwe ba leba dilo tse re di dirang ka tsela e e seng yone. Mo maemong a a ntseng jalo go nna pelotlhomogi go thusa go rarabolola bothata le go dira gore go nne le kagiso. Go motlhofo go itshwarela motho yo o itsegeng a le pelotlhomogi. Go nna pelotlhomogi go re thusa go dirisa kgakololo e Paulo a e nayang Bakeresete: “Tswelelang lo itshokelana e bile lo itshwarelana lo gololesegile fa mongwe a na le lebaka la go ngongorega ka yo mongwe.”—Bakolosa 3:13.

Go Bontsha Bopelotlhomogi ka Ditiro

Gape go nna pelotlhomogi go ka fedisa pogo. Jaaka re setse re bone, go nna pelotlhomogi ke go utlwela batho ba ba tshwenyegileng botlhoko mme go dira gore re boge le ba ba bogang. Go nna pelotlhomogi go akaretsa go akanyetsa batho ba ba mo mathateng le go dira sengwe go ba thusa.

Bakeresete ba etsa Jesu fa ba nna pelotlhomogi. Ka metlha Jesu o ne a ipha nako ya go thusa ba bangwe ka dilo tse ba di tlhokang mo nameng le ka dikgang tsa bomodimo. Fa a ne a lemoga gore batho ba tlhoka sengwe, o ne a ba thusa ka bopelotlhomogi.

Ela tlhoko se Jesu a ileng a se dira fa a ne a bona boidiidi jwa batho ba ba neng ba tlhoka semoyeng: “Fa a bona boidiidi a utlwa a ba tlhomogela pelo, ka gonne ba ne ba sotlegile e bile ba gasame jaaka dinku tse di se nang modisa.” (Mathaio 9:36) Moithuti mongwe wa Baebele a re lefoko le le dirisitsweng fano e le go “tlhomogela pelo” le kaya “boikutlo jo bo tlhotlheletsang motho go dira se a se utlwang kwa teng.” Tota e bile, lefoko leno le tsewa e le lengwe la mafoko a a nonofileng go feta a mangwe otlhe mo Segerikeng le le dirisiwang go tlhalosa boikutlo jwa bopelotlhomogi.

Ka tsela e e tshwanang, Bakeresete ba ba pelotlhomogi ba potlakela go thusa ba bangwe ka go ba naya dilo tsa nama le tsa semoya tse ba di tlhokang. Moaposetoloi Petere o ne a re: “Nnang le mogopolo o o tshwanang lotlhe, lo bontshe go utlwela ba bangwe botlhoko, lo na le lorato lwa bokaulengwe, lo le pelotlhomogi ka bonolo.” (1 Petere 3:8) Ka sekai, fa lelapa lengwe la Bakeresete ba ba tlhokang le ne le tshwanelwa ke go fudugela kwa lefelong le sele ka ntlha ya mathata a botsogo, badumedimmogo le bone koo ba ne ba ba letla go nna mo ntlong ba sa duele ka dikgwedi di le thataro. Rre wa lelapa leo a re: “Ba ne ba tla letsatsi le letsatsi ba tla go tlhola gore re tsogile jang, mme mafoko a bone a a kgothatsang a ne a dira gore re ikutlwe re amogelesegile.”

Gape Bakeresete ba boammaaruri ba amega ka batho ba ba sa ba itseng. Ba itumelela go dirisa nako, maatla, madi le dithoto tsa bone go thusa batho ba ba sa ba itseng. Baithaopi ba ba umakilweng mo setlhogong se se fetileng ba ba neng ba thusa batho ba ba sa ba itseng gotlhelele, e ne e le Basupi ba ga Jehofa.

Ka jalo, phuthego ya Bokeresete e tletse ka moya wa go nna pelotlhomogi le bopelonomi jwa lorato. Maloko a phuthego a tlhotlhelediwa ke lorato go tlhagafalela go batla ditsela tse ba ka thusang ba bangwe ka tsone. Masiela le batlholagadi mo phuthegong ba ka tswa ba tlhoka gore o ba utlwele botlhoko le go ba tlhomogela pelo ka gonne ba na le mathata a a farologaneng. A o ka ba thusa go itshokela lehuma, go lebana le bothata jwa go tlhoka kalafi e e siameng, go tlhoka bonno jo bo siameng kana mathata ape a mangwe a ba nang le one?

Akanya ka banyalani bangwe ba kwa Gerika. Monna o ne a tshwarwa ke seterouku. Ene le mosadi wa gagwe ba ne ba isiwa kwa bookelong jo bo kgakala. Le fa go ntse jalo, ba ne ba ka bona madinyana fela fa ba robile dinamune mo tshingwaneng ya bone ya maungo. Ke mang yo o neng a tla roba fa ba le kwa bookelong? Maloko a phuthego a ne a ba thusa. Ba ne ba roba dinamune ba bo ba di rekisa, mme ka go dira jalo ba naya banyalani bao ba batlhoki madi a go itshedisa, mme seo sa dira gore ba nne le kagiso ya mogopolo.

Bopelotlhomogi bo ka bontshiwa ka ditsela tse dintsi. Ka sekai, Bakeresete ba ba pelotlhomogi ba lemoga gore ka dinako tse dingwe selo sa botlhokwa se batho ba ba bogang ba se tlhokang ke go etelwa ke batho ba ba tla ba reetsang ka kutlwelobotlhoko, ba ba tlhomogela pelo, mme ba ba kgothatsa ka ditemana tsa Baebele.—Baroma 12:15.

Itumelele go Nna le Batho ba ba Pelotlhomogi

Phuthego ya Bokeresete mo lefatsheng lotlhe ke lefelo le le sireletsegileng la kagiso le kgomotso mme mo go yone go bontshiwa bopelotlhomogi le bopelonomi. Bakeresete ba boammaaruri ba lemoga gore go nna pelotlhomogi go gogela batho, fa go nna setlhogo gone go ba kgaphela kgakala. Ka jalo, fa ba ntse ba leka go etsa Rraabone yo o kwa legodimong, ba leka ka natla go dira dilo tse di bontshang gore ba “pelotlhomogi ka bonolo.”

Basupi ba ga Jehofa ba go kopa ka lorato gore o tle go iponela moya wa bopelotlhomogi, wa lorato le wa go amega ka ba bangwe, o o renang mo phuthegong ya Bokeresete. Ba tlhomamisegile gore o tla amogelwa ka lorato le ka tsela e e itumedisang mo phuthegong.—Baroma 15:7.

[Setshwantsho mo go tsebe 5]

Paulo o ne a rotloetsa Bakeresete ba kwa Kolosa gore ba apare lorato lwa bopelotlhomogi

[Ditshwantsho mo go tsebe 7]

Fa Jesu a ne a lemoga gore batho ba tlhoka sengwe, o ne a ba thusa ka bopelotlhomogi