Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ba Dirile Gore Botshelo Jwa Bone bo Nne le Bokao—A le Wena o ka Dira Jalo?

Ba Dirile Gore Botshelo Jwa Bone bo Nne le Bokao—A le Wena o ka Dira Jalo?

Ba Dirile Gore Botshelo Jwa Bone bo Nne le Bokao—A le Wena o ka Dira Jalo?

MOKAULENGWE mongwe wa kwa Canada e bong Marc, o ne a dira mo madirelong a a dirang metšhine e e raraaneng e e laolwang ka diroboto e e dirisiwang kwa lefaufaung. O ne a dira tiro e e sa mo tlhokeng ka dinako tsotlhe mme gape e le mmulatsela wa ka metlha. Mme mookamedi o ne a solofetsa Marc go mo tlhatlosa maemo—gore a dire ka nako e e oketsegileng a na le maemo a a mo nayang madi a mantsi. Marc o ne a dirang?

Amy, e leng kgaitsadi mongwe wa kwa Philippines, e ne e le mmulatsela wa ka metlha fa a ntse a feleletsa sekolo. Morago ga go aloga, o ne a solofediwa tiro ya nako e e tletseng e e neng e mmatla nako e ntsi mme e mo naya madi a mantsi. Amy o ne a tlhopha go dirang?

Marc le Amy ba ne ba dira ditshwetso tse di sa tshwaneng, mme diphelelo tsa ditshwetso tsa bone di bontsha kafa kgakololo e e neng ya newa Bakeresete ba kwa Korintha wa bogologolo e leng botlhale ka teng. Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana: “A . . . ba ba dirisang lefatshe [ba nne] jaaka ba ba sa le diriseng ka botlalo.”—1 Bakor. 7:29-31.

Se Dirise Lefatshe ka Botlalo

Pele re bona se se diragaletseng Marc le Amy, a re tlhatlhobeng ka bokhutshwane bokao jwa lefoko “lefatshe,” (kana koʹsmos ka Segerika), le Paulo a neng a le dirisa fa a ne a kwalela Bakorintha. Mo temaneng eo ya Baebele, lefoko koʹsmos le raya tsamaiso ya lefatshe e re tshelang mo go yone—batho ka kakaretso—mme gape le akaretsa dilo tse di tlwaelegileng tse e leng karolo ya botshelo jwa letsatsi le letsatsi, tse di jaaka bonno, dijo le diaparo. Bontsi jwa rona re tshwanetse go bereka gore re kgone go nna le dilo tseno tse re di tlhokang letsatsi le letsatsi. Eleruri re patelesega go dirisa lefatshe leno e le gore re kgone go diragatsa maikarabelo a rona a Dikwalo a go itlamela mmogo le ba malapa a rona. (1 Tim. 5:8) Le fa go ntse jalo, gape re lemoga gore “lefatshe le a feta.” (1 Joh. 2:17) Ka jalo re dirisa lefatshe leno ka mo go tlhokegang ka gone mme e seng “ka botlalo.”—1 Bakor. 7:31.

Bakaulengwe le bokgaitsadi ba bantsi ba sekasekile maemo a bone sesha mme ba fokotsa nako e ba e dirisang mo tirong ba bo ba dira gore ba tshele matshelo a a sa raraanang, ba rotloediwa ke kgakololo eno ya Baebele ya go se dirise lefatshe ka botlalo. Morago ga gore ba dire jalo, ba ile ba lemoga ka bonako gore ba dirile gore botshelo jwa bone bo nne le bokao ka gonne ba nna le nako e ntsi e ba e dirisang ba na le ba malapa a bone le mo tirelong ya ga Jehofa. Mo godimo ga moo, go tshela ga bone botshelo jo bo sa raraanang go dirile gore ba fokotse go ikaega ka lefatshe mme ba ikaege thata ka Jehofa. A le wena o ka dira jalo—a o ka tshela botshelo jo bo sa raraanang gore o dirise nako e e oketsegileng mo ditirong tse di direlwang Bogosi jwa Modimo?—Math. 6:19-24, 33.

