Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

‘Ba ba Nang le Tshekamelo e e Siameng’ ba Amogela Molaetsa

‘Ba ba Nang le Tshekamelo e e Siameng’ ba Amogela Molaetsa

‘Ba ba Nang le Tshekamelo e e Siameng’ ba Amogela Molaetsa

“Botlhe ba ba neng ba na le tshekamelo e e siameng ya go bona botshelo jo bo sa khutleng ba nna badumedi.”—DIT. 13:48.

1, 2. Bakeresete ba bogologolo ba ne ba arabela jang fa ba ne ba utlwa boporofeti jwa ga Jesu jwa gore dikgang tse di molemo di ne di tla rerwa mo lefatsheng lotlhe le le nang le banni?

BUKA ya Baebele ya Ditiro e na le pego e e kgatlhang thata ya kafa Bakeresete ba bogologolo ba neng ba arabela ka teng fa ba utlwa boporofeti jwa ga Jesu jwa gore dikgang tse di molemo tsa Bogosi di ne di tla rerwa mo lefatsheng lotlhe le le nang le banni. (Math. 24:14) Bareri ba ba tlhagafetseng ba ne ba bulela ba ba neng ba tla ba latela dikgoro. E re ka barutwa ba ga Jesu ba ne ba rera ka tlhagafalo kwa Jerusalema, batho ba le bantsintsi go akaretsa “boidiidi jo bogolo jwa baperesiti” ba ne ba thelegela mo phuthegong ya lekgolo la ntlha la dingwaga.—Dit. 2:41; 4:4; 6:7.

2 Barongwa ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba thusa batho ba bangwe ba bantsi gore ba amogele Bokeresete. Ka sekai, Filipo o ne a ya kwa Samarea, mme boidiidi jwa batho bo ne jwa tlhwaela mafoko a gagwe tsebe koo. (Dit. 8:5-8) Paulo o tsamaile thata le batho ba ba farologaneng, a rera molaetsa wa Bokeresete kwa Kupero, kwa dikarolong dingwe tsa Asia Minor, kwa Makedonia, Gerika le kwa Itali. Mo metseng e a neng a rera kwa go yone, Bajuda le Bagerika ba bantsi thata ba ne ba nna badumedi. (Dit. 14:1; 16:5; 17:4) Tito ene o ne a rera kwa Kereta. (Tito 1:5) Petere o ne a rera kwa Babelona, mme fa a ne a kwala lekwalo la gagwe la ntlha, mo e ka nnang ka 62-64 C.E., tiro ya go rera ya Bakeresete e ne e itsege kwa Ponto, Galatia, Kapadokia, Asia le kwa Bithinia. (1 Pet. 1:1; 5:13) Tseno e ne e le dinako tse di itumedisang thata! Bareri bao ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba tlhagafetse thata mo e leng gore baba ba bone ba ne ba re ba ‘pitikolotse lefatshe le le nang le banni.’—Dit. 17:6; 28:22.

3. Baboledi ba Bogosi ba nna le matswela afe gompieno fa ba dira tiro ya bone ya go rera, mme seo se dira gore o ikutlwe jang?

3 Phuthego ya Bokeresete e oketsegile fela thata le mo metlheng ya segompieno. A ga o kgothale fa o bala pego ya ngwaga le ngwaga ya Basupi ba ga Jehofa mme o bona matswela a tiro e e dirwang mo lefatsheng lotlhe? A pelo ya gago ga e phophome ka boitumelo fa o utlwa gore baboledi ba Bogosi ba tshwere dithuto tsa Baebele di feta dimilione di le thataro mo ngwageng wa tirelo wa 2007? Mo godimo ga moo, palo ya batho ba ba nnileng teng mo Segopotsong sa loso lwa ga Jesu Keresete mo ngwageng o o fetileng e bontsha gore batho ba ka nna dimilione di le lesome ba e seng Basupi ba ga Jehofa ba ne ba kgatlhegela dikgang tse di molemo mo ba neng ba nna teng mo segopotsong seno sa botlhokwa. Seno se bontsha gore go sa ntse go na le namane e tona ya tiro e e tshwanetseng go dirwa.

