Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ba Kailwe ba Tshwanela go Newa Bogosi

Ba Kailwe ba Tshwanela go Newa Bogosi

Ba Kailwe ba Tshwanela go Newa Bogosi

“Seno ke bosupi jwa katlholo e e siameng ya Modimo, e e isang kwa go reng lo kaiwe lo tshwanela bogosi jwa Modimo.”—2 BATHES. 1:5.

1, 2. Boikaelelo jwa Modimo ke eng malebana le katlholo mme ke mang yo o tla bong a atlhola?

MO E ka nnang ka ngwaga wa bo50 wa Motlha wa Rona, moaposetoloi Paulo o ne a le kwa Athena. E re ka a ne a tenwa ke go direlwa ga medingwana mo go neng go atile koo, o ne a ikutlwa a tlhotlheletsega go rera ka tsela e e botswerere. O ne a konela thero ya gagwe ka go bua mafoko a a ka tswang a ile a gapa baheitane ba ba neng ba mo reeditse maikutlo. O ne a re: “Jaanong [Modimo] o bolelela batho gongwe le gongwe gore botlhe ba ikwatlhaye. Ka gonne o tlhomile letsatsi le ka lone a ikaelelang go atlhola lefatshe le le nang le banni ka tshiamo ka monna yo a mo tlhomileng, e bile o tlhomamiseditse batho botlhe ka seno ka a mo tsositse mo baswing.”—Dit. 17:30, 31.

2 Ruri ke kgang e e masisi go akanya gore Modimo o beile letsatsi le a tla atlholang batho ka lone mo nakong e e tlang! Katlholo eo e tla tla ka mongwe yo Paulo a sa mo umakang ka leina mo puong ya gagwe kwa Athena mme e le yo re itseng gore ke Jesu Keresete yo o tsositsweng. Katlholo ya ga Jesu e tla kaya botshelo kgotsa loso.

3. Ke ka ntlha yang fa Jehofa a ne a dira kgolagano le Aborahame, mme ke bomang ba ba nang le seabe sa botlhokwa mo go diragadiweng ga yone?

3 Letsatsi leo la Katlholo le tla tsaya dingwaga di le 1 000. Jesu e tla bo e le ene a eteletseng pele mo leineng la ga Jehofa, e le Kgosi ya Bogosi jwa Modimo, mme o tla bo a se esi. Jehofa o tlhopha ba bangwe go tswa mo bathong gore ba tle ba buse le Jesu le go atlhola mo letsatsing leo le le tsayang dingwaga tse di sekete. (Bapisa Luke 22:29, 30.) Dingwaga di ka nna 4 000 tse di fetileng, Jehofa o ne a simolola go rulaganyetsa Letsatsi leo la Katlholo fa a ne a dira kgolagano le motlhanka wa gagwe yo o ikanyegang e bong Aborahame. (Bala Genesise 22:17, 18.) Go lebega kgolagano eno e simolotse go dira ka 1943 B.C.E. Gone ke boammaaruri gore Aborahame o ne a sa tlhaloganye ka botlalo gore kgolagano eo e ne e tla nna le bokao bofe mo bathong. Le fa go ntse jalo, rona gompieno re kgona go bona gore go ya ka kgolagano eo, losika lwa ga Aborahame lo na le seabe sa botlhokwa mo go diragadiweng ga boikaelelo jwa Modimo jwa go atlhola batho.

4, 5. (a) Ke mang yo e leng karolo ya konokono ya losika lwa ga Aborahame, mme o ne a reng ka ga Bogosi? (b) Batho ba ne ba newa leng tsholofelo ya go nna maloko a Bogosi?

4 Go ile ga bonala gore karolo ya konokono ya losika lwa ga Aborahame ke Jesu, yo o neng a tlodiwa ka moya o o boitshepo ka 29 C.E. mme a nna Mesia yo o solofeditsweng, kgotsa Keresete. (Bagal. 3:16) Jesu o ne a tla dirisa dingwaga tse di latelang di le tharo le sephatlo a rerela setšhaba sa Bajuda dikgang tse di molemo tsa Bogosi. Fa Johane Mokolobetsi a sena go tshwarwa, Jesu o ne a bontsha gore ba bangwe ba ne ba ka solofela go nna maloko a Bogosi joo fa a ne a re: “Go tswa malatsing a ga Johane Mokolobetsi go fitlha jaanong bogosi jwa magodimo ke mokgele o batho ba gagamalelang kwa go one, mme ba ba gagamalelang pele ba a bo gapa.”—Math. 11:12.