“Re Ikutlwa re Atamalane Thata le Jehofa go Feta Le fa E le Leng Pele”

Marc, yo o umakilweng kwa tshimologong, o ne a tsaya tsia kgakololo ya Baebele ya go se dirise lefatshe ka botlalo. O ne a gana tiro ya maemo a a kwa godimo e a neng a e newa. Malatsi a se kae moragonyana, mookamedi wa ga Marc o ne a mo solofetsa madi a mantsi le go feta, e le go mo tlhotlheletsa gore a amogele tiro eo. Marc a re: “E ne e le teko mme ke ne ka gana gape.” O tlhalosa lebaka la seno jaana: “Nna le mosadi wa me Paula re ne re batla go dirisa matshelo a rona re direla Jehofa ka botlalo kafa go ka kgonegang ka gone. Ka jalo, re ne ra dira tshwetso ya gore re tlhofofatse mokgwa wa rona wa botshelo. Re ne ra rapelela botlhale jo bo tswang kwa go Jehofa gore re fitlhelele mokgele wa rona mme re ne ra baya letlha le re neng re tla simolola ka lone go direla Jehofa ka nako e e oketsegileng.”

Paula o akgela jaana: “Ke ne ke dira malatsi a le mararo ke le mokwaledi mo bookelong mme ke amogela madi a a lekaneng. Gape ke ne ke le mmulatsela wa ka metlha. Le fa go ntse jalo, le nna, fela jaaka Marc, ke ne ke batla go direla Jehofa gongwe le gongwe kwa baboledi ba Bogosi ba tlhokegang thata gone. Le fa go ntse jalo, fa ke tlisa lekwalo la me la go tlogela tiro, mookamedi wa me o ne a mpolelela fa ke tshwanelega go newa maemo a a neng a sa tswa go bulega a go nna mokwaledi yo mogolo. E ne e le tiro ya bokwaledi e e duelang go gaisa tsotlhe tsa bokwaledi mo bookelong, mme ke ne ka ngaparela tshwetso ya me ya go tlogela tiro. Fa ke bolelela mookamedi wa me gore ke eng ke sa tseye tiro eo, o ne a nkakgolela tumelo e ke nang le yone mo Modimong.”

Moragonyana fela ga moo, Marc le Paula ba ne ba amogela kabelo ya go direla e le babulatsela ba ba kgethegileng mo phuthegong e nnye mo karolong e e kwa thoko ya Canada. Go ya ga bone koo go ne ga nna le diphelelo dife? Marc a re: “Fa ke sena go tlogela tiro e e neng e nnaya madi a mantsi e ke e dirileng mo e ka nnang sephatlo sa botshelo jwa me, ke ne ke sa tlhomamisege ka isagwe, mme Jehofa o ne a segofatsa bodiredi jwa rona. Re ikutlwa re itumetse thata ka ntlha ya go thusa batho go direla Modimo. Tirelo ya nako e e tletseng gape e ne ya nonotsha lenyalo la rona. Metlotlo ya rona e remelela mo dilong tse e leng tsa botlhokwa tota—dilo tsa semoya. Re ikutlwa re atamalane thata le Jehofa go feta le fa e le leng pele.” (Dit. 20:35) Paula o oketsa jaana: “Fa o tlogela tiro ya gago le manobonobo a legae le o le tlwaetseng, o tshwanetse go ikanya Jehofa ka pelo yotlhe. Re ne ra dira jalo mme Jehofa o ne a re segofatsa. Bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba rategang ba phuthego ya rona e ntšha ba dira gore re ikutlwe re ratwa e bile re tlhokwa. Jaanong ke dirisa maatla a ke neng ke a dirisa mo tirong ya me ya boitshediso go thusa batho go itse Modimo. Ke itumetse tota go bo ke dira kabelo eno.”