4. Ke bomang ba ba amogelang molaetsa wa Bogosi?

4 Gompieno, jaaka mo lekgolong la ntlha la dingwaga, ‘botlhe ba ba nang le tshekamelo e e siameng ya go bona botshelo jo bo sa khutleng’ ba amogela molaetsa wa boammaaruri. (Dit. 13:48) Jehofa o gogela batho ba ba ntseng jalo mo phuthegong ya gagwe. (Bala Hagai 2:7.) Re tshwanetse go ikutlwa jang ka bodiredi jwa Bokeresete gore re nne le seabe ka botlalo mo tirong eno ya go phutha batho?

Rera o sa Tlhaole

5. Jehofa o amogela batho ba mofuta mang?

5 Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba tlhaloganya gore “Modimo ga a na tlhaolele, mme mo setšhabeng sengwe le sengwe motho yo o mmoifang a ba a dira tshiamo o a amogelesega mo go ene.” (Dit. 10:34, 35) Motho o tshwanetse go nna le tumelo mo setlhabelong sa ga Jesu sa thekololo gore a nne le kamano e e molemo le Jehofa. (Joh. 3:16, 36) Gape thato ya ga Jehofa ke gore “batho ba mefuta yotlhe ba bolokwe mme ba tle mo kitsong e e leng yone, ya boammaaruri.”—1 Tim. 2:3, 4.

6. Ke eng se batho ba ba rerang ka Bogosi ba sa tshwanelang go se dira, mme ka ntlha yang?

6 Go tla bo go le phoso gore baboledi ba dikgang tse di molemo ba itirele tshwetso ka batho pele ga ba bua le bone, ba lebile lotso lwa batho bao, maemo, ditebego, bodumedi jwa bone kana sengwe fela se sengwe. Ako o akanye ka seno: A ga o itumelele go bo motho wa ntlha yo o neng a bua le wena ka boammaaruri jwa Dikwalo a sa ka a itirela tshwetso ka wena a ise a bue le wena? Ka jalo, ga re a tshwanela go ikgogona mme re tshwanetse go bua le mongwe le mongwe yo o ka reetsang re mmolelela molaetsa o o bolokang matshelo.—Bala Mathaio 7:12.

7. Ke eng fa re sa tshwanela go atlhola batho ba re ba rerelang?

7 Jehofa o tlhomile Jesu gore e nne Moatlhodi; ka jalo, ga re na tshwanelo ya go atlhola ope. Ga re a tshwanela go dira jalo ka gonne rona ga re tshwane le Jesu yo o kgonang go bona dikakanyo tse di kwa teng tsa pelo ya motho, mme rona re ka kgona go atlhola batho fela ka ‘se re se bonang ka matlho’ kana ka ‘se re se utlwang ka ditsebe.’—Isa. 11:1-5; 2 Tim. 4:1.

8, 9. (a) Saulo e ne e le motho wa mofuta mang pele ga a nna Mokeresete? (b) Se se neng sa direga ka moaposetoloi Paulo se tshwanetse go re ruta eng?

8 Batho ba ba ileng ba nna batlhanka ba ga Jehofa e a bo e le batho ba mefuta yotlhe. Sekai sengwe se se tlhomologileng ke sa ga Saulo wa Tareso, yo moragonyana a neng a bidiwa moaposetoloi Paulo. Saulo, yo e neng e le Mofarasai, o ne a ganetsa phuthego ya Bokeresete botlhoko. O ne a bogisa Bakeresete ka gonne a ne a dumela ka pelo yotlhe gore ba phoso. (Bagal. 1:13) Go ya ka pono ya batho, go ne go ka lebega a ne a ka se tsamaye a nnile Mokeresete. Le fa go ntse jalo, Jesu o ne a bona sengwe se se molemo mo pelong ya ga Saulo mme a mo tlhopha gore a diragatse thomo nngwe e e kgethegileng. Ka ntlha ya seo, Saulo o ne a nna mongwe wa maloko a a tlhagafetseng thata a phuthego ya Bokeresete ya lekgolo la ntlha la dingwaga.

9 Se se neng sa direga ka moaposetoloi Paulo se re ruta eng? Mo tshimong ya rona, gongwe go na le ditlhopha dingwe tsa batho ba go lebegang ba sa rate molaetsa wa rona. Le fa go ka tswa go le thata go dumela gore letsatsi lengwe ba ka nna Bakeresete ba boammaaruri, ga re a tshwanela go tlogela go bua le bone. Ka dinako tse dingwe, tota le batho ba re neng re dumela gore ba ka se tsoge ba amogetse molaetsa, ba ile ba o amogela. Re laetswe gore re tswelele re rerela batho botlhe re “sa kgaotse.”—Bala Ditiro 5:42.

