Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dialogane Tsa Gileade di Rotloediwa go “Simolola go Epa”

Dialogane Tsa Gileade di Rotloediwa go “Simolola go Epa”

Kalogo ya Bo123 ya Gileade

Dialogane Tsa Gileade di Rotloediwa go “Simolola go Epa”

KA Matlhatso, September 8, 2007, batho ba le 6 352 ba ba tswang mo dinageng tse 41 ba ne ba le gone mo kalogong ya setlhopha sa bo123 sa Sekolo sa Baebele sa Watchtower sa Gileade. Ka 10:00 a.m., modulasetulo wa thulaganyo e bong Anthony Morris wa Setlhopha se se Laolang, o ne a amogela bareetsi. Morago ga mafoko mangwe a a simololang, o ne a rola sebui sa ntlha e bong Gary Breaux wa Komiti ya Lekala la United States.

Mokaulengwe Breaux o ne a tlhomamisetsa baithuti gore batho ba ba dirang thato ya ga Jehofa ba bantle mo matlhong a Gagwe, go sa kgathalesege ditebego tsa bone. (Jer. 13:11) O ne a rotloetsa dialogane gore di nne di le dintle jalo. Morago ga foo, Gerrit Lösch wa Setlhopha se se Laolang o ne a gatelela gore go a tshwanela go solofela tuelo fa re direla Jehofa. (Baheb. 11:6) Le fa go ntse jalo, re tshwanetse go tlhotlhelediwa ke lorato lo e seng lwa boithati.

Go tswa foo, molebedi wa Lephata la Dikolo Tsa Puso ya Modimo e bong William Samuelson, o ne a rotloetsa dialogane go ikanyega le go nitama mo kabelong e e tlotlegang ya go itsise ka Kgosi e e busang le go bontsha seriti sa bone ka boitshwaro jwa bone jo bo molemo. * Sam Roberson, yo e leng mothusa molebedi wa Lephata la Dikolo Tsa Puso ya Modimo, o ne a kgothaletsa dialogane gore ka metlha di batle se se molemo mo bathong ba bangwe. Ka jalo dialogane di tla kgona go ‘rata bakaulengwe botlhe.’—1 Pet. 2:17.

Morago ga dipolelo tseo tse di amang maikutlo, motlhatlheledi wa Gileade e bong Mark Noumair o ne a botsolotsa bangwe ba e leng dialogane ba ba neng ba bolela maitemogelo a ba nnileng le one mo tshimong fa ba ntse ba le mo sekolong sa Gileade. Ba ne ba dira gore bareetsi ba bone gore tota ba rata bodiredi e bile ba rata go thusa ba bangwe. Go tswa foo, Kent Fischer, yo o dirang mo Ofising ya Bethele kwa Patterson, o ne a botsolotsa maloko a Dikomiti tsa Makala a dinaga tse tharo tse di nang le barongwa. Mafoko a bakaulengwe ba ba molemo bano a ne a tlhomamisetsa bareetsi, ba ba akaretsang batsadi ba bantsi ba dialogane, gore barongwa ba basha ba tlhokomelwa sentle mo dikabelong tsa bone. Morago ga foo Izak Marais yo o dirang mo Lephateng le le Thusang Baranodi o ne a botsolotsa batho ba ba nang le nako e telele e le barongwa, ba maitemogelo a bone a neng a dira gore dialogane di latswe boipelo jo bo larileng kwa pele.

Polelo ya konokono ya thulaganyo, e e neng ya neelwa ke Geoffrey Jackson wa Setlhopha se se Laolang, e ne e na le setlhogo se se reng: “Morago ga Dilo Tsotlhe Tse lo di Utlwileng—Lo Tlile go Dirang?” Mokaulengwe Jackson, yo e neng e le morongwa ka dingwaga tse di ka nnang 25 kwa South Pacific, o ne a tlotla ka konelo ya Thero ya kwa Thabeng. Mo therong eo, Jesu o ne a bua ka banna ba babedi ba ba neng ba aga matlo, yo mongwe a le botlhale mme yo mongwe e le seeleele. Sebui se ne sa bontsha gore matlo ano a mabedi a ka tswa a ne a agilwe mo lefelong le le tshwanang. Le fa go ntse jalo, monna yo o seeleele o ne a aga fela fa godimo, mo motlhabeng, fa monna yo o botlhale ene a ne a epa go fitlha a bona motheo wa lefika o a ka agang mo go one. Fa go ne go tla sefefo se segolo, ntlo e e agilweng mo lefikeng e ne ya ema, fa e e agilweng mo motlhabeng yone e ne ya gosomana.—Math. 7:24-27; Luke 6:48.

