Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Fa Bakeresete ba Feferwa Jaaka Korong

Fa Bakeresete ba Feferwa Jaaka Korong

Fa Bakeresete ba Feferwa Jaaka Korong

PELENYANA fela ga Jesu a swa, o ne a tlhagisa barutwa ba gagwe jaana: “Bona! Satane o lo batlile ka kgang gore a lo fefere jaaka korong.” (Luke 22:31) O ne a rayang fa a rialo?

Mo motlheng wa ga Jesu, tiro ya go roba korong e ne e tlhoka nako le matsapa a magolo. Sa ntlha, barobi ba ne ba phutha matlhaka a korong mo tshimong. Go tswa foo ba ne ba photha matlhaka ao mo lefelong le le thata kana ba dirisa diphologolo go goga selei mo godimo ga matlhaka e le go a photha. Go dira jalo go ne go ntsha dijo tsa ditlhaka mo matlhakeng le mo morokong. Morago ga foo balemi ba ne ba latlhela motswako oo mo phefong. Dithoro, kana dijo tsa ditlhaka, di ne di wela gape mo seleing, fa moroko one o ne o tsewa ke phefo. Kwa bofelong, dithoro di ne di feferwa gore go ntshiwe dilo dipe tse di sa batlegeng.

Go dumalana le mafoko a ga Jesu, Satane o ne a tlhasela barutwa ba ga Jesu ba nako e e fetileng a sa kgaotse, mme le rona o a re tlhasela gompieno. (Baef. 6:11) Ke boammaaruri gore Satane ga a bake bothata bongwe le bongwe jo re kopanang le jone mo botshelong. (Mor. 9:11) Go ntse go le jalo, Satane o leka sotlhe se a ka se kgonang go dira gore re se ka ra ikanyega. Ka sekai, a ka re raela gore re tshele botshelo jwa go rata dikhumo, re tlhophe boitlosobodutu jo bo kotsi, kana re dire boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo. Gape a ka dirisa batho ba re berekang le bone kana ba re tsenang sekolo le bone le ba losika ba ba sa dumeleng go re dira gore re latelele dilo tsa lefatshe leno ka botlalo, e ka tswa e le kwa sekolong kana kwa tirong. Mo godimo ga moo, Satane a ka re bogisa ka tlhamalalo a leka go dira gore re se ka ra ikanyega mo Modimong. Ee ruri, Satane o dirisa ditsela tse dingwe tse dintsi go re fefera, ka tsela ya tshwantshetso.

Re ka emelana jang le mmaba yono yo o maatla? Re ka se kgone go dira jalo ka maatla a rona. Satane o maatla go re feta; le fa go ntse jalo, re a itse gore Jehofa o na le maatla a a boitshegang thata go feta Satane. Fa re ikanya Jehofa ka pelo yotlhe, re rapela ka tlhoafalo gore re nne le botlhale le bopelokgale jwa go itshoka, e bile re ikanya kaelo ya gagwe ka botlalo, o tla re nonotsha gore re emelane le ditlhaselo tsa ga Satane.—Pes. 25:4, 5.

Fa re lekwa, re tshwanetse go nna le bokgoni jwa go ‘farologanya se se siameng le se se sa siamang’ mme ka jalo re se tsiediwe ke maano a a boferefere a ga Satane. (Baheb. 5:13, 14) Jehofa a ka re thusa gore re nne le bokgoni joo. Go tswa foo re tshwanetse go nna fela mo tseleng e e siameng, go sa kgathalesege gore go direga eng. Ga go pelaelo gore fa re latela kaelo ya ga Jehofa, o tla nonotsha maikemisetso a rona a bopelokgale a go dira se se siameng.—Baef. 6:10.

Satane a ka leka go re fefera jaaka korong. Mme ka thuso ya ga Jehofa, re ka kgona go ganetsana le ene, re nonofile mo tumelong. (1 Pet. 5:9) Ee, Lefoko la ga Jehofa le re tlhomamisetsa jaana: “Ganetsang Diabolo, mme o tla lo tshaba.”—Jak. 4:7.