Ba ba Rerang ba “sa Kgaotse” ba Tlile go Bona Masego

10. Ke eng fa re sa tshwanela go ikgogona go rerela batho ba ba lebegang ba tshosa? Bolela maitemogelo mangwe a mo tshimong ya lona.

10 Ditebego tsa kafa ntle di ka re tsietsa. Ka sekai, Ignacio * o ne a simolola go ithuta Baebele le Basupi ba ga Jehofa fa a ne a le kwa kgolegelong kwa nageng nngwe ya Amerika Borwa. Batho ba ne ba mo tshaba ka gonne o ne a le dikgoka. Ka ntlha ya seo, magolegwa a a neng a dira dilo dingwe a bo a di rekisetsa magolegwa a mangwe a ne a romela ene gore a ye go ba tseela madi mo bathong ba ba neng ba sa duele. Le fa go ntse jalo, fa Ignacio a ntse a gatela pele mo thutong ya gagwe ya Baebele mme a dirisa se a neng a se ithuta, o ne a tlogela go nna seganka mme a nna motho yo o molemo. Ga go tlhole go na le ope yo o mo romang go ya go tsaya madi a dikoloto, mme Ignacio o itumelela gore dithuto tse a di ithutileng mo Baebeleng mmogo le moya wa Modimo di fetotse botho jwa gagwe. Gape o itumelela gore baboledi ba Bogosi ba ba neng ba tsaya matsapa a go ithuta le ene ga ba a ka ba itirela tshwetso ka ene ba lebile botho jwa gagwe.

11. Ke eng fa re nna re boela kwa bathong?

11 Lengwe la mabaka a go bo re nna re boela kwa bathong ba re setseng re buile le bone ka dikgang tse di molemo ke gore maemo a bone le tsela e ba lebang dilo ka yone e ka fetoga, e bile e a tle e fetoge. Gongwe fa re sena go etela batho bao la bofelo bangwe ba bone ba ile ba tshwarwa ke bolwetse jo bo masisi, ba latlhegelwa ke tiro, kana ba swelwa ke mongwe yo ba mo ratang. (Bala Moreri 9:11.) Ditiragalo tsa lefatshe di ka dira gore batho ba akanye thata ka isagwe ya bone. Dilo tse di ntseng jalo di ka dira gore motho yo pele a neng a sa kgatlhegele molaetsa kana a ganetsa, a o amogele. Ka jalo, ga re a tshwanela go ikgogona mme re tshwanetse go rerela ba bangwe dikgang tse di molemo nako le nako fa re bulegelwa ke sebaka.

12. Re tshwanetse go leba jang batho ba re ba rerelang, mme ka ntlha yang?

12 Go lebega batho ba na le mokgwa wa go tlhaola le go atlhola ba bangwe. Le fa go ntse jalo, Jehofa ene ga a akaretse batho mme o leba se mongwe le mongwe a leng sone. O bona dinonofo tse di molemo mo go mongwe le mongwe. (Bala 1 Samuele 16:7.) Le rona re tshwanetse go leka go dira jalo mo bodireding jwa rona. Maitemogelo a mantsi a bontsha matswela a a molemo a re nnang le one fa re leba mongwe le mongwe yo re mo rerelang ka tsela e e siameng.

13, 14. (a) Ke eng fa mmulatsela mongwe a ne a sa kgatlhegele go ithuta le mosadi mongwe yo a neng a kopane le ene mo bodireding? (b) Re ka ithuta eng mo tiragalong eno?

13 Sandra, yo e leng kgaitsadi wa mmulatsela, o ne a le mo bodireding jwa ntlo le ntlo mo setlhaketlhakeng sa Caribbean fa a ne a kopana le Ruth, yo o neng a tseneletse thata mo meketeng e megolo ya khanibale. Ruth o ne a setse a kile a nna mmabontle wa setšhaba wa mekete eno ka makgetlho a mabedi. O ne a kgatlhegela se Sandra a neng a se mmolelela thata mo ba neng ba rulaganya go tshwara thuto ya Baebele. Sandra a re: “Fa ke ne ke tsena mo phaposing ya gagwe ya bonno ke ne ka kgatlhantshiwa ke senepe se segolo sa ga Ruth a apere diaparo tse di feletseng tse di aparwang kwa meketeng eo, e bile ke ne ka bona le dikgele tse a neng a di gapile kwa go yone. Ke ne ka dira phoso ya go akanya gore motho yo o tumileng thata jalo e bile a tsene ka tlhogo jaana mo meketeng eno a ka se kgatlhegele boammaaruri. Ka jalo ke ne ka se ka ka tlhola ke mo etela.”

