Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Makasine o Mosha o o Ithutiwang wa Tora ya Tebelo

Makasine o Mosha o o Ithutiwang wa Tora ya Tebelo

Makasine o Mosha o o Ithutiwang wa Tora ya Tebelo

MAKASINE o o o balang ono ke kgatiso ya ntlha ya makasine o o ithutiwang wa Tora ya Tebelo. Re rata go tlhalosa dintlha dingwe ka tsela e makasine ono o mosha o rulagantsweng ka yone.

Makasine o o ithutiwang o gatisediwa Basupi ba ga Jehofa le baithuti ba Baebele ba ba gatelang pele semoyeng. O tla gatisiwa gangwe ka kgwedi mme o tla nna le ditlhogo tse nnè kana tse tlhano tse di ithutiwang. Thulaganyo ya gore ditlhogo tseno di tla ithutiwa leng e tlhaga mo tsebeng e e ka fa ntle ya makasine. Go farologana le makasine wa batho botlhe wa Tora ya Tebelo, makasine o o ithutiwang ga o kitla o nna le ditshwantsho tse di farologaneng mo tsebeng e e ka fa ntle ya kgatiso nngwe le nngwe, e re ka o tla bo o sa tsamaisiwe mo tshimong.

Mo go tsebe 2 ya makasine ono, o tla bona tshobokanyo e e tla go thusang go tlhaloganya boikaelelo jwa setlhogo sengwe le sengwe se se ithutiwang kana motseletsele wa ditlhogo tse di ithutiwang mmogo le lenaane la ditlhogo tse dingwe. Batshwari ba Thuto ya Tora ya Tebelo ba tla fitlhela karolo eno e thusa tota fa ba ntse ba baakanyetsa thuto e e mosola ya ditlhogo tseno e e tla tshwarwang kwa dipokanong tsa phuthego.

O tla lemoga gore ditlhogo tse di ithutiwang di dikhutshwane go feta pele. Ka ntlha ya seo, go tla nna le nako e e oketsegileng ya go sekaseka ditemana tsa konokono ka nako ya Thuto ya Tora ya Tebelo. Re lo rotloetsa ka lorato go bala ditemana tsotlhe tse di umakilweng beke nngwe le nngwe. Fa thoko ga ditemana dingwe tse di umakilweng go kwadilwe “bala” mme di tshwanetse go balwa go bo go tlotliwe ka tsone ka nako ya Thuto ya Tora ya Tebelo. Ditemana tse dingwe le tsone di ka nna tsa balwa fa nako e letla. Mo ditlhogong tse dingwe, go na le ditemana tse go kwadilweng “bapisa” fa thoko ga tsone. E re ka ditemana tseno di sa tlhalose dintlha tsa konokono tsa serapa ka tlhamalalo, gantsi di ka se balwe kwa pokanong ya phuthego. Go ntse go le jalo, ditemana tse go kwadilweng “bapisa” fa thoko ga tsone di na le tshedimosetso e e oketsegileng e e kgatlhang, kana di ka tswa di tshegetsa dintlha tse go tlotliwang ka tsone e se ka tlhamalalo. Re go rotloetsa gore o di bale fa o ntse o baakanyetsa Thuto ya Tora ya Tebelo. Gongwe o ka kgona go di buelela fa o araba.

Pego ya ngwaga le ngwaga ga e kitla e tlhola e tlhaga mo makasineng wa Tora ya Tebelo. Go simolola ka 2008, e tla tlhaga mo tsenyeletsong ya Tirelo ya Rona ya Bogosi le mo kgatisong ya Yearbook. Le fa go ntse jalo, jaaka go bontshitswe fa godimo, makasine o o ithutiwang o na le ditlhogo tse dingwe gape. Le fa go se kitla go tlotliwa ka bontsi jwa ditlhogo tseno mo dipokanong tsa phuthego, re go rotloetsa gore o di bale ka kelotlhoko. Le tsone di na le dijo tsa semoya tse di tswang kwa ‘motlhankeng yo o boikanyego le yo o botlhale.’—Math. 24:45-47.

La bofelo, makasine o o ithutiwang wa Tora ya Tebelo le makasine wa batho botlhe ga se dimakasine tse pedi tse di sa tshwaneng. Ka bobedi jwa tsone ke Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa. Tsoopedi mo go tsebe 2 di na le dirapa tse di tshwanang tse di tlhalosang boikaelelo jwa Tora ya Tebelo. Di tla tsenngwa mo bolumong ya ngwaga le ngwaga ka bobedi jwa tsone. Setlhogo se se reng “A o A Gakologelwa?” se se tla gatisiwang mo makasineng o o ithutiwang se tla nna le tshedimosetso e e tswang mo dimakasineng tse pedi tseno.

Fa e sa le go simolola ka 1879, go ralala dinako tsa ntwa, mathata a ikonomi le pogiso, Tora ya Tebelo ka metlha e ntse e itsise dithuto tsa boammaaruri ka Bogosi jwa Modimo. Re rapela gore ka tshegofatso ya ga Jehofa e tswelele go dira jalo ka makasine ono o o rulagantsweng sesha. Mme re rapela gore Jehofa a go segofatse, wena mmadi, fa o ntse o solegelwa molemo ke go bala makasine ono o mosha o o ithutiwang wa Tora ya Tebelo.