5 Se se kgatlhang ke gore, pele fela ga gore Jesu a bue ka ba ba neng ba tla “gapa” Bogosi jwa magodimo, o ne a re: “Ammaaruri ke a lo raya, Mo go ba ba tsetsweng ke basadi ga go ise go tsosiwe yo mogolo go feta Johane Mokolobetsi; mme motho yo mmotlanyana mo bogosing jwa magodimo o mogolo go mo feta.” (Math. 11:11) Ke ka ntlha yang fa go ne go tualo? Ka gonne tsholofelo ya go nna maloko a Bogosi jwa Modimo e ne e ise e bulegele ka botlalo batho ba ba ikanyegang, go fitlha ka nako ya fa moya o o boitshepo o ne o tshololwa ka Pentekosete ya 33 C.E. Ka nako eo, Johane Mokolobetsi o ne a setse a sule.—Dit. 2:1-4.

Losika Lwa ga Aborahame lo Kaiwa lo Siame

6, 7. (a) Losika lwa ga Aborahame lo ne lo tla nna “jaaka dinaledi tsa magodimo” jang? (b) Aborahame o ne a segofadiwa jang, mme losika lwa gagwe lo newa masego afe a a tshwanang le ao?

6 Aborahame o ne a bolelelwa gore losika lwa gagwe lo ne lo tla ntsifala lo bo lo nne “jaaka dinaledi tsa magodimo” le moshawa o o fa losing lwa lewatle. (Gen. 13:16; 22:17) Ka mafoko a mangwe, mo motlheng wa ga Aborahame batho ba ne ba ka se ka ba itse gore ke ba le kae ba ba neng ba tla nna karolo ya losika lono. Le fa go ntse jalo, kgabagare palo e e tlhomameng ya maloko a losika lwa gagwe lwa semoya e ne ya senolwa. Ntle le Jesu, ba ne ba tla nna 144 000.—Tshen. 7:4; 14:1.

7 Lefoko la Modimo le bolela jaana malebana le tumelo ya ga Aborahame: “[Aborahame] a dumela mo go Jehofa; mme a go kaya e le tshiamo mo go ene.” (Gen. 15:5, 6) Gone ke boammaaruri, ga go motho ope yo o siameng ka mo go feletseng. (Jak. 3:2) Le fa go ntse jalo, e re ka Aborahame a ne a na le tumelo e e tlhomologileng, Jehofa o ne a dirisana le ene jaaka e kete ke mosiami, a ba a mmitsa tsala ya gagwe. (Isa. 41:8) Ba e leng karolo ya losika lwa semoya lwa ga Aborahame mmogo le Jesu le bone ba boletswe ba siame, mme seno se ba tlisetsa masego a magolo le go feta a a neng a newa Aborahame.

8. Maloko a losika lwa ga Aborahame a lebeletse go amogela masego afe?

8 Bakeresete ba ba tloditsweng ba bolelwa ba siame ka gonne ba na le tumelo mo setlhabelong sa ga Jesu sa thekololo. (Bar. 3:24, 28) Mo matlhong a ga Jehofa, ba golotswe mo boleong mme ka jalo ba ka tlodiwa ka moya o o boitshepo gore ba nne barwa ba Modimo ba semoya, bomorwarraagwe Jesu Keresete. (Joh. 1:12, 13) Ba tsena mo kgolaganong e ntšha mme ba nna setšhaba se sesha, “Iseraele wa Modimo.” (Bagal. 6:16; Luke 22:20) A bo seo sotlhe e le tshiamelo e e molemolemo jang ne! Ka ntlha ya dilo tseno tse Modimo a di ba diretseng, Bakeresete ba ba tloditsweng ga ba solofele go tshelela ruri mo lefatsheng. Ba ithontsha tshiamelo eo gore ba tle ba bone boipelo jo bo sa tlhalosegeng jwa go dira mmogo le Jesu ka Letsatsi la Katlholo le go busa le ene kwa magodimong.—Bala Baroma 8:17.

9, 10. (a) Bakeresete ba ne ba tlodiwa leng la ntlha ka moya o o boitshepo, mme go ne go larile eng kwa pele ga bone? (b) Bakeresete ba ba tloditsweng ba ne ba thusiwa jang?

