Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ba Kailwe ba Tshwanela go Kaelwa go ya Kwa Metsweding ya Metsi a Botshelo

Ba Kailwe ba Tshwanela go Kaelwa go ya Kwa Metsweding ya Metsi a Botshelo

Ba Kailwe ba Tshwanela go Kaelwa go ya Kwa Metsweding ya Metsi a Botshelo

“Kwana . . . o tla ba disa, e bile o tla ba kaela go ya kwa metsweding ya metsi a botshelo.”—TSHEN. 7:17.

1. Lefoko la Modimo le bitsa Bakeresete ba ba tloditsweng le reng, mme Jesu o ne a ba naya boikarabelo bofe?

LEFOKO la Modimo le bitsa Bakeresete ba ba tloditsweng ba ba tlhokometseng dilo tse di direlwang Keresete mo lefatsheng le re ke “motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale.” Fa Keresete a ne a tlhatlhoba “motlhanka” ka 1918, o ne a fitlhela batlodiwa bao ba ba neng ba le mo lefatsheng ba aba ka boikanyegi ‘dijo tsa semoya ka nako e e tshwanetseng.’ Ka gone, morago ga moo Jesu, yo e leng Mong, o ne a itumelela go ba tlhoma “gore [ba] okamele dilo tsa gagwe tsotlhe.” (Bala Mathaio 24:45-47.) Ka tsela eno, pele ga batlodiwa ba newa boswa jwa kwa legodimong, ba direla baobamedi ba bangwe ba ga Jehofa mono mo lefatsheng.

2. Tlhalosa gore dilo tsa ga Jesu ke eng.

2 Mong o na le taolo mo dilong kgotsa mo dithotong tsa gagwe, mme a ka di dirisa jaaka a batla. Dilo tsa ga Jesu Keresete, Kgosi ya ga Jehofa e e tlhomilweng, di akaretsa sengwe le sengwe se se amanang le Bogosi mo lefatsheng. Seo se akaretsa “boidiidi jo bogolo” jo moaposetoloi Johane a bo boneng mo ponatshegelong. Johane o tlhalosa boidiidi jo bogolo jaana: “Bona! boidiidi jo bogolo, jo go seng motho ope yo o neng a kgona go bo bala, bo tswa mo merafeng yotlhe le ditso le ditšhaba le diteme, ba eme fa pele ga setulo sa bogosi le fa pele ga Kwana, ba apere diaparo tse di telele tse ditshweu; mme go ne go na le dikala tsa mokolane mo diatleng tsa bone.”—Tshen. 7:9.

3, 4. Ba boidiidi jo bogolo ba na le tshiamelo efe e kgolo?

3 Maloko a boidiidi joo jo bogolo ke bangwe ba batho ba Jesu a neng a ba bitsa “dinku tse dingwe.” (Joh. 10:16) Ba solofetse go tshelela ruri mo lefatsheng la paradaise. Ba tlhomamisegile gore Jesu “o tla ba kaela go ya kwa metsweding ya metsi a botshelo” le gore “Modimo o tla phimola dikeledi tsotlhe mo matlhong a bone.” E re ka ba na le tsholofelo eo, “ba tlhatswitse diaparo tsa bone tse di telele ba bo ba di sweufatsa mo mading a Kwana.” (Tshen. 7:14, 17) Ba na le tumelo mo setlhabelong sa ga Jesu, mme ka jalo mo matlhong a Modimo ba na le ‘diaparo tse ditshweu.’ Ba bolelwa ba siame e le ditsala tsa Modimo, jaaka Aborahame.

4 Mo godimo ga moo, e re ka Modimo a leba palo e e ntseng e oketsega ya boidiidi jo bogolo jwa dinku tse dingwe e le basiami, ba ka solofela go falola fa tsamaiso eno ya dilo e senngwa ka pitlagano e kgolo. (Jak. 2:23-26) Ba ka atamalana le Jehofa, mme e le setlhopha, ba na le tsholofelo e e itumedisang ya go falola Haramagedona. (Jak. 4:8; Tshen. 7:15) Ga ba itirele se ba se ratang mme ba iketleeditse go direla ba kaelwa ke Kgosi e e kwa legodimong le barwarraagwe ba ba tloditsweng ba ba mo lefatsheng.