14 Moragonyana, Ruth o ne a tla kwa Holong ya Bogosi mme fa pokano e tswa, o ne a botsa Sandra a re: “Ke eng fa o sa tlhole o tla go ithuta le nna?” Sandra o ne a ikopa maitshwarelo mme a rulaganya gore ba simolole thuto gape. Ruth o ne a gatela pele ka bonako, a tlosa dinepe tsa gagwe tsa mekete, a simolola go nna teng kwa dipokanong tsotlhe le go nna le seabe mo tirong ya go rera, a bo a neela botshelo jwa gagwe mo go Jehofa. Moragonyana Sandra o ne a lemoga gore o ne sa dira dilo sentle kwa tshimologong.

15, 16. (a) Go ne ga felela jang fa mmoledi mongwe a ne a rerela mongwe wa losika? (b) Ke eng fa tsela e mongwe wa losika a tshelang ka yone e sa tshwanela go re kgoba marapo go mo rerela?

15 Batho ba bantsi ba ba ileng ba rerela ba losika ba ba sa dumeleng, le bone ba nnile le matswela a a molemo le fa go ne go sa lebege batho bao ba ka amogela molaetsa. Ka sekai, akanya ka Joyce, yo e leng kgaitsadi wa Mokeresete kwa United States. Monna wa ga monnawe o ne a tshwarwa gantsi go tloga fa a sa le mosha. Joyce a re: “Batho ba ne ba re ga a na mosola, ka gonne o ne a dirisa diokobatsi, e le legodu e bile a dira dilo tse dingwe tse dintsi tse di maswe. Mme le fa go ne go se motlhofo, ke ne ka tswelela ke mo tlhalosetsa dithuto tsa Baebele ka dingwaga di le 37.” Bopelotelele jwa gagwe jwa go thusa wa losika bo ne jwa nna le matswela a a molemo fa kgabagare motho yono a ne a simolola go ithuta Baebele le Basupi ba ga Jehofa a bo a dira diphetogo tse dikgolo mo botshelong jwa gagwe. Bosheng jaana, monna wa ga monnawe Joyce o ne a kolobediwa kwa kopanong ya kgaolo kwa California, U.S.A., a na le dingwaga di le 50. Joyce a re: “Ke ne ka tsholola dikeledi tsa boitumelo. Ke itumeletse thata gore ga ke a ka ka mo tlhoboga!”

16 O ka nna wa okaoka go bua le bangwe ba losika ka boammaaruri jwa Baebele ka ntlha ya tsela e ba tshelang ka yone. Le fa go ntse jalo, Joyce ga a ka a ikgogona go bua le monna wa ga monnawe. Mme gone, ke mang yo o ka itseng se se mo pelong ya motho yo mongwe? Motho yoo a ka tswa a batla boammaaruri ka pelo yotlhe. Ka jalo, o se ka wa ikgogona go mo naya sebaka sa go bo bona.—Bala Diane 3:27.

Buka e e Thusang Batho go Ithuta Baebele

17, 18. (a) Dipego tse di tswang mo lefatsheng lotlhe di bontsha eng ka mosola wa buka ya Totatota Baebele e Ruta Eng? (b) O nnile le maitemogelo afe a a molemo fa o dirisa buka eno?

17 Dipego tse di tswang mo dinageng tse dintsi mo lefatsheng lotlhe di bontsha gore batho ba bantsi ba ba dipelo di ikanyegang ba itumelela buka e e thusang batho go ithuta Baebele ya Totatota Baebele e Ruta Eng? Penni, yo e leng kgaitsadi wa mmulatsela kwa United States, o ne a simolola dithuto di le mmalwa a dirisa buka eno. Batho ba le babedi ba a neng a ithuta le bone e ne e le batsofe ba ba neng ba kgothaletse dikereke tsa bone thata. Penni o ne a sa tlhomamisege gore ba ne ba tla arabela jang fa ba utlwa boammaaruri jwa Dikwalo jo bo mo bukeng ya Baebele e Ruta Eng? Le fa go ntse jalo, a re: “Ka gonne buka eno e tlhalosa dilo ka tsela e e utlwalang sentle ka bokhutshwane, go ne go le motlhofo mo go bone gore ba dumele gore se ba neng ba se ithuta ke boammaaruri, ba sa ganetse sepe e bile ba sa kgoberege maikutlo.”