9 Ka Pentekosete ya 33 C.E., setlhopha sa batho ba ba ikanyegang se ne sa newa tshiamelo ya go nna bangwe ba bao ba neng ba tla busa le Jesu ka Letsatsi la Katlholo. Barutwa ba ka nna 120 ba ga Jesu ba ne ba kolobediwa ka moya o o boitshepo mme ka jalo ba nna Bakeresete ba ntlha ba batlodiwa. Le fa go ntse jalo, eo e ne e le kgato ya ntlha fela. Go tloga ka nako eo go ya pele, ba ne ba tshwanelwa ke go bontsha gore ba ikanyega mo go Jehofa, go sa kgathalesege diteko tsotlhe tse Satane a neng a tla di ba tlisetsa. Ba ne ba tshwanetse go ikanyega go ya losong gore ba amogele serwalo sa botshelo jwa kwa legodimong.—Tshen. 2:10.

10 Gore seo se diragale, Jehofa o ne a dirisa Lefoko la gagwe le phuthego ya Bokeresete go naya Bakeresete ba ba tloditsweng kgothatso e ba neng ba e tlhoka. Ka sekai, moaposetoloi Paulo o ne a kwalela Bakeresete ba ba tloditsweng ba kwa Thesalonika a re: “Jaaka rrabana a dira mo baneng ba gagwe, . . . re [ne] ra nna ra rotloetsa mongwe le mongwe wa lona ka gone, le go lo gomotsa le go lo naya bosupi, gore lo tle lo tswelele lo tsamaya kafa go tshwanetseng Modimo yo o lo biletsang kwa bogosing jwa gagwe le kgalalelo.”—1 Bathes. 2:11, 12.

11. Jehofa o ne a dira gore maloko a “Iseraele wa Modimo” a kwalelwe eng?

11 Mo masomesomeng a dingwaga maloko a ntlha a phuthego ya Bakeresete ba ba tloditsweng a sena go tlhophiwa, Jehofa o ne a bona go tshwanela go dira gore go kwalwe pego e e nnelang ruri ka ga bodiredi jwa ga Jesu mo lefatsheng mmogo le tsela e a neng a dirisana ka yone le Bakeresete ba ba tloditsweng ba lekgolo la ntlha la dingwaga le ka ga kgakololo e a neng a ba naya yone. Ka jalo Jehofa o ne a kopanya Dikwalo tse di tlhotlheleditsweng Tsa Bokeresete Tsa Segerika le Dikwalo Tsa Sehebera tse di tlhotlheleditsweng tse di neng di setse di le teng. Kwa tshimologong, Dikwalo Tsa Sehebera di ne di kwaletswe setšhaba sa Iseraele wa tlholego ka nako ya fa se ne se na le kamano e e kgethegileng le Modimo. Dikwalo Tsa Bokeresete Tsa Segerika di ne di kwaletswe segolobogolo “Iseraele wa Modimo,” ke gore, ba ba tloditsweng gore e nne barwarraagwe Keresete le barwa ba Modimo ba semoya. Le fa go ntse jalo, seo ga se reye gore batho ba e seng Baiseraele ba ne ba ka se ka ba solegelwa molemo thata ke go ithuta Dikwalo Tsa Sehebera. Ka tsela e e tshwanang, Bakeresete ba ba sa tlodiwang ka moya o o boitshepo ba solegelwa molemo thata ke go ithuta le go tshela go ya ka kgakololo e e mo Dikwalong Tsa Bokeresete Tsa Segerika.—Bala 2 Timotheo 3:15-17.

12. Paulo o ne a gakolola Bakeresete ba ba tloditsweng eng?

12 Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba bolelwa ba siame mme ba tlodiwa ka moya o o boitshepo gore ba kgone go amogela boswa jwa bone jwa go ya go tshela kwa legodimong. Go tlodiwa ga bone go ne go sa ba dire dikgosi mo Bakereseteng ba bangwe ba ba tloditsweng fa ba sa ntse ba le mo lefatsheng. Go bonala Bakeresete bangwe ba bogologolo ba ile ba lebala ntlha eo mme ba simolola go batla go nna le maemo go sa tshwanela mo gare ga bakaulengwe ba bone mo phuthegong. Ka ntlha ya seo, Paulo o ne a tlhotlheletsega go botsa jaana: “Lona lo setse lo kgotshe, a ga go jalo? Lo setse lo humile, a ga go jalo? Lo simolotse go busa jaaka dikgosi kwantle ga rona, a ga go jalo? Eleruri ke eletsa gore lo ka bo lo simolotse go busa jaaka dikgosi, gore le rona re tle re buse le lona jaaka dikgosi.” (1 Bakor. 4:8) Ka jalo, Paulo o ne a gakolola batlodiwa ba motlha wa gagwe a re: “E seng gore re beng ba tumelo ya lona, fa e se gore re badirimmogo gore lo ipele.”—2 Bakor. 1:24.