5. Ba boidiidi jo bogolo ba ema bomorwarraagwe Keresete ba ba tloditsweng nokeng jang?

5 Bakeresete ba ba tloditsweng ba ile ba ganediwa setlhogo ke lefatshe la ga Satane mme ba tla tswelela pele ba ganediwa. Le fa go ntse jalo, ba ka ikanya gore ditsala tsa bone tsa boidiidi jo bogolo di tla ba ema nokeng. Bakeresete ba ba tloditsweng jaanong ba mmalwa fela, mme ngwaga le ngwaga ba boidiidi jo bogolo ba oketsega ka diketekete. Batlodiwa ga ba kgone go okamela ka bobone nngwe le nngwe ya diphuthego tse di ka nnang 100 000 tsa Bakeresete tse di mo lefatsheng lotlhe. Ka jalo, tsela nngwe e ba dinku tse dingwe ba emang batlodiwa nokeng ka yone ke ka gore banna ba ba tshwanelegang ba boidiidi jo bogolo ba direla e le bagolwane mo diphuthegong. Ba thusa go tlhokomela dimilione tsa Bakeresete ba jaanong ba okametsweng ke “motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale.”

6. Go ne ga bolelelwa pele jang tsela e ka yone Bakeresete ba ba tloditsweng ba neng ba tla engwa nokeng ke ditsala tsa bone tsa dinku tse dingwe?

6 Moporofeti Isaia o ne a bolelela pele gore Bakeresete ba ba tloditsweng ba ne ba tla engwa nokeng ka go rata ke ditsala tsa bone tsa dinku tse dingwe. O ne a kwala jaana: “Jehofa o buile jaana: ‘Badiri ba ba sa duelweng ba kwa Egepeto le bagwebi ba kwa Ethiopia le Baseba, banna ba baleele, ba tla tla kwa go wena, mme ba tla nna ba gago. Ba tla tsamaya fa morago ga gago.’” (Isa. 45:14) Ka tsela ya tshwantshetso, gompieno Bakeresete ba ba solofetseng go tshela mo lefatsheng ba tsamaya fa morago ga setlhopha se se tloditsweng sa motlhanka le Setlhopha sa sone se se Laolang, ba ikobela bolaodi jwa bone. Jaaka “badiri ba ba sa duelweng,” ba dinku tse dingwe ba dirisa maatla a bone le dithoto tsa bone ka go rata le ka pelo yotlhe go ema nokeng tiro ya go rera mo lefatsheng lotlhe e Keresete a e abetseng balatedi ba gagwe ba ba tloditsweng ba ba mo lefatsheng.—Dit. 1:8; Tshen. 12:17.

7. Ba boidiidi jo bogolo ba thapisediwa eng?

7 Fa ba boidiidi jo bogolo ba ntse ba thusa bakaulengwe ba bone ba ba tloditsweng, ba thapisiwa gore ba nne motheo wa setšhaba se sesha sa batho ba ba tla bong ba le teng morago ga Haramagedona. Motheo oo o tshwanetse gore o bo o nonofile e bile o tlhomame, mme maloko a one a tshwanetse a bo a iketleeditse go latela kaelo ya Mong. Mokeresete mongwe le mongwe o newa sebaka sa go bontsha gore a ka dirisiwa ke Kgosi, Keresete Jesu. Fa a na le tumelo e bile a ikanyega gone jaanong, o bontsha gore o tla arabela ka go rata fa Kgosi e mo kaela fa a setse a le kwa lefatsheng le lesha.

Ba Boidiidi jo Bogolo ba Supa Tumelo ya Bone

8, 9. Ba boidiidi jo bogolo ba supa tumelo ya bone jang?

8 Ba dinku tse dingwe ba e leng ditsala tsa phuthego ya Bakeresete ba ba tloditsweng ba supa tumelo ya bone ka ditsela tse di farologaneng. Sa ntlha, ba ema batlodiwa nokeng ka go rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi jwa Modimo. (Math. 24:14; 28:19, 20) Sa bobedi, ba ikobela ka go rata kaelo e ba e newang ke Setlhopha se se Laolang.—Baheb. 13:17; bala Sekarea 8:23.

9 Sa boraro, maloko a boidiidi jo bogolo a ema nokeng bakaulengwe ba bone ba ba tloditsweng ka go tshela go dumalana le melaometheo e e siameng ya ga Jehofa. Ba leka ka natla go nna le “lorato, boipelo, kagiso, bopelotelele, bopelonomi, molemo, tumelo, bonolo, boikgapo.” (Bagal. 5:22, 23) Gompieno, go nna le dinonofo tse di ntseng jalo go ka tswa go sa ratege, mme go ratega go dira “ditiro tsa nama.” Le fa go ntse jalo, maloko a boidiidi jo bogolo a ititeile sehuba gore a tile “kgokafalo, boitshekologo, boitshwaro jo bo repileng, kobamelo ya medingwana, tlwaelo ya go dirisana le meya, bobaba, kgogakgogano, lefufa, go phatloga ka bogale, manganga, dikgaogano, makoko, go fufega, mediro ya botagwa, mediro ya ditlhapelo, le dilo tse di tshwanang le tseno.”—Bagal. 5:19-21.

10. Ba boidiidi jo bogolo ba ititeile sehuba go dira eng?

10 E re ka re sa itekanela, go ka nna ga se nne motlhofo go nna le dinonofo tsa Bokeresete, go tila ditiro tsa nama le go gana go gatelelwa ke lefatshe la ga Satane. Le fa go ntse jalo, re ititeile sehuba gore re se ka ra letla tumelo ya rona e koafala kgotsa lorato lo re ratang Jehofa ka lone lo fokotsega ka ntlha ya go kgobiwa marapo ke go dira diphoso, go palelwa ga nakwana kgotsa makoa a rona a mmele. Re itse gore Jehofa o tla dira fela jaaka a solofeditse—o tla falotsa ba boidiidi jo bogolo mo pitlaganong e kgolo.

11. Satane o ntse a dirisa maano afe go leka go koafatsa tumelo ya Bakeresete?

11 Le fa go ntse jalo, re nna re itisitse ka dinako tsotlhe ka re itse gore tota mmaba wa rona ke Diabolo, mme ga a ineele motlhofo. (Bala 1 Pet. 5:8.) O dirisitse batlhanogi le ba bangwe go leka go dira gore re dumele gore dithuto tse re di dumelang ke maaka. Mme gantsi leano leo le ile la itaya sefololetse. Ka tsela e e tshwanang, le fa ka dinako tse dingwe tiro ya go rera e ile ya ya kwa tlase ka ntlha ya pogiso, gantsi pogiso e ile ya nonotsha tumelo ya ba ba bogisiwang. Ka gone, fa nako e ntse e ya Satane o leka go koafatsa tumelo ya rona a dirisa mokgwa o a tsayang gore o tla atlega thata. O dirisa maikutlo a go kgobega marapo. Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba tlhagisiwa ka kotsi eno fa ba ne ba bolelelwa jaana: “Akanyang ka kelotlhoko ka ga [Keresete] yo o itshoketseng puo e e ntseng jalo ya kganetso ya baleofi kgatlhanong le melemo ya bone.” Ka ntlha yang? “Gore lo se ka lwa lapa le meya ya lona ya felelwa ke thata.”—Baheb. 12:3.

12. Kgakololo ya Baebele e nonotsha jang batho ba ba kgobegileng marapo?

12 A o kile wa utlwa e kete o ka tlogela go direla Jehofa? A o a tle o ikutlwe o paletswe? Fa e le gore o a tle o ikutlwe jalo, o se ka wa letla Satane go dirisa maikutlo ao go go thibela go direla Jehofa. Go ithuta Baebele ka tsela e e tseneletseng, go rapela ka tlhoafalo, go ya dipokanong ka metlha le go kopanela le Bakeresete ka wena go tla go nonotsha gore ‘moya wa gago o se ka wa felelwa ke thata.’ Jehofa o solofeditse go thusa ba ba mo direlang gore ba boe ba nne le maatla, mme re ka ikanya tsholofetso ya gagwe. (Bala Isaia 40:30, 31.) Tsenya marapo dinameng mo ditirong tse di direlwang Bogosi. Tila go dira dilo tse di jang nako mme o tlhome mogopolo mo go thuseng ba bangwe. Fa o dira jalo, o tla nna le maatla a go itshoka le fa o kgobega marapo.—Bagal. 6:1, 2.

Go Tswa mo Pitlaganong le go Tsena mo Lefatsheng le Lesha

13. Batho ba ba tla falolang Haramagedona ba tla tshwanelwa ke go dira tiro efe?

13 Morago ga Haramagedona, boidiidi jwa batho ba ba sa siamang ba ba tsositsweng ba tla tlhoka go rutiwa ditsela tsa ga Jehofa. (Dit. 24:15) Ba tla tlhoka go ithuta ka ga setlhabelo sa ga Jesu sa thekololo; mme mo godimo ga moo, ba tshwanetse go rutiwa gore ba nne le tumelo mo setlhabelong seo gore ba bone melemo ya sone. Ba tla tshwanelwa ke go latlha ditumelo tsa bodumedi jwa maaka tse ba kileng ba bo ba di dumela le go tlogela tsela e ba neng ba tshela ka yone pele. Ba tshwanetse ba ithuta go apara botho jo bosha jo bo tlhaolang Bakeresete ba boammaaruri. (Baef. 4:22-24; Bakol. 3:9, 10) Ba dinku tse dingwe ba ba tla falolang Haramagedona ba tla nna le tiro e ntsi. A bo go tla itumedisa jang ne go direla Jehofa tirelo e e ntseng jalo, go se na dikgatelelo le dikgoreletsi tsa lefatshe la jaanong le le boikepo!

14, 15. Tlhalosa gore batho ba ba tla falolang pitlagano e kgolo le basiami ba ba tla bong ba tsositswe ba tla tlotla ka eng.

14 Batlhanka ba ba ikanyegang ba ga Jehofa ba ba suleng pele ga Jesu a tla mo lefatsheng le bone ba tla tshwanelwa ke go ithuta dilo tse dintsi ka nako eo. Ba tla ithuta gore Mesia yo o solofeditsweng, yo ba neng ba solofetse go mmona mme ba ise ba ke ba mmone, ke mang. Fa ba ne ba sa ntse ba tshela ba ne ba bontshitse gore ba rata go rutiwa ke Jehofa. Akanya fela gore go tla itumedisa jang e bile e tla bo e le tshiamelo e kgolo jang go ba thusa—ka sekai, go tlhalosetsa Daniele kafa boporofeti jo a neng a bo kwala mme a sa bo tlhaloganye bo ileng jwa diragadiwa ka teng!—Dan. 12:8, 9.

15 Gone ke boammaaruri, le fa batho ba ba tsositsweng ba tla nna le dilo tse dintsi tse ba tla di ithutang mo go rona, le rona re tla nna le dipotso tse dintsi tse re tla ba botsang tsone. Ba tla re tlhalosetsa ditiragalo tse di umakiwang mo Baebeleng mme di sa tlhalosiwe ka botlalo. Akanya fela gore go tla bo go kgatlha jang go utlwa dilo dingwe ka ga Jesu mo go ntsalae e bong Johane Mokolobetsi! Kwantle ga pelaelo dilo tse re tla di utlwang mo basuping bao ba ba ikanyegang di tla dira gore re anaanele Lefoko la Modimo le go feta jaanong. Batlhanka ba ba ikanyegang ba ga Jehofa ba ba suleng—go akaretsa ba boidiidi jo bogolo ba ba swang ka nako ya bokhutlo—ba tla bona “tsogo e e botoka.” Fa ba ne ba simolola go direla Jehofa, ba ne ba le mo lefatsheng le le laolwang ke Satane. A bo go tla ba itumedisa jang gore ba tswelele ba mo direla ba le mo maemong a a molemo thata a lefatshe le lesha!—Baheb. 11:35; 1 Joh. 5:19.

16. Go ya ka boporofeti, Letsatsi la Katlholo le tla tsamaya jang?

16 Nako nngwe mo Letsatsing la Katlholo, go tla bulwa memeno. Memeno eno e tla dirisiwa mmogo le Baebele go atlhola botlhe ba ba tla bong ba tshela gore a ba tshwanelega go bona botshelo jo bo sa khutleng. (Bala Tshenolo 20:12, 13.) Kwa bofelong jwa Letsatsi la Katlholo, mongwe le mongwe o tla bo a nnile le sebaka se se lekaneng sa go bontsha gore o eme fa kae mo kgannyeng ya bolaodi jwa lefatshe lotlhe. A o tla ema thulaganyo ya Bogosi nokeng a bo a letla Kwana e mo kaela go ya “kwa metsweding ya metsi a botshelo”? Kgotsa o tla gana go ikobela Bogosi jwa Modimo? (Tshen. 7:17; Isa. 65:20) Ka nako eo, botlhe mo lefatsheng ba tla bo ba nnile le sebaka sa go itirela tshwetso, ba sa kgorelediwe ke boleo jo re bo ruileng kgotsa ke lefatshe le le boikepo. Ga go ope yo o tla belaelang gore a katlholo ya ga Jehofa ya makgaolakgang e siame. Batho ba ba boikepo ke bone fela ba tla senngwang ka bosakhutleng.—Tshen. 20:14, 15.

17, 18. Bakeresete ba ba tloditsweng le ba dinku tse dingwe ba lebile pele kwa Letsatsing la Katlholo ba itumeletse eng?

17 E re ka gompieno Bakeresete ba ba tloditsweng ba kailwe ba tshwanela go amogela Bogosi, ba lebile pele ka tlhoafalo kwa nakong ya fa ba tla bo ba busa mo Letsatsing la Katlholo. A bo ba tla nna le tshiamelo e kgolo jang ne! Tsholofelo eo fela ka boyone e ba nonotsha gore ba latele kgakololo eno e Petere a neng a e naya bakaulengwe ba bone ba lekgolo la ntlha la dingwaga: “[Dirang] bojotlhe jwa lona gore lo itlhomamisetse go bidiwa le go tlhophiwa ga lona; gonne fa lo nna lo dira dilo tseno le ka motlha ga lo kitla lo palelwa ka gope. Tota e bile, ka tsela eno lo tla newa ka bogolo go tsena mo bogosing jo bo sa khutleng jwa Morena wa rona le Mmoloki Jesu Keresete.”—2 Pet. 1:10, 11.

18 Ba dinku tse dingwe ba ipela le bakaulengwe ba bone ba batlodiwa. Ba ititeile sehuba gore ba ba eme nokeng. E re ka e le ditsala tsa Modimo gompieno, ba tlhotlheletsega go direla Modimo ka bojotlhe. Mo Letsatsing la Katlholo, ba tla itumelela go ema nokeng dithulaganyo tsa Modimo ka pelo yotlhe fa Jesu a ntse a ba kaela go ya kwa metsweding ya metsi a botshelo. Mme kgabagare ba tla kaiwa ba tshwanela go nna batlhanka ba ga Jehofa ba mo lefatsheng ka bosakhutleng!—Bar. 8:20, 21; Tshen. 21:1-7.

A o A Gakologelwa?

• Dilo tsa ga Jesu di akaretsa eng?

• Ba boidiidi jo bogolo ba ema bakaulengwe ba bone ba ba tloditsweng nokeng jang?

• Ba boidiidi jo bogolo ba na le ditshiamelo le tsholofelo efe?

• O leba Letsatsi la Katlholo jang?

[Dipotso tsa thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 25]

Ba boidiidi jo bogolo ba tlhatswitse diaparo tsa bone ba di sweufaditse mo mading a Kwana

[Setshwantsho mo go tsebe 27]

O solofetse gore o tla utlwa eng mo bathong ba ba ikanyegang ba ba tsositsweng?