Jesu o ne a tlhalosa gore monna yo o seeleele o ne a tshwana le batho ba ba neng ba mo reetsa fela mme ba sa dirise mafoko a gagwe. Monna yo o botlhale o ne a tshwana le batho ba ba neng ba reetsa mafoko a ga Jesu ba bo ba a dirisa. Mokaulengwe Jackson o ne a raya dialogane a re: “Fa lo tsaya se lo se ithutileng mo Baebeleng lo bo lo se dirisa mo tirong ya lona ya borongwa, lo tla tshwana le monna yo o botlhale.” Ka jalo fa a konela o ne a rotloetsa dialogane go “simolola go epa” mo dikabelong tsa bone tsa borongwa.

Kwa bofelong, dialogane di ne tsa newa didipoloma le dikabelo tsa tsone, mme Mokaulengwe Morris o ne a naya kgakololo e e konelang. O ne a rotloetsa dialogane go sala Jesu morago ka metlha le gore le ka motlha ba se ka ba tlogela go ikaega ka Jehofa gore a ba neye nonofo. Go tswa foo thulaganyo ya kalogo e ne ya tla kwa bokhutlong.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 5 Lephata la Dikolo Tsa Puso ya Modimo, le le leng kafa tlase ga Komiti e e Rutang, le okametse Gileade, sekolo sa maloko a Komiti ya Lekala, le sekolo sa balebedi ba ba etang.

[Lebokoso mo go tsebe 31]

DIPALOPALO MALEBANA LE SETLHOPHA

Palo ya dinaga tse ba tswang kwa go tsone:10

Palo ya dinaga tse ba abetsweng go ya kwa go tsone: 24

Palo ya baithuti: 56

Palogare ya dingwaga tsa bone: 33,5

Palogare ya dingwaga tsa bone ba le mo boammaaruring: 17,9

Palogare ya dingwaga tsa bone ba le mo bodireding jwa nako e e tletseng: 13,8

[Setshwantsho mo go tsebe 32]

Setlhopha sa bo123 sa Dialogane Tsa Sekolo sa Baebele sa Watchtower sa Gileade

Mo lenaaneng le le fa tlase, mela e balwa go tloga kwa pele go ya kwa morago, mme maina a tlhomagantswe go tloga kafa molemeng go ya kafa mojeng wa mola mongwe le mongwe.

(1) Esparza, E; Papaya, S.; Bilal, A.; Suárez, M.; Evers, E.; Dimichino, K. (2) Rosa, M.; Fujii, R.; Ratey, O.; Leveton, J.; Van Leemputten, M. (3) Boscaino, A.; Beck, K.; Budanov, H.; Braz, C.; Peltz, K.; Siaw, A. (4) Leveton, S.; Santikko, H.; Conte, S.; Wilson, J.; Rylatt, J.; Pierce, S.; Fujii, K. (5) Rosa, D.; Boscaino, M.; Austin, V.; Rodiel, P.; Bilal, P.; Dimichino, P. (6) Ratey, B.; Czyzyk, D.; Clarke, C.; Riedel, A.; Esparza, F.; Siaw, P.; Van Leemputten, T. (7) Rodiel, J.; Evers, J.; Green, J.; Czyzyk, J.; Santikko, M.; Rylatt, M. (8) Peltz, L.; Austin, D.; Riedel, T.; Beck, M.; Pierce, W.; Conte, S.; Green, S. (9) Suárez, J.; Clarke, J.; Papaya, S.; Budanov, M.; Wilson, R.; Braz, R.