‘Ga ke Tlhoke Sepe Mme Ga ke A Itumela’

Amy, yo o umakilweng pelenyana, o ne a dira dilo ka tsela e sele. O ne a amogela tiro ya nako e e tletseng ya maemo a a kwa godimo e a neng a e newa. Amy a re: “Mo ngwageng wa ntlha ke ne ka nna ke ntse ke le matlhagatlhaga mo bodireding mme fa nako e ntse e ya ke ne ka lemoga gore ke ne ke dirisa nako ya me e ntsi mo tirong ya boitshediso e seng mo go direleng Jehofa. Ke ne ke solofediwa maemo a a kwa godimo mo tirong mme ke ne ka simolola go dirisa nonofo ya me e ntsi gore ke bone maemo ao. Fa maikarabelo a me a kwa tirong a ntse a oketsega, nako e ke neng ke e dirisa ke le mo bodireding e ne ya nna ya fokotsega ka bonya ka bonya. Kgabagare ke ne ke sa tlhole ke rera gotlhelele.”

Fa Amy a leba kwa morago, o akgela jaana: “Fa go tliwa mo mading, ke ne ke sa tlhoke sepe. Ke ne ke tsamaya thata mme ke ipelela botumo jo bo neng bo tsamaisana le maemo a me mo tirong. Le fa go ntse jalo, ke ne ke sa itumela. Le fa ke ne ke na le madi, ke ne ke na le mathata a mantsi. Ke ne ke ipotsa gore go senyegile kae. Kgabagare ke ne ka lemoga gore ka go tsweledisa pele tiro ya me ya boitshediso mo lefatsheng leno, ke ne ke batlile ke ‘fapoga mo tumelong.’ Ka ntlha ya moo, fela jaaka Lefoko la Modimo le bolela, ke ne ke na le ‘ditlhabi tse dintsi.’”—1 Tim. 6:10.

Amy o ne a dirang? A re: “Ke ne ka kopa bagolwane go nthusa go tsosolosa kamano ya me le Modimo mme ka simolola go nna gone mo dipokanong. Fa go ntse go opelwa, ke ne ka simolola go lela. Ke ne ka gakologelwa kafa ke neng ke itumetse ka gone mo dingwageng tse tlhano tsa fa ke ne ke nna le seabe mo tirong ya go rera ke le mmulatsela, le fa ke ne ke se na madi ka nako eo. Ke ne ke itse gore ke tshwanetse go tlogela go senya nako ya me ke leka go nna le madi a mantsi mme ke dire gore dilo tse di direlwang Bogosi e nne tsone di tlang pele. Ke ne ka amogela maemo a a kwa tlase mo tirong, mo go neng go raya go latlhegelwa ke halofo ya tuelo e ke neng ke e bona mme ka simolola go nna le seabe mo bodireding gape.” Amy o akgela jaana a itumetse: “Ke ne ka ipelela go nna mmulatsela dingwaga di le mmalwa. Gone jaanong ke na le kgotsofalo e ke iseng nke ke nne le yone fa ke ne ke senya nako ya me e ntsi ke direla lefatshe.”

A o ka fetola maemo a gago le go tshela botshelo jo bo sa raraanang? Fa o dirisa nako e o tla nnang le yone go tsweletsa dilo tse di direlwang Bogosi pele, le wena o tla dira gore botshelo jwa gago bo nne le bokao.—Dia. 10:22.

[Mafoko a a mo go tsebe 19]

A o ka fetola maemo a gago le go tshela botshelo jo bo sa raraanang?

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 19]

“Ke Setse ke bo Rata!”

Mogolwane mongwe wa Mokeresete kwa United States, e bong David, o ne a eletsa go dira le mosadi wa gagwe le bana ba gagwe ba ba neng ba setse ba le mo tirelong ya nako e e tletseng. O ne a kgona go rulaganya gore a se ka a dira ka nako e e tletseng mo khampaning e a neng a dira mo go yone, mme a simolola go direla e le mmulatsela wa ka metlha. A phetogo eo e ne ya dira gore botshelo jwa gagwe bo nne le bokao? David o ne a kwalela tsala ya gagwe jaana morago ga dikgwedi di se kae: “Ga go sepe se se kgotsofatsang go feta go nna le seabe ka botlalo mo go direleng Jehofa o na le lelapa la gago. Ke ne ke akanya gore go tla ntsaya lobaka gore ke rate bobulatsela, mme ke setse ke bo rata! Bo a lapolosa eleruri.”

[Setshwantsho mo go tsebe 18]

Marc le Paula ba le mo bodireding