18 Pat, yo e leng mmoledi kwa Boritane, o ne a simolola go ithuta Baebele le mosadi mongwe yo e neng e le motshabi a tswa kwa nageng nngwe ya Asia. Mosadi yono o ne a patelesega go tshaba kwa nageng ya gagabo fa monna wa gagwe le bomorwawe ba sena go tsewa ke masole a ditsuolodi mme o ne a se ka a tlhola a ba bona gape. O ne a tshoseditswe ka gore o tla bolawa, legae la gagwe le ne le fisitswe ka molelo, mme o ne a beteletswe ke segopa sa banna. Dilo tseno tsotlhe di ne di dirile gore a nne le maikutlo a gore ga go na se a se tshelelang, mme o ne a kile a akanya go ipolaya ka makgetlho a le mmalwa. Le fa go ntse jalo, go ithuta Baebele go ne ga mo naya tsholofelo. Pat a re: “Tsela e ditlhaloso le ditshwantsho tse di mo bukeng ya Baebele e Ruta Eng? di leng motlhofo ka teng e ne ya mo kgatlha thata.” Moithuti yono o ne a gatela pele ka bonako, a tshwanelega go nna mmoledi yo o sa kolobediwang, mme a bolela gore a ka rata go kolobediwa kwa kopanong e e latelang. A bo go itumedisa jang ne go bona batho ba ba dipelo di ikanyegang ba tlhaloganya e bile ba itumelela tsholofelo e e mo Dikwalong!

“A re Se Leseng go Dira se se Molemo”

19. Ke eng fa tiro ya go rera e potlakile thata jaana?

19 Letsatsi le letsatsi, thomo ya rona e e potlakileng ya go rera le go dira barutwa e potlaka le go feta. Ngwaga le ngwaga batho ba le bantsi ba ba nang le tshekamelo e e siameng ba amogela molaetsa fa re ba rerela. Mme “letsatsi le legolo la ga Jehofa le gaufi,” se se rayang gore ba ba nnang ba le mo lefifing la semoya ba ‘kgokgweetsegela kwa polaong.’—Sefa. 1:14; Dia. 24:11.

20. Mongwe le mongwe wa rona o tshwanetse go ikemisetsa go dira eng?

20 Re sa ntse re ka thusa batho ba ba ntseng jalo. Mme gore re kgone go dira jalo, go botlhokwa gore re etse Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga, ba ba neng ba “tswelela ba sa kgaotse ba ruta e bile ba bolela dikgang tse di molemo kaga Keresete, e bong Jesu.” (Dit. 5:42) Latela sekao sa bone ka go tswelela pele le fa o kopana le mathata, ka go ela tlhoko ‘botswerere jwa gago jwa go ruta,’ le ka go rerela batho botlhe o sa tlhaole! “A re se leseng go dira se se molemo” ka gonne fa re tswelela re dira jalo re tla bona masego a a seng kana ka sepe a go amogelwa ke Modimo.—2 Tim. 4:2; bala Bagalatia 6:9.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 10 Maina mangwe a fetotswe.

O ka Araba Jang?

• Ke bomang ba ba amogelang dikgang tse di molemo?

• Ke eng fa re sa tshwanela go dira tshwetso ka batho ba re ba rerelang re ise re bue le bone?

• Ke matswela afe a a bonwang fa go dirisiwa buka ya Totatota Baebele e Ruta Eng?

[Dipotso tsa thuto]

[Ditshwantsho mo go tsebe 13]

Batho ba ba dipelo di ikanyegang ba le diketekete ba amogela molaetsa

[Ditshwantsho mo go tsebe 15]

Re ka ithuta eng mo diphetogong tse moaposetoloi Paulo a neng a di dira?

[Setshwantsho mo go tsebe 16]

Bareri ba dikgang tse di molemo ga ba dire tshwetso ka batho ba ise ba bue le bone