Palo e e Boleletsweng Pele e a Wediwa

13. Morago ga 33 C.E., go tlhophiwa ga batlodiwa go ne ga tswelela pele jang?

13 Bakeresete ba ba tloditsweng ba ba 144 000 ga ba a tlhophiwa botlhe mo lekgolong la ntlha la dingwaga. Ba ne ba tswelela pele go tlhophiwa go ralala motlha wa baaposetoloi mme fa dingwaga di ntse di ya go lebega palo ya ba ba tlhophiwang e ne ya fokotsega. Le fa go ntse jalo, go tlhophiwa ga batlodiwa go ne ga tswelela mo makgolong a a neng a latela a dingwaga go tla go fitlha mo metlheng eno. (Math. 28:20) Kgabagare, fa Jesu a sena go simolola go busa a le kwa legodimong ka 1914, dilo di ne tsa direga ka bofefo.

14, 15. Ke eng se se diragetseng mo motlheng wa rona malebana le go tlhophiwa ga batlodiwa?

14 Sa ntlha, Jesu o ne a tlosa botlhe ba ba neng ba ganetsa puso ya Modimo kwa magodimong. (Bala Tshenolo 12:10, 12.) Go tswa foo o ne a simolola go phutha batho ba ba setseng ba e neng e tla nna maloko a puso ya Bogosi gore go wediwe palo ya 144 000. Mo magareng a bo1930, tiro eo e ne e setse e tloga e wela mme ba le bantsi ba bao ba neng ba amogela molaetsa fa ba rerelwa ba ne ba sa eletse go ya legodimong. Moya o ne o sa ba supele gore e ne e le barwa ba Modimo. (Bapisa Baroma 8:16.) Go na le moo, ba ne ba dumela gore ke ba “dinku tse dingwe,” ba ba nang le tsholofelo ya go tshelela ruri mo lefatsheng la paradaise. (Joh. 10:16) Ka gone, morago ga 1935 tiro ya go rera e ne ya remelela mo go phutheng “boidiidi jo bogolo,” jo moaposetoloi Johane a bo boneng mo ponatshegelong, jwa batho ba ba neng ba tla falola ‘pitlagano e kgolo.’—Tshen. 7:9, 10, 14.

15 Le fa go ntse jalo, mo dingwageng tse di ntseng di feta fa e sa le ka 1930, batho ba sekae ba neilwe tsholofelo ya go tshela kwa legodimong. Ka ntlha yang? Ka dinako tse dingwe e ka tswa e le ka gonne ba emisetsa batho ba ba neng ba tlhophilwe mme jaanong ba sa tlhole ba ikanyega. (Bapisa Tshenolo 3:16.) Paulo o ne a bua ka batho bangwe ba a neng a ba itse ba ba neng ba tlogetse boammaaruri. (Bafil. 3:17-19) Jehofa o ne a tla ba emisetsa ka bomang? Ke ene a ka dirang tshwetso eo. Mme gone ga go lebege go utlwala go lebelela gore o ne a ka tlhopha batho ba ba sa tswang go sokologa, mme o ne a tla tlhopha batho ba ba neng ba setse ba supile gore ba a ikanyega ka selekanyo se se rileng, jaaka barutwa ba Jesu a neng a bua le bone fa a ne a tshwara Segopotso sa ntlha. *Luke 22:28.

16. Ke eng se re se itumelelang ka batlodiwa, mme re ka tlhomamisega ka eng?

16 Le fa go ntse jalo, mo go ba ba neilweng tsholofelo ya go ya go tshela kwa legodimong go simolola ka bo1930, ga go lebege e le botlhe ba ba emisetsang batlodiwa ba ba latlhileng tumelo. Go bonala Jehofa a ile a tlhomamisa gore re tla nna re na le Bakeresete ba batlodiwa mo gare ga rona mo malatsing a bofelo a tsamaiso eno ya dilo go fitlha fa “Babelona o Mogolo” a senngwa. * (Tshen. 17:5) Mme re ka tlhomamisega gore palo e e feletseng ya maloko a a 144 000 e tla wediwa ka nako e Jehofa a e beileng le gore kgabagare botlhe ba tla busa mo pusong ya Bogosi. Gape re ka dumela Lefoko le le boleletsweng pele gore boidiidi jo bogolo jo bo ntseng bo oketsega bo tla tswelela pele bo ikanyega jaaka setlhopha. Go ise go ye kae, ba boidiidi jo bogolo ba tla ‘tswa mo pitlaganong e kgolo’ e e tlelang lefatshe la ga Satane mme ba tla tsena ka boipelo mo lefatsheng la Modimo le lesha.

Palo Ya ba Ba Tla Busang mo Pusong ya Modimo ya Kwa Legodimong e Tloga e Wela!

17. Go ya ka 1 Bathesalonika 4:15-17 le Tshenolo 6:9-11, go diragetseng ka Bakeresete ba ba tloditsweng ba ba tlhokafetseng ba ikanyega?

17 Fa e sale ka 33 C.E., Bakeresete ba ba tloditsweng ba le diketekete ba ile ba nna le tumelo e e nonofileng ba bo ba itshoka ka boikanyego go ya losong. Bakeresete bano ba setse ba kailwe ba tshwanelwa ke go newa Bogosi mme go lebega ba simolotse go newa tuelo eo mo tshimologong ya go nna gone ga ga Keresete.—Bala 1 Bathesalonika 4:15-17; Tshenolo 6:9-11.

18. (a) Batlodiwa ba ba sa ntseng ba le teng mo lefatsheng ba tlhomamisegile ka eng? (b) Ba dinku tse dingwe ba leba jang bakaulengwe ba bone ba Bakeresete ba batlodiwa?

18 Batlodiwa ba ba sa ntseng ba le teng mo lefatsheng ba tlhomamisegile ka botlalo gore fa ba nna ba ikanyega, go ise go ye kae ba tla newa tuelo ya gone. Ba dinku tse dingwe ba le dimilionemilione, fa ba akanya ka tumelo ya bakaulengwe ba bone ba batlodiwa, ba dumalana le mafoko ano a ga moaposetoloi Paulo, yo o neng a bua jaana ka bakaulengwe ba batlodiwa ba kwa Thesalonika: “Rona ka borona re ipela ka lona mo diphuthegong tsa Modimo ka ntlha ya boitshoko jwa lona le tumelo mo dipogisong tsotlhe tsa lona le dipitlagano tse lo di itshokelang. Seno ke bosupi jwa katlholo e e siameng ya Modimo, e e isang kwa go reng lo kaiwe lo tshwanela bogosi jwa Modimo, jo eleruri lo bogang ka ntlha ya jone.” (2 Bathes. 1:3-5) Fa wa bofelo wa batlodiwa a sena go swa, le fa e ka nna leng fela, palo ya ba ba tla busang mo pusong ya Modimo ya kwa legodimong e tla bo e wetse. Ruri seo se tla tlisa boitumelo jo bogolo—kwa legodimong le mo lefatsheng!

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 15 Bona makasine wa Tora ya Tebelo wa March 1, 1992, tsebe 20, serapa 17.

^ ser. 16 Bona “Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading” mo makasineng wa May 1, 2007 wa Tora ya Tebelo.

A o Ka Tlhalosa?

• Modimo o ne a senolela Aborahame eng se se neng se amana le Letsatsi la Katlholo?

• Ke ka ntlha yang fa Aborahame a ne a bolelwa a siame?

• Maloko a losika lwa ga Aborahame a newa eng ka ntlha ya go bolelwa a siame?

• Bakeresete botlhe ba tlhomamisegile ka eng?

[Dipotso tsa thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 20]

Jesu o ne a kgothaletsa balatedi ba gagwe gore ba gagamalele Bogosi

[Setshwantsho mo go tsebe 21]

Ka Pentekosete ya 33 C.E., Jehofa o ne a simolola go tlhopha maloko a mangwe a losika lwa ga Aborahame

[Ditshwantsho mo go tsebe 23]

Ba dinku tse dingwe ba itumelela gore Bakeresete ba ba tloditsweng ba ntse ba na le bone mo metlheng